Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Nna o Ithibile mo Bosuleng’

‘Nna o Ithibile mo Bosuleng’

 ‘Nna o Ithibile mo Bosuleng’

“Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, . . . a nna a ithibile mo bosuleng.”—2 TIMOTHEO 2:24.

1. Fa re le mo bodireding jwa Bokeresete, ke ka ntlha yang fa nako le nako re kopana le batho ba ba buang le rona ka bogale?

O DIRA eng fa o kopana le motho yo o sa go amogeleng kgotsa a sa amogele se o tlang ka sone? Fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa malatsi a bofelo, o ne a bolelela pele gore batho ba ne ba tla nna “batlhapatsi, . . . ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang.” (2 Timotheo 3:1-5, 12) Go ka direga gore o kopane le batho ba ba ntseng jalo mo bodireding jwa gago kgotsa mo maemong a mangwe.

2. Ke ditemana dife tse di ka re thusang go dirisana ka botlhale le batho ba ba buang le rona ka bogale?

2 Ga se gore mongwe le mongwe yo o re buisang ka bogale go raya gore ga a kgatlhegele se se siameng. Bothata bongwe jo motho a lebaneng le jone, kgotsa go betwa ke pelo, di ka nna tsa dira gore a nne bogale fa a bua le mongwe le mongwe fela yo o gaufi le ene. (Moreri 7:7) Ba le bantsi ba itshwara ka tsela eno ka gonne ba tshela le go bereka mo tikologong e go tlholang go buiwa ka bogale fela mo go yone. Seno ga se reye gore le rona Bakeresete re ka nna ra dirisa puo e e ntseng jalo, mme gone se re thusa go lemoga gore ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba dirisa puo e e ntseng jalo. Re tshwanetse go itshwara jang fa batho ba bangwe ba bua le rona ka bogale? Diane 19:11 ya re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” Mme Baroma 12:17, 18 yone e re gakolola jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”

3. Go nna kagiso go amana jang le molaetsa o re o rerang?

 3 Fa ruri re le batho ba ba kagiso, seno se tla bonala mo boikutlong jo re bo bontshang. Se tla bonala mo go se re se buang le se re se dirang, gongwe le mo sefatlhegong sa rona le mo lentsweng la rona. (Diane 17:27) Fa Jesu a ne a roma baaposetoloi ba gagwe gore ba ye go rera, o ne a ba gakolola jaana: “Fa lo tsena mo ntlong, dumedisang ba ntlo eo [“eleletsang ntlo eo kagiso,” The New English Bible]; mme fa ntlo eo e tshwanetse, a kagiso e lo e e eleletsang e nne mo go yone; mme fa e sa tshwanela, a kagiso e e tswang mo go lona e boele mo go lona.” (Mathaio 10:12, 13) Molaetsa o re o rerang ke dikgang tse di molemo. Baebele e o bitsa “dikgang tse di molemo tsa kagiso,” “dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo,” le “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” (Baefeso 6:15; Ditiro 20:24; Mathaio 24:14) Boikaelelo jwa rona ga se go nyatsa se motho yo mongwe a se dumelang kgotsa go ngangisana le ene ka tsela e a akanyang ka yone, mme ke go mmolelela dikgang tse di molemo tse di mo Lefokong la Modimo.

4. O ka araba o reng fa motho a go raya a re “Ga ke kgatlhege” le pele o mmolelela se o tlileng ka sone?

4 Mong wa ntlo a ka nna a potlakela go go raya a re, “Ga ke kgatlhege,” a ise a bo a utlwe le gore o tlile ka eng. Mo maemong a mantsi o ka mo araba ka go re, “Ke ne ke ratile go go balela fela temana eno e khutshwanyane mo Baebeleng.” A ka nna a go letla gore o e bale. Mo maemong a mangwe, go ka nna ga bo go tshwanela go re: “Ke ne ke ratile go go bolelela ka nako ya fa go tla bo go sa tlhole go na le tshiamololo mme batho botlhe ba ratana.” Fa a sa go letle gore o tswelele ka motlotlo, o ka nna wa oketsa jaana: “Mme gongwe nka nna ka go etela mo nakong e e tlang.” Tota le fa mong wa ntlo a se botsalano, a re tshwanetse go konela ka gore go raya gore ‘ga a tshwanele’? Le fa a ka tswa a arabela jang, gakologelwa kgakololo ya Baebele ya gore o ‘nne bonolo mo go botlhe, o nna o ithibile mo bosuleng.’—2 Timotheo 2:24.

O ne A se Na Maitseo Mme a Timetse

5, 6. Saulo o ne a tshwara balatedi ba ga Jesu jang, mme ke ka ntlha yang fa a ne a dira ka tsela e a neng a dira ka yone?

5 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, monna mongwe yo o neng a bidiwa Saulo o ne a itsiwe ka go tlhoka maitseo ga gagwe, le go nna dikgoka. Baebele ya re o ne a “hema go tshosetsa le go bolaya barutwa ba Morena.” (Ditiro 9:1, 2) Moragonyana o ne a dumela gore e ne e le “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” (1 Timotheo 1:13) Le mororo go ka direga gore bangwe  ba losika lwa gagwe ba ne ba fetogile Bakeresete, fa a bua ka boikutlo jo a neng a na le jone ka balatedi ba ga Keresete, o ne a re: “E re ka ke ne ke tsenwa mo go feteletseng ka bone, ke ne ka ya bokgakaleng jwa go ba bogisa le eleng mo metseng e e kwa ntle.” (Ditiro 23:16; 26:11; Baroma 16:7, 11) Ga go na sepe se se bontshang gore barutwa ba ne ba leka go ngangisana le Saulo phatlalatsa fa a ntse a itshwere ka tsela e a neng a itshwere ka yone.

6 Ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a itshwere ka tsela eno? Dingwaga moragonyana, o ne a kwala jaana: “Ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo.” (1 Timotheo 1:13) E ne e le Mofarasai, a rutilwe go ya ka “Molao o o gagametseng wa bagologolwane.” (Ditiro 22:3) Le mororo morutisi wa ga Saulo, e bong Gamaliele, go bonala e ne e le motho yo o kgonang go amogela dikgopolo tsa batho ba bangwe, moperesiti yo mogolo ene, e bong Kaiafase, yo Saulo a neng a tsalana le ene, o ne a itshupa e le motho yo o tlhogo e thata. Kaiafase o ne a di goga kwa pele mo leanong le le neng la logwa go bolaya Jesu Keresete. (Mathaio 26:3, 4, 63-66; Ditiro 5:34-39) Morago ga moo, Kaiafase o ne a dira gore baaposetoloi ba ga Jesu ba itewe, gape o ne a ba laela a menne phatla gore ba tlogele go tlhola ba rera ka leina la ga Jesu. Kaiafase o ne a okametse pokano ya Sanehederine mo kgotlatshekelong e ba neng ba galefile thata mo go yone, fa Setefane a tla tloga a tsewa go ya go kgobotlediwa ka maje. (Ditiro 5:27, 28, 40; 7:1-60) Saulo o ne a lebile fa Setefane a kgobotlediwa ka maje, mme Kaiafase o ne a mo naya tetla ya gore a tswelele pele ka maiteko a gagwe a go thibela balatedi ba ga Jesu ka go ya go ba tshwara kwa Damaseko. (Ditiro 8:1; 9:1, 2) Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa jalo ke Kaiafase, Saulo o ne a akanya gore se a se dirang se ne se bontsha gore o tlhoafaletse go dira thato ya Modimo, mme tota gone o ne a dira dilo ka go tlhoka tumelo. (Ditiro 22:3-5) Mme ka gone o ne a sa lemoge gore Jesu e ne e le ene Mesia wa boammaaruri. Saulo o ne a itharabologelwa fa Jesu yo o tsositsweng a ne a bua le ene ka kgakgamatso mo tseleng e e yang Damaseko.—Ditiro 9:3-6.

7. Go ne ga direga eng ka Saulo morago ga gore Jesu a buisane le ene mo tseleng e e yang Damaseko?

7 Ka bonakonyana fela morago ga moo, morutwa Ananiase o ne a rongwa gore a ye go rerela Saulo. A o ka bo o ile wa itlhaganelela go diragatsa thomo eno? Kwa tshimologong Ananiase o ne a okaoka, mme gone o ne a bua le Saulo ka bopelonomi. Saulo o ne a fetogile jaanong, morago ga gore Jesu a buisane le ene ka kgakgamatso mo tseleng e e yang Damaseko. (Ditiro 9:10-22) Moragonyana o ne a itsiwe e le moaposetoloi Paulo, morongwa yo o tlhoafetseng wa Mokeresete.

O ne A le Bonolo Mme a le Pelokgale

8. Jesu o ne a bontsha jang boikutlo jwa ga Rraagwe ka batho ba ba dirileng bosula?

8 Jesu e ne e le mmoledi yo o tlhoafetseng wa bogosi yo o neng a le bonolo mme a le pelokgale fa a dirisana le batho. (Mathaio 11:29) O ne a bontsha boikutlo jwa ga Rraagwe wa selegodimo, yo o kgothaletsang baikepi gore ba boe mo ditseleng tsa bone tse di bosula. (Isaia 55:6, 7) Fa a dirisana le baleofi, o ne a kgona go lemoga fa ba bontsha gore ba fetogile, mme o ne a ba kgothatsa. (Luke 7:37-50; 19:2-10) Go na le gore Jesu a atlhole ba bangwe ka ntlha ya se a se bonang kafa ntle, o ne a etsa bopelonomi, boitshoko le bopelotelele jwa ga Rraagwe, ka boikaelelo jwa gore a ba thuse go ikotlhaya. (Baroma 2:4) Jehofa o eletsa gore batho ba mefuta yotlhe ba ikotlhaye mme ba bolokwe.—1 Timotheo 2:3, 4.

9. Re ka ithuta eng go tswa mo tseleng e Isaia 42:1-4 e neng ya diragadiwa ka yone mo go Jesu?

9 Fa mokwadi wa Efangele, e bong Mathaio, a ne a tlhalosa tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka Jesu Keresete, o ne a nopola mafoko ano a boporofeti: “Bona! Motlhanka wa me yo ke neng ka mo tlhopha, moratwa wa me, yo moya wa me o mo amogetseng! Ke tla tsenya moya wa me mo go ene, mme o tla tlhalosetsa ditšhaba se tshiamiso e leng sone. Ga a na go tatalala, le fa e le go goela kwa godimo, le gone ope ga a na go utlwa lentswe la gagwe mo ditseleng tse di atlhameng. Ga go na lotlhaka lope lo lo phitsegileng lo a tla lo tšhwetlang, e bile ga go na mogala ope wa lodi o o ntshang mosi fela o a tla o timang, go fitlha a lere tshiamiso ka katlego. Eleruri, ditšhaba di tla solofela mo leineng la gagwe.” (Mathaio 12:17-21; Isaia 42:1-4) Jaaka mafoko ano a boporofeti a bontsha, Jesu ga a ka a nnela go ngangisana le batho. Tota le fa a ne a lebane le maemo mangwe a  a thata, o ne a bua boammaaruri ka tsela e e neng e ikuela mo bathong ba ba dipelo di ikanyegang.—Johane 7:32, 40, 45, 46.

10, 11. (a) Le mororo Bafarasai e ne e le bangwe ba baganetsi ba bagolo ba ga Jesu, ke ka ntlha yang fa a ile a rerela bangwe ba bone? (b) Nako le nako Jesu o ne a naya baganetsi ba gagwe dikarabo tsa mofuta mang, mme gone ke eng se a neng a sa se dire?

10 Mo bodireding jwa gagwe, Jesu o ne a bua le Bafarasai ba le bantsi. Le mororo bangwe ba bone ba ne ba leka go mo tshwara ka mafoko, ga a ka a fetsa ka gore botlhe fela ba ne ba na le maikaelelo a a sa siamang. Simone, Mofarasai mongwe yo o neng a rata go tshwaya diphoso, go bonala a ile a batla go sekaseka Jesu sentle mme a mo laletsa gore a tle go ja kwa ga gagwe. Jesu o ne a amogela taletso eo a ba a rerela ba ba neng ba le teng. (Luke 7:36-50) Mo lekgetlhong lengwe monna mongwe wa Mofarasai yo o bidiwang Nikodemo o ne a etela Jesu bosigo a sa bonwe ke ope. Jesu ga a ka a mo nyaletsa gore a bo a ile a letela go nna lefifi pele. Go na le moo, o ne a bolelela Nikodemo ka lorato lo Modimo a lo bontshitseng ka go romela Morwawe gore ba ba bontshang go dumela ba bolokwe. Gape Jesu o ne a mmontsha ka bonolo gore go botlhokwa go le kana kang gore a ikobele thulaganyo ya Modimo. (Johane 3:1-21) Moragonyana Nikodemo o ne a buelela Jesu fa Bafarasai ba bangwe ba ne ba nyatsa pego e e molemo e e neng e buiwa ka Jesu.—Johane 7:46-51.

11 E ne e se gore Jesu ga a bone boitimokanyi jwa ba ba neng ba leka go mo tshwara. Mme gone ga a ka a letla baganetsi ba dira gore a nnele go ngangisana le bone mo go neng go se kitla go thusa sepe. Le fa go ntse jalo, fa go tshwanela, o ne a kgona go araba ka bokhutshwane, le ka tsela e e nonofileng ka go tlhalosa molaomotheo mongwe, ka go dirisa setshwantsho, kgotsa go nopola lokwalo longwe. (Mathaio 12:38-42; 15:1-9; 16:1-4) Ka dinako tse dingwe, Jesu o ne a sa bue sepe fa go bonala sentle gore go bua go ne go se kitla go thusa sepe.—Mareko 15:2-5; Luke 22:67-70.

12. Tota le fa batho ba ne ba goakaka Jesu ka bogale, o ne a kgona go ba thusa jang?

12 Ka dinako dingwe batho ba ba neng ba laolwa ke madimona ba ne ba tle ba goakake Jesu ka bogale. Fa ba mo goa jalo, o ne a kgona go ithiba e bile mo gongwe a dirisa nonofo e a e neilweng ke Modimo go ba thusa. (Mareko 1:23-28; 5:2-8, 15) Fa batho bangwe ba re galefela ba bo ba re goakaka ka bogale fa re le mo bodireding jwa tshimo, le rona re tshwanetse go ithiba, mme re leke go dirisana le boemo jo bo ntseng jalo ka bonolo le ka botlhale.—Bakolosa 4:6.

Mo Lelapeng

13. Ke ka ntlha yang fa ka dinako dingwe batho ba na le go ganetsa leloko la lelapa le le simololang go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa?

13 Bogolo jang mo lelapeng ke gone mo balatedi ba ga Jesu ba tshwanetseng go ithiba. Motho yo boammaaruri jwa Baebele bo mo fitlheletseng pelo o eletsa gore ba lelapa la gagwe le bone ba amogele boammaaruri jaaka ene. Mme jaaka Jesu a ile a bontsha, balosika ba ka nna ba se ka ba rata boammaaruri. (Mathaio 10:32-37; Johane 15:20, 21) E ka nna ya nna ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Ka sekai, le mororo Baebele e re thusa go nna batho ba ba ikanyegang, ba ba nang le maikarabelo, le ba ba tlotlegang, gape e re ruta gore mo maemong le fa e le afe a re leng mo go one, motho yo mogolo yo re ikarabelelang mo go ene ke Mmopi wa rona. (Moreri 12:1, 13; Ditiro 5:29) Mongwe mo lelapeng a ka kgopisiwa ke go bona e kete go ikanyega ga rona mo go Jehofa go nyenyefatsa taolo ya gagwe. Fa re lebane le maemo a a ntseng jalo, go botlhokwa thata gore re etse sekao sa ga Jesu sa go ithiba.—1 Petere 2:21-23; 3:1, 2.

14-16. Ke eng se se neng sa dira gore batho bangwe ba ba neng ba ganetsa ba malapa a bone ba fetoge?

 14 Ba le bantsi ba gone jaanong ba direlang Jehofa ba kile ba bo ba na le molekane wa lenyalo kgotsa mongwe mo lelapeng yo o neng a sa rate diphetogo tse ba neng ba di dira fa ba simolola go ithuta Baebele. Batho bano ba ba ganetsang ba ka nna ba bo ba ne ba utlwile go buiwa dilo dingwe tse di seng dintle ka Basupi ba ga Jehofa, mme gongwe ba tshaba gore motho yo o ithutang yono o tla nna le tlhotlheletso e e sa siamang mo lelapeng. Ke eng se se neng sa dira gore ba fetole tsela e ba ikutlwang ka yone? Mo makgetlhong a le mantsi e ne e le sekao se se molemo. Ka go bo Mokeresete a ne a dirisa kgakololo ya Baebele ka nitamo—a nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete e bile a kopanela mo bodireding mme a ntse a tlhokometse maikarabelo a gagwe a lelapa e bile a ithiba le fa go buiwa le ene ka bogale—seo se ne sa dira gore ba bangwe mo lelapeng ba fokotse tsela e ba mo ganetsang ka yone.—1 Petere 2:12.

15 Gape motho yo o ganetsang a ka nna a bo a ne a gana go reetsa fa go tlotliwa le ene ka Baebele, e le fela ka ntlha ya gore a na le letlhoo kgotsa a le mabela. Go ne go ntse jalo ka monna mongwe kwa United States yo o neng a re ene o rata naga ya gaabo fela thata. Nako nngwe fa mosadi wa gagwe a ne a ile kwa kopanong, monna yono o ne a tsaya diaparo tsa gagwe a tswa mo ntlong. Ka lekgetlho le lengwe o ne a tswa a tshwere tlhobolo a re o ile go ipolaya. O ne a re bodumedi jwa mosadi wa gagwe ke jone jo bo neng bo dira gore a dire dilo tseno. Mme mosadi wa gagwe o ne a leka go tswelela pele a dirisa kgakololo ya Baebele. Dingwaga di le 20 morago ga gore mosadi yono a nne Mosupi wa ga Jehofa, monna wa gagwe le ene o ne a nna Mosupi. Kwa Albania mosadi mongwe o ne a galefisiwa ke gore morwadie o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa le go bo a ile a kolobediwa. Go diregile makgetlho a le 12 gore mmè yono a senye Baebele ya morwadie. Letsatsi lengwe mosadi yono o ne a bula Baebele e ntšha e morwadie a neng a e tlogetse mo tafoleng. Go ne ga direga fela gore e bulege mo go Mathaio 10:36, mme mmè yono o ne a lemoga gore se temana eno e se buang ke se a se dirang. Le fa go ntse jalo, ka gonne mmè yono a ne a sa ntse a tshwenyegile ka morwadie, o ne a mmuledisa go ya kwa mokorong o a neng a tlile go tsamaya le Basupi ba bangwe ka one go ya kopanong kwa Italy. E ne ya re fa mmè yono a bona lorato, go tlamparelana le boitumelo jwa setlhopha seno e bile a utlwa ka tsela e ba neng ba tshega ka yone ba itumetse, a simolola go fetola maikutlo. Go ise go ye kae morago ga moo, o ne a dumela go ithuta Baebele. Gompieno o leka go thusa batho ba bangwe ba ba neng ba ganetsa pele.

16 Mo lekgetlhong lengwe, monna mongwe yo o neng a tshwere thipa o ne a latela mosadi wa gagwe, mme a mo latofatsa ka dilo tse di maswe thata fa mosadi wa gagwe a tla a lebile Holo ya Bogosi. Mosadi wa gagwe o ne a mo araba jaana ka bonolo: “Tsena mo Holong ya Bogosi, o iponele ka bowena se se diregang.” O ne a tsena, mme fa nako e ntse e ile a nna mogolwane wa Mokeresete.

17. Fa ka dinako dingwe go tlhaga maemo a a sa itumediseng mo legaeng la Mokeresete, ke kgakololo efe ya Dikwalo e e ka thusang?

17 Tota le fa botlhe mo lelapeng la gago e le Bakeresete, go ka nna ga nna le dinako tse ka tsone go nnang le maemo a a sa itumediseng mo lelapeng, mme go ka dirisiwa mafoko a a tlhabang ka ntlha ya go sa itekanelang. Ela tlhoko gore Bakeresete kwa Efeso wa bogologolo ba ne ba gakololwa jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”  (Baefeso 4:31) Go ka direga gore Bakeresete ba Efeso ba ne ba tlhotlhelediwa ke tikologo e ba neng ba tshela mo go yone, go sa itekanelang ga bone, mme mo mabakeng a mangwe tsela e ba neng ba tshela ka yone pele. Ke eng se se neng se tla ba thusa go fetoga? Ba ne ba tshwanetse go ‘dirwa basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa bone.’ (Baefeso 4:23) Fa ba ntse ba ithuta Lefoko la Modimo, ba tlhatlhanya ka tsela e le tshwanetseng go tlhotlheletsa matshelo a bone ka yone, ba kopanela le Bakeresete mmogo le bone, e bile ba rapela ka tlhoafalo, maungo a moya wa Modimo a ne a tla bonala sentle mo matshelong a bone. Ba ne ba tla ithuta go ‘nna pelonomi mongwe go yo mongwe, ba le pelotlhomogi, ba itshwarelana ba gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a ba itshwarela ka Keresete a gololesegile.’ (Baefeso 4:32) Le fa ba bangwe ba ka re dira eng, re tshwanetse go ithiba, re nne pelonomi, re le pelotlhomogi le go ba itshwarela. Ee, ga re a tshwanela go “busetsa ope bosula ka bosula.” (Baroma 12:17, 18) Go etsa Modimo ka go bontsha lorato lwa mmatota ka metlha go molemo.—1 Johane 4:8.

Kgakololo e e Newang Bakeresete Botlhe

18. Ke ka ntlha yang fa kgakololo e e mo go 2 Timotheo 2:24 e ne e tshwanela bagolwane kwa Efeso, mme e ka solegela Bakeresete botlhe molemo jang?

18 Kgakololo ya gore re nne re “ithibile mo bosuleng” e ama Bakeresete botlhe. (2 Timotheo 2:24) Mme e ne ya newa Timotheo pele, yo o neng a e tlhoka fa e ne e le mogolwane kwa Efeso. Bangwe mo phuthegong eo ba ne ba gagamalela maikutlo a bone mme ba ruta dithuto tse di phoso. E re ka ba ne ba sa tlhaloganye boikaelelo jwa Molao wa ga Moshe sentle, ba ne ba sa lemoge gore go botlhokwa go le kana kang gore ba nne le tumelo, lorato le segakolodi se sentle. Boikgodiso jwa bone bo ne bo dira gore go nne le dikgotlhang mo gare ga bone, ka gonne ba ne ba tlhola ba ngangisana ka mafoko, ba sa tlhaloganye se tota se neng se kaiwa ke dithuto tsa ga Keresete, e bile ba sa tlhaloganye botlhokwa jwa boineelo jwa bomodimo. Mo maemong a a ntseng jalo, Timotheo o ne a tshwanetse go ema a nitame fa a ruta boammaaruri jwa Dikwalo mme gone a le bonolo fa a dirisana le bakaulengwe ba gagwe. Fela jaaka go ntse ka bagolwane gompieno, o ne a itse gore letsomane ga se la gagwe e bile o ne a itse gore o tshwanetse go dirisana le ba bangwe ka tsela e e neng e tla dira gore go nne le lorato le kutlwano ya Bokeresete.—Baefeso 4:1-3; 1 Timotheo 1:3-11; 5:1, 2; 6:3-5.

19. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore rotlhe re ‘batle bopelonolo’?

19 Modimo o kgothaletsa batho ba gagwe go ‘batla bopelonolo.’ (Sefania 2:3) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “bopelonolo” le raya boikutlo jo bo dirang gore motho a itshoke ka bopelotelele, a sa gakale kgotsa a sa ipusolosetse. E kete re ka kopa Jehofa ka tlhoafalo gore a re thuse gore re ithibe mme re mo emele ka tsela e e tshwanetseng, tota le mo maemong a a thata.

O Ithutileng Eng?

• Fa batho ba go buisa ka tsela ya go tlhoka maitseo, ke dikwalo dife tse di ka go thusang?

• Ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a dira ka go tlhoka maitseo?

• Sekao sa ga Jesu se re thusa jang go dirisana sentle le batho ba mefuta yotlhe?

• Fa re ithiba mo puong kwa gae, seno se ka lere melemo efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go sa kgathalesege tsela e Saulo a neng a itsege ka yone, Ananiase o ne a nna pelonomi mo go ene

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Fa Mokeresete a diragatsa maikarabelo a gagwe ka tshwanelo, seno se ka dira gore lelapa le fokotse tsela e le mo ganetsang ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Bakeresete ba lwela gore go nne le moya wa lorato le kutlwano