Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsogo ya Baswi—Tsholofelo e e Molemolemo

Tsogo ya Baswi—Tsholofelo e e Molemolemo

 Tsogo ya Baswi—Tsholofelo e e Molemolemo

BATHO ba bantsi ba dumela mo tsogong ya baswi. Mo bukeng e e boitshepo ya Iselamo e bong Koran, go na le kgaolo e e feletseng e e buang ka tsogo ya baswi. Karolo ya Surah 75 ya re: “Ke ikana ka Letsatsi la Tsogo ya Baswi . . . A motho o akanya gore Re ka se kopanye marapo a gagwe? . . . O botsa jaana: ‘Letsatsi la Tsogo ya Baswi le tla leng?’ A Ene, [Allah], ga a na maatla a go naya baswi botshelo?”—Surah 75:1-6, 40.

The New Encyclopædia Britannica, ya re: “Tumelo ya bo-Zoroaster ya re Bosula bo tla fenyediwa ruri, go tla tsosiwa baswi botlhe, go tla nna le Katlholo ya Bofelo e bile lefatshe le tla boa gape le phepafadiwa mme basiami ba nne mo go lone.”

Encyclopaedia Judaica e tlhalosa tsogo e re ke “tumelo ya gore kgabagare baswi ba tla tsosiwa ka mebele ya bone ya nama ba bo ba boa ba tshela gape mo lefatsheng.” Yone buka eo gape e bolela gore tumelo e e setseng e amogetswe mo Sejudeng ya gore moya wa motho ga o swe e baka bothata. Ya re: “Ditumelo tse pedi tseno, ya tsogo ya baswi le ya gore moya ga o swe di a ganetsana.”

Tumelo ya Sehindu e ruta gore motho o tsholwa gantsintsi e le setshedi se sesha. Gore seno se direge, motho o tshwanetse a bo a na le moya o o tswelelang o tshela fa a sena go swa. Buka ya Sehindu e e boitshepo Bhagavad Gita ya re: “Moya o o mo dikarolong tsotlhe tsa mmele o ka se ka wa senngwa. Ga go na ope yo o kgonang go senya moya o o sa sweng.”

Tumelo ya Sebuda e farologana le ya Sehindu ka gonne ya re ga go na moya o o sa sweng. Le fa go ntse jalo, gompieno Babuda ba le bantsi kwa Botlhaba jo bo Kgakala ba dumela gore fa motho a swa moya ga o swe mme o fetela mo mmeleng o mongwe. *

Tlhakatlhakano e e Leng Teng Malebana le Thuto ya Tsogo ya Baswi

Fa batho ba Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba tshwere ditirelo tsa phitlho, ba re moya o tswelela o tshela fa motho a sena go swa mme gape ba bua le ka tsogo. Ka sekai, gantsi baruti ba Anglican ba boaboeletsa mafoko ano: “E re ka go kgatlhile Modimo Mothatayotlhe mo kutlwelobotlhokong ya gagwe e kgolo go bo a tsere moya wa morwarraarona yo o rategang yo o re tlogetseng, ka jalo re tsenya mmele wa gagwe mo mmung; mmu mmung, molora moloreng, lorole loroleng; re na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore go tla nna le Tsogo e e isang botshelong jo bo sa khutleng, ka Morena wa rona Jesu Keresete.”—The Book of Common Prayer.

Seno se ka nna sa dira gore motho a ipotse gore a Baebele e ruta ka tsogo kana e ruta gore moya ga o swe. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko kakgelo ya Porofesa wa Mofora wa Moporotesetanta, e bong Oscar Cullmann. O kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Immortality of the Soul or Resurrection of the Dead?: “Go na le pharologanyo  e kgolo magareng ga tumelo ya Bokeresete ya tsogo ya baswi le tumelo ya Segerika ya gore moya wa motho ga o swe. . . . Le mororo moragonyana Bakeresete ba ile ba golaganya ditumelo tseno tse pedi mme gompieno Mokeresete yo o tlwaelegileng fela a sa kgone go di farologanya, ga ke na lebaka la go fitlha se nna le bontsi jwa bakanoki re akanyang gore se boammaaruri. . . . Mo Tesetamenteng e Ntšha e feletse go buiwa thata ka tumelo mo tsogong. . . . Motho yo o feletseng, yo o a bong a sule tota, o busediwa gape mo botshelong ka tiro e ntšha ya Modimo ya go bopa.”

Go a utlwala gore batho ka kakaretso ba tlhakanngwa tlhogo ke kgang ya loso le tsogo. Gore re bone se e leng boammaaruri, re tshwanetse go bala Baebele, e e nang le boammaaruri jo bo senotsweng ke Mmopi wa motho, Jehofa Modimo. Mo Baebeleng go kwadilwe ka batho ba le mmalwa ba ba kileng ba tsosiwa. A re tlhatlhobeng di le nnè tsa dipego tseno mme re sekasekeng se di se senolang ka kgang ya tsogo.

“Basadi Ba ne Ba Amogela Baswi ba Bone ka Tsogo”

Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bajuda ba e neng e le Bakeresete, o ne a re basadi ba ba nang le tumelo “ba ne ba amogela baswi ba bone ka tsogo.” (Bahebera 11:35) Mongwe wa basadi bao o ne a nna kwa Sarepate, e e leng toropo ya Fonikia e e gaufi le Sidona mo Lobopong lwa Mediterranean. E ne e le motlholagadi yo o neng a amogela moporofeti wa Modimo e bong Elija mme a mo naya dijo le ka nako e go neng go le leuba thata. Ka maswabi, morwa wa mosadi yono o ne a lwala mme a swa. Ka bonako moporofeti Elija o ne a mo isa kwa ntlwaneng e e kwa borulelong e ene moporofeti yono a neng a nna kwa go yone, mme a kopa Jehofa gore a tsose mosimane yoo. Go ne ga direga kgakgamatso mme mosimanyana a “tshela.” Elija o ne a mo neela mmaagwe mme a re: “Bona, morwao o a tshela.” Mmaagwe o ne a reng? Ka boitumelo o ne a re: “Jaanong, eleruri, ke a itse gore o monna wa Modimo le gore lefoko la ga Jehofa le le mo molomong wa gago le boammaaruri.”—1 Dikgosi 17:22-24.

Go ne go na le banyalani bangwe ba ba pelotshweu ba ba neng ba nna dikilometara di ka nna 100 kwa borwa jwa Sarepate, ba ba neng ba tlhokomela motho yo o neng a tlhatlhama Elija, e bong moporofeti Elisha. Mosadi wa teng o ne a itsege mo motseng wa gagabo wa Shunema. Ene le monna wa gagwe ba ne ba dumalana gore ba neye Elisha boroko mo ntlwaneng e e kwa borulelong mo legaeng la bone. Le fa ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke gore ga ba na bana, ba ne ba itumela fa mosadi yono a ne a tshola ngwana wa mosimane. Fa mosimane a ntse a gola, gantsi o ne a tsamaya le barobi go ya go dira le rraagwe kwa masimong. Tsatsi lengwe go ne ga direga masetlapelo. Mosimane o ne a lela a re o opiwa ke tlhogo. Motlhokomedi o ne a potlaka a mo isa gae. Mmaagwe o ne a mo hara mme kgabagare ngwana a swa. Mmaagwe yo o neng a tlhakane tlhogo o ne a swetsa ka gore a kope thuso kwa go Elisha. O ne a tsamaya le motlhokomedi a ya kwa bokonebophirima kafa ntlheng ya Thaba ya Karemele kwa Elisha a neng a nna teng.

Fa moporofeti a ne a arabela kopo eo, o ne a romela mothusi wa gagwe e bong Gehasi pele mme a fitlhela gore eleruri mosimane o sule. Elisha le mosadi yoo ba ne ba latela, mme go ne ga diragalang fa ba ne ba fitlha kwa Shunema? Pego e e mo go 2 Dikgosi 4:32-37 ya re: “La bofelo Elisha  a tsena mo ntlong, mme bona, mosimane a bo a sule, a laditswe mo sekanamelong sa gagwe. Go tswa foo a tsena mme a itswalela le ene a simolola go rapela Jehofa. La bofelo a ya mme a lala mo godimo ga ngwana a baya molomo wa gagwe mo molomong wa gagwe le matlho a gagwe mo matlhong a gagwe le magofi a gagwe mo magofing a gagwe mme a nna a inametse mo go ene, mme kgabagare nama ya ngwana ya thuthafala. Go tswa foo a simolola go tsamaya gape mo ntlong, gangwe a tsamaela kwa gangwe a tsamaela ka kwa, mme morago ga moo a ya mme a inamela mo go ene. Mme mosimane a simolola go ethimola ga supa, morago ga moo mosimane a bula matlho. Jaanong a bitsa Gehasi mme a re: ‘Bitsa mosadi yono wa Moshunema.’ Ka jalo a mmitsa mme a tla kwa go ene. Go tswa foo a re: ‘Tsholetsa morwao.’ Mme a tsena a wela fa dinaong tsa gagwe le go mo ikobela fa fatshe, morago ga moo a tsholetsa morwawe mme a tswa.”

Jaaka motlholagadi wa Sarepate, mosadi wa kwa Shunema o ne a itse gore se se neng se diregile se ne se diregile ka ntlha ya maatla a Modimo. Mme basadi bano ba ne ba itumela tota fa Modimo a sena go tsosa bana ba bone ba ba ba ratang.

Batho ba ba Tsositsweng ka Nako ya Bodiredi Jwa ga Jesu

Dingwaga di ka nna 900 morago ga foo, go ne ga tsosiwa motho mongwe kafa ntle ga motse wa Naine o o kwa bokone jwa Shunema. Fa Jesu Keresete le barutwa ba gagwe ba ne ba tswa Kaperenama mme ba atamela kgoro ya Naine, ba ne ba kopana le batho ba le mo mokolokong wa phitlho, mme Jesu a bona motlholagadi yo o neng a swetswe ke morwawe yo o esi. Jesu o ne a mo raya a re a tlogele go lela. Luke, yo e neng e le ngaka o ne a tlhalosa se se neng sa direga morago ga foo: “Foo [Jesu] a atamela a ama setsholo, mme batshodi ba ema, mme a re: ‘Lekau, ke a go raya ka re, Tsoga!’ Monna yo o suleng a rapamologa a bo a simolola go bua, mme a mo naya mmaagwe.” (Luke 7:14, 15) Ba ba neng ba bona kgakgamatso eo ba ne ba galaletsa Modimo. Dikgang tsa gore motho yono o tsositswe di ne tsa anamela kwa ntlheng ya borwa kwa Judea le mo kgaolong e e e dikologileng. Barutwa ba ga Johane Mokolobetsi ba ne ba utlwa ka kgakgamatso eo mme ba e begela Johane. Johane ene o ne a ba romela go ya go batla Jesu le gore ba mmotse gore a ke Ene Mesia yo o lebeletsweng. Jesu o ne a ba raya a re: “Tsamayang, begelang Johane se lo se boneng le se lo se utlwileng: difofu di kgona go bona, ditlhotsa di a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa le bosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba bolelelwa dikgang tse di molemo.”—Luke 7:22.

Mo dikgakgamatsong tsa ga Jesu tsa go tsosa baswi, e e itsegeng thata ke ya fa a ne a tsosa tsala ya gagwe e kgolo Lasaro. Lasaro o ne a setse a  na le nako e telele a sule pele ga Jesu a fitlha kwa legaeng la gagwe. Fa kgabagare Jesu a fitlha kwa Bethani, Lasaro o ne a na le malatsi a le manè a sule. Fa Jesu a ne a laela gore go tlosiwe leje le le neng le tswetse lebitla, Maratha o ne a gana, a re: “Morena, mo nakong eno o tshwanetse a bo a nkga, gonne ke malatsi a le manè.” (Johane 11:39) Le fa mmele wa ga Lasaro o ka tswa o ne o senyegile go le kana kang, seo ga se a ka sa thibela gore a tsosiwe. Ka taelo ya ga Jesu, “monna yo o neng a sule a tswa, dinao tsa gagwe le diatla di hapilwe ka dihapi, mme sefatlhego sa gagwe se ne se bofilwe gotlhe ka letsela.” Dilo tse baba ba ga Jesu ba neng ba di dira moragonyana di bontsha gore eleruri motho yo o neng a tsosiwa e ne e le Lasaro tota.—Johane 11:43, 44; 12:1, 9-11.

Re ka konela ka go reng mo dipegong tseno tse nnè tsa batho ba ba tsositsweng? Mongwe le mongwe wa batho bao o ne a tsosiwa e ntse e le ene motho yoo. Batho botlhe ba ne ba ba lemoga gore ke bomang, tota le ba masika a bone. Ga go na ope wa batho ba ba tsositsweng yo o neng a bua ka sengwe se se diragetseng mo nakong e khutshwane ya fa a ne a sule. Ga go na ope wa bone yo o neng a bua ka gore o ne a ile kwa lefelong le lengwe. Go lebega botlhe ba tsositswe ba na le botsogo jo bo siameng. Mo go bone go ne go ntse jaaka e kete ba ne ba robetse lobakanyana fela ba bo ba tsoga, jaaka Jesu a ne a bontshitse. (Johane 11:11) Le fa go ntse jalo, morago ga lobakanyana batho bano botlhe ba ne ba swa gape.

Go Kopana Gape le Baratiwa ba Rona—Tsholofelo e e Molemolemo

Nakwana fa Owen, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng a sena go swa ka tsela e e botlhoko, rraagwe o ne a etela kwa legaeng la moagelani wa bone. Fa a le koo, mo godimo ga tafole o ne a bona pampitshana e e neng e itsise puo ya phatlalatsa, e e rulagantsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Setlhogo sa yone se se neng se re, “Baswi ba Kae?,” se ne sa mo kgatlha. Ke yone potso e a neng a e ipotsa. O ne a nna teng kwa puong ya phatlalatsa mme a bona kgomotso ya mmatota go tswa mo Baebeleng. O ne a utlwa gore baswi ga ba boge. Go na le go boga mo molelong wa dihele kana go tsewa ke Modimo go ya go nna baengele kwa legodimong, baswi, go akaretsa le Owen, ba letile mo mabitleng go fitlha nako e ba tla tsosiwang ka yone.—Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4.

A lelapa la gaeno le wetswe ke masetlapelo? A jaaka rraagwe Owen, o ipotsa gore baratiwa ba gago ba ba suleng ba kae gone jaanong le gore a o tla tsamaya o ba bona gape? Fa go ntse jalo, re go kopa gore o sekaseke dilo tse dingwe tse Baebele e di rutang ka tsogo. Gongwe o ipotsa jaana: ‘Baswi ba tla tsosiwa leng? Ke bomang ba ba tla tsosiwang?’ Tsweetswee bala ditlhogo tse di latelang gore o bone dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, tsebe 150-4, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Elija o ne a kopa Jehofa gore a tsose mosimane yo o neng a sule

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jehofa o ne a dirisa Elisha go tsosa morwa mosadi wa Moshunema

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jesu o ne a tsosa morwa motlholagadi wa kwa Naine

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsogo ya baswi e tla kopanya ba losika le baratiwa ba bone