Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Dilo Tse Dintsi Tse re Tshwanetseng go di Ithuta?

A go Na le Dilo Tse Dintsi Tse re Tshwanetseng go di Ithuta?

A go Na le Dilo Tse Dintsi Tse re Tshwanetseng go di Ithuta?

Banyalani bangwe ba barongwa ba ne ba ntse fa lotshitshing lwa lewatle kwa Afrika Bophirima ba lebile ngwedi e e phatsimang. Monna wa teng o ne a re, “Batho ba itse go le kana kang ka ngwedi mme ba sa ntse ba tlhoka go ithuta go le kana kang ka yone?”

Mosadi wa gagwe o ne a araba a re: “Akanya fela fa re ka bo re kgona go bona fa lefatshe le ntse le suta fela jaaka ngwedi e re e lebileng—batho ba setse ba na le kitso e le kana kang mme go sa ntse go na le dilo tse dintsi go le kae tse ba tshwanetseng go di ithuta? Akanya fela! Ga se fela gore lefatshe le dikologa letsatsi mme gape masedi otlhe a rona a tlholego ga a ema mo lefelong le le lengwe. Seno se raya gore go ka direga gore re se ka ra iphitlhela gape re le mo lefelong le re leng mo go lone gone jaanong mo lobopong. Tota e bile, re thusiwa ke masedi ano a magodimo gore re itse gore gone jaanong re fa kae. Re na le kitso e ntsi ka dilo dingwe, mme re ka re tota ga re itse fa re leng gone!”

MAFOKO a batho bano a umaka dilo dingwe tsa konokono tse di leng boammaaruri. Go lebega go na le dilo di le dintsi tse di ka ithutiwang. Ee, mongwe le mongwe wa rona o ithuta dilo tse disha letsatsi le letsatsi. Mme le fa re ka ithuta dilo tse dintsi go le kana kang, ga go lebege re ka kgona go ithuta dilo tsotlhe tse re ka ratang go di ithuta.

Ke boammaaruri gore mo godimo ga bokgoni jo re nang le jone jwa go ithuta tshedimosetso e ntšha, tsela e re kgonang go boloka kitso ka yone e oketsegile thata. Dilo tsa botegeniki di dirile gore batho ba kgone go boloka tshedimosetso e ntsi thata. Didisiki tsa khomputara jaanong di kgona go boloka tshedimosetso e ntsi thata mo go ileng ga tlhokega gore go tlhamiwe maina a masha a dipalo go tlhalosa selekanyo sa bokgoni jo di nang le jone. CD-ROM fela e ka kgona go boloka tshedimosetso e ntsintsi; e kgona go boloka tshedimosetso ya di-megabytes di le 680 kgotsa go feta. DVD e e tlwaelegileng fela e ka kgona go boloka mo e ka nnang selekanyo seno se menagane ga supa mme jaanong go setse go na le tse di ka bolokang tshedimosetso e ntsi go feta eo.

Go thata gore re tlhaloganye tsela e batho ba e dirisang gompieno go fetisa tshedimosetso. Metšhine ya go gatisa e gatisa makwalodikgang, dimakasine le dibuka ka lobelo lo lo boitshegang. Motho yo o dirisang Internet a ka bona tshedimosetso e ntsintsi fela ka go tobetsa konopo mo khomputareng. Ka ditsela tseno le tse dingwe tse dintsi, tshedimosetso e anamisiwa ka bonako jo bogolo thata mo go se nang motho ope yo o ka kgonang go e ithuta yotlhe. Tsela e tshedimosetso eno e leng ntsi ka yone ka dinako tse dingwe e tle e tshwantshiwe le lewatle, e ntsi thata mo e leng gore re ka re re tshwanelwa ke go ithuta go shapa mo go yone, mme re sa e nwe yotlhe. Tsela e tshedimosetso e leng ntsi ka yone e re pateletsa gore re e tlhophe ka kelotlhoko.

Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go tlhopha tshedimosetso ka kelotlhoko ke gore bontsi jwa tshedimosetso e e leng teng ga e na mosola. Tota e bile tshedimosetso e nngwe ga e tlhokege, ga e thuse ka sepe. Gakologelwa gore kitso ke tshedimosetso—e ka tswa e le molemo kgotsa e le bosula, e solegela molemo kgotsa e se na mosola. Se se dirang boemo maswe le go feta ke gore dilo tse batho ba di tsayang di le boammaaruri ga di boammaaruri. Go setse go diregile gantsi gore dilo tse di builweng ke batho ba ba tseelwang kwa godimo di fitlhelwe di le phoso kgotsa di se boammaaruri! Ka sekai, akanya ka mokwaledi mongwe wa motse wa Efeso ya bogologolo, yo ruri ka nako eo a neng a tsewa e le modiredimogolo yo o nang le kitso tota. O ne a re: “Tota ke mang mo bathong yo o sa itseng gore motse wa Baefeso ke motlhokomedi wa tempele wa ga Aretemise yo mogolo le wa setshwantsho se se neng sa wa kwa legodimong?” (Ditiro 19:35, 36) Le fa go lebega seno e le selo se batho botlhe ba neng ba se itse, e bile se ka se ganediwe, batho ba le bantsi ba ne ba ka re ga go boammaaruri gore setshwantsho se ne sa wa go tswa kwa legodimong. Ka jalo, go a utlwala gore Baebele e e Boitshepo e tlhagise Bakeresete gore ba itise mo go “se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone.’”—1 Timotheo 6:20.

Lebaka le lengwe le le re pateletsang gore re tlhophe se re se ithutang ka kelotlhoko ke gore re tshela nako e khutshwane. Le fa o ka tswa o le kana kang, ga go na pelaelo gore go na le dilo tse dintsi tse o ka ratang go ithuta ka tsone, mme o lemoga gore tota o ka se tshele lobaka lo lo lekaneng gore o di ithute.

A bothata jono bo tla tsamaya bo fetoga? A go na le kitso nngwe e e ka dirang gore batho ba tshele lobaka lo loleele, le eleng ka bosakhutleng? A kitso eo e ka tswa e setse e le teng? Fa e le gore go ntse jalo, a mongwe le mongwe a ka kgona go nna le yone? A go tla tla nako e mo go yone kitso yotlhe e tla bong e le boammaaruri? Banyalani ba barongwa ba ba umakilweng fa godimo ba ile ba bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseo mme le wena o ka di bona. Tsweetswee bala setlhogo se se latelang, se se tla go nayang tsholofelo ya gore o ka kgona go ithutela ruri.