Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Saense le Bodumedi—Tshimologo ya Kganetsano

Saense le Bodumedi—Tshimologo ya Kganetsano

 Saense le Bodumedi—Tshimologo ya Kganetsano

MOITHUTADINALEDI mongwe yo o nang le dingwaga tse 70 o ne a le mo moriting wa loso, a balela thateng. O ne a tshwere mekwalo ya buka ya gagwe, e e neng e setse e siametse go gatisiwa. Le fa a ka tswa a ne a itse kgotsa a sa itse, buka eno ya gagwe e ne e tlile go fetola tsela e batho ba akanyang ka yone ka lobopo. Gape e ne e tlile go tsosa kgang nngwe ya moruthutha mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete, kgang e diphelelo tsa yone di sa ntseng di ama batho le gompieno.

Monna yono yo o neng a le gaufi le go swa e ne e le Mokatoliki mongwe wa Mo-Poland e bong Nicolaus Copernicus, mme ngwaga e ne e le 1543. Buka ya ga Copernicus, e e bidiwang On the Revolutions of the Heavenly Spheres, e ne e bontsha gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi, e seng lefatshe. Ka buka eno fela, Copernicus o ne a tlosa kgopolo e e raraaneng thata ya batho ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa lefatshe, mme a tsenya kgopolo ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi.

Kwa tshimologong, go ne go sa bonale go le kalo gore kgang eno e ne e tlile go tsosa kgotlhang fa nako e ntse e ile. Lebaka lengwe la seno ke gore Copernicus o ne a le kelotlhoko fa a bolelela batho ba bangwe dikgopolo tsa gagwe. Mo godimo ga moo, go bonala ka nako eo Kereke ya Katoliki, e e neng e dumela gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa lefatshe, e ne e amogela dikgopolo tse dingwe tsa saense. Tota le mopapa ka boene o ne a kgothaletsa Copernicus go gatisa buka ya gagwe. E ne ya re fa kgabagare Copernicus a gatisa buka eno, motho yo o neng a e kwala yo o neng a tshogile o ne a ikwalela ketapele ya gagwe, a tlhalosa mo go yone gore kgopolo ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi, tota ga e tswe mo go baithutadinaledi, go na le moo e tswa mo go baitsedipalo.

Kganetsano e a Gakala

Motho yo mongwe yo o neng a nna le seabe mo kganetsanong eno ke Galileo Galilei (1564-1642) yo le ene e neng e le Mokatoliki, e bile e le moithutadinaledi, moitsedipalo le moitse wa fisikisi. Galileo o ne a bona dilo dingwe kwa magodimong tse di neng di ise di ko di bonwe pele ga moo, fa a ne a dirisa dithelesekoupo tse a neng a di tsentse lense e e neng e sa tswa go tlhamiwa. Dilo tse a neng a di bona di ne tsa mo tlhatswa pelo gore Copernicus o ne a nepile. Gape Galileo o ne a bona le dipatso dingwe mo letsatsing, mme seno se ne sa dira gore a ganetse kgopolo e nngwe gape e e neng e dumelwa thata ya filosofi le bodumedi, ya gore letsatsi le ka se ka la fetoga kgotsa la senyega.

Galileo o ne a sa tshwane le Copernicus, ka  gonne ene o ne a le pelokgale e bile a tlhagafetse fa a buelela dikgopolo tsa gagwe. Mme o ne a dira jalo ka nako ya fa maemo a bodumedi a ne a sa iketla le e seng, ka gonne ka nako eo Kereke ya Katoliki e ne e setse e ganetsa kgopolo ya ga Copernicus phatlalatsa. Ka gone, e ne ya re fa Galileo a tlhalosa gore o dumalana le kgopolo eno ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi e bile o dumela gore e dumalana le Dikwalo, kereke e ne ya simolola go ipotsa gore a jaana ga a simolole go kgeloga. *

Galileo o ne a ya go ipuelela kwa Roma, mme ga a ka a atlega. Ka 1616, kereke e ne ya mo laela gore a kgaotse go buelela kgopolo ya ga Copernicus. Galileo o ne a tswalwa molomo nakwana. Mme ka 1632 o ne a gatisa buka e nngwe e e neng e tshegetsa kgopolo ya ga Copernicus. Mo ngwageng o o latelang, Kgotlatshekelo e e Lwantshang Bokgelogi e ne ya atlholela Galileo botshelo jotlhe kwa kgolegelong. Le fa go ntse jalo, kgotlatshekelo eno e ne ya akanyetsa gore o setse a godile, mme ka bonako fela e ne ya fetola katlholo eno e bo e laela gore a nne a disitswe kwa ntlong ya gagwe.

Batho ba le bantsi ba akanya gore tsela e Galileo a ileng a ganetsana le kereke ka yone e supa gore saense e fentse bodumedi, tota e bile ba re e fentse le Baebele. Le fa go ntse jalo, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, go na le dilo di le dintsi tse batho ba ba lebang dilo ka tsela eno ba di tlodisang matlho.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Galileo o ne a dira gore batho ba le bantsi ba mo tlhoe go sa tlhokege ka go ikarabela le go dirisa puo ya lesotlo. Gape o ne a re se a se buang se tshwanetse sa dumelwa fa a ne a tlhalosa gore kgopolo ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi e dumalana le Dikwalo, mme seno se ne sa gakatsa kereke le go feta.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Copernicus

[Motswedi wa Setshwantsho]

Se tserwe go tswa mo go Giordano Bruno and Galilei (kgatiso ya Sejeremane)

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Galileo o ipuelela fa pele ga Kgotlatshekelo e e Lwantshang Bokgelogi ya Roma

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go tswa mo bukeng ya The Historian’s History of the World, Vol. IX, 1904

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Setshwantsho se se kafa tlase ga ditlhaka: Tšhate e e bontshang kgopolo ya ga Copernicus ka masedi a tlholego