Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Khutsana e e Latlhilweng e Iponela Rre yo o Lorato

Khutsana e e Latlhilweng e Iponela Rre yo o Lorato

 Kgang ya Botshelo

Khutsana e e Latlhilweng e Iponela Rre yo o Lorato

JAAKA GO BOLETSE DIMITRIS SIDIROPOULOS

Molaodi wa masole o ne a nkgalefela a re, “Tsaya tlhobolo eno, o hule,” a bua jalo a e ntatlhelela. Ke ne ka gana ke ritibetse maikutlo. Masole a ne a tshogile fa a bona dikolo tse di tswang mo tlhobolong ya molaodi wa masole di feta mo godimo ga legetla la me. Go ne go bonala fa ke le gaufi le go swa. Se se itumedisang ke gore ke ne ka falola. Mme leno e ne e se lekgetlho la ntlha botshelo jwa me bo tsena mo kotsing.

BA LELAPA la gaetsho e ne e le bangwe ba setšhabanyana sa batho ba ba neng ba nna gaufi le Kayseri, kwa Kapadokia, Turkey. Go bonala fa batho bangwe ba ba tswang mo lefelong leno ba ne ba amogela Bokeresete ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. (Ditiro 2:9) Le fa go ntse jalo, go simolola ka lekgolo la bo20 la dingwaga, dilo di ne di fetogile thata.

Ke ne Ke le Motshabi Mme Morago ga Moo ka Nna Khutsana

Dikgwedi di le mmalwa fa ke sena go belegwa ka 1922, dikgotlhang tsa semorafe di ne tsa dira gore ba lelapa la me e nne batshabi kwa Gerika. Batsadi ba me ba ba neng ba tshogile ba ne ba se ka ba tswa ka sepe fa e se ka lesea la bone la dikgwedinyana fela, e bong nna. Fa ba sena go itshokela mathata a magolo, ba ne ba gorogela mo maemong a a utlwisang botlhoko kwa motseng wa Kiria, gaufi le Drama, kwa bokone jwa Gerika.

Fa ke ne ke le dingwaga di le nnè mme nnake wa mosimane a sena go belegwa, rre o ne a tlhokafala. O ne a na le dingwaga di le 27 fela, mme dinako tseo tse di thata di ne di mo koafaditse. Mmè o ne a boga botlhoko mme go ise go ye kae le ene o ne a tlhokafala. Nna le morwarre re ne ra sala re iphotlhere fela. Gantsi re ne re fudusiwa mo legaeng la bana ba dikhutsana re isiwa kwa go le lengwe mme fa ke le dingwaga tse 12, ke ne ka feleletsa ke le kwa go le le neng le le kwa Thesalonika,  koo ke neng ka ithutela tiro ya go baakanya dikoloi.

Fa ke ntse ke golela mo magaeng a dikhutsana a go neng go se na lorato mo go one, ke ne ke ipotsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba rileng ba boga mo go kana e bile ba sa tshwarwe sentle. Ke ne ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela maemo ao a a sa itumediseng go nna gone. Mo dithutong tsa rona tsa bodumedi, re ne re rutwa gore Modimo o maatla otlhe, mme go ne go sa tlhalosiwe ka tsela e e utlwalang sentle gore ke ka ntlha yang fa go na le boikepo e bile bo aname jaana. Polelwana nngwe e e itsegeng thata e ne e re Kereke ya Orthodox ya Gerika ke bodumedi jo bo molemo tota. Fa ke ne ke botsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe e se Mo-Orthodox fa e le gore ke bodumedi jo bo molemo tota?” Ga ke a ka ka amogela karabo epe e e kgotsofatsang.

Le fa go ntse jalo, morutisi wa rona o ne a tlotla Baebele fela thata, mme o ne a gatelela mo go rona gore ke buka e e boitshepo. Motsamaisi wa legae la dikhutsana o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang, mme go bonala a ne a na le lebaka lengwe le le neng le dira gore a se ka a nna le seabe mo ditirong dingwe tsa bodumedi. Fa ke ne ke botsa ka seno, ke ne ka bolelelwa gore o kile a ithuta le Basupi ba ga Jehofa, bodumedi jo ke neng ke sa bo itse.

Fa ke wetsa dithuto tsa me kwa legaeng la dikhutsana kwa Thesalonika, ke ne ke na le dingwaga tse 17. Ntwa ya Lefatshe II e ne e simolotse mme Gerika e ne e laolwa ke Banasi. Batho ba ne ba tlhokafala mo mebileng ka ntlha ya tlala. E le gore ke tshele, ke ne ka tshabela kwa metseng ya selegae go ya go berekela tuelo e potlana jaaka modiri wa mo tshimong.

Baebele e a Nkaraba

Fa ke boela kwa Thesalonika ka April 1945, ke ne ka etelwa ke kgaitsadie tsala ya me e ke neng ke nna le yone kwa magaeng a le mmalwa a dikhutsana ka nako ya fa ke le monnye. Paschalia o ne a mpolelela gore monnawe o nyeletse mme a mpotsa gore a ke itse kwa a leng gone. Fa re ntse re tlotla, o ne a mpolelela gore ene ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a bo a umaka gore Modimo o kgatlhegela batho.

Ke ne ka mmotsa dipotso di le dintsi ke galefile. Ke ka ntlha yang fa ke ntse ke boga go tloga ke sa le monnye? Ke ka ntlha yang fa ke le khutsana? O kae Modimo fa re mo tlhoka thata jaana? O ne a araba jaana, “A o tlhomamisega gore Modimo ke ene a nang le molato ka ntlha ya maemo ano?” A dirisa Baebele ya gagwe, o ne a mpontsha gore Modimo ga a dire gore batho ba boge. Seno se ne sa nthusa gore ke lemoge gore Mmopi o rata batho e bile o tla tokafatsa dilo mo bogautshwaneng. A dirisa Dikwalo tse di tshwanang le Isaia 35:5-7 le Tshenolo 21:3, 4, o ne a mpontsha gore go ise go ye kae ntwa, dikgotlhang, bolwetse le loso di tla fedisiwa mme batho ba ba ikanyegang ba tla tshelela ruri mo lefatsheng.

Go Bona Lelapa le le Nang le Lorato

Ke ne ka lemoga gore kgaitsadie Paschalia o ne a bolailwe mo ntweng ya majelathoko. Ke ne ka etela lelapa la gaabo go ya go ba gomotsa, mme go na le moo e ne ya nna bone ba nkgomotsang ka Dikwalo. Ke ne ka boela gape kwa legaeng la bone gore ba mpolelele dilo tse dingwe gape tse di gomotsang tse di tswang mo Baebeleng mme go ise go ye kae, ke ne ka nna mongwe wa setlhopha se se potlana sa Basupi ba ga Jehofa se se neng se kopana ka sephiri go ithuta le go obamela. Le fa Basupi ba ne ba thibetswe, ke ne ke ikemiseditse go tswelela ke kopana le bone.

Mo setlhopheng seo sa Bakeresete ba ba ikokobeditseng, ke ne ka iponela lelapa le le nang le lorato le ke ntseng ke le batla. Ba ne ba ntshegetsa le go nnaya thuso ya semoya e ke neng ke e tlhoka tota. Ke ne ka fitlhela e le ditsala tse di amegang ka ba bangwe, e le batho ba ba siameng e bile ba ikemiseditse go nthusa le go nkgomotsa. (2 Bakorintha 7:5-7) Se se botlhokwa le go feta, ke ne ka thusiwa go atamalana gaufi le Jehofa, yo jaanong ke mo lebang e le Rre wa selegodimo yo o lorato. Dinonofo tsa gagwe tsa lorato, boutlwelo botlhoko le go amega thata ka batho ba gagwe di ne di itumedisa tota. (Pesalema 23:1-6) Kgabagare, ke ne ke bone lelapa la semoya le Rre yo o lorato! Ke ne ke itumetse tota. Go ise go ye kae, ke ne ka tlhotlheletsega go ineela mo go Jehofa, mme ke ne ka kolobediwa ka September 1945.

Go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete go ne ga se ka ga oketsa kitso ya me fela mme gape go ne ga nonotsha tumelo ya me. E re ka go ne go se  na dipalangwa, bontsi jwa rona re ne re tsamaya dikilometara di le tlhano ka maoto go tswa mo motseng wa rona go ya kwa re kopanelang teng, re tlotla ka dilo tsa semoya tse di sa lebalesegeng. Mo bofelong jwa 1945, fa ke ne ke lemoga ka tshono ya go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera, ke ne ka simolola go bulatsela. Go ne go le botlhokwa go nna le kamano e e nonofileng le Jehofa, e re ka tumelo ya me e ne e tlile go lekwa thata mo bogautshwaneng.

Kganetso Ga ya Ka ya Atlega

Gantsi mapodise a ne a tlhasela lefelo la rona la dipokano ba tshwere ditlhobolo. Naga ya rona e ne e laolwa ke puso ya sesole e re ka go ne go runtse ntwa ya selegae kwa Gerika. Makoko mangwe a a lwantshanang a ne a tlhoane fela thata. Baruti ba ne ba dira gore balaodi ba dumele gore re Bakomonisi le gore ba re bogise setlhogo.

Ka lobaka lwa dingwaga tse pedi, re ne ra tshwarwa makgetlho a le mantsi mme re ne ra atlholelwa dikgwedi tse nnè mo kgolegelong makgetlho a le marataro. Le fa go ntse jalo, dikgolegelo di ne di setse di tletse ka magolegwa a sepolotiki, ka jalo re ne ra gololwa. Re ne ra dirisa kgololesego e re neng ra nna le yone re sa lebelela go tswelela pele re rera, mme morago ga lobakanyana re ne ra tshwarwa gape—makgetlho a le mararo mo bekeng e le nngwe. Re ne re itse gore bakaulengwe ba rona ba bantsi ba isitswe botshwarwa kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakgabetseng. A tumelo ya me e ne e tla nonofa thata go lebana le diteko tse di ntseng jalo?

Maemo a ne a ketefalela pele fa ke ne ke tshwanetse go ipega kwa seteisheneng sa mapodise letsatsi le letsatsi go fitlha ke wetsa sekwebo sa me. E le gore mapodise a nne a ntebeletse, a ne a nkisa kwa Evosmos, gaufi le Thesalonika, kwa go neng go na le seteishene sa mapodise gone. Ke ne ka hira kamore fa gaufi mme ke ne ka simolola go dira ditironyana tsa go itshedisa mo mafelong a a farologaneng, ke phatsimisa dipitsa le dipane tsa kopore. Fa ke ne ke bulatsela mo metseng e e fa gaufi, tiro eno e ne ya nthusa go ya kwa magaeng a batho kwantle ga go dira gore mapodise a belaele. Ka ntlha ya seo, batho ba le mmalwa ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo mme ba di amogela. Kwa morago, batho ba ba fetang lesome ba bone ba ne ba nna baobamedi ba ba ineetseng ba ga Jehofa.

Ke ne Ke le Mo Dikgolegelong di le Robedi mo Dingwageng di le Lesome

Ke ne ke le kafa tlase ga tlhokomelo ya mapodise go fitlha mo bofelong jwa 1949, mme ke ne ka boela kwa Thesalonika ke tlhoafaletse go tswelela mo bodireding jwa nako e e tletseng. Fa ke ne ke akanya gore mathata a me a fedile, ka 1950, ke ne ka kopiwa gore ke tsenele bosole. Ka ntlha ya boitlhaodi jwa me jwa Bokeresete, ke ne ke ikemiseditse go se ‘ithute ntwa.’ (Isaia 2:4) Botshelo jwa me jo bo boima bo ne jwa simolola jalo jwa go nna ke latlhelwa mo dikgolegelong tse di itsegeng ka bosetlhogo mo Gerika.

Seno sotlhe se simolotse kwa motseng wa Drama. Mo dibekeng tsa ntlha tsa fa ke ne ke tshwerwe koo, masole a a sa tswang go kwadisiwa a ne a simolola go ikatisetsa go dirisa ditlhobolo. Letsatsi lengwe ke ne ka isiwa kwa go ithutelwang go thuntsha gone. Mongwe wa balaodi ba masole o ne a ntatlhelela tlhobolo mme a ntaela gore ke thuntse. Fa ke ne ke gana, o ne a simolola go nthuntsha. Fa masole a mangwe a ne a bona gore ke ne ke sa ineele, ba ne ba simolola go ntitaya botlhoko ka mabole. Ba ne ba tshuba disekerete ba bo ba di tima ka go di gatelela mo diatleng tsa me. Morago ga moo, ba ne ba ntatlhela mo kgolegelong ke le esi. Seno se ne sa tswelela ka malatsi a le mararo. Botlhoko jwa go fisiwa ka disekerete bo ne bo ntlhaba mo pelong, mme ke ne ka nna le matsadi ao ka dingwaga di le dintsi mo diatleng tsa me.

Pele ga ke isiwa kwa kgotlatshekelong ya puso eno ya sesole, ke ne ka fudusediwa kwa kampeng  ya sesole kwa Iráklion, Kereta. Fa ke le koo, ba ne ba ntitaya setlhogo ba leka go dira gore ke se ka ka ikanyega. Ka gonne ke ne ke boifa gore nka nna ka ineela, ke ne ka rapela ka tlhoafalo, ke kopa Rre wa selegodimo go nnonotsha. Ke ne ka gakologelwa mafoko a a mo go Jeremia 1:19: “Ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’” “Kagiso ya Modimo” e e ritibatsang e ne ya lere masego. Ke ne ka tlhaloganya botlhale jwa go ikanya Jehofa ka botlalo.—Bafilipi 4:6, 7; Diane 3:5.

Mo tshekong e e latelang, ke ne ka atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsewa e le “baba ba Puso” ba ba kotsi tota. Sekwebo sa botshelo jotlhe mo kgolegelong se ne sa simolola kwa kgolegelong ya dinokwane kwa Itsedin, kwa ntle ga Canea, kwa ke neng ka tsenngwa mo kgolegelong ke le esi gone. Itsedin e ne e le kago ya phemelo ya bogologolo mme sele ya me e ne e tletse dipeba. Ke ne ke tlwaetse go ithathelela ka kobo ya bogologolo e e makgasa go tloga kwa tlhogong go ya kwa dinaong gore dipeba di se ka tsa nkama fa di tsamaya mo godimo ga me. Ke ne ka lwala fela thata ka ntlha ya nyumonia. Ngaka e ne ya re ke tshwanetse go nna mo letsatsing mme ka jalo ke ne ka kgona go tlotla le magolegwa a le mantsi fa ke le mo malwapeng a kgolegelo. Le fa go ntse jalo, boemo jwa me bo ne jwa gakala mme fa ke sena go dutla madi thata ka makgwafo, ke ne ka romelwa kwa bookelong jwa Iráklion.

Gape, lelapa la me la semoya la Bakeresete ka nna le ne le le teng koo le nthusa fa ke le tlhoka. (Bakolosa 4:11) Bakaulengwe ba kwa Iráklion ba ne ba nketela ka metlha, ba nkgothatsa le go nkgomotsa. Ke ne ka ba bolelela gore ke tlhoka dibuka gore ke neele batho ba ba kgatlhegang bosupi. Ba ne ba ntlisetsa sutukeisi e ke neng ke kgona go fitlha dibuka mo karolong e e kwa tlase ya yone. A bo ke ne ka itumela jang ne gore fa ke ne ke le mo dikgolegelong tseo, magolegwa ka nna a le marataro a ne a thusiwa gore e nne Bakeresete ba boammaaruri!

Ka nako eo ntwa ya semorafe e ne e fedile, mme sekwebo sa me se ne sa fokodiwa gore e nne dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Ke ne ka feleletsa dingwaga tse di neng di setse tsa sekwebo sa me kwa kgolegelong ya Rethimno, Genti Koule le Cassandra. Fa ke sena go fetsa dingwaga tse di ka nnang lesome mo dikgolegelong tse robedi, ke ne ka gololwa mme ke ne ka boela kwa Thesalonika ko ke neng ka amogelwa ka diatla tsoopedi ke bakaulengwe ba me ba ba rategang ba Bakeresete.

Go Solegelwa Molemo ke Thuso ya Bakaulengwe ba Bakeresete

Ka nako eo Basupi kwa Gerika ba ne ba kgona go obamela Modimo ka kgololesego. Ke ne ka simolola ka bonako tiro ya me ya bodiredi jwa  nako e e tletseng. Go ise go ye kae, ke ne ka bona masego a mangwe gape, fa ke ne ke kopana le kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o ikanyegang e bong Katina, yo a neng a rata Jehofa mme a tlhoafetse thata mo tirong ya go rera. Re ne ra nyalana ka October 1959. Go tsholwa ga morwadiarona, e bong Agape, le go nna le lelapa la me la Bakeresete go ne ga okobatsa botlhoko jotlhe jo ke bo utlwileng jwa go nna khutsana. Se se botlhokwa le go feta ke gore lelapa la rona le ne le kgotsofaletse go direla kafa tlase ga tlhokomelo e e lorato ya Rraarona yo o lorato wa selegodimo, Jehofa.—Pesalema 5:11.

Ka ntlha ya maemo mangwe a ke neng ke sa kgone go a laola, ke ne ka patelesega go emisa go bulatsela, mme ke ne ka tshegetsa mosadi wa me fa a ne a tswelela mo bodireding jwa nako e e tletseng. Tiragalo e e botlhokwa mo botshelong jwa me jwa Bokeresete e ne ya nna gone ka 1969, fa kopano ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa e ne e tshwarwa kwa Nuremberg, Jeremane. Fa ke ne ke ipaakanyetsa go ya teng, ke ne ka dira kopo ya gore ke newe lekwalo la mosepele. Fa mosadi wa me a ne a ya kwa seteisheneng sa mapodise go botsa gore ke ka ntlha yang fa go fetile dikgwedi tse pedi ke ise ke bone lekwalo la mosepele, lepodise le ne la ntsha faele e kima mo teng ga lae ya gagwe a bo a re: “A o batla lekwalo la mosepele la motho yono gore a tle a sokolole batho ba kwa Jeremane? Legoka! O kotsi.”

Ka thuso ya ga Jehofa le bakaulengwe bangwe, ke ne ka tsenngwa mo lekwalong la mosepele la setlhopha sengwe mme ka jalo ke ne ka kgona go nna gone kwa kopanong eo e e itumedisang. Palo ya batho ba ba neng ba le gone e ne ya nna batho ba ba fetang 150 000, mme ke ne ke kgona go bona sentle moya wa ga Jehofa o kaela le go kopanya lelapa leno la semoya la ditšhabatšhaba. Moragonyana mo botshelong, ke ne ka anaanela thata botlhokwa jwa go nna le bakaulengwe bano ba Bakeresete.

Ka 1977 mosadi wa me yo o rategang le molekane yo o ikanyegang o ne a tlhokafala. Ke ne ka leka thata go godisa morwadiake ka melaometheo ya Baebele, mme go na le bangwe ba ba neng ba nthusa go dira jalo. Gape, ke ne ka thusiwa ke lelapa la me la semoya. Ka dinako tsotlhe ke tla nna ke lebogela go tshegediwa ke bakaulengwe ka dinako tseo tse di boima. Bangwe ba bone ba ne ba tla mo legaeng la rona ka lobakanyana go tlhokomela morwadiake. Ga nkitla ke bo ke lebala lorato lwa bone lwa go intsha setlhabelo.—Johane 13:34, 35.

Agape o ne a gola mme a nyalana le mokaulengwe mongwe, e bong Elias. Ba na le bana ba basimane ba le banè, botlhe ba mo boammaaruring. Mo dingwageng tsa bosheng, ke ne ka itewa ke seterouko makgetlho a le mmalwa mme botsogo jwa me bo koafetse fela thata. Morwadiake le ba lelapa la gagwe ba ntlhokomela sentle. Le fa ke lwala, ke sa ntse ke na le mabaka a le mantsi a go itumela. Ke sa ntse ke gakologelwa nako e go neng go na le bakaulengwe ba le lekgolo fela mo Thesalonika yotlhe, ba kopanela ka sephiri mo magaeng. Gone jaanong go na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba ba ka nnang dikete di le tlhano mo lefelong leo. (Isaia 60:22) Kwa dikopanong, bakaulengwe ba basha ba tla kwa go nna, ba mpotsa jaana: “A o sa ntse o gakologelwa gore o ne o tlwaetse go re tlisetsa dimakasine kwa gae?” Le fa batsadi ba bone ba ka ne ba sa bala dimakasine tseo, bana ba bone ba ne ba di bala, mme ba ne ba gatela pele semoyeng!

Fa ke leba kafa phuthego ya ga Jehofa e godileng ka teng, ke lemoga gore ga ke a itshokela diteko tsotlhe mahala. Ka dinako tsotlhe ke bolelela ditlogolwana tsa me le basha ba bangwe go gakologelwa Rraabone wa selegodimo mo bosheng jwa bone, mme ga a kitla a ba latlha le ka motlha. (Moreri 12:1) Jehofa o ne a diragatsa lefoko la gagwe, a nna “rraagwe basimane ba ba se nang rre” mo go nna. (Pesalema 68:5) Le fa ke ile ka nna khutsana e e latlhilweng ke le monnye, la bofelo ke ne ka iponela Rre yo o lorato!

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke ne ke le moapei kwa kgolegelong ya Drama

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le Katina ka letsatsi la rona la lenyalo, 1959

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kopano kwa sekgweng sengwe gaufi le Thesalonika, kwa bofelong jwa bo1960

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Re na le morwadiarona, 1967