Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bana ba Rona—Boswa jo bo Botlhokwatlhokwa

Bana ba Rona—Boswa jo bo Botlhokwatlhokwa

 Bana ba Rona—Boswa jo bo Botlhokwatlhokwa

“Bonang! Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa; maungo a sebopelo ke tuelo.”—PESALEMA 127:3.

1. Go ne ga tla jang gore ngwana wa ntlha wa motho a tsholwe?

KANYA ka dikgakgamatso tse Jehofa Modimo a di dirileng mo tseleng e a ileng a bopa monna le mosadi wa ntlha ka yone. Adame le Efa ka bobedi ba ile ba nna le seabe mo go tlhagiseng sele e e neng ya gola mo popelong ya ga Efa go nna mothonyana yo mosha—lesea la ntlhantlha. (Genesise 4:1) Go fitlha le gompieno, go ima le go tshola ngwana e sa ntse e le dilo tse di re jesang kgakge mme batho ba le bantsi ba tlhalosa tiragalo eno e le kgakgamatso.

2. Ke eng fa o ka re se se diregang mo popelong ya mosadi yo o imileng ke kgakgamatso?

2 Mo malatsing a ka nna 270 fela, sele eo e e neng ya bopega mo teng ga mmè morago ga gore a kopane le rre e gola go nna leseanyana le le dirilweng ka dimilionemilione tsa disele. Mo teng ga sele eo go na le ditaelo tse di tlhokegang go tlhagisa mefuta e feta 200 ya disele tse dingwe. Disele tseno tse di raraaneng ka tsela e e gakgamatsang di dirisa ditaelo tseo tse di jesang kgakge, tse go seng motho ope yo o ka kgonang go di tlhaloganya ka botlalo, go gola ka tsela le ka mokgwa o o tshwanelang sentle gore di kgone go dira motho yo mosha yo o tshelang!

3. Ke eng fa batho ba le bantsi ba ba kelotlhoko ba dumela gore Modimo e tshwanetse ya bo e le ene yo o dirileng gore batho ba kgone go tshola bana?

3 O ka re ke mang yo tota e leng modiri wa lesea leno? Ga go pelaelo gore ke Mmopi wa botshelo ka bojone. Mopesalema wa Baebele o ile a opela jaana: “Itseng gore Jehofa ke Modimo. Ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona.” (Pesalema 100:3) Lona batsadi, lo itse sentle gore ga se ka bokgoni jwa lona go bo lo kgonne go tlhagisa botshelonyana jono jo bo botlhokwatlhokwa jo bosha. Ke Modimo yo o nang le botlhale jo bo sa lekaneng le bope fela yo o neng a ka dira gore go nne le kgakgamatso eno ya go tlhagisa mothonyana yono yo mosha yo o tshelang. Go fetile diketekete tsa dingwaga batho ba ba kelotlhoko ba bontsha go dumela gore go bopega ga leseanyana mo teng ga popelo ya mmaalone go dirilwe ke Mmopi yo Mogolo. A le wena o dumela jalo?—Pesalema 139:13-16.

4. Ke bokoa bofe jo batho ba nang le jone jo le ka motlha Jehofa a ka se kang a nna le jone?

4 Mme gone, a Jehofa ke Mmopi yo o sa amegeng yo o neng a dira fela gore go nne le thulaganyo eno ya gore batho ba kgone go tshola bana? Batho bangwe ba na le go se bontshe go amega mme Jehofa ene ga a ke a nna jalo. (Pesalema 78:38-40) Baebele e bua jaana mo go Pesalema 127:3: “Bonang! Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa; maungo a sebopelo ke tuelo.” Mma jaanong re sekaseke gore boswa ke eng le gore bo supa eng.

Ke Boswa e Bile ke Tuelo

5. Ke eng fa bana e le boswa?

5 Boswa bo tshwana le mpho. Gantsi batsadi ba bereka ka natla le ka lobaka lo loleele e le gore ba tlogelele bana ba bone boswa. E ka nna jwa madi, dithoto kana sengwe se se botlhokwa thata. Le fa boswa joo e ka tswa e le bofe, bo bontsha lorato lwa batsadi. Baebele ya re Modimo o abetse batsadi bana e le boswa. Ke mpho e e lorato e e tswang mo go ene. Fa o le motsadi, a o ka re ditiro tsa gago di bontsha gore o tsaya bana ba gago e le mpho e Mmopi wa lobopo a go abetseng yone?

6. Boikaelelo jwa Modimo e ne e le eng fa a ne a dira gore batho ba kgone go nna le bana?

6 Boikaelelo jwa ga Jehofa ka go abela batsadi  mpho eno e ne e le gore lefatshe le agiwe ke ditlogolwana tsa ga Adame le Efa. (Genesise 1:27, 28; Isaia 45:18) Jehofa ga a ka a bopa motho mongwe le mongwe ka boene jaaka fa a dirile ka dimilionemilione tsa baengele. (Pesalema 104:4; Tshenolo 4:11) Go na le moo, Modimo o ne a tlhopha go bopa batho ba na le bokgoni jwa go tshola bana ba ba neng ba tla tshwana le batsadi ba bone. A tshiamelo e e molemo jang ne gore rre le mmè ba kgone go tshola mothonyana yo o ntseng jalo yo mosha le go mo tlhokomela! Lona batsadi, a lo lebogela Jehofa go bo a dirile gore lo kgone go nna le boswa jono jo bo botlhokwatlhokwa?

Ithute mo Sekaong sa ga Jesu

7. Go farologana le se batsadi bangwe ba se dirang, Jesu o ile a bontsha jang gore o kgatlhegela “bana ba batho” le gore o a ba rata?

7 Ka maswabi, ga se batsadi botlhe ba ba tsayang bana e le tuelo. Bontsi ga ba bontshe go rata bana ba bone. Batsadi ba ba ntseng jalo ga ba bontshe boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa le Morwawe. (Pesalema 27:10; Isaia 49:15) Go farologana le batsadi bano, akanya ka tsela e Jesu a neng a bontsha go kgatlhegela bana ka yone. Tota le pele Jesu a tla go tshela mo lefatsheng—fa e ne e le setshedi se se maatla sa semoya kwa legodimong—Baebele ya re o ne a “itumelela bana ba batho.” (Diane 8:31, Beibele, Tswana Central) Lorato lo a neng a rata batho ka lone lo ne lo le logolo thata jaana mo a neng a iketleeleditse go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo go nna thekololo gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28; Johane 10:18.

8. Jesu o ile a tlhomela batsadi sekao se se molemo jang?

8 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhomela batsadi sekao se se molemo tota. Akanya ka se a ileng a se dira. O ne a ipha nako a na le bana, tota le ka nako e a neng a tshwaregile thata ka yone e bile a gateletswe maikutlo. O ne a ba leba fa ba tshameka kwa marekisetsong a bo a dirisa dikarolo dingwe tsa boitshwaro jwa bone mo dithutong tse a neng a di ruta batho. (Mathaio 11:16, 17) Mo loetong lwa ga Jesu lwa bofelo lwa go ya Jerusalema, o ne a itse gore o tlile go bogisiwa le go bolawa. Ka jalo fa batho ba ne ba tlisa bana kwa go ene, barutwa ba gagwe ba ne ba leka go ba itsa gongwe e le ka gonne ba leka go sireletsa Jesu gore a se ka a tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kgalema barutwa ba gagwe. O ile a bua jaana a bontsha kafa a ‘itumelelang bana’ ka teng: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.”—Mareko 10:13, 14.

9. Ke eng fa se re se dirang se ka nna botlhokwa thata go feta se re se buang?

9 Re ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Jesu. Fa bana ba tla mo go rona, re itshwara jang—tota le fa re tshwaregile thata? A re itshwara ka tsela e Jesu a ileng a itshwara ka yone? Se bana ba se tlhokang, segolobogolo mo batsading ba bone, ke se Jesu a neng a iketleeletsa go ba naya sone—nako le go bontsha go ba kgatlhegela. Ke boammaaruri gore mafoko a a jaaka “Ke a go rata” a botlhokwa. Le fa go ntse jalo, ditiro di botlhokwa thata go feta mafoko. Lorato lwa gago lo bonala e seng fela ka se o se buang mme gape le ka se o se dirang. Lo bonala ka nako, kamego le tlhokomelo tse o di nayang bana ba gago. Le fa go ntse jalo, go dira dilo tseo tsotlhe go ka nna ga se ka ga tlhagisa matswela a a bonalang ka bonako ka tsela e o neng o lebeletse ka yone. Go tlhokega bopelotelele. Re ka ithuta bopelotelele fa re etsa tsela e Jesu a neng a dirisana le barutwa ba gagwe ka yone.

Bopelotelele le Lorato Lwa ga Jesu

10. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe jang thuto ka ga boikokobetso, mme a o ne a atlega mo lekgetlong la ntlha?

10 Jesu o ne a etse tlhoko gore barutwa ba gagwe ba ne ba ngangisana ba sa kgaotse ka ga gore ke mang yo mogolo mo go bone. Letsatsi lengwe fa a sena go goroga le barutwa ba gagwe  kwa Kaperenama, o ne a ba botsa jaana: “‘Ke eng se lo neng lo ngangisana ka sone mo tseleng?’ Ba didimala fela, gonne mo tseleng ba ne ba ngangisana ka ga gore ke mang yo mogolo.” Go na le gore Jesu a ba kgalemele ka bogale, ka bopelotelele o ne a ba ruta thuto ya botlhokwa a leka go ba ruta boikokobetso. (Mareko 9:33-37) A e ne ya nna le matswela? E seng ka nako eo. Dikgwedi di ka nna thataro moragonyana, Jakobe le Johane ba ne ba kopa mmaabone gore a kope Jesu gore a ba neye maemo a a kwa godimo mo Bogosing. Gape Jesu o ne a nna pelotelele go baakanya tsela ya bone ya go akanya.—Mathaio 20:20-28.

11. (a) Ke tiro efe e ka tlwaelo e neng e tle e dirwe e barutwa ba ga Jesu ba neng ba se ka ba e dira fa ba sena go goroga le Jesu kwa phaposing e e kwa godimo? (b) Jesu o ne a dira eng, mme a maiteko a gagwe a ne a atlega ka nako eo?

11 Go ise go ye kae Tlolaganyo ya 33 C.E. e ne ya goroga, mme Jesu o ne a kopana le baaposetoloi ba gagwe gore ba e keteke. Fa ba goroga kwa phaposing e e kwa godimo, go ne go se ope wa baaposetoloi ba ba 12 yo o neng a tsaya matsapa a go dira tiro e ka tlwaelo e neng e tle e dirwe ya go tlhapisa ba bangwe dinao tse di lerole—tiro e e nyatsegang e gantsi e neng e dirwa ke motlhanka kana mosadi mo lelapeng. (1 Samuele 25:41; 1 Timotheo 5:10) A bo go tshwanetse ga bo go ile ga hutsafatsa Jesu jang go bona barutwa ba gagwe ba tswelela ba bontsha moya wa go rata maemo! Ka jalo Jesu o ne a tlhapisa dinao tsa mongwe le mongwe wa bone mme go tswa foo a bo a ba kopa ka tlhoafalo gore ba etse sekao sa gagwe sa go direla ba bangwe. (Johane 13:4-17) A ba ne ba dira jalo? Baebele ya re moragonyana mo go one maitseboa ao “go ne ga tsoga gape kganetsano e e gotetseng mo gare ga bone ka ga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo.”—Luke 22:24.

12. Batsadi ba ka etsa Jesu jang mo maitekong a bone a go thapisa bana ba bone?

12 Batsadi, fa bana ba lona ba sa dirise kgakololo ya lona a lo lemoga kafa Jesu a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa ka teng? Ela tlhoko gore Jesu o ne a se ka a tlhoboga baaposetoloi ba gagwe, le mororo ba ne ba le bonya go baakanya makoa a bone. Kgabagare bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa nna le matswela. (1 Johane 3:14, 18) Batsadi, lo dira sentle go etsa lorato le bopelotelele jwa ga Jesu ka gore le ka motlha lo se ka lwa lapa mo maitekong a lona a go thapisa bana ba lona.

13. Ke eng fa motsadi a sa tshwanela go garuma ngwana fa ngwana a mmotsa dipotso?

13 Batsadi ba tshwanetse go dira gore bana ba bone ba lemoge gore ba a ba rata le gore ba a ba kgatlhegela. Jesu o ne a batla go itse se barutwa ba gagwe ba se akanyang, ka jalo o ne a ba reetsa fa ba mmotsa dipotso. O ne a ba botsa gore ba akanya eng ka dilo dingwe. (Mathaio 17:25-27) Ee, tsela e e molemo ya go ruta bana e akaretsa go ba reetsa ka kelotlhoko le go ba kgatlhegela ka mmatota. Motsadi o tshwanetse go tila tshekamelo epe fela ya go kgoba ngwana yo o botsang dipotso marapo ka go re: “Tswa fa! A ga o bone gore ke tshwaregile?” Fa e le gore tota motsadi o tshwaregile, a ka bolelela ngwana gore o tla tlotla le ene moragonyana. Go tswa foo motsadi o tshwanetse go tlhomamisa gore o dira jalo. Fa motsadi a dira jalo ngwana o tla bona gore ruri motsadi o a mo kgatlhegela mme o tla nna a iketleeleditse go mmulela mafatlha.

14. Batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a bontsha bana lorato ka yone?

14 A go siame gore batsadi ba bontshe bana lorato ka go ba tshwara le go ba tlamparela? Le mo  kgannyeng eno batsadi ba ka ithuta mo go Jesu. Baebele e bolela gore o ne “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” (Mareko 10:16) O akanya gore bana ba ile ba ikutlwa jang? Ga go pelaelo gore ba ile ba itumela mme ba atamalana thata le Jesu! Fa go na le lorato lwa mmatota fa gare ga lona le bana ba lona, ba tla tsibogela maiteko a lona a go ba kgalema le go ba ruta.

Kgang ya Gore Bana ba Tlhoka Nako e e Kana Kang

15, 16. Ke kgopolo efe e e malebana le go godisa bana e e tumileng, mme go bonala go tlile jang gore e nne gone?

15 Batho bangwe ba ile ba bontsha go belaela kgang ya gore bana ba tlhoka gore batsadi ba iphe nako e ntsi le bone le go ba bontsha lorato. Kgopolo e e amanang le go godisa bana e e ileng ya buelelwa ka botlhale ke e e bidiwang go ipha nako e e molemo le bana. Batho ba ba buelelang kgopolo eno ba bolela gore bana ga ba tlhoke nako e ntsi thata ya batsadi, fa fela nako e nnye e batsadi ba iphang yone le bone e le e e molemo, e e akanyeditsweng sentle le e e rulaganyeditsweng. A kgopolo eno e siame, a e rotloediwa jaana go akantswe ka go solegela bana molemo?

16 Mokwadi mongwe yo o ileng a buisana le bana ba le bantsi o bolela gore se bana ba se “tlhokang mo batsading ke gore ba iphe nako e ntsi le bone,” le “go ba sekegela tsebe ka kelotlhoko.” Porofesa wa kholetšhe nngwe o ile a re: “Kgopolo eno [ya gore bana ba tlhoka fela gore batsadi ba iphe nako e e molemo le bone] e nnile gone ka ntlha ya go bo batsadi ba batla go ithola morwalo. Batho ba ne ba batla seipato sa go ipha nako e nnye fela le bana ba bone.” Batsadi ba tshwanetse go ipha nako e kana kang le bana ba bone?

17. Bana ba tlhoka eng mo batsading ba bone?

17 Baebele ga e tlhalose. Le fa go ntse jalo, batsadi ba Iseraele ba ne ba kgothalediwa go bua le bana ba bone fa ba ntse mo ntlong, fa ba tsamaya mo tseleng, fa ba rapama le fa ba tsoga. (Duteronome 6:7) Seno se bontsha sentle gore batsadi ba tshwanetse go buisana le bana le go nna ba ba ruta letsatsi le letsatsi.

18. Jesu o ne a dirisa jang ka botlalo ditshono tse di neng di tlhaga go thapisa barutwa ba gagwe, mme batsadi ba ka ithuta eng mo go seno?

18 Jesu o ne a atlega mo go ruteng barutwa ba gagwe fa a ntse a ja le bone, fa a tsere mosepele le bone tota le fa a ne a ikhutsitse le bone. Ka gone o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe ka botlalo go ba ruta. (Mareko 6:31, 32; Luke 8:1; 22:14) Batsadi ba Bakeresete le bone ba tshwanetse go nna podimatseba go dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go nna le puisano e e molemo le bana ba bone le go dira gore puisano eo e nne e le teng le go ba thapisa go ya ka ditsela tsa ga Jehofa.

Se ba Ka se Rutwang le Kafa Ba ka Se Rutwang ka Teng

19. (a) Kwantle ga go ipha nako le bana ke eng gape se se tlhokegang? (b) Ke eng se segolobogolo batsadi ba tshwanetseng go se ruta bana ba bone?

19 Go godisa bana ka katlego ga go akaretse fela go ipha nako le bone le go ba ruta. Selo se sengwe  se se botlhokwa ke gore ba rutwa eng. Ela tlhoko gore Baebele e gatelela gore ba tshwanetse go rutwa eng. Ya re: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno . . . o a jalele kwa teng mo go morwao.” “Mafoko ano” a bana ba tshwanetseng go a rutwa ke afe? Go bonala e le mafoko a a neng a sa tswa go umakwa, a a reng: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago.” (Duteronome 6:5-7) Jesu o ile a re taelo eno ke e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mo ditaelong tsa Modimo. (Mareko 12:28-30) Batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone segolobogolo ka Jehofa, ba ba tlhalosetsa lebaka la go bo e le ene fela yo o tshwanelwang ke gore re mo rate le go mo direla ka moya otlhe.

20. Modimo o ne a laela batsadi ba bogologolo go ruta bana ba bone eng?

20 Le fa go ntse jalo, “mafoko ano” a batsadi ba kgothalediwang go a ruta bana ba bone ga a akaretse fela go rata Modimo ka moya otlhe. O tla lemoga gore mo kgaolong e e tlang pele ga eno ya Duteronome, Moshe o ile a boeletsa melao e Modimo a neng a e kwala mo matlapeng—Melao e e Lesome. Melao eno e akaretsa ditaelo tse di iletsang go bua maaka, go utswa, go bolaya le go dira boaka. (Duteronome 5:11-22) Ka jalo batsadi ba bogologolo ba ne ba bontshiwa botlhokwa jwa go ruta bana ba bone melao ya boitshwaro. Batsadi ba Bakeresete le bone gompieno ba tshwanetse go ruta bana ba bone melao e e ntseng jalo go ba thusa go nna le isagwe e e sireletsegileng le e e itumedisang.

21. Modimo o ne a kaya eng fa a ne a laela gore batsadi ba “jalele” lefoko la gagwe mo baneng ba bone?

21 Ela tlhoko gore batsadi ba laelwa kafa ba ka rutang bana ba bone “mafoko ano” kana ditaelo tseno ka teng: “O a jalele kwa teng mo go morwao.” Mafoko a a reng “o a jalele” a kaya “go ruta le go gatelela sengwe ka go se boaboeletsa: o dira gore se nwelelele mo mogopolong.” Ka jalo, tota Modimo o laela batsadi go tlhoma thulaganyo e e molemo ya go ruta bana Baebele e boikaelelo jwa yone e leng go nwetsa dilo tsa semoya mo megopolong ya bone.

22. Batsadi ba Iseraele ba ne ba laelwa go dira eng go ruta bana ba bone, mme seo se ne se kaya eng?

22 Thulaganyo e e ntseng jalo e e molemo e tlhoka gore batsadi ba tseye matsapa. Baebele ya  re: “[“Mafoko ano,” kana ditaelo tsa Modimo] o a bofelele jaaka sesupo mo seatleng sa gago, a nne jaaka sebofo sa phatla fa gare ga matlho a gago; o a kwale mo mephakwaneng ya ntlo ya gago le mo dikgorong tsa gago.” (Duteronome 6:8, 9) Seno ga se bolele gore batsadi ba tshwanetse go kwala melao ya Modimo ka tsela ya mmatota mo mephakwaneng le mo dikgorong, ba bofelela dikhopi tsa yone mo diatleng tsa bana ba bone le go e baya fa gare ga matlho a bone. Go na le moo, se se bolelwang ke mafoko ano ke gore batsadi ba tshwanetse go nna ba ruta bana ba bone dithuto tsa Modimo ka metlha ba sa kgaotse. Ba tshwanetse go ba ruta ka metlha, le ka tsela e e tlhomameng thata jaana mo go tla nnang jaaka e kete dithuto tsa Modimo di fa pele ga bana ka dinako tsotlhe.

23. Go tla sekasekwa eng mo thutong ya beke e e tlang?

23 Ke dilo dife tse di botlhokwa thata tse batsadi ba tshwanetseng go di ruta bana ba bone? Ke eng fa gompieno go le botlhokwa thata gore bana ba rutwe le go thapisiwa gore ba kgone go itshireletsa? Ke thuso efe e jaanong batsadi ba nang le yone go ba thusa go ruta bana ba bone ka tsela e e molemo? Dipotso tseno le tse dingwe tse di amang batsadi ba le bantsi di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go tsaya bana ba bone ba le botlhokwa thata?

• Ke eng se batsadi le batho ba bangwe ba ka ithutang sone mo go Jesu?

• Batsadi ba tshwanetse go ipha nako e e kana kang le bana ba bone?

• Bana ba tshwanetse go rutiwa eng, mme ba tshwanetse go se rutiwa ka tsela efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng ya ga Jesu ya go ruta?

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Batsadi ba Iseraele ba ne ba tshwanetse go ruta bana ba bone leng mme gone ba ba ruta ka tsela efe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone dithuto tsa Modimo ka metlha