Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Bontsi bo Belaela Gore Bodumedi bo ka Kopanya Batho

Lebaka La go Bo Bontsi bo Belaela Gore Bodumedi bo ka Kopanya Batho

 Lebaka La go Bo Bontsi bo Belaela Gore Bodumedi bo ka Kopanya Batho

“O RATE moagelani wa gago.” (Mathaio 22:39) Madumedi a le mantsi a bolela gore a latela molao ono. Fa madumedi ano a ka bo a kgona go ruta maloko a one gore a rate baagelani ba bone, maloko ano a ka bo a le seoposengwe e bile a utlwana. Mme gone, a o bona seno se direga? A madumedi a kgona go kopanya batho? Patlisiso nngwe ya bosheng ya kwa Jeremane e ne ya botsa potso eno: “A madumedi a kopanya batho, kgotsa a ka tswa a ba kgaoganya?” Mo bathong ba ba neng ba araba, ba le diperesente di le 22 ba ne ba akanya gore bodumedi bo kopanya batho, mme ba le diperesente di le 52 ba ne ba akanya gore bo a ba kgaoganya. Gongwe batho ba mo nageng ya gaeno ba ka tswa ba ikutlwa ka tsela eno.

Ke eng fa batho ba le bantsi jaana ba sa dumele gore bodumedi bo ka kopanya batho? Gongwe ke ka ntlha ya dilo tse ba di itseng tse di diragetseng mo nakong e e fetileng. Go na le gore bodumedi bo kopanye batho, gantsi bo ile jwa ba kgaoganya. Ka dinako tse dingwe, go ile ga dirisiwa bodumedi go fitlha bosetlhogo. Akanya ka dikai dingwe tsa dilo tse di neng tsa direga mo dingwageng di le 100 fela tse di fetileng.

Ka Ntlha ya Bodumedi

Ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, Ba-Croatia ba Katoliki ya Roma le Ba-Serbia ba Orthodox ba kwa dinageng tsa Balkan ba ne ba itaana ka noga e utlwa. Ditlhopha tseno ka bobedi di ne di bolela gore di latela Jesu, yo o neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba rate baagelani ba bone. Mme jaaka mmatlisisi mongwe a bua, kgotlhang ya bone e ne ya felela ka “nngwe ya dipolao tse dikgolo tsa kgailo ya batho ba e seng masole e e setlhogo go feta tsotlhe tse di kileng tsa direga mo hisitoring.” Lefatshe le ne le tshositswe thata ke go utlwa gore go ile ga swa banna, basadi le bana ba feta 500 000.

Ka 1947, naga ya India, e e leng karolo e kgolo ya kontinente, e ne e na le baagi ba ka nna dimilione di le 400—mo e ka nnang diperesente di le 20 tsa palo ya baagi botlhe mo lefatsheng—mme bontsi jwa bone e ne e le Bahindu, Bamoseleme le Ba-Sikh. Fa India e ne e kgaoganngwa, go ile ga nna le naga e nngwe ya Boiselamo ya Pakistan. Ka nako eo, batshabi ba le diketekete go tswa kwa dinageng tseno tse pedi ba ne ba fisiwa, ba itewa, ba tlhokofadiwa le go thuntshiwa mo dipolaong tsa bodumedi tsa kgailo tse di neng di latelana.

Jaaka e kete dikai tse di fa godimo e ne e se sepe, mo tshimologong ya lekgolo la bo21 la dingwaga go ile ga nna le matshosetsi a magolo a borukhutlhi. Gompieno, borukhutlhi bo tsentse lefatshe lotlhe tsebetsebe, mme ditlhopha di le dintsi tsa dirukhutlhi di ipolela gore ke maloko a bodumedi  bongwe. Bodumedi ga bo tsewe e le sengwe se se ka thusang go kopanya batho. Go na le moo, gantsi bo amanngwa le thubakanyo le ditiro tse di kgaoganyang batho. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo lokwalodikgang lwa kwa Jeremane lwa FOCUS lo ile lwa bua ka madumedi a magolo a lefatshe—Bobuda, Bokeresete, Bo-Confucius, Bohindu, Boiselamo, Bojuda le Bo-Tao—lo a tshwantsha le mosidi wa tlhobolo.

Dikgotlhang mo Teng ga Madumedi

Fa madumedi mangwe a ntse a lwantshana, a mangwe one a na le dikgotlhang mo teng ga one. Ka sekai, bosheng jaana, dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di ile tsa kgaogana ka ntlha ya dikganetsano tse di sa feleng malebana le dithuto tsa motheo. Baruti le batho fela ba ipotsa gore: A go siame go thibela pelegi? Go tweng ka go senya mpa? A basadi ba tshwanetse go tlhomiwa go nna baruti? Kereke e tshwanetse go leba bosodoma ka tsela efe? A bodumedi bo tshwanetse jwa buelela ntwa? Ka ntlha ya go se dumalane mo dikgannyeng tseno, ba le bantsi ba ipotsa gore, ‘Bodumedi bo ka kgona jang go kopanya batho fa bo palelwa ke go kopanya maloko a jone?’

Ga go pelaelo gore bodumedi ka kakaretso bo paletswe ke go kopanya batho. A mme madumedi otlhe a makgaoganyane? A go na le bodumedi jo bo farologaneng le a mangwe ano otlhe—jo bo ka kgonang go kopanya batho?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Mapodise a a neng a gobala fa ditlhopha tsa bodumedi di ne di lwantshana kwa India ka 1947

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho ka Keystone/Getty Images