Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Mothusi wa Rona

Jehofa ke Mothusi wa Rona

 Jehofa ke Mothusi wa Rona

“Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe.”—Pesalema 121:2.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore rotlhe re a tle re tlhoke thuso? (b) Jehofa ke Mothusi yo o ntseng jang?

KE MANG mo gare ga rona yo o se keng a tlhoka thuso? Boammaaruri ke gore rotlhe re a tle re tlhoke thuso—e ka tswa e le ya go lebana le bothata jo bo masisi, go itshokela botlhoko jwa go swelwa ke mongwe kgotsa go lebana le teko e e thata. Fa motho a tlhoka thuso, gantsi o e kopa mo tsaleng e e lorato. Go bolelela tsala e e ntseng jalo bothata jwa gago go ka nna ga dira gore o kgone go bo itshokela botoka. Mme motho yo mongwe a ka go thusa ka selekanyo se se rileng fela. Mo godimo ga moo, ga se ka dinako tsotlhe ba bangwe ba ka kgonang go go thusa fa o tlhoka thuso.

2 Le fa go ntse jalo, go na le Mothusi yo o nang le maatla le bokgoni jo bo sa feleng. E bile o re tlhomamisetsa gore le ka motlha a ka se re latlhe. Ke ene yo o neng a tlhalosiwa ke mopesalema fa a ne a bolela jaana a tlhomamisegile ka botlalo: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.” (Pesalema 121:2) Ke ka ntlha yang fa mopesalema yono a ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ne a tla mo thusa? Go araba potso eo, a re sekasekeng Pesalema 121. Fa re dira jalo re tla kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa le rona re ka leba kwa go Jehofa re tlhomamisegile gore ke ene Mothusi wa rona.

Motswedi O o Sa Felelweng wa Thuso

3. Mopesalema o ka tswa a ile a tsholeletsa matlho a gagwe kwa dithabeng dife, mme ka ntlha yang?

3 Mopesalema o ne a simolola jaana a bontsha gore lebaka la go bo Jehofa e le Mmopi ke lone le dirang gore a tlhomamisege: “Ke tla tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng. Thuso ya me e tla tswa kae? Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe.” (Pesalema 121:1, 2) Mopesalema ga a ka a tsholeletsa matlho a gagwe kwa thabeng nngwe le nngwe fela. Fa mafoko ano a ne a kwalwa, tempele ya ga Jehofa e ne e le kwa Jerusalema. Motse oo, o o neng o le kwa godimo kwa dithabeng tsa Juda, e ne e le lefelo la ga Jehofa la bonno la tshwantshetso. (Pesalema 135:21) Mopesalema a ka tswa a ile a tsholeletsa matlho a gagwe kwa dithabeng tsa Jerusalema tse tempele ya ga Jehofa e neng e agilwe mo go tsone, a kopa thuso ya ga Jehofa a tlhomamisegile gore o tla mo thusa. Ke ka ntlha yang fa mopesalema a ne a tlhomamisegile jaana gore Jehofa o ne a ka mo thusa? Ka gonne Jehofa ke ene “Modiri wa legodimo le lefatshe.” Totatota, mopesalema o ne a re, ‘Ruri ga go na sepe se se ka thibelang Mmopi yo o maatlaotlhe go nthusa!’—Isaia 40:26.

4. Mopesalema o ne a bontsha jang gore Jehofa o nna a etse tlhoko dilo tse batho ba gagwe ba di tlhokang, mme ke ka ntlha yang fa seo se gomotsa?

4 Go tswa foo mopesalema o ne a tlhalosa gore  Jehofa o nna a etse tlhoko gore batlhanka ba gagwe ba tlhoka eng: “Ruri ga a ka ke a letlelela lonao lwa gago gore lo reketle. Ene Yo o go disang ruri ga a ka ke a otsela. Bona! Ga a kitla a otsela le fa e le go robala, yo o disitseng Iseraele.” (Pesalema 121:3, 4) Modimo a ka se letle batho ba ba mo ikanyang gore ba “reketle” kgotsa ba we mo ba ka se kang ba tsoga. (Diane 24:16) Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o tshwana le modisa yo o disitseng dinku tsa gagwe a ntshitse matlho dinameng. A seo ga se gomotse? Le ka motlha a ka se itlhokomolose dilo tse batho ba gagwe ba di tlhokang. O nna a ba disitse bosigo le motshegare.

5. Ke ka ntlha yang fa go twe Jehofa o kafa ‘seatleng sa moja’?

5 Mopesalema o ne a kwala jaana a tlhomamisegile gore Jehofa ke Mosireletsi yo o ikanyegang wa batho ba gagwe: “Jehofa o go disitse. Jehofa ke moriti wa gago mo seatleng sa gago sa moja. Motshegare letsatsi ga le kitla le go itaya, le fa e le ngwedi bosigo.” (Pesalema 121:5, 6) Fa motho a tsamaya ka maoto kwa Botlhabagare, a ka itumelela lefelo le le nang le moriti gore o mo sireletse mo letsatsing le le bogale. Jehofa o tshwana le moriti mo bathong ba gagwe, o ba sireletsa mo mogoteng o o babolang wa masetlapelo. Ela tlhoko gore gatwe Jehofa o ‘mo seatleng sa moja.’ Mo dintweng tsa bogologolo, seatla sa moja sa lesole se ne se sa sirelediwe go le kalo ke thebe ka gonne e ne e tshwarwa ka seatla sa molema. Tsala e e ikanyegang e ne e ka sireletsa letlhakore la moja la lesole ka go ema e bo e lwa kafa mojeng wa lone. Fela jaaka tsala e e ntseng jalo, Jehofa o ema fa thoko ga baobamedi ba gagwe ka boikanyegi, a nna a iketleeditse go ba thusa.

6, 7. (a) Mopesalema o re tlhomamisetsa jang gore le ka motlha Jehofa a ka se tlogele go thusa batho ba gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega jaaka mopesalema?

6 A Jehofa o tla tsamaya a tlogela go thusa batho ba gagwe? Legoka! Mopesalema o ne a konela jaana: “Jehofa o tla go disa mo masetlapelong otlhe. O tla disa moya wa gago. Jehofa o tla disa go tswa ga gago le go tsena ga gago go tloga jaanong go ya pele le go ya bosakhutleng.” (Pesalema 121:7, 8) Ela tlhoko gore fano mokwadi ga a tlhole a bua ka nako ya gone jaanong, mme o bua ka isagwe. Pelenyana, mo temaneng ya 5, mopesalema o ne a re: “Jehofa o go disitse.” Mme mo ditemaneng tseno, mopesalema o ne a kwala jaana: “Jehofa o tla go disa.” Ka jalo baobamedi ba boammaaruri ba tlhomamisediwa gore Jehofa o tla tswelela pele a ba thusa le mo isagweng. Go sa kgathalesege gore ba ya kae, kgotsa ba lebana le masetlapelo afe, Jehofa o tla nna a le gaufi gore a ba thuse.—Diane 12:21.

7 Ee ruri, mokwadi wa Pesalema 121 o ne a tlhomamisegile gore Mmopi yo o maatlaotlhe o tlhokomela batlhanka ba gagwe ka bonolo jaaka modisa yo o lorato e bile o ba tlhokomela ka tlhagafalo jaaka modisa yo o ntshitseng matlho dinameng. Re na le mabaka a a utlwalang a go tlhomamisega jaaka mopesalema, ka gonne Jehofa ga a fetoge. (Malaki 3:6) A seno se kaya gore re tla nna re sireleditswe mo mmeleng ka dinako tsotlhe? Nnyaa, mme fa fela re mo tsaya e le Mothusi wa rona, o tla re sireletsa mo dilong tsotlhe tse di ka tsenyang bomoya jwa rona mo kotsing. Go a utlwala go botsa jaana, ‘Jehofa o re thusa jang?’ A re sekasekeng ditsela tse nnè tse a dirang jalo ka tsone. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka kafa a neng a thusa batlhanka ba gagwe ka teng mo metlheng ya Baebele. Mme mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka kafa a thusang batho ba gagwe ka teng gompieno.

Thuso ya Baengele

8. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo baengele ba kgatlhegela thata gore dilo di tsamaele batlhanka ba Modimo ba ba mo lefatsheng sentle?

8 Jehofa o na le dimilionemilione tsa baengele ba a ba laolang. (Daniele 7:9, 10) Barwa bano ba semoya ba dira thato ya gagwe ka boikanyegi. (Pesalema 103:20) Ba itse sentle gore Jehofa o rata baobamedi ba gagwe ka lorato lo logolo e bile o batla go ba thusa. Ga go gakgamatse go bo baengele ba kgatlhegela thata gore dilo di tsamaele batlhanka ba Modimo ba ba mo lefatsheng sentle. (Luke 15:10) Kwantle ga pelaelo he, baengele ba tshwanetse ba bo ba itumelela gore Jehofa o ba dirisa go thusa batho. Jehofa o ne a dirisa baengele jang go thusa batlhanka ba gagwe mo metlheng ya bogologolo?

9. Naya sekai sa kafa Modimo a neng a fa baengele maatla ka teng go sireletsa batho ba ba ikanyegang.

9 Modimo o ne a neile baengele maatla a go sireletsa  le go golola batho ba ba ikanyegang. Baengele ba le babedi ba ne ba thusa Lote le barwadie go falola fa go ne go senngwa Sodoma le Gomora. (Genesise 19:1, 15-17) Lesole le le lengwe le ne la bolaya masole a Baasiria a le 185 000 a a neng a tshosetsa Jerusalema. (2 Dikgosi 19:35) Fa Daniele a ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau, Jehofa o ne a “romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau.” (Daniele 6:21, 22) Moengele mongwe o ne a golola moaposetoloi Petere mo kgolegelong. (Ditiro 12:6-11) Baebele e umaka dikai tse dingwe tse dintsi tsa kafa baengele ba ileng ba sireletsa batho ka teng, go tlhomamisa se se buiwang ke Pesalema 34:7 fa e re: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.”

10. Jehofa o ne a dirisa moengele jang go kgothatsa moporofeti Daniele?

10 Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ne a dirisa baengele go kgothatsa le go nonotsha batho ba ba ikanyegang. Go na le sekai se se amang maikutlo mo go Daniele kgaolo 10. Ka nako eo, gongwe Daniele o ne a tla tloga a digela dingwaga tse 100. Moporofeti yono o ne a kgobegile marapo thata, mme go bonala seo se ne se bakwa ke seemo se se swafetseng sa Jerusalema le go bo tiro ya go aga tempele sesha e ne e diega. Gape o ne a tshwenyega fa a sena go bona ponatshegelo e e tshosang. (Daniele 10:2, 3, 8) Modimo ka lorato o ne a roma moengele gore a ye go mo kgothatsa. Ka makgetlho a le mmalwa, moengele o ne a gopotsa Daniele gore o ne a ‘ratega thata’ mo matlhong a Modimo. Seo se ne sa felela ka eng? Moporofeti yono yo o godileng o ne a raya moengele a re: “O nnonotshitse.”—Daniele 10:11, 19.

11. Sekai sengwe sa kafa baengele ba neng ba dirisiwa ka teng go kaela tiro ya go rera dikgang tse di molemo ke sefe?

11 Gape Jehofa o ne a dirisa baengele go kaela tiro ya go rera dikgang tse di molemo. Moengele o ne a kaela Filipo go ya go rerela moopafadiwa wa Moethiopia kaga Keresete, mme morago ga foo moopafadiwa yono a kolobediwa. (Ditiro 8:26, 27, 36, 38) Nakwana moragonyana, Modimo o ne a batla gore Baditšhaba ba ba sa rupang ba rerelwe dikgang tse di molemo. Moengele o ne a tla ka ponatshegelo mo go Korenelio, Moditšhaba yo o boifang Modimo, mme a mo kaela gore a rome mongwe a bitse moaposetoloi Petere. Fa barongwa ba ba tswang kwa go Korenelio ba bona Petere, ba ne ba re: “Moengele yo o boitshepo o ne a [naya Korenelio] ditao tsa bomodimo gore a rome gore o bidiwe o tle kwa ntlong ya gagwe gore a utlwe dilo tse o di buang.” Petere o ne a ya kwa go Korenelio mme ka jalo Moditšhaba wa ntlha yo o sa rupang a tsena mo phuthegong ya Bokeresete. (Ditiro 10:22, 44-48) Akanya fela gore o ne o ka ikutlwa jang fa o itse gore moengele o ne a go thusitse gore o kopane le motho yo o nang le tshekamelo e e siameng!

Thuso ya Moya o o Boitshepo

12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore moya o o boitshepo o ne o ka ba thusa? (b) Moya o o boitshepo o ne wa naya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga maatla ka tsela efe?

12 Nakwana fela pele Jesu a swa, o ne a tlhomamisetsa baaposetoloi ba gagwe gore ba ne ba tla nna le mothusi. Rara o ne a tla ba naya “mothusi, e leng moya o o boitshepo.” (Johane 14:26) Baaposetoloi ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore moya o o boitshepo o ne o ka ba thusa. Aitsane, Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di tletse ka dikai tsa kafa Jehofa a neng a thusa batho ba gagwe ka teng a dirisa moya o o boitshepo, maatla a magolo go gaisa otlhe a a leng teng.

13 Ka makgetlho a le mantsi, moya o o boitshepo o ne o dirisiwa go fa batho maatla a gore ba dire thato ya ga Jehofa. Moya o o boitshepo o ne wa fa Baatlhodi maatla a gore ba golole Baiseraele. (Baatlhodi 3:9, 10; 6:34) One moya oo o ne wa fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga maatla a gore ba tswelele ba rera ka bopelokgale le fa ba ka ganediwa ka mokgwa ope fela. (Ditiro 1:8; 4:31) Tsela e ba neng ba atlega ka yone mo bodireding e ne e naya bosupi jo bo phepafetseng jwa gore moya o o boitshepo o a dira. Fa go ne go sa nna jalo, batho “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela” ba ne ba ka kgona jang go anamisa molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe la nako eo?—Ditiro 4:13; Bakolosa 1:23.

14. Jehofa o dirisitse moya wa gagwe o o boitshepo jang go naya batho ba gagwe lesedi?

14 Gape Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go naya batho ba gagwe lesedi. Ka thuso ya moya wa Modimo, Josefa o ne a kgona go  tlhalosa ditoro tsa ga Faro tsa boporofeti. (Genesise 41:16, 38, 39) Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go dira gore maikaelelo a gagwe a senolelwe batho ba ba ikokobeditseng mme a fitlhelwe ba ba ikgogomosang. (Mathaio 11:25) Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana malebana le dilo tse Jehofa a di nayang “ba ba mo ratang”: “Modimo o di senoletse rona ka moya wa gagwe.” (1 Bakorintha 2:7-10) Motho a ka tlhaloganya thato ya Modimo sentle ka thuso ya moya o o boitshepo fela.

Thuso ya Lefoko la Modimo

15, 16. Joshua o ne a tewa gatwe a direng gore a tle a dire ka botlhale?

15 Lefoko la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng le “tswela mosola mo go ruteng,” e bile le dira gore batlhanka ba Modimo ba “tshwanelege ka botlalo, [ba] tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Baebele e na le dikai di le dintsi tsa kafa batho ba Modimo mo metlheng ya bogologolo ba ileng ba thusiwa ka teng ke dikarolo tsa Lefoko la gagwe tse di neng di setse di kwadilwe.

16 Dikwalo di ne tsa thusa go naya baobamedi ba Modimo kaelo e e mosola. Fa Joshua a ne a newa boikarabelo jwa go etelela Baiseraele pele, o ne a tewa gatwe: “Buka eno ya molao [e e neng e kwadilwe ke Moshe] e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.” Ela tlhoko gore Modimo o ne a sa solofetse Joshua gore o tla mo tsenya botlhale ka kgakgamatso. Go na le moo, fa Joshua a ne a ka bala a bo a tlhatlhanya ka ‘buka ya molao,’ o ne a tla dira ka botlhale.—Joshua 1:8; Pesalema 1:1-3.

17. Daniele mmogo le Kgosi Josia ba ne ba thusiwa jang ke dikarolo tsa Dikwalo tse ba neng ba na le tsone?

17 Gape Lefoko la Modimo le le kwadilweng le thusitse go senola thato ya gagwe le boikaelelo jwa gagwe. Ka sekai, Daniele o ne a kgona go lemoga go tswa mo mekwalong ya ga Jeremia gore Jerusalema e ne e tla nna e swafetse ka lobaka lo lo kae. (Jeremia 25:11; Daniele 9:2) Akanya gape ka se se neng sa diragala ka nako ya fa go busa Kgosi Josia wa Juda. Ka nako eo, setšhaba se ne se katogetse kgakala le Jehofa, mme go bonala sentle gore dikgosi di ne di sa ikwalela sekaelo sa Molao le go o latela. (Duteronome 17:18-20) Mme fa tempele e ntse e baakanngwa, go ne ga fitlhelwa “buka ya molao,” e e ka tswang e kwadilwe ke Moshe ka boene. Eno e ka tswa e ne e le yone ya ntlha ntlha e e neng e weditswe dingwaga di ka nna 800 pele ga moo. Fa Josia a sena go utlwa e balwa, o ne a lemoga kafa setšhaba se neng se katogetse kgakala ka gone le thato ya ga Jehofa mme kgosi eno e ne ya tsaya kgato e e gagametseng go dira se se kwadilweng mo bukeng eno. (2 Dikgosi 22:8; 23:1-7) A seno ga se bontshe sentle gore batho ba Modimo ba metlha ya bogologolo ba ne ba thusiwa ke dikarolo tsa Dikwalo tse di Boitshepo tse ba neng ba na le tsone?

Thuso ya Badumedimmogo

18. Ke ka ntlha yang fa re ka re nako le nako fa moobamedi mongwe wa boammaaruri a thusa yo mongwe, tota go a bo go thusa Jehofa?

18 Gantsi thuso e Jehofa a e nayang e tla ka badumedi ka rona. Nako le nako fa modumedi mongwe wa boammaaruri a thusa yo mongwe, tota Modimo e a bo e le ene a thusang. Ke ka ntlha yang fa re ka rialo? Ke ka ntlha ya mabaka a mabedi. Sa ntlha, moya o o boitshepo wa Modimo o na le seabe. Moya oo o tlhagisa maungo, a a akaretsang lorato le molemo, mo bathong ba ba batlang go tlhotlhelediwa ke one. (Bagalatia 5:22, 23) Ka gone, fa mongwe wa batlhanka ba Modimo a tlhotlheletsega go thusa yo mongwe, seno ke bosupi jwa gore moya wa ga Jehofa o a dira. Sa bobedi, re dirilwe mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:26) Seno se raya gore re kgona go bontsha dinonofo tsa gagwe, go akaretsa bopelonomi  jwa gagwe le bopelotlhomogi jwa gagwe. Ka jalo nako le nako fa motlhanka mongwe wa ga Jehofa a thusa yo mongwe, tota Motswedi wa thuso eo e a bo e le Ene yo batho ba bontshang gore ba bopilwe mo setshwanong sa gagwe.

19. Go ya ka pego e e mo Baebeleng, Jehofa o ne a thusa batlhanka ba gagwe jang a dirisa baobamedi ka bone?

19 Mo metlheng ya Baebele, Jehofa o ne a thusa batlhanka ba gagwe jang a dirisa baobamedi ka bone? Gantsi Jehofa o ne a dira gore mongwe wa batlhanka ba gagwe a neye mongwe ka ene kgakololo, jaaka fa Jeremia a ne a naya Baruke kgakololo e e bolokang botshelo. (Jeremia 45:1-5) Ka dinako tse dingwe, baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tlhotlheletsega go thusa baobamedi ka bone ka dithoto, jaaka fa Bakeresete ba kwa Makedonia le Akaia ba ne ba bontsha go tlhoafalela go thusa bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang kwa Jerusalema. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore bopelotshweu jono bo ne bo baka “pontsho ya go leboga Modimo.”—2 Bakorintha 9:11.

20, 21. Bakaulengwe ba kwa Roma ba ne ba nonotsha moaposetoloi Paulo mo maemong afe?

20 Dipego tse di amang maikutlo thata ke tsa kafa batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba dira maiteko ka teng go nonotshana le go kgothatsana. Akanya ka sekai sengwe se se amang moaposetoloi Paulo. Fa Paulo a ya kwa Roma e le legolegwa, o ne a tsamaya mo tseleng e kgolo ya Roma e e bidiwang Appian Way. Karolo ya bofelo ya mosepele ono e ne e se monate le eseng, ka gonne e ne e dira gore batho ba tsamaye mo lefelong le le kwa tlase le le ditsobotla. * Bakaulengwe mo phuthegong ya kwa Roma ba ne ba itse gore Paulo o etla. Ba ne ba tla dirang? A ba ne ba tla leta ba iketlile mo magaeng a bone kwa motseng go fitlha Paulo a goroga e bo e le gone ba tlang go mo dumedisa?

21 Mokwadi wa Baebele e bong Luke, yo o neng a tsamaya le Paulo mo mosepeleng ono, o re bolelela se se neng sa diragala: “Go tswa koo [kwa Roma] bakaulengwe, e rile ba utlwa dikgang kaga  rona, ba tla go re kgatlhantsha kwa Marekisetsong a Apio le Matlomararo a Boitapolosetso.” A o kgona go bona seno ka leitlho la mogopolo? E re ka ba ne ba itse gore Paulo o etla, setlhopha sa bakaulengwe ba ba tswang kwa Roma se ne sa ya go mo kgatlhantsha. Bangwe ba bone ba ne ba mo emetse kwa Marekisetsong a Apio, lefelo le le itsegeng thata la go ikhutsa le le dikilometara di ka nna 74 ka kwa ntle ga Roma. Mme ba bangwe botlhe ba ne ba letile kwa Matlomararo a Boitapolosetso, lefelo la boikhutso le le dikilometara di ka nna 58 ka kwantle ga motse. Paulo o ne a amega jang? Luke o bega jaana: “Ya re Paulo a tshogana ka a ba bona, a leboga Modimo mme a kgothala.” (Ditiro 28:15) Akanya fela—bakaulengwe bano ba ne ba dirile maiteko a magolo gore ba tseye loeto lo loleele jalo mme e ne ya re fela fa Paulo a ba bona a nonofa a bo a gomotsega! Mme Paulo o ne a leboga mang ka ntlha ya thuso eno? O ne a leboga ene yo o neng a mo thusitse, Jehofa Modimo.

22. Temana ya rona ya ngwaga ya 2005 ya reng, mme go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

22 Ee, pego e e tlhotlheleditsweng ya ditirisano tsa Modimo le batho e bontsha gore o a thusa tota. Ke Mothusi yo o sa tshwaneng le ope. Ka gone, temana ya ngwaga ya 2005 ya Basupi ba ga Jehofa e tla bo e le Pesalema 121:2: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.” Mme Jehofa o re thusa jang gompieno? Kgang eno e tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Mmoki wa Moroma e bong Horace (65—8 B.C.E.), yo o kileng a tsamaya ka yone tsela eo, o ne a akgela kafa go neng go se monate ka teng go tsamaya mo karolong eno ya tsela. Horace o ne a tlhalosa Marekisetso a Apio a re “a tletse ka boramekoro le beng ba matlo a boitapoloso ba ba sonaga.” Gape o ne a ngongorega ka “mentsana le digwagwa tse di hutsegileng” le metsi “a a bosula.”

A o A Gakologelwa?

Jehofa o ne a thusa batlhanka ba gagwe jang a dirisa—

• baengele?

• moya wa gagwe o o boitshepo?

• Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng?

• baobamedi ka bone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Temana ya ngwaga ya 2005 e tla bo e re: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”—Pesalema 121:2.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Paulo o ne a leboga Modimo ka ntlha ya thuso e a neng a e newa ke bakaulengwe ba kwa Roma