Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bontshanang Lorato Lwa Bopelonomi”

“Bontshanang Lorato Lwa Bopelonomi”

 “Bontshanang Lorato Lwa Bopelonomi”

“Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi.”—BAROMA 12:10.

1, 2. Ke kamano e e ntseng jang e morongwa mongwe le Paulo ba neng ba na le yone le bakaulengwe ba bone?

MO DINGWAGENG tsotlhe di le 43 tse Don a di feditseng e le morongwa kwa Botlhaba jo bo Kgakala, o ne a itsiwe ka go rata ga gagwe batho ba a neng a ba thusa. Fa jaanong a ne a lwalela la go swa, bangwe ba batho ba a neng a kile a bo a ithuta le bone ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le diketekete ba ya go ema fa thoko ga bolao jwa gagwe go ya go mo raya ba re, “Kamsahamnida, kamsahamnida!”—“Ke a leboga, ke a leboga!” ka Sekorea. Tsela e Don a neng a ba rata ka yone e ne e ba amile dipelo.

2 Don ga se ene fela yo o neng a bontsha lorato ka tsela eno. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo le ene o ne a rata bakaulengwe ba gagwe ka lorato lo logolo. Paulo o ne a dira sengwe le sengwe se a neng a ka se kgona gore a ba bontshe lorato. Le mororo e ne e le motho yo o neng a tle a bue ka go gatelela, o ne gape a le bonolo e bile a amega ka ba bangwe, “jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.” O ne a kwalela phuthego e e kwa Thesalonika, a re: “E re ka re lo rata ka lorato lwa bopelonomi, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lo ratega mo go rona.” (1 Bathesalonika 2:7, 8) Moragonyana fa Paulo a ne a bolelela bakaulengwe ba gagwe ba kwa Efeso gore ba ne ba se kitla ba tlhola ba mmona gape, “go ne ga tsoga selelo se segolo thata mo gare ga bone botlhe, mme ba wela mo molaleng wa ga Paulo ba bo ba mo atla ka lorato.” (Ditiro 20:25, 37) Eleruri, kamano e Paulo a neng a na le yone le bakaulengwe ba gagwe e ne e se fela ka gonne ba le mo bodumeding jo bo tshwanang. Ba ne ba ratana ka lorato lwa bopelonomi.

 Mefuta e e Farologaneng ya Lorato

3. Baebele e dirisa mafoko afe a mangwe a a amanang le lorato?

3 Mo Dikwalong, bopelonomi, go utlwela ba bangwe botlhoko le bopelotlhomogi, tsotlhe di amana thata le nonofo e kgolo e Bakeresete ba nang le yone—lorato. (1 Bathesalonika 2:8; 2 Petere 1:7) Fela jaaka go ntse ka dikarolo tse di farologaneng tse dintle tse teemane e nang le tsone, dinonofo tseno tsotlhe tsa bomodimo di dirisana mmogo go tlhagisa matswela a a molemo. Ga di dire fela gore Bakeresete ba atamalane mme gape di dira gore ba atamalane gaufi le Rraabone wa selegodimo. Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a ileng a kgothatsa badumedi ka ene a re: “A lorato lwa lona lo nne lo lo se nang boitimokanyo. . . . Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi.”—Baroma 12:9, 10.

4. Ke eng se se kaiwang ke “lorato lwa bopelonomi”?

4 Lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng fa a bua ka “lorato lwa bopelonomi” le na le dikarolo tse pedi, e nngwe e raya botsalano mme e nngwe yone e raya lorato lwa tlholego. Jaaka fa mokanoki mongwe wa Baebele a tlhalosa, seno se bolela gore Bakeresete “ba tshwanetse go lejwa e le lelapa le le ineetseng la batho ba ba ratanang, ba ba seoposengwe e bile e le la batho ba ba tshegetsanang.” A o ikutlwa jalo ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete? Go tshwanetse ga rena lorato—moya wa go ikutlwa lo le bana ba motho—mo phuthegong ya Bokeresete. (Bagalatia 6:10) Ka ntlha ya moo, The New Testament in Modern English, e e kwadilweng ke J. B. Phillips, e ranola Baroma 12:10 ka go re: “A re rataneng ka lorato lo logolo jaaka go ntse ka bana ba motho.” Mme The Jerusalem Bible yone e balega jaana: “Ratanang ka tsela e bana ba motho ba tshwanetseng go ratana ka yone.” Ee, Bakeresete ga ba ratane fela ka go bo e le selo se ba patelesegang go se dira. Re tshwanetse gore re “nne le lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo” mme re ‘ratane ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.’—1 Petere 1:22.

‘Go Rutwa ke Modimo Gore re Ratane’

5, 6. (a) Jehofa o ile a dirisa jang dikopano tsa ditšhabatšhaba go ruta batho ba gagwe lorato lwa Bokeresete? (b) Sebofo se se kitlanyang sa lorato fa gare ga bakaulengwe se nonofa jang fa nako e ntse e tsamaya?

5 Le mororo “lorato lwa ba le bantsi” lo tsidifala mo lefatsheng leno, Jehofa o ruta batho ba gagwe ba motlha wa segompieno ‘go ratana.’ (Mathaio 24:12; 1 Bathesalonika 4:9) Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa tsa ditšhabatšhaba di ba naya ditshono tse di kgethegileng tsa go thapisediwa seno. Mo dikopanong tseno, Basupi ba kopana le bakaulengwe ba bone ba ba tswang kwa dinageng tse di kgakala, mme ba le bantsi ba amogela batlakopanong bano ba ba tswang kwa dinageng di sele mo matlong a bone. Mo kopanong nngwe ya bosheng jaana, bangwe ba ne ba tswa kwa dinageng tse kwa go tsone batho ba teng e seng batho ba go leng motlhofo gore ba tsalane le ba bangwe. Mokeresete mongwe yo o neng a thusa ka tsa marobalo o bolela jaana: “Fa batlakopanong bano ba ne ba goroga lekgetlo la ntlha, ba ne ba lebega ba sa phuthologa. Mme e ne ya re fa ba laelana morago ga malatsi a le marataro, ba ne ba tlamparelana e bile ba lela. Ba ne ba ipeletse lorato lwa Bokeresete lo ba ka se kang ba tlhola ba le lebala.” Go amogela bakaulengwe ba rona, go sa kgathalesege gore ke ba setšhaba sefe, go ka dira gore dinonofo tse di molemo tsa bone le tsa rona di bonale sentle.—Baroma 12:13.

6 Go a itumedisa go nna le maitemogelo a a  ntseng jalo kwa dikopanong, mme fa Bakeresete ba direla Jehofa ba le mmogo ka lobakanyana seno se dira gore botsalano jwa bone bo nonofe le go feta. Fa re itse bakaulengwe ba rona sentle, re ka kgona go anaanela dinonofo tse di rategang tsa bone ka botlalo—go ikanyega ga bone, bopelonomi jwa bone, bopelotshweu jwa bone, go akanyetsa ba bangwe ga bone, kutlwelobotlhoko ya bone le go direla ba bangwe dilo ka go tlhoka bopelotshetlha. (Pesalema 15:3-5; Diane 19:22) Mark, yo e neng e le morongwa kwa Afrika Botlhaba o ne a re, “Go dira dilo re le seoposengwe le bakaulengwe ba rona go re kitlanya ka sebofo se se sa kgaogeng.”

7. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re ipelele lorato lwa Bokeresete mo phuthegong?

7 Gore re nne le sebofo se se ntseng jalo le go dira gore se se ka sa kgaoga mo phuthegong, maloko a phuthego a tshwanetse go nna ditsala. Fa re nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, re nonotsha lorato lo re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka lone. Fa re nna teng kwa go tsone, re bo re nna le seabe mo go tsone le go tsalana le bakaulengwe ba rona pele le morago ga tsone, re tla bo re kgothatsana le go tlhotlheletsana “mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Bahebera 10:24, 25) Mogolwane mongwe kwa United States o bolela jaana: “Ke gakologelwa ka boitumelo gore fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana, lelapa la gaetsho le ne gantsi e le lengwe la a bofelo go tswa mo Holong ya Bogosi, re itumelela metlotlo e e botsalano le e e agang ka lobaka lo re neng re ka kgona go dira jalo ka lone.”

A o Tlhoka go “Pitlologa”?

8. (a) Paulo o ne a bolelang fa a ne a kgothaletsa Bakorintha go “pitlologa”? (b) Re ka dirang go godisa lorato mo phuthegong?

8 Gore re kgone go bontsha lorato loo ka botlalo, re ka nna ra tshwanelwa ke go “pitlologa” mo dipelong tsa rona. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bakorintha a re: “Pelo ya rona e pitlologile. Ga lo a pitlagana mo lo se nang sebaka mo go rona.” Paulo o ne a ba kgothaletsa gore le bone ba ‘pitlologe.’ (2 Bakorintha 6:11-13) A le wena o ka “pitlologa” mo loratong lwa gago? Ga o tlhoke go emela ba bangwe gore e nne bone pele ba tlang kwa go wena. Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Baroma a ba kgothaletsa go bontsha lorato lwa bopelonomi, o ne gape a ba gakolola jaana: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Gore o bontshe ba bangwe tlotlo, o ka nna wa dira gore e nne wena pele o simololang ka go ba dumedisa fa o le kwa dipokanong. Gape o ka nna wa ba laletsa gore ba bereke le wena mo bodireding jwa tshimo kgotsa wa baakanyetsa dipokano le bone. Go dira jalo go thusa lorato gore lo gole.

9. Bangwe ba ile ba tsaya dikgato dife go dira gore ba nne ditsala tse dikgolo le Bakeresete ka bone? (Akaretsa dikai dipe fela tsa mo lefelong la gaeno.)

9 Malapa le batho ba bangwe mo phuthegong, ba ka “pitlologa” ka go etelana, gongwe ka go ja mmogo dijo tse di motlhoswana, le go nna le seabe mmogo mo ditirong tse di lapolosang. (Luke 10:42; 14:12-14) Ka dinako tse dingwe, Hakop o rata go rulaganyetsa ditlhopha tse dinnye dipikiniki. O bolela jaana: “Go tla batho ba dingwaga tsotlhe, mmogo le batsadi ba ba se nang balekane ba lenyalo. Mongwe le mongwe o boela gae a itumetse, mme ba ikutlwa e le ditsala tse dikgolo.” Jaaka Bakeresete, ga re a tshwanela go nna badumedi mmogo fela mme gape re nne ditsala tsa boammaaruri.—3 Johane 14.

10. Re ka dirang fa re na le mathata le bakaulengwe ba rona?

10 Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe bosaitekanelang jwa rona bo ka nna jwa dira gore go se ka ga nna motlhofo go bontshana botsala le lorato. Ke eng se re ka se dirang? Sa ntlha, re ka rapelela go nna le botsala jo bo siameng le bakaulengwe ba rona. Thato ya Modimo ke gore batlhanka ba gagwe ba tshedisane mmogo ka kutlwano, mme o tla araba dithapelo tse di ntseng jalo tse di tswang pelong. (1 Johane 4:20, 21; 5:14, 15) Gape, re tshwanetse go dira dilo tumalanong le dithapelo tsa rona. Ric, e bong molebedi mongwe yo o etang wa kwa Afrika  Botlhaba, o gakologelwa mokaulengwe mongwe yo o neng a na le botho jo bo dirang gore go se ka ga nna motlhofo go tshedisana le ene ka kutlwano. Ric o tlhalosa jaana: “Go na le gore ke kekologe mokaulengwe yono, ke ne ka ipolelela gore ke batla go mo itse botokanyana. Ke ne ka fitlhela gore rraagwe e ne e le motho yo o bogale tota. Fa ke sena go tlhaloganya kafa mokaulengwe yono a kgaratlhileng thata ka gone gore a leke go fenya mokgwa ono le kgatelopele e a neng a setse a e dirile, ke ne ka simolola go mo rata. Re ne ra nna ditsala tse dikgolo.”—1 Petere 4:8.

Bulela ba Bangwe Mafatlha a Gago!

11. (a) Go tlhokega eng gore lorato lo gole mo phuthegong? (b) Ke eng fa go itlhaola mo go ba bangwe go ka go gobatsa semoyeng?

11 Gompieno, go na le batho ba le bantsi ba ba tshelang fela ba se na ditsala. A bo seo se hutsafatsa jang ne! Ga go tlhokege gore go nne jalo—e bile ga go a tshwanela ga nna jalo—mo phuthegong ya Bokeresete. Lorato lwa mmatota lwa bokaulengwe ga se go tshwara motlotlonyana fela o o botsalano le go bontshana mekgwa e mentle; e bile ga se go le bontsha ka tsela e go bonang mang le mang gore re a bo re bontsha motho lorato. Go na le moo, re tshwanetse go iketleeletsa go bulela ba bangwe mafatlha a rona, fela jaaka Paulo a ile a dira mo go Bakorintha, mme re bontshe badumedi ka rona gore tota re amega ka bone. Le fa gone e se mongwe le mongwe yo o ratang go nna a na le batho ka metlha, go itlhaola thata mo go ba bangwe go ka go gobatsa. Baebele e tlhagisa jaana: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.”—Diane 18:1.

12. Ke eng fa go buisana ka tsela e e molemo go le botlhokwa thata gore re nne le botsala jo bo atamalaneng thata mo phuthegong?

12 Puisano e e tswang pelong e botlhokwa thata gore re kgone go aga botsala jwa boammaaruri. (Johane 15:15) Rotlhe re tlhoka ditsala tse re ka kgonang go di bulela mafatlha a rona. Mo godimo ga moo, go motlhofo tota gore re kgone go thusana fa re itsane sentle. Fa re bontshana gore mongwe le mongwe wa rona o amega ka yo mongwe ka tsela eno, re godisa lorato mo phuthegong, mme re tla iponela boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu, a a reng: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35; Bafilipi 2:1-4.

13. Ke eng se re ka se dirang go bontsha gore re na le lorato lwa boammaaruri mo bakaulengweng ba rona?

13 Re tshwanetse go bontsha lorato lwa rona e le gore le solegele ba bangwe molemo. (Diane 27:5) Fa lorato lwa rona e le lwa boammaaruri, ga go pelaelo gore seno se tla bonala sentle mo sefatlhegong sa rona e bile se ka nna sa dira gore ba bangwe ba le tsibogele. Monna yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Phatsimo ya matlho e ipedisa pelo.” (Diane 15:30) Ditiro tse di bontshang go akanyetsa le tsone di aga  lorato mo gare ga rona le ba bangwe. Le fa gone go se na motho ope yo o ka rekang lorato lwa boammaaruri, go naya motho mpho nngwe go tswa pelong go ka fitlhelela go le gontsi. Go kwalela mongwe karata, lekwalo le “lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng”—dilo tseno tsotlhe, di ka bontsha gore re bontsha ba bangwe lorato lo logolo. (Diane 25:11; 27:9) Fa re setse re kgonne go tsalana le ba bangwe, re tshwanetse go tlhokomela botsala joo ka go bontsha batho bao lorato lo e seng lwa bopelotshetlha. Re batla gore segolobogolo re thuse ditsala tseo tsa rona ka nako ya fa go na le sengwe se di se tlhokang. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

14. Re ka dirang fa mongwe a lebega a sa amogele lorato lwa rona?

14 Go a utlwala gore re ka se ka ra lebelela gore re nne ditsala tse dikgolo le mongwe le mongwe mo phuthegong. Go tla nna le ba re ikutlwang re atamalane thata le bone go gaisa ba bangwe. Ka jalo fa go lebega mongwe a sa kgone go tsalana le wena ka tsela e o neng o ka rata gore a tsalane le wena ka yone, o se ka wa potlakela go swetsa ka gore go na le sengwe se se phoso ka wena kgotsa ka motho yoo. Gape o se ka wa patelela motho yoo gore a tsalane le wena. Fa o nna botsalano mo mothong yoo go ya bokgakaleng jo a go letlang ka jone, seno se ka nna sa dira gore lo kgone go nna ditsala mo nakong e e tlang.

“Ke go Amogetse”

15. Go bontsha ba bangwe gore o amogela se ba se dirang go ba ama jang, mme go sa dire jalo gone go ba ama jang?

15 Fa Jesu a ne a kolobediwa, o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a ne a utlwa mafoko a a tswang legodimong a re: “Ke go amogetse”! (Mareko 1:11) Mafoko ano a tshwanetse a bo a ile a tlhatswa Jesu pelo le go feta gore Rraagwe o ne a mo rata. (Johane 5:20) Go utlwisa botlhoko go bona gore bangwe ga ba ke ba utlwa mafoko a a tswang mo bathong ba ba ba tlotlang le ba ba ba ratang a a bontshang gore ba a ba amogela. Ann o bolela jaana: “Basha ba le bantsi jaaka nna ga ba na malapa a a leng mo bodumeding jwa Bokeresete jaaka bone. Re nna fela re ntse re tshwaiwa diphoso fa re le kwa gae. Seno se re hutsafatsa tota.” Le fa go ntse jalo, fa ba nna karolo ya phuthego, ba simolola go ipelela dikamano tsa lelapa tsa semoya la batho ba ba nang le kamego e bile e le ba ba tshegetsanang—borre le bommè le bakaulengwe le bokgaitsadi, mo tumelong.—Mareko 10:29, 30; Bagalatia 6:10.

16. Ke eng fa go tshwaya ba bangwe diphoso go se kitla go ba thusa?

16 Mo ditsong dingwe, ke ka sewelo fela batsadi, batho ba ba godileng le barutabana ba itumelelang se basha ba se dirang, ka ba akanya gore go ba akgola go ka ba senya kgotsa ga dira gore ba ikgogomose. Go akanya ka tsela e e ntseng jalo go ka ama le eleng malapa a Bakeresete le phuthego. Mogolo mongwe a ka nna a bua jaana fa a akgela ka puo kgotsa maiteko mangwe a a dirilweng ke mosha: “Ga o a dira maswe go le kalo, o sa ntse o ka dira botoka!” Kgotsa ka tsela nngwe, ba ka nna ba bontsha mosha gore ga ba itumelele se a se dirileng. Ka go dira jalo, bangwe ba akanya gore ba thusa basha go ntsha bokgoni jotlhe jo ba nang le jone. Mme gantsi go bua le bone ka tsela eno ga go ba thuse, e re ka basha ba ka nna ba simolola go ikgogona kgotsa ba ikutlwa gore ga ba ka ke ba kgona go dira se se lebeletsweng mo go bone.

17. Ke eng fa re tshwanetse go batla ditšhono tsa go akgola ba bangwe?

 17 Le fa go ntse jalo, go akgola ba bangwe ga go a tshwanelwa ga dirwa fela fa o tlile go naya motho kgakololo. Go akgola motho go tswa pelong go aga lorato mo lelapeng le mo phuthegong, mme seno se dira gore basha ba kope kgakololo mo bakaulengweng le mo go bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo. Ka jalo, go na le gore re letle setso e nne sone se laolang tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone, a re ‘apareng botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.’ Akgola ba bangwe ka tsela e Jehofa a dirang ka yone.—Baefeso 4:24.

18. (a) Basha, lo tshwanetse go leba jang kgakololo e lo e newang ke bagolo? (b) Ke eng fa bagolo ba le kelotlhoko thata gore ba naya ba bangwe kgakololo jang?

18 Kafa letlhakoreng le lengwe, lona basha, lo se ka lwa akanya gore bagolo ga ba lo rate fa ba lo naya kgakololo. (Moreri 7:9) Ga go a nna jalo! Ba lo naya kgakololo ka gonne ba amega thata ka lona e bile ba lo rata. Go seng jalo, ke eng fa ba ne ba ka itshwenya ka go bua le lona? E re ka bagolo—segolobogolo bagolwane mo phuthegong—ba itse kafa mafoko a ka amang ba bangwe ka gone, gantsi ba ipha nako e ntsi ya go akanya le go rapela pele ba naya mongwe kgakololo, e re ka boikaelelo jwa bone e le fela go dira molemo.—1 Petere 5:5.

“Jehofa o Pelonomi Tota mo go Bontsheng Lorato”

19. Ke eng fa ba ba kileng ba utlwisiwa botlhoko ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba tshegetse?

19 Dilo dingwe tse di re utlwisitseng botlhoko mo nakong e e fetileng di ka nna tsa dira gore bangwe ba akanye gore go bontsha ba bangwe lorato go tla felela fela ka gore ba ikutlwise botlhoko ka bobone. Ba ka nna ba tshwanelwa ke go nna pelokgale le go nna le tumelo e e nonofileng gore ba leke gape go bontsha lorato loo. Mme ga ba a tshwanela go lebala gore Jehofa ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” O re laletsa gore re atamalane le ene. (Ditiro 17:27; Jakobe 4:8) Gape, o a tlhaloganya gore re tshaba go utlwisiwa botlhoko, mme o solofetsa gore o tla re tshegetsa le go re thusa. Mopesalema Dafide o re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

20, 21. (a) Re itse jang gore re ka kgona go nna le botsalano jo bo atamalaneng thata le Jehofa? (b) Ke eng se re tlhokang go se dira gore re nne le botsala jo bo atamalaneng thata le Jehofa?

20 Go tsalana le Jehofa ke botsalano jo bo botlhokwa thata jo re ka nnang le jone. A mme go a kgonega go nna le botsala jo bo ntseng jalo le ene? Ee. Baebele e re senolela kafa banna le basadi ba ba siameng ba neng ba ikutlwa ba atamalane thata ka gone le Rraarona wa selegodimo. Mafoko a a itumedisang a bone a ile a bolokwa a ntse a le teng gore a re thuse go bona gore le rona re ka kgona go atamalana le Jehofa.—Pesalema 23; 34; 139; Johane 16:27; Baroma 15:4.

21 Mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go fitlhelela ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa go tsalana le ene. Dafide o ne a botsa jaana: “Jehofa, ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa gago? Ke yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe.” (Pesalema 15:1, 2; 25:14) Jaaka fa re bona gore go direla Modimo go tlhagisa maungo a a molemo e bile go dira gore re bone kaelo ya gagwe le tshireletso, re tla lemoga gore “Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato.”—Jakobe 5:11.

22. Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba ipelele botsalano jo bo ntseng jang?

22 A bo re le lesego jang ne go bo Jehofa a batla go nna tsala e kgolo ya rona le mororo re sa itekanela! A seno ga se a tshwanela go dira gore re batle go bontshana lorato lwa bopelonomi? Ka thuso ya ga Jehofa, mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go nna le seabe mo go ageng le mo go ipeleleng lorato lwa bopelonomi lo bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba itsiweng ka lone. Fa Bogosi jwa Modimo bo busa, mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla ipelela lorato lono ka bosakhutleng.

A o Ka Tlhalosa?

• Go tshwanetse ga rena moya o o ntseng jang mo phuthegong ya Bokeresete?

• Mongwe le mongwe wa rona a ka nna le seabe jang mo go ageng lorato lwa bopelonomi mo phuthegong?

• Go akgola ba bangwe ka bopelotshweu go godisa jang lorato lwa Bokeresete?

• Lorato lwa bopelonomi lwa ga Jehofa lo re tshegetsa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bakeresete ga ba ratane e le fela ka go bo ba patelesega go dira jalo

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

A o ka “pitlologa” mo loratong lwa gago?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o motho yo o ratang go tshwaya ba bangwe diphoso kgotsa yo o ba kgothatsang?