Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Aparang Diaparo tse di Feletseng Tsa Tlhabano tse di Tswang kwa Modimong”

“Aparang Diaparo tse di Feletseng Tsa Tlhabano tse di Tswang kwa Modimong”

 “Aparang Diaparo tse di Feletseng Tsa Tlhabano tse di Tswang kwa Modimong”

“Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.”—BAEFESO 6:11.

1, 2. Ka mafoko a gago, tlhalosa diaparo tsa ntwa tsa semoya tse Bakeresete ba tshwanetseng go di apara.

ROMA e ne e le mo setlhoeng sa go busa ga yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Go nonofa ga mephato ya sesole sa Roma go ne ga dira gore motse ono o kgone go busa karolo e kgolo ya lefatshe lotlhe le le neng le itsiwe ka nako eo. Mokwadi mongwe wa hisitori o ne a tlhalosa mophato ono wa sesole a re ke “mophato o o atlegileng go e gaisa yotlhe mo hisitoring.” Mophato o o nonofileng ono wa sesole sa Roma e ne e le wa masole a a thapisitsweng ka botlalo, mme go fenya dintwa ga one go ne go ikaegile ka dibetsa tsa ntwa tse ba neng ba di dirisa. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa dibetsa tsa ntwa tsa lesole la Moroma go tshwantshetsa didirisiwa tsa ntwa tsa semoya tse Bakeresete ba tshwanetseng go di dirisa gore ba tle ba atlege mo ntweng ya bone kgatlhanong le Diabolo.

2 Baefeso 6:14-17 e re naya tlhaloso ya diaparo tseno tsa ntwa tsa semoya. Paulo o ne a kwala jaana: “Emang lo nitame . . . lotheka lwa lona lo gatlhilwe ka boammaaruri, mme lo apere seiphemelo sa sehuba sa tshiamo, le dinao tsa lona di rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso. Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone. Gape, amogelang tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.” Fa re leba diaparo tsa ntwa tse Paulo a di tlhalosang fano e le tsa sebele, re lemoga gore di tshwanetse tsa bo di ne di sireletsa lesole la Moroma tota. Gape, lesole le lone le ne le dirisa tšhaka jaaka sebetsa sa konokono fa le lwa le lesole le lengwe.

3. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela ditaelo tsa ga Jesu Keresete le go latela sekao sa gagwe?

3 Mo godimo ga dibetsa tsa bone tsa ntwa le go thapisiwa ga bone, selo se sengwe gape se se neng se dira gore masole a Roma a fenye dintwa tsa one e ne e le go ikobela ga one molaodi wa bone. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba tshwanetse go ikobela Jesu Keresete, yo Baebele e mo tlhalosang e re ke “molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” (Isaia 55:4) Gape, ke “tlhogo ya phuthego.” (Baefeso 5:23) Jesu o re naya ditaelo tsa kafa re tshwanetseng go lwa ntwa ya semoya ka gone le go re tlhomela sekao se se molemolemo sa go apara diaparo tsa rona tsa ntwa. (1 Petere 2:21) E re ka go nna le  botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete go amana thata le diaparo tsa rona tsa ntwa tsa semoya, Dikwalo di re kgothaletsa gore re “itlhomeleng” ka tshekamelo ya mogopolo ya ga Keresete. (1 Petere 4:1) Ka jalo, fa re ntse re sekaseka karolo nngwe le nngwe ya diaparo tsa rona tsa ntwa tsa semoya, re tla dirisa sekao sa ga Jesu go bontsha kafa di leng botlhokwa e bile di leng mosola ka gone.

Go Sireletsa Lotheka, Sehuba le Dinao

4. Tiro ya moitlamo e ne e le eng mo diaparong tsa ntwa tsa lesole, mme o tshwantshetsa eng?

4 Lotheka lo gatlhilwe ka boammaaruri. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, masole a ne a ipofa ka lebanta le le kima la letlalo, kgotsa moitlamo, o o neng o le bophara jwa disentimetara di le 5 go ya go di le 15. Baranodi bangwe ba akantsha gore temana eno e tshwanetse go balega ka go re, “ka boammaaruri jaaka lebanta le le tlamilweng mo lothekeng.” Lebanta le ne le thusa go sireletsa lotheka lwa lesole, gape le ne le dirisediwa go gatlha tšhaka mo go lone. Go itlama lotheka ga lesole go bontsha gore le ne le ipaakanyetsa go ya ntweng. Paulo o ne a dirisa lebanta la lesole go tshwantsha gore boammaaruri jwa Dikwalo bo tshwanetse go ama botshelo jwa rona go ya bokgakaleng jo bo kana kang. Re tshwanetse go itlama ka lebanta leno la tshwantshetso gore re tle re kgone go tshela tumalanong le boammaaruri le gore re kgone go bo femela nako nngwe le nngwe. (Pesalema 43:3; 1 Petere 3:15) Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go ithuta Baebele ka tlhagafalo le go tlhatlhanya ka se re se ithutang. Molao wa Modimo o ne o le ‘mo teng’ ga ga Jesu. (Pesalema 40:8) Fa baganetsi ba gagwe ba ne ba mmotsa dipotso, o ne a kgona go ba araba ka go nopola Dikwalo ka tlhogo.—Mathaio 19:3-6; 22:23-32.

5. Tlhalosa gore kgakololo ya Dikwalo e ka re thusa jang fa re lekwa kgotsa re raelwa.

5 Fa re letla boammaaruri jwa Baebele go re kaela, bo ka re sireletsa gore re se ka ra akanya ka tsela e e phoso le go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Ka dinako tsa fa re raelwa kgotsa re lekwa, kaelo e e tswang mo Baebeleng e tla nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go dira se se siameng. Go tla nna jaaka e kete re bona Motlhatlheledi yo Mogolo wa rona, e bong Jehofa, le go utlwa lentswe kafa morago ga rona le re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.”—Isaia 30:20, 21.

6. Ke eng fa pelo ya rona ya tshwantshetso e tlhoka go sirelediwa, mme tshiamo e ka e sireletsa jang ka tsela e e molemo?

6 Seiphemelo sa sehuba sa tshiamo. Seiphemelo sa lesole sa sehuba se ne se sireletsa pelo, e leng serwe se se botlhokwa thata. Pelo ya rona ya tshwantshetso—motho yo re leng ene mo teng—o tshwanetse go sirelediwa ka tsela e e kgethegileng e re ka a sekametse mo go direng se se sa siamang. (Genesise 8:21) Ka jalo, re tshwanetse go itse ditekanyetso tsa tshiamo tsa ga Jehofa le go di rata. (Pesalema 119:97, 105) Go rata ga rona se se siameng go dira gore re gane tsela e lefatshe le akanyang ka yone ya go itlhokomolosa kgotsa go nyatsa kaelo e e utlwalang sentle ya ga Jehofa. Mo godimo ga moo, fa re rata se se siameng e bile re ila se se bosula, re a bo re tila tsela e e ka senyang matshelo a rona. (Pesalema 119:99-101; Amose 5:15) Jesu o ile a re tlhomela sekao mo ntlheng eno, gonne Dikwalo di bua jaana ka ene: “O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao.”—Bahebera 1:9. *

7. Ke eng fa lesole la Moroma le ne le tshwanetse go rwala ditlhako tse di siameng, mme seno se tshwantshetsa eng?

7 Dinao di rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso. Masole a Roma a ne a tshwanetse go rwala ditlhako tse di thata kgotsa bompaatšhane ba ba sa somogeng, e re ka gantsi fa ba dule letsholo ba ne ba gwanta dikilometara di le 30 letsatsi  lengwe le lengwe ba apere diaparo tsa ntwa kgotsa ba tshotse dibetsa tsa boima jwa dikilogerama di le 27. Paulo o ne a dirisa ditlhako ka tsela e e tshwanetseng fano go tshwantshetsa go iketleeletsa ga rona go rera molaetsa wa Bogosi mo go mongwe le mongwe yo o tla reetsang. Seno se botlhokwa ka gonne batho ba tla itse Jehofa jang fa re sa iketleeletsa go rera?—Baroma 10:13-15.

8. Re ka etsa sekao sa ga Jesu jang sa go nna moreri wa dikgang tse di molemo?

8 Tiro e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe e Jesu a neng a e dira mo botshelong jwa gagwe e ne e le efe? O ne a raya Mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato a re: ‘Ke tlile mo lefatsheng go tla go neela bosupi ka boammaaruri.’ Jesu o ne a rerela mongwe le mongwe yo o neng a reetsa, e bile o ne a rata bodiredi jwa gagwe thata mo e leng gore o ne a bo tsaya bo le botlhokwa go feta dilo tsa mmele tse a neng a di tlhoka. (Johane 4:5-34; 18:37) Fa e le gore jaaka Jesu re iketleeleditse go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, re tla nna le ditshono di le dintsi tsa gore re di bolelele ba bangwe. Mo godimo ga moo, go tshwarega thata mo bodireding go tla dira gore re nne re nonofile semoyeng.—Ditiro 18:5.

Thebe, Tlhoro le Tšhaka

9. Thebe e kgolo e ne e sireletsa lesole la Roma jang?

9 Thebe e kgolo ya tumelo. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re “thebe e kgolo” le raya thebe e e neng e le kgolo thata mo e neng e kgona go sireletsa mmele otlhe. E ne e sireletsa motho gore a se ka a tlhabiwa ke “dibetsa . . . tse di konopiwang tse di fisang” tse go buiwang ka tsone mo go Baefeso 6:16. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, masole a ne a dirisa metswi e e neng e dirilwe ka lotlhaka lo lo se nang sepe mo teng lo lo nang le seelonyana sa tshipi se se neng se tladiwa ka seedi se se fisang. Mokanoki mongwe o tlhalosa metswi eno a re ke “dingwe tsa dibetsa tse di kotsi go gaisa mo dintweng tsa bogologolo.” Fa lesole le ne le se na thebe e kgolo ya go itshireletsa mo dibetseng tse di ntseng jalo tse di konopiwang, le ne le ka gobala mo go maswe kgotsa le eleng go bolawa.

10, 11. (a) Ke ‘dibetsa dife tse di fisang’ tsa ga Satane tse di ka senyang tumelo ya rona? (b) Sekao sa ga Jesu se bontsha jang gore go botlhokwa go nna le tumelo ka dinako tsa fa re lekwa?

 10 Satane o dirisa ‘dibetsa dife tse di konopiwang’ go senya tumelo ya rona? A ka nna a dira gore o bogisiwe kgotsa o ganediwe ke ba lelapa, ke ba o berekang le bone kgotsa ba o tsenang sekolo le bone. Gape bomoya jwa Bakeresete bangwe bo ile jwa tsenngwa mo kotsing ke go eletsa ga bone go nna le dilo tse di oketsegileng tse di bonalang le go raelwa gore ba nne le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang. Gore re itshireletse mo dikotsing tse di ntseng jalo, “mo godimo ga dilo tsotlhe, [re tshwanetse go tsaya] thebe e kgolo ya tumelo.” Re nna le tumelo fa re ithuta ka Jehofa, re buisana le ene ka thapelo ka metlha re bo re lemoga kafa a re sireletsang le go re segofatsa ka teng ka metlha.—Joshua 23:14; Luke 17:5; Baroma 10:17.

11 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le tumelo e e nonofileng mo dinakong tseno tsa mathata. O ne a ikanya ditshwetso tsa ga Rraagwe ka botlalo e bile o ne a itumelela go dira thato ya Modimo. (Mathaio 26:42, 53, 54; Johane 6:38) Tota le fa Jesu a ne a ikutlwa a pitlagane tota mo tshimong ya Gethesemane, o ne a raya Rraagwe a re: “E seng jaaka go rata nna, mme jaaka go rata wena.” (Mathaio 26:39) Le ka motlha, Jesu o ne a se ka a lebala kafa go neng go le botlhokwa ka gone go nna a ikanyegile mo go Rraagwe le go mo itumedisa. (Diane 27:11) Fa re tshepa Jehofa ka tsela e e tshwanang, ga re kitla re letla gore go tshwaiwa diphoso kgotsa go ganediwa go koafatse tumelo ya rona. Go na le moo, tumelo ya rona e tla nonofa fa re ikanya Modimo, fa re bontsha gore re a mo rata le fa re boloka ditaelo tsa gagwe. (Pesalema 19:7-11; 1 Johane 5:3) Go nna le dilo tse di bonalang kgotsa go ijesa monate wa nama o o tsayang nakwana fela ga se sepe fa go bapisiwa le masego a Jehofa a a beetseng ba ba mo ratang.—Diane 10:22.

12. Tlhoro ya tshwantshetso e sireletsa karolo efe ya rona e e botlhokwa, mme ke eng fa tshireletsego e e ntseng jalo e le botlhokwa?

 12 Tlhoro ya poloko. Tlhoro e ne e sireletsa tlhogo le boboko jwa lesole—bobolokelo jwa tshedimosetso yotlhe. Tsholofelo ya rona ya Bokeresete e tshwantshiwa le tlhoro ka gonne e sireletsa mogopolo wa rona. (1 Bathesalonika 5:8) Le mororo re fetotse megopolo ya rona ka kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo, re sa ntse re le batho ba ba bokoa ba ba sa itekanelang. Megopolo ya rona e ka tshwaediwa motlhofo fela. Mekgele e batho ba rotloediwang go e gagamalela mo tsamaisong eno ya dilo e ka re itaya tsebe kgotsa ra eteletsa yone kwa pele mo boemong jwa go baya tsholofelo e re e neilweng ke Modimo kwa pele. (Baroma 7:18; 12:2) Diabolo o ne a se ka a atlega fa a ne a leka go faposa Jesu ka go mo solofetsa gore o tla mo naya “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” (Mathaio 4:8) Jesu o ne a a gana gotlhelele, mme Paulo o ne a bua ka ene a re: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe [Jesu] o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.”—Bahebera 12:2.

13. Re ka dira jang gore re se ka ra felelwa ke tsholofelo e re nang le yone?

13 Ga go a ka ga itlela fela gore Jesu a nne le tsholofelo e a neng a na le yone. Fa re ka tlatsa megopolo ya rona ka mekgele ya tsamaiso eno ya dilo mo boemong jwa go tlhoma megopolo ya rona mo tsholofelong e re nang le yone, tumelo e re nang le yone mo ditsholofetsong tsa Modimo e tla koafala. Fa nako e ntse e tsamaya, go ka nna ga direga gore re felelwe gotlhelele ke tsholofelo eo e re nang le yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re tlhatlhanya ka metlha ka ditsholofetso tsa Modimo, re tla tswelela re itumela mo tsholofelong e re nang le yone.—Baroma 12:12.

14, 15. (a) Tšhaka ya rona ya moya ke eng, mme e ka dirisiwa jang? (b) Tshwantsha kafa tšhaka ya moya e ka re thusang go emelana le dithaelo ka gone.

14 Tšhaka ya moya. Lefoko la Modimo, kgotsa molaetsa o o kwadilweng mo Baebeleng, o tshwana le tšhaka e e magale mabedi e e kgonang go kgemetha dikgopolo tse di phoso tsa bodumedi le go thusa batho ba ba dipelo tse di siameng gore ba gololesege semoyeng. (Johane 8:32; Bahebera 4:12) Gape, tšhaka eno ya moya e ka kgona go re sireletsa fa re tlhaselwa ka dithaelo kgotsa fa batlhanogi ba leka go senya tumelo ya rona. (2 Bakorintha 10:4, 5) A bo re leboga jang ne go bo ‘Dikwalo tsotlhe di tlhotlheleditswe ke Modimo e bile di re tlhomelela ka botlalo gore re kgone go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo’!—2 Timotheo 3:16, 17.

15 Fa Jesu a ne a raelwa ke Satane kwa nageng, o ne a dirisa tšhaka eno ya moya ka matsetseleko go itshireletsa kgatlhanong le dikgopolo tse di phoso le dithaelo tse di boferefere. O ne a araba thaelo nngwe le nngwe ya ga Satane ka go mo raya a re: “Go kwadilwe.” (Mathaio 4:1-11) David, e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Spain, le ene o ne a thusiwa ke Dikwalo go fenya thaelo. Fa a ne a le dingwaga di le 19, mosetsana mongwe yo montle yo a neng a bereka mo khampaning e le nngwe le ene ya go phepafatsa o ne a mo kopa gore “ba tswe mmogo ba ye go ijesa monate.” David o ne a gana mme a kopa mookamedi wa gagwe gore a dire gore ba se ka ba tlhola ba bereka mmogo gore a se ka a lebana le bothata jono gape. David o ne a re: “Ke ne ka gakologelwa sekai sa ga Josefa. O ne a gana go nna le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang mme a tswa a tshaba. Le nna ke dirile fela jalo.”—Genesise 39:10-12.

16. Tlhalosa gore ke eng fa re tshwanetse go ithapisa gore re kgone go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’

16 Jesu le ene o ne a dirisa tšhaka ya moya go thusa ba bangwe gore Satane a se ka a tlhola a kgona  go ba laola. Jesu o ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Re tlhoka go thapisiwa gore re kgone go etsa bokgoni jwa ga Jesu jwa go ruta. Mokwadi mongwe wa hisitori wa Mojuda e bong Josephus o ne a kwala jaana ka masole a Roma: “Lesole lengwe le lengwe le thapisiwa ka mo go tseneletseng letsatsi le letsatsi jaaka e kete ba ne ba le mo ntweng, mme leno ke lone lebaka la go bo ba kgona go itshokela ntwa e e boima motlhofo jaana.” Re tshwanetse go dirisa Baebele mo ntweng ya rona ya semoya. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go ‘dira bojotlhe jwa rona go itlhagisa re amogelwa ke Modimo, re le badiri ba ba se nang sepe se se ka ba tlhabisang ditlhong, re tshwere lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Timotheo 2:15) Mme a bo re kgotsofala jang ne fa re kgona go dirisa Dikwalo go araba dipotso tse motho yo o kgatlhegang a di botsang a batla go itse dikarabo tsa tsone!

Rapela ka Metlha

17, 18. (a) Thapelo e re thusa jang go emelana le Satane? (b) Umaka sekai go tshwantsha kafa thapelo e leng botlhokwa ka gone.

17 Fa Paulo a sena go tlotla ka diaparo tse di feletseng tsa ntwa tsa semoya, o re naya kgakololo e nngwe gape e e botlhokwa. Gore Bakeresete ba kgone go emelana le Satane, ba tshwanetse gore ba dirise “mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo.” Ba dire jalo gantsi go le kana kang? Paulo o ne a kwala a re: “Lo tswelela lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya.” (Baefeso 6:18) Fa re lebane le dithaelo, diteko kgotsa re kgobegile marapo, thapelo e ka re nonotsha fela thata. (Mathaio 26:41) Jesu “o ne a isa mekokotlelo mmogo le dikopo kwa go Ene yo o neng a kgona go mmoloka a mo ntsha mo losong, ka dilelo tse dikgolo le dikeledi, mme o ne a utlwiwa ka kamogelo ka ntlha ya poifo ya gagwe ya bomodimo.”—Bahebera 5:7.

18 Milagros, yo o ileng a oka monna wa gagwe yo o neng a lwala thata dingwaga di le 15 o bolela jaana: “Fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo, ke buisana le Jehofa ka thapelo. Ga go na ope yo o kgonang go nthusa jaaka ene. Ke boammaaruri gore go na le dinako dingwe tse ka tsone ke ikutlwang gore ke a felelwa jaanong. Mme nako le nako fa ke sena go rapela Jehofa, ke ikutlwa ke nonofa gape le go tia mooko.”

19, 20. Ke eng se re se tlhokang gore re kgone go fenya ntwa ya rona kgatlhanong le Satane?

19 Diabolo o a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane, mme o leka ka bojotlhe gore a re fenye. (Tshenolo 12:12, 17) Re tshwanetse go emelana le mmaba yo o maatla yono mme re ‘tlhabane tlhabano e e molemo ya tumelo.’ (1 Timotheo 6:12) Seno se batla gore re nne le maatla a a fetang a a tlwaelegileng. (2 Bakorintha 4:7) Gape, re tlhoka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo mme ka jalo, re tshwanetse gore re o rapelele. Jesu o ne a re: “Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!”—Luke 11:13.

20 Go phepafetse gore go botlhokwa thata gore re apareng diaparo tse di feletseng tsa ntwa tse Jehofa a re nayang tsone. Go apara diaparo tseno tsa ntwa tsa semoya go batla gore re nne le dinonofo tsa bomodimo, tse di jaaka tumelo le tshiamo. Seno se batla gore re rate boammaaruri jaaka e kete re itlamile ka jone, re iketleeletse go rera dikgang tse di molemo ka go dirisa sebaka sengwe le sengwe se se re bulegelang, le gore re nne re akantse ka tsholofelo e re nang le yone. Re tshwanetse go ithuta go nna le bokgoni jwa go dirisa tšhaka ya moya. Fa re apara diaparo tsa semoya tsa ntwa tse di tswang kwa Modimong, re ka kgona go fenya mo ntweng ya rona kgatlhanong le mephato ya meya e e boikepo e bile re ka kgona go tlisetsa leina le le boitshepo la ga Jehofa kgalalelo.—Baroma 8:37-39.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Mo boporofeting jwa ga Isaia, Jehofa ka boene o tlhalosiwa a apere “tshiamo e le moitshomelo . . . wa phemelo.” Ka jalo, o batla gore balebedi ba phuthego ba diragatse tshiamiso le go dira dilo ka tshiamo.—Isaia 59:14, 15, 17.

rona kgatlhanong le Satane?

O ne O ka Araba Jang?

• Ke mang yo o re tlhomelang sekai se se molemo go di gaisa tsotlhe sa go apara diaparo tsa ntwa tsa semoya, mme ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa sekai sa gagwe ka kelotlhoko?

• Re ka sireletsa jang mogopolo wa rona le pelo ya rona ya tshwantshetso?

• Re ka dira jang gore re nne le bokgoni jwa go dirisa tšhaka ya moya?

• Ke eng fa re tshwanetse go rapela ka metlha?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Go ithuta Baebele ka tlhoafalo go ka re tlhotlheletsa go bolela dikgang tse di molemo ka metlha

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Tsholofelo ya rona e e tlhomamisegileng e re thusa go emelana le diteko

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

A o dirisa “tšhaka ya moya” mo bodireding?