Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ba Tloga ka Mokoro ba ya Kupero”

“Ba Tloga ka Mokoro ba ya Kupero”

 “Ba Tloga ka Mokoro ba ya Kupero”

BUKA ya Ditiro e simolola ka mafoko ano fa e bega ka maitemogelo a barongwa ba Bakeresete e bong Paulo, Barenabase le Johane Mareko fa ba ne ba etetse Kupero mo e ka nnang ka 47 C.E. (Ditiro 13:4) Ka nako eo, fela jaaka go ntse le gompieno, Kupero e ne e le lefelo le le botlhokwa mo kgaolong ya botlhaba jwa Mediterranean.

Baroma ba ne ba batla setlhaketlhake seno, mme ba ne ba simolola go se busa ka 58 B.C.E. Pele ga moo, Kupero e ne e na le hisitori e e kgatlhang. E ne e kile ya laolwa ke Bafonekia, Bagerika, Baasiria, Baperesia le Baegepeto. Mo Metlheng ya Bogare e ne ya laolwa ke Balwelatumelo, Ba-Frank le batho ba kwa Venice, mme bone ba latelwa ke Ba-Ottoman. Ka 1914 Boritane e ne ya gapa setlhaketlhake seno mme ya se busa go fitlha se bona boipuso ka 1960.

Gone jaanong madi a mantsi a tsenngwa ke kgwebo ya bojanala, mme mo metlheng ya ga Paulo, Kupero e ne e na le matlotlo a le mantsi a tlhago a Baroma ba neng ba a gapa go humisa Roma. Kopore e ne ya ribololwa fela kwa tshimologong ya hisitori ya setlhaketlhake seno, mme go fopholediwa gore kwa bokhutlong jwa puso ya Baroma, go ne go setse go epilwe ditone di le 250 000 tsa yone. Le fa go ntse jalo, kgwebo eno e ne ya senya karolo e kgolo ya sekgwa se se kitlaneng gore e nne lefelo la go gakolosa kopore. Ka nako ya fa Paulo a fitlha, dikgwa tse dintsi tsa setlhaketlhake seo di ne di sa tlhole di le gone.

 Kupero e Busiwa ke Baroma

Go ya ka Encyclopædia Britannica, Julius Ceasar o ne a naya Egepeto setlhaketlhake seno sa Kupero, mme moragonyana Mark Antony le ene a se naya Egepeto. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa go ne go busa Augustus, setlhaketlhake seno se ne sa boela gape kwa Roma mme—jaaka mokwadi wa buka ya Ditiro e bong Luke a begile—sa busiwa ke molaodi wa kgaolo ya puso, yo o neng a ikarabela ka tlhamalalo kwa Roma. Seregio Paulose e ne e le ene molaodi wa kgaolo fa Paulo a ne a rera koo.—Ditiro 13:7.

Pax Romana, e e leng kagiso ya ditšhabatšhaba e e neng ya tsenngwa mo tirisong ke Baroma, e ne ya dira gore meepo le madirelo a gole kwa Kupero, se se neng sa felela ka gore kgwebo e gole thata. Madi a mangwe a ne a tlisiwa ke mephato ya masole a Roma le bajanala ba sedumedi ba ba neng ba thologela koo go ya go obamela Aphrodite, modingwana yo mogolo wa setlhaketlhake seo. Ka ntlha ya seo, go ne ga agiwa ditsela tse disha, maemakepe le dikago tse di maphatsiphatsi tsa batho botlhe. Segerika se ne sa tswelela e le puo ya semolao, mme batho ba le bantsi ba ne ba obamela Aphrodite, Apollo le Seuse mo godimo ga gore ba obamele le mmusimogolo wa Roma. Batho ba ne ba tshelela mo letlepung e bile ba itumelela botshelo jo bo tlhabologileng thata.

Ano e ne e le maemo a Paulo a neng a kopana le one fa a ne a ralala Kupero a ruta batho kaga Keresete. Le fa go ntse jalo, Bokeresete bo ne jwa tlisiwa mo Kupero pele Paulo a fitlha gone. Pego e e mo go Ditiro e re bolelela gore morago ga loso lwa moswelatumelo wa ntlha wa Mokeresete e bong Setefane, bangwe ba Bakeresete ba pele ba ne ba tshabela kwa Kupero. (Ditiro 11:19) Mopati wa ga Paulo e bong Barenabase e ne e le moagi wa Kupero, mme e re ka a ne a itse setlhaketlhake seno sentle thata, ga go pelaelo gore o ne a kgona go kaela Paulo sentle mo loetong lwa gagwe lwa go rera.—Ditiro 4:36; 13:2.

Go Sekaseka Tsela e Paulo a Neng a e Tsamaya

Go thata go tlhalosa ka botlalo tsela e Paulo a neng a e tsamaya kwa Kupero. Le fa go ntse jalo, baithutamarope ba tlhaloganya sentle thulaganyo e ntle ya ditsela e e neng e le gone ka nako eo ya Baroma. Ka ntlha ya tsela e setlhaketlhake seno se bopegileng ka yone, le e leng ditsela tse dikgolo tsa gompieno tsa koo di sa ntse di le gone mo ditseleng tse barongwa bao ba pele ba neng ba tsamaya mo go tsone.

Paulo, Barenabase le Johane Mareko ba ne ba tsamaya ka sekepe go tswa Seleukia go ya kwa boemakepeng jwa Salamisa. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba ya kwa Salamisa fa motsemoshate le boemakepe jo bogolo bo ne bo le kwa Pafosa? Lebaka le le lengwe ke gore, Salamisa e ne e agilwe mo lotshitshing lo lo kafa botlhaba, e leng dikilometara di le 200 fela go tswa kwa Seleukia. Le fa Pafosa e ne e dirilwe ke Baroma gore e nne yone motsemoshate go na le gore e nne Salamisa, Salamisa e ne ya nna e ntse e le yone boremelelo jwa setso, thuto le kgwebo mo setlhaketlhakeng seno. Salamisa e ne e na le setšhaba se segolo sa Bajuda, mme barongwa ba ne ba simolola “go itsise lefoko la Modimo phatlalatsa mo disinagogeng tsa Bajuda.”—Ditiro 13:5.

Gompieno, se se setseng ka Salamisa ke marope fela. Le fa go ntse jalo, dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope di neela bosupi jwa gore motse  ono o kile wa bo o tlotlega e bile o kile wa bo o humile. Lefelo la marekisetso, koo go neng go dirwa ditiro tse dintsi tsa sepolotiki le tsa sedumedi gone, le itsiwe e le lone lefelo le le ka tswang le le legolo la marekisetso la Roma le le kileng la epololwa mo kgaolong ya Mediterranean. Mo maropeng ano a marekisetso a a neng a agiwa mo nakong ya ga Aguseto Kaesare, go ile ga fitlhelwa boalo jo bo kgabisitsweng bontle ka dithaele tse dintle, dijiminasi, thulaganyo e ntle ya mafelo a go tlhapela, setadiamo le lefelo la metshameko, mabitla le lefelo le legolo la bobogelo le go neng go ka nna batho ba le 15 000 mo go lone! Gaufi le foo go na le marope a tempele e kgolo ya ga Seuse.

Le fa go ntse jalo, Seuse ga a ka a kgona go thibela gore motse ono o se ka wa senngwa ke dithoromo tsa lefatshe. Ka 15 B.C.E., bontsi jwa Salamisa bo ne jwa senngwa ke thoromo ya lefatshe e e maatla, le fa gone moragonyana e ne ya agiwa sesha ke Aguseto. E ne ya agiwa sesha gape fa e sena go senngwa ke thoromo ya lefatshe e nngwe ka 77 C.E. Mo lekgolong la bonè la dingwaga, Salamisa e ne ya senngwa ke dithoromo tsa lefatshe ka go latelana ga tsone, mme ga ya ka ya tlhola e nna motse o o tlotlegang jaaka pele. Mo Metlheng ya Bogare, boemakepe jwa lefelo leno bo ne bo khurumeditswe ke seretse mme bo sa tlhole bo dirisiwa.

Ga go tlhalosiwe gore batho ba Salamisa ba ne ba arabela jang mo tirong ya ga Paulo ya go rera. Mme Paulo o ne a tshwanetse go rerela le metse e mengwe. Fa barongwa ba tloga kwa Salamisa ba ne ba ka kgona go tsaya ditsela tse tharo: e nngwe e le go ya kwa lotshitshing lo lo kafa bokone, ba kgabaganya dithaba tsa Kyrenia; e nngwe e le go ya kwa bophirima ba kgabaganya dipoa tsa Mesaoria ba ralala setlhaketlhake; mme ya boraro e le go ya kwa lotshitshing lo lo kafa borwa.

Go akanngwa gore Paulo o ne a dirisa tsela ya boraro. Tsela eno e ralala kgaolo e e nonneng ya dipolase e e nang le mmu o mohibidu. Dikilometara di ka nna 50 go ela kwa borwabophirima, tsela eno e fitlha mo motseng wa Larnaca, pele ga e tsenelela go ya ntlheng ya bokone mo setlhaketlhakeng.

“Go Ralala Setlhaketlhake Sotlhe”

Ka bonakonyana fela tsela e kgolo e ne ya fitlha mo motseng wa bogologolo wa Ledra. Mo lefelong leno gompieno go agilwe Nicosia, e leng motsemoshate wa gone jaanong. Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore go kile ga nna le motse o o tlotlegang fano. Mme mo teng ga dipota tseno tse di dikologileng motse wa Nicosia tse di agilweng ke batho ba Venice ka lekgolo la bo16 la dingwaga, go na le tselana e e dirisiwang thata e e bidiwang Mmila wa Ledra. Ga re itse gore a Paulo o ne a etela Ledra kgotsa jang. Baebele e re bolelela fela gore ba ne ba tsamaya “go ralala setlhaketlhake sotlhe.” (Ditiro 13:6) Buka ya The Wycliffe Historical Geography of Bible Lands ya re  “gongwe polelwana eno e raya gore ba ka tswa ba ne ba etela metse yotlhe ya Bajuda kwa Kupero.”

Ga go pelaelo gore Paulo o ne a batla go rerela batho ba le bantsi mo go ka kgonegang kwa Kupero. Ka jalo, a ka nna a bo a ile a dirisa tsela e e yang kwa borwa go tswa Ledra a feta ka Amathus le Kourion—metse e mebedi e megolo e e neng e humile e e neng e na le batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng.

Kourion e ne e agilwe mo godimo ga lewatle mo mapaweng a a elang kwa losing kwa tlase. Motse ono o montle wa Bagerika le Baroma o ne wa senngwa ke yone thoromo ya lefatshe e e neng ya senya Salamisa ka 77 C.E. Go na le marope a tempele e e neng e neetswe Apollo e e neng ya agiwa ka 100 C.E. Setadiamo sa teng se ne se kgona go nna le babogedi ba le 6 000. Motho o kgona go bona ka dithaele tse dintle mo bodilong jwa matlo gore batho ba Kourion ba ne ba tshela botshelo jwa manobonobo.

Go ya Kwa Pafosa

Go tswa kwa Kourion, tsela eno e ntle e tswelela go ya ntlheng ya bophirima e ralala kgaolo e go dirwang beine mo go yone, e bo e tlhatloga go fitlha ka tshoganyetso fela, e tswelela pele e le motsopodia e fologela kwa magageng go ela kwa losing lo lo nang le matlapa a a borethe. Go ya ka mainane a Segerika, leno ke lone lefelo le modingwana e bong Aphrodite a neng a tsholelwa mo go lone a tswa mo lewatleng.

Aphrodite e ne e le ene modingwana o o itsegeng thata mo medingwaneng ya Bagerika kwa Kupero mme o ne a obamelwa thata go fitlha ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Pafosa e ne e le lone lefelo le legolo le kobamelo ya ga Aphrodite e neng e direlwa mo go lone. O ne a tlhola a direlwa moletlo o mogolo ka nako ya dikgakologo. Baeti ba sedumedi go tswa kwa Asia Minor, Egepeto, Gerika le go tswa kgakala kwa Peresia ba ne ba ya kwa Pafosa go keteka moletlo ono. Fa Kupero e ne e busiwa ke Bo-Ptolemy, batho ba kwa Kupero ba ne ba ithuta go obamela Bofaro.

Pafosa e ne e le motsemoshate wa Kupero wa Baroma kwa molaodi wa kgaolo ya puso a neng a nna gone, mme go ne go dirwa madi a kopore mo motseng oo. Le yone e ne ya senngwa ke thoromo ya lefatshe ya 15 B.C.E., mme fela jaaka go ile ga diragala ka Salamisa, Aguseto o ne a ntsha madi gore e agiwe sesha gape. Dilo tse di ribolotsweng di bontsha kafa batho ba neng ba humile ka gone kwa Pafosa mo lekgolong la ntlha la dingwaga—mebila e e bulegileng, matlo a a kgabisitsweng bontle, dikolo tsa mmino, dijiminasi le lefelo la bobogelo.

Eno e ne e le yone Pafosa e Paulo, Barenabase le Johane Mareko ba neng ba e etela, mme e ne e le gone koo molaodi wa kgaolo ya puso e bong Seregio Paulose—“monna yo o botlhale”—a neng a “batla ka tlhoafalo go utlwa lefoko la Modimo” gone, le fa a ne a ganediwa botlhoko ke Elimase wa moloi. Molaodi yono wa kgaolo ya puso o ne “a tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya thuto ya ga Jehofa.”—Ditiro 13:6-12.

Fa ba sena go fetsa tiro ya bone ya go rera ka katlego kwa Kupero, barongwa bano ba ne ba tswelela pele ka tiro ya bone kwa Asia Minor. Loeto loo lwa ntlha lwa borongwa lo lo neng lwa tsewa ke Paulo lo ne lo le botlhokwa thata mo go anamiseng Bokeresete jwa boammaaruri. Buka ya St. Paul’s Journeys in the Greek Orient ya re ke “tshimologo ya mmatota ya borongwa jwa Bokeresete le jwa . . . tiro ya borongwa ya ga Paulo.” E tswelela e re: “E re ka Kupero e le fa dikepe di kopanelang teng fa di ya kwa Siria, Asia Minor le Gerika, go a utlwala go bo e le lone lefelo le motho a ka simololang tiro ya gagwe ya borongwa mo go lone.” Mme e ne e le tshimologo fela. Mo e ka nnang makgolo a le 20 a dingwaga moragonyana, tiro ya Bokeresete ya borongwa e sa ntse e tswelela, mme go ka bolelwa go sa belaelwe gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Jehofa di fitlhile “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe” ka tsela ya mmatota.—Ditiro 1:8.

[Dimmapa mo go tsebe 20]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KUPERO

NICOSIA (Ledra)

Salamisa

Pafosa

Kourion

Amathus

Larnaca

DITHABA TSA KYRENIA

DIPOA TSA MESAORIA

DITHABA TSA

TROODOS

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Fa Paulo a ne a le kwa Pafosa, a tletse ka moya o o boitshepo, o ne a foufatsa Elimase wa moloi