Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Complutensian Polyglot—Sedirisiwa se se Botlhokwa sa go Ranola

Complutensian Polyglot—Sedirisiwa se se Botlhokwa sa go Ranola

 Complutensian Polyglot—Sedirisiwa se se Botlhokwa sa go Ranola

MO E ka nnang ka 1455, go ile ga nna le phetogo malebana le go gatisiwa ga Baebele. Johannes Gutenberg o ne a dirisa motšhini o o gatisang go gatisa Baebele ya ntlha go dirisiwa motšhini o mo go one ditlhaka di tsenngwang ka seatla. Kgabagare go anamisiwa ga Dibaebele go ne go sa tlhole go kgorelediwa ke go bo go na le mekwalo e se kae fela ya seatla. Jaanong, Dibaebele di ne di kgona go gatisiwa ka bontsi mme go se na ditshenyegelo tse dintsi. Go ise go ye kae, Baebele e ne e tla nna buka e e anamisiwang thata go gaisa buka epe e sele mo lefatsheng.

Baebele ya ga Gutenberg e ne e le ya Selatine. Mme go ise go ye kae bakanoki ba kwa Yuropa ba ne ba lemoga gore ba tlhoka mokwalo wa dipuo tsa ntlhantlha wa Baebele o ba ka o tshepang—Sehebera le Segerika. Kereke ya Katoliki e ne e tsaya gore kgatiso ya Vulgate ya Selatine ke yone fela kgatiso ya Baebele e e amogelesegang, le fa go ntse jalo, go ne go na le dilo tse pedi tse di neng di baka bothata jo bogolo. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, bontsi jwa batho ba ne ba sa tlhaloganye Selatine. Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse di fetang sekete, mokwalo wa Vulgate o ne wa nna le diphoso tse dintsi tse di dirilweng ke bakwalolodi.

Baranodi le bakanoki ba ne ba tlhoka Baebele ka dipuo tsa ntlhantlha, le ka thanolo ya Selatine e e tokafaditsweng. Ka 1502, mokadinale Jiménez de Cisneros, mogakolodi wa ga Isabella I wa Spain mo go tsa sepolotiki le tsa bodumedi, o ne a swetsa ka gore a ba neye kgatiso e le nngwe fela e ba e tlhokang. Sedirisiwa seno se se botlhokwa se ne sa itsege e le Complutensian Polyglot. Cisneros o ne a ikemiseditse go gatisa Polyglot, kgotsa Baebele ya dipuo tse di farologaneng, e e nang le mokwalo o o botoka go e gaisa yotlhe ka Sehebera, Segerika le Selatine, go akaretsa le dikarolo dingwe tsa Searamaika. Mokgwa wa go gatisa ka tsela eno o ne o sa ntse o le mosha, ka jalo go gatisa Baebele ka mokgwa ono e ne e tlile go nna phitlhelelo e e gakgamatsang mo tirong ya go gatisa.

Cisneros o ne a simolola tiro ya gagwe e e seng kana ka sepe ka go reka mekwalo ya seatla ya bogologolo ya Sehebera, e bontsi jwa yone bo neng bo le gone kwa Spain. O ne a phutha le mekwalo ya seatla e e farologaneng ya Segerika le ya Selatine. Baebele ya Polyglot e ne e tla ranolwa go tswa mo go yone. Cisneros o ne a abela setlhopha sa bakanoki se a neng a se rulagantse kwa Yunibesithing ya Alcalá de Henares e e neng e sa tswa go tlhongwa kwa Spain gore e nne sone se kwalang Baebele eno. Mongwe wa bakanoki yo o neng a kopiwa gore a nne mongwe wa setlhopha seno e ne e le Erasmus wa kwa Rotterdam, mme moitse yono wa dipuo o ne a gana go dira tiro eno.

Bakanoki ba ne ba fetsa dingwaga di le lesome ba dira tiro e kgolo eno ya go kwala mme morago ga moo tiro ya go gatisa ka boyone e ne ya tsaya dingwaga tse dingwe tse nnè. Go ne ga tsoga mathata a le mantsi a setegeniki ka gonne bagatisi ba kwa Spain ba ne ba se na ditlhaka tsa Sehebera, Segerika, kgotsa tsa Searamaika. Ka jalo, Cisneros, o ne a kopa mogatisi mongwe yo mogolo wa Mo-Spain e bong Arnaldo Guillermo Brocario, gore a ba direle ditlhaka tse ba ka di dirisang go gatisa ka dipuo tseno. Kgabagare, bagatisi ba ne ba simolola go gatisa ka 1514. Go ne ga wediwa dibolumo di le thataro ka July 10, 1517, dikgwedi di le nnè fela pele ga loso lwa mokadinale. Go ne ga gatisiwa dikhopi di le makgolo a marataro a Baebele e e feletseng, se se gakgamatsang ke gore seno se ne sa diragala ka nako e Kgotlatshekelo ya Spain e e Kgatlhanong le Bokgelogi e ne e gaketse thata ka yone. *

 Mokgwa o Baebele Eno e Neng e Kwadilwe ka One

Tsebe nngwe le nngwe ya Polyglot e ne e na le tshedimosetso e ntsi. Mo dibolumong tse nnè tse di tsamaisanang le Dikwalo Tsa Sehebera, mokwalo wa kgatiso ya Vulgate o ne o tlhaga mo gare ga tsebe nngwe le nngwe; mme mokwalo wa Sehebera o ne o le mo kholomong e e kwa thoko; mme mokwalo wa Segerika mmogo le thanolo ya Selatine e e kwadilweng fa gare ga mela ya mokwalo wa Segerika tsone di ne di le mo kholomong e e fa gare. Mokwalo o o fa thoko o ne o bontsha kafa mafoko a mantsi a Sehebera a neng a bopilwe ka gone. Mme mo karolong e e kwa tlase ya tsebe nngwe le nngwe e e neng e tsamaisana le Pentateuch, barulaganyi ba ne ba tsenya le Targum of Onkelos (tlhaloso ya Searamaika ya dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele) mmogo le thanolo ya Selatine.

Bolumo ya botlhano ya Polyglot e ne e na le dikholomo tse pedi tse di nang le Dikwalo Tsa Segerika. Nngwe ya dikholomo tseno e ne e na le mokwalo wa Segerika mme e nngwe e ne e na le mokwalo wa Selatine o e neng e le tlhaloso ya wa Selatine o o tswang mo kgatisong ya Vulgate. Go tshwana ga mekwalo mo dipuong tse pedi tseno go ne ga bontshiwa ka ditlhaka tse dinnye tse di neng di bontsha mmadi mafoko a a tshwanang mo kholomong nngwe le nngwe. Mokwalo wa Segerika wa Polyglot e ne e le kgatiso ya ntlha e e feletseng e e neng e weditswe ya Dikwalo Tsa Segerika, kgotsa “Tesetamente e Ntšha,” e e kileng ya gatisiwa, mme ka bonako morago ga foo go ne ga simololwa kgatiso e e kwadilweng ke Erasmus.

Bakanoki ba ne ba le kelotlhoko thata fa ba leba diphoso mo mokwalong wa bolumo ya botlhano mo e leng gore go ne ga bonwa diphoso di le 50 fela. E re ka bakanoki bano ba ne ba le kelotlhoko thata jalo, batshwayadiphoso ba segompieno ba ne ba tsaya gore bolumo eno ke ya maemo a a kwa godimo thata go feta mokwalo o o itsegeng thata wa Segerika wa ga Erasmus. Ditlhaka tse dintle tsa Segerika di ne di tshwana kgo le tsa bogologolo tse di kwadilweng ka seatla. Mo bukeng ya gagwe ya Printing of Greek in the Fifteenth Century, R. Proctor o bolela jaana: “Spain e na le tshiamelo ya go gatisa kgatiso ya yone ya ntlha ya Segerika, e go se nang pelaelo gore ke ditlhaka tsa Segerika tse dintle go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa.”

Bolumo ya borataro ya Polyglot e ne e na le dibuka tse di farologaneng tsa go ithuta Baebele: dikishinare ya Sehebera le ya Searamaika, thanolo ya maina a Segerika, Sehebera le Searamaika, thutapuo ya Sehebera le intekese ya Selatine ya dikishinare. Ga go gakgamatse go bo Complutensian Polyglot e ile ya buiwa bontle phatlalatsa gore ke “sefikantswe sa bokgoni jwa go gatisa le kitso ya Dikwalo.”

Cisneros o ne a batla gore kgatiso eno ya gagwe “e tsosolose mokgwa wa go ithuta dikwalo o o sa tlholeng o latelwa,” le fa go ntse jalo, o ne a sa batle gore mongwe le mongwe a nne le Baebele. O ne a akanya gore “batho ba ba tlwaelegileng fela ba ne ba sa tshwanela go nna le Lefoko la Modimo.” Mme gape o ne a dumela gore “Dikwalo di tshwanetse tsa nna teng fela ka dipuo tse tharo tsa bogologolo tse Modimo a neng a letleletse gore di dirisiwe fa go ne go kwala mafoko a a neng a le mo mokwalong o o neng o le fa godimo ga tlhogo ya Morwawe fa a ne a bapolwa.” * Ka ntlha ya seno, go ne go se na thanolo epe ya Se-Spain mo kgatisong ya Complutensian Polyglot.

Kgatiso ya Vulgate fa e Bapisiwa le Dipuo Tsa Ntlhantlha

Tsela e Polyglot e neng e kwadilwe ka yone e ne ya dira gore bakanoki ba se ka ba utlwana. Mokanoki yo o tumileng wa Mo-Spain e bong Antonio de Nebrija * o ne a fiwa boikarabelo jwa gore a baakanye  mokwalo wa kgatiso ya Vulgate o o neng o tlile go tlhaga mo Baebeleng ya Polyglot. Le fa gone Kereke ya Katoliki e ne e tsaya gore kgatiso ya ga Jerome ya Vulgate ke yone fela kgatiso e e kafa molaong, Nebrija o ne a bona go tshwanela gore a bapise kgatiso eno ya Vulgate le mekwalo ya ntlhantlha ya Sehebera, Searamaika le Segerika. O ne a batla go baakanya diphoso tse go bonalang di ne di tsene mo dikhoping tse di neng di le teng tsa Vulgate.

Go baakanya go sa dumalane ga mekwalo ya kgatiso ya Vulgate le dipuo tsa ntlhantlha, Nebrija o ne a rotloetsa Cisneros jaana: “Tshuba gape dipone tsa rona tse di sa tshubiwang tse pedi tsa bodumedi, e leng dipuo tsa Sehebera le Segerika. Duela batho ba ba ineetseng mo tirong eno.” Mme o ne a akantsha gape jaana: “Nako le nako fa mekwalo ya seatla ya Selatine ya Tesetamente e Ntšha e sa dumalane, re tshwanetse go e bapisa le mekwalo ya seatla ya Segerika. Fa mekwalo ya seatla e e farologaneng ya Selatine e sa dumalane, kgotsa mekwalo ya Selatine e sa dumalane le ya Segerika ya Tesetamente ya Bogologolo, re tshwanetse go sekaseka wa Sehebera o o se nang diphoso go bona gore a o tshwana le one.”

Cisneros o ne a tsibogela jang seo? Mo ketapeleng ya gagwe ya Baebele ya Polyglot, Cisneros o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe sentle. “Re tsentse thanolo ya Selatine ya ga Jerome mo gare ga ya Sinagoge [mokwalo wa Sehebera] le ya Kereke ya kwa Botlhaba [mokwalo wa Segerika,] fela jaaka magodu a ne a pegilwe, kafa matlhakoreng oomabedi a ga Jesu, yo o emelang Kereke ya Roma kgotsa ya Selatine.” Ka jalo, Cisneros ga a ka a letla Nebrija go baakanya kgatiso ya Vulgate ya Selatine gore e tshwane le mokwalo wa dipuo tsa ntlhantlha. Kgabagare, Nebrija o ne a swetsa ka gore a tlogele tiro eo go na le gore a dire gore leina la gagwe le kwalwe mo kgatisong e e sa baakanngwang sentle.

Mokwalo wa Comma Johanneum

Le mororo go gatisiwa ga Baebele ya Polyglot ya Alcalá de Henares e ile ya nna kgato e kgolo e e tserweng go dira gore go nne le mokwalo o o tokafaditsweng wa dipuo tsa ntlhantlha tsa Baebele, gantsi setso se ne se tseelwa kwa godimo go na le bokanoki. Kgatiso ya Vulgate e ne e tseelwa kwa godimo thata mo e leng gore barulaganyi ba Baebele ya Polyglot ba ne ba ikutlwa ba patelesega ka makgetlho a le mmalwa gore ba baakanye mekwalo ya Segerika ya “Tesetamente e Ntšha” go tlhomamisa gore e dumalana le ya Selatine go na le gore ba baakanye ya Selatine gore e dumalane le ya Segerika. Sengwe sa dikai tsa seno ke sa mokwalo o o itsegeng thata o o tletseng diphoso wa comma Johanneum. * Ga go na epe ya mekwalo ya Segerika ya seatla ya bogologolo e e nang le mafoko ano, a go bonalang a ile a tsenngwa makgolo a dingwaga a le mmalwa fa Johane a sena go kwala lokwalo lwa gagwe; mme e bile o ne o sa tlhage mo mekwalong ya bogologolo thata ya seatla ya Selatine ya kgatiso ya Vulgate. Ka jalo Erasmus o ne a ntsha mokwalo o o tletseng diphoso ono mo mokwalong wa gagwe wa Segerika wa “Tesetamente e Ntšha.”

Barulaganyi ba Baebele ya Polyglot ba ne ba ikutlwa  ba sa rate gotlhelele go tlosa temana e e feditseng makgolokgolo a dingwaga e le mo kgatisong e e tlwaelegileng ya Vulgate. Ka jalo, ba ne ba tlogela mokwalo o o tletseng diphoso oo mo mokwalong wa Selatine mme ba swetsa ka gore ba o ranole le go o tsenya mo mokwalong wa Segerika gore dikholomo tse pedi tseo di tshwane.

Mokwalo o o Neng wa Dirisediwa go Ranola Dikgatiso Tse Disha Tsa Baebele

Boleng jwa Baebele ya Complutensian Polyglot ga bo a ikaega fela ka lebaka la gore e na le kgatiso ya ntlha ya Dikwalo Tsa Segerika tse di feletseng le Septuagint. Fela jaaka “Tesetamente e Ntšha” ya Segerika ya ga Erasmus e ne ya nna Mokwalo o o Amogetsweng wa Dikwalo Tsa Segerika (o e neng e le mokwalo o o neng wa dirisediwa go ranolela mo dipuong tse dingwe tse dintsi), mokwalo wa Sehebera wa Polyglot le one o ne wa nna mokwalo o o neng o dirisediwa go ranola Dikwalo Tsa Sehebera le tsa Searamaika. * William Tyndale o ne a dirisa kgatiso ya Polyglot gore e nne yone mokwalo wa Sehebera o a ka o dirisang go ranolela Baebele ya gagwe mo puong ya Seesemane.

Ka jalo, tiro ya bokanoki e e neng e dirwa ke setlhopha seno se se neng se gatisa Baebele ya Complutensian Polyglot e ne ya dira gore go nne le kgatelopele e e seng kana ka sepe ya go dira dipatlisiso mo Dikwalong. Baebele eno e ne ya gatisiwa ka nako ya fa batho ba le bantsi go ralala Yuropa ba ne ba kgatlhegela Baebele mme seo sa dira gore e ranolelwe mo dipuong tsa batho ba ba tlwaelegileng. Baebele ya Polyglot e ne ya nna nngwe ya mekwalo e e neng ya thusa gore mekwalo ya Segerika le ya Sehebera e e tokafaditsweng e nne e ntse e le teng. Maiteko ano otlhe a dumalana le maikaelelo a Modimo a gore ‘lefoko la ga Jehofa le le itshekisitsweng’, ‘lefoko la Modimo wa rona le tla nnela ruri.’—Pesalema 18:30; Isaia 40:8; 1 Petere 1:25.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Go ne ga gatisiwa dikhopi di le makgolo a marataro mo pampiring le dikhopi di le thataro mo letlalong. Ka 1984 go ne ga gatisiwa dikhopi di se kae tse di tshwanang le tsa ntlhantlha.

^ ser. 12 Sehebera, Segerika le Selatine.—Johane 19:20.

^ ser. 14 Nebrija o tsewa e le ene mongwe wa bakanoki ba ntlha ba kwa Spain ba ba neng ba amogela dikgopolo tsa ba bangwe. Ka 1492 o ne a gatisa Gramática castellana (Thutapuo ya Puo ya kwa Castile) ya ntlha. Dingwaga di le tharo moragonyana o ne a swetsa ka gore a dirise botshelo jwa gagwe jotlhe a ithuta Dikwalo Tse di Boitshepo.

^ ser. 18 Mokwalo o o tletseng diphoso o o tsentsweng mo dithanolong dingwe tsa Baebele mo go 1 Johane 5:7 o balega ka gore “kwa legodimong, Rara, Lefoko le Moya o o Boitshepo: mme boraro jono ke motho a le mongwe.”

^ ser. 21 Go bona pego ya thanolo ya ga Erasmus, bona Tora ya Tebelo, ya September 15 1982, tsebe 8-11, (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Mokadinale Jiménez de Cisneros

[Motswedi wa Setshwantsho]

Biblioteca Histórica. Universidad Complutense de Madrid

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Antonio de Nebrija

[Motswedi wa Setshwantsho]

Biblioteca Histórica. Universidad Complutense de Madrid

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

Biblioteca Histórica. Universidad Complutense de Madrid