Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Motlhanka yo o Boikanyego” o Fitlhelwa a Ikanyega fa a Tlhatlhobiwa!

“Motlhanka yo o Boikanyego” o Fitlhelwa a Ikanyega fa a Tlhatlhobiwa!

 “Motlhanka yo o Boikanyego” o Fitlhelwa a Ikanyega fa a Tlhatlhobiwa!

“Ke nako e e tlhomilweng gore katlholo e simolole ka ntlo ya Modimo.”—1 PETERE 4:17.

1. Jesu o ne a fitlhela eng fa a tlhatlhoba “motlhanka”?

KA Pentekosete ya 33 C.E., Jesu o ne a tlhoma “motlhanka” gore a abele “ba ntlo” ya gagwe dijo ka nako e e tshwanetseng. Ka 1914, Jesu o ne a tlhomiwa gore a nne Kgosi, mme go ise go ye kae go ne ga tla nako ya gore a tlhatlhobe “motlhanka” yoo. O ne a fitlhela gore ka kakaretso “motlhanka” o ne a itshupile a le “yo o boikanyego le yo o botlhale.” Ka gone, o ne a mo tlhoma gore a tlhokomele “dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Mathaio 24:45-47) Le fa go ntse jalo, gape go ne go na le motlhanka yo o bosula, yo o neng a se boikanyego e bile a se botlhale.

“Motlhanka yo o Bosula Yoo”

2, 3. Setlhopha sa “motlhanka yo o bosula yoo” se ne se tswa kae, mme se ne sa gola jang?

2 E ne ya re fela fa Jesu a sena go tlotla ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” a bua ka motlhanka yo o bosula. O ne a re: “Fa go direga gore motlhanka yo o bosula yoo a itheye mo pelong a re, ‘Mong wa me o a diega,’ mme a simolola go itaya batlhankammogo le ene mme a ja a ba a nwa le matagwa a a padileng, mong wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa le lebelelang le ka ura e a sa e itseng, mme o tla mo otlhaya ka bopeloethata jo bogolo thata e bile o tla mo laolela karolo le baitimokanyi. Ke gone koo selelo sa gagwe le phuranyo ya meno a gagwe di tla nnang gone.” (Mathaio 24:48-51) Polelwana “motlhanka yo o bosula yoo” e dira gore re akanye ka mafoko a Jesu a a buileng pelenyana ka motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Ee, ba setlhopha sa “motlhanka yo o bosula” ba ne ba kile ba bo ba le mo setlhopheng sa motlhanka yo o boikanyego. * Jang?

3 Pele ga 1914, ba le bantsi ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego ba ne ba solofetse thata gore ba tla kopana le Monyadi kwa legodimong ka ngwaga oo, mme ga go a ka ga nna jaaka ba ne ba solofetse. Ka ntlha ya seno le ditiragalo tse dingwe, ba le bantsi ba ne ba kgobega marapo mme ba le mmalwa ba tenega. Bangwe ba bone ba ne ba simolola go ‘itaya’ ka mafoko ba pele e neng e le bakaulengwe ba bone mme ba simolola go dirisana le “matagwa a a padileng,” ditlhopha tsa bodumedi tsa Labokeresete.—Isaia 28:1-3; 32:6.

4. Jesu o ne a dirisana jang le “motlhanka yo o bosula” le botlhe ba ba bontshitseng moya o o tshwanang le wa motlhanka yono?

4 Kgabagare go ne ga lemogwa gore bano ba pele e neng e le Bakeresete e ne e le “motlhanka yo o bosula” mme Jesu o ne a ba otlhaya “ka bopeloethata jo bogolo thata.” Jang? O ne a ba latlha, mme ga ba a ka ba tlhola ba ya legodimong jaaka ba ne ba solofetse. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba senngwa ka yone nako eo. Ba ne ba tshwanelwa ke gore pele ba nne mo selelong le mo phuranyong ya meno “mo lefifing kwa ntle” ga phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 8:12) Fa e sa le mo metlheng eo ya bogologolo, batho ba bangwe ba se kae ba ba tloditsweng ba bontshitse moya o o bosula fela jalo, ba itshupa e le ba setlhopha sa “motlhanka yo o bosula.” Bangwe ba “dinku tse dingwe” le bone ga ba a ka ba ikanyega. (Johane 10:16) Baba botlhe ba ba ntseng jalo ba ga Keresete le bone ba felela kwa “lefifing kwa ntle” ka tsela ya semoya.

5. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se ne sa itshwara jang, go farologana le sa “motlhanka yo o bosula”?

5 Le fa go ntse jalo, ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le bone ba ne ba lekwa fela jaaka “motlhanka yo o bosula yoo.” Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba tenega, mme ba ne ba  simolola go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. (2 Bakorintha 13:11) Tsela e ba ratang Jehofa le bakaulengwe ba bone ka yone e ne ya gola. Ka ntlha ya seo, ba ntse ba le “pilara le setshegetso sa boammaaruri” mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e tletseng mathata.—1 Timotheo 3:15; 2 Timotheo 3:1.

Makgarebane a a Botlhale Le a A Dieleele

6. (a) Jesu o ne a tshwantsha jang botlhale jwa setlhopha sa gagwe sa motlhanka yo o boikanyego? (b) Pele ga 1914, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba bolela molaetsa ofe?

6 Fa Jesu a sena go bua ka “motlhanka yo o bosula yoo,” o ne a bolela ditshwantsho tse pedi tse di bontshang gore ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba tla ikanyega le go nna botlhale fa ba bangwe bone ba sa nne jalo. * Fa a ne a tshwantsha go nna botlhale, o ne a re: “Bogosi jwa magodimo bo tla tshwana le makgarebane a le lesome a a neng a tsaya dipone tsa one mme a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi. A le matlhano a one a ne a le dieleele, mme a le matlhano a ne a le botlhale. Gonne a a dieleele a ne a tsere dipone tsa one mme a sa tsaya leokwane, mme a a botlhale one a ne a tsere leokwane ka dielo tsa one le dipone tsa one.” (Mathaio 25:1-4) Makgarebane a a lesome a re gopotsa Bakeresete ba batlodiwa pele ga 1914. Ba ne ba lemogile gore monyadi e bong Jesu Keresete o ne a tla tloga a goroga. Ka gone, ba ne ba “tswa” ba ya go mo kgatlhantsha, ba rera ka bopelokgale gore “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne di tla fela ka 1914.—Luke 21:24.

7. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ‘ba robala’ leng le gone jang, ka tsela ya tshwantshetso?

7 Ba ne ba nepile. Ke boammaaruri, dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba di ne tsa fela ka 1914, mme Bogosi Jwa Modimo bo ne jwa simolola go busa, Keresete Jesu e le ene kgosi. Mme seo se ne se direga kwa magodimong a a sa bonaleng. Mo lefatsheng, batho ba ne ba simolola go “latlhega” jaaka go ne go boleletswe pele. (Tshenolo 12:10, 12) Morago ga moo go ne ga latela nako ya go tlhatlhobiwa. E re ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba sa tlhaloganye dilo sentle, ba ne ba akanya gore ‘monyadi o diegile.’ E re ka ba ne ba tlhakane tlhogo e bile ba tlhoilwe ke lefatshe, ba le bantsi ba bone ba ne ba goga dinao ba bo ba batla ba emisa tiro e e rulagantsweng ya go rera phatlalatsa. Fela jaaka makgarebane a a mo setshwantshong, ‘ba ne ba otsela ba bo ba robala’ ka tsela ya semoya, fela jaaka batho ba ba sa ikanyegeng ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba dira fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa.—Mathaio 25:5; Tshenolo 11:7, 8; 12:17.

8. Go ne go diragetseng fa go tla goelediwa go twe: “Monyadi ke yoo!” mme e ne e le nako ya gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba dire eng?

8 Go tswa foo, ka 1919 go ne ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa. Re bala jaana: “Gare ga mpa ya bosigo ga goelediwa go twe, ‘Monyadi ke yoo! Tswang lo ye go mo kgatlhantsha.’ Foo makgarebane ao otlhe a tsoga mme a baakanya dipone tsa one.” (Mathaio 25:6, 7) Fela fa go ne go lebega go se na tsholofelo, go ne ga tswa taletso ya gore go tsenwe mo tirong! Ka 1918, Jesu, “morongwa wa kgolagano,” o ne a tlile mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya go tla go tlhatlhoba le go phepafatsa phuthego ya Modimo. (Malaki 3:1) Jaanong, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tlhoka go tswa ba ya go mo kgatlhantsha mo malwapeng a tempele eo a a mo lefatsheng. E ne e le nako ya gore ba ‘phatsimise lesedi.’—Isaia 60:1; Bafilipi 2:14, 15.

9, 10. Ka 1919, ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba ne ba le “botlhale” mme ba bangwe ba le “dieleele”?

9 Iketle pele! Mo setshwantshong, bangwe ba barweetsana ba ne ba na le bothata. Jesu o ne a tswelela pele jaana: “A a dieleele a raya a a botlhale  a re, ‘Re neyeng lengwe la leokwane la lona, ka gonne dipone tsa rona di tloga di tima.’” (Mathaio 25:8) Fa dipone di se na leokwane, di ne di ka se ka tsa bonesa. Ka jalo leokwane la dipone le re gopotsa Lefoko la Modimo la boammaaruri le moya wa gagwe o o boitshepo, tse di fang baobamedi ba boammaaruri maatla a gore ba nne batshodi ba lesedi. (Pesalema 119:130; Daniele 5:14) Pele ga 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba botlhale ba ne ba ile ba batla ka tlhoafalo go itse gore thato ya Modimo ka bone ke efe, le fa ba ne ba le bokoa ka nakwana. Ka jalo, fa ba lalediwa gore ba phatsimise lesedi, ba ne ba iketleeditse.—2 Timotheo 4:2; Bahebera 10:24, 25.

10 Le fa go ntse jalo, bangwe ba batlodiwa ba ne ba sa batle go intsha setlhabelo le fa e le go iteka ka natla—le fa ba ne ba eletsa ka tlhoafalo gore ba ka nna le Monyadi. Ka jalo fa e ne e setse e le nako ya gore ba tlhoafale mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo, ba ne ba sa iketleetsa. (Mathaio 24:14) Ba ne ba bo ba leka go dira gore balekane ba bone ba ba tlhoafetseng ba goge dinao, ga nna jaaka e kete ba kopa leokwane la bone. Mo setshwantshong sa ga Jesu, makgarebane a a botlhale a ne a arabela jang? A ne a re: “Gongwe go ka nna ga se ka ga nna le le le lekaneng rona le lona. Mo boemong jwa moo, yang kwa go ba ba le rekisang mme lo ithekele.” (Mathaio 25:9) Ka tsela e e tshwanang, ka 1919 Bakeresete ba ba ikanyegang ba batlodiwa ba ne ba gana go dira le fa e le eng fela se se neng se tla dira gore ba se ka ba kgona go phatsimisa lesedi. Ka gone, ba ne ba atlega fa ba ne ba tlhatlhobiwa.

11. Go ne ga diragalang ka makgarebane a a dieleele?

11 Jesu o konela jaana: “Ya re [makgarebane a a dieleele] ba ntse ba tswa ba ya go reka, monyadi a goroga, mme makgarebane a a neng a iketleeditse a tsena le ene mo moketeng wa lenyalo; mme setswalo sa tswalwa. Morago ga moo makgarebane a mangwe otlhe le one a tla, a re, ‘Rra, rra, re bulele!’ Fa a araba a re, ‘Ke lo bolelela boammaaruri, ga ke lo itse.’” (Mathaio 25:10-12) Ee, bangwe ba ne ba sa ipaakanyetsa go goroga ga Monyadi. Ka jalo, ga ba a ka ba atlega fa ba tlhatlhobiwa mme ba se ka ba nna le tshiamelo ya go tsena mo moletlong wa lenyalo la kwa legodimong. A bo go ne go hutsafatsa jang ne!

Setshwantsho sa Ditalenta

12. (a) Jesu o ne a dirisa setshwantsho sefe go tshwantsha boikanyegi? (b) Monna yo o neng a “ya nageng e e kgakala” e ne e le mang?

12 Fa Jesu a sena go dira setshwantsho kaga botlhale, o ne a dira se sengwe kaga boikanyegi. O ne a re: “Go ntse fela jaaka fa monna, yo o tlogang a tsaya loeto a ya nageng e e kgakala, a ne a bitsa batlhanka ba gagwe a ba a ba naya dilo tsa gagwe. Mme yo mongwe o ne a mo naya ditalenta di le tlhano, yo mongwe di le pedi, yo mongwe gape e le nngwe, mongwe le mongwe go ya ka bokgoni jwa gagwe, mme a ya nageng e e kgakala.” (Mathaio 25:14, 15) Monna yo o mo setshwantshong seno ke Jesu ka boene, yo o neng a “ya nageng e e kgakala” fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong ka ngwaga wa 33 C.E. Mme pele Jesu a tlhatloga, o ne a naya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang “dilo tsa gagwe” gore ba di tlhokomele. Jang?

13. Jesu o ne a baakanya tshimo e kgolo ya tirelo jang a ba a tlhoma “batlhanka” ba gagwe gore ba dire kgwebo?

13 Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, o ne a simolola go baakanya tshimo e kgolo ya tirelo ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo nageng yotlhe ya Iseraele. (Mathaio 9:35-38) Pele a “ya nageng e e kgakala,” o ne a naya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang tshimo eo, a  re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:18-20) Jesu o ne a dirisa mafoko ano go naya “batlhanka” ba gagwe thata ya go dira kgwebo go fitlha a boa, “mongwe le mongwe go ya ka bokgoni jwa gagwe.”

14. Ke ka ntlha yang fa go ne go sa lebelelwa gore botlhe ba dire selekanyo se se tshwanang sa kgwebo?

14 Polelwana eo e bontsha gore ga se Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba na le maemo kgotsa bokgoni jo bo tshwanang. Bangwe, jaaka Paulo le Timotheo, ba ne ba gololesegile go nna le seabe ka botlalo kafa ba ka kgonang ka teng mo tirong ya go rera le go ruta. Bangwe ba ka tswa ba ne ba sa kgone go dira ka fa ba ratang ka teng ka ntlha ya seemo sa bone. Ka sekai, Bakeresete bangwe e ne e le batlhanka, mme ba bangwe ba ne ba lwala, ba tsofetse kgotsa ba na le maikarabelo a lelapa. Gone ke boammaaruri gore dikabelo dingwe tsa tirelo mo phuthegong di ne di ka se dirwe ke barutwa botlhe. Basadi ba ba tloditsweng le banna bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba sa rute mo phuthegong. (1 Bakorintha 14:34; 1 Timotheo 3:1; Jakobe 3:1) Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore ba mo seemong sefe, barutwa botlhe ba ba tloditsweng ba ga Keresete—banna le basadi—ba ne ba abetswe go dira kgwebo, ba dirisa seemo sa bone ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete. Balekane ba bone ba motlha wa gompieno ba dira fela jalo.

Nako ya go Tlhatlhobiwa e a Simologa!

15, 16. (a) Nako ya go baakanya melato e ne ya tla leng? (b) Ba ba ikanyegang ba ne ba newa ditshiamelo dife tse disha tsa go ‘dira kgwebo’?

15 Setshwantsho seno se tswelela pele jaana: “Morago ga nako e telele mong wa batlhanka bao a tla mme a baakanya melato le bone.” (Mathaio 25:19) Ka 1914—lobaka lo loleele tota morago ga 33 C.E.—Keresete Jesu o ne a simolola go nna gone ga gagwe e le Kgosi. Dingwaga di le tharo le sephatlo moragonyana, ka 1918, o ne a tla mo tempeleng ya Modimo ya semoya mme a diragatsa mafoko ano a ga Petere: “Ke nako e e tlhomilweng gore katlholo e simolole ka ntlo ya Modimo.” (1 Petere 4:17; Malaki 3:1) E ne e le nako ya go baakanya melato.

16 Batlhanka, bomonnawe Jesu ba ba tloditsweng,  ba ne ba dirile eng ka “ditalenta” tsa Kgosi? Go tloga ka 33 C.E. go ya pele, go akaretsa le dingwaga tsa pele fela ga 1914, ba le bantsi ba ne ba dirile ka natla mo ‘kgwebong’ ya ga Jesu. (Mathaio 25:16) Tota le ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, ba ne ba bontshitse gore ba eletsa thata go direla Mong wa bone. Jaanong go ne go tshwanela go naya ba ba ikanyegang ditshiamelo tse disha tsa ‘go dira kgwebo.’ Nako ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e ne e tlile. Dikgang tse di molemo di ne di tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe. “Thobo ya lefatshe” e ne e tshwanetse go rojwa. (Tshenolo 14:6, 7, 14-16) Go ne go tshwanetse ga bonwa maloko a bofelo a setlhopha sa korong mme “boidiidi jo bogolo” jwa dinku tse dingwe bo ne bo tshwanetse go phuthwa.—Tshenolo 7:9; Mathaio 13:24-30.

17. Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ne ba ‘tsena mo boipelong jwa mong wa bone’ jang?

17 Nako ya thobo ke nako e e itumedisang. (Pesalema 126:6) Go a tshwanela he gore fa Jesu a ne a naya bomonnawe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng maikarabelo a mangwe ka 1919, o ne a re: “O ne o ikanyega mo dilong di le mmalwa. Ke tla go tlhoma go okamela dilo di le dintsi. Tsena mo boipelong jwa mong wa gago.” (Mathaio 25:21, 23) Mo godimo ga moo, ga re kgone le go akanya gore boipelo jwa Mong e le Kgosi e e sa tswang go tlhomiwa ya Bogosi Jwa Modimo bo ne bo le kana kang. (Pesalema 45:1, 2, 6, 7) Ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego ba na le boipelo jo bo tshwanang ka gonne ba emela Kgosi mme ba oketsa dilwana tsa gagwe mo lefatsheng. (2 Bakorintha 5:20) Go itumela ga bone go bonala mo mafokong a boporofeti a Isaia 61:10: “Ruri ke tla itumela mo go Jehofa. Moya wa me o tla ipela mo Modimong wa me. Gonne o nkapesitse diaparo tsa poloko.”

18. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba sa ka ba atlega fa ba tlhatlhobiwa, mme seo se ne sa felela ka eng?

18 Ka maswabi, bangwe ga ba a ka ba atlega fa ba tlhatlhobiwa. Re bala jaana: “Yo o neng a amogetse talenta e le nngwe a tla mme a re, ‘Mong wa me, ke ne ke go itse o le motho yo o batlang ka kgang, yo o robang koo o sa jalang gone le yo o phuthang koo o sa olosang gone. Jalo ke ne ka tlelwa ke poifo mme ka tswa ka fitlha talenta ya gago mo mmung. Bona o na le se e leng sa gago.’” (Mathaio 25:24, 25) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba sa dira “kgwebo.” Pele ga 1914 ba ne ba sa bolelela ba bangwe tsholofelo ya bone ka tlhoafalo, mme ba ne ba sa batle go simolola go dira jalo ka 1919. Jesu o ne a tsibogela jang go tlhoka maitseo ga bone? O ne a ba tseela ditshiamelo tsotlhe tsa bone. Ba ne ba latlhelwa ‘kwa ntle kwa lefifing le le kwa ntle kwa ba neng ba nna le selelo le phuranyo ya meno gone.’—Mathaio 25:28, 30.

Tlhatlhobo e a Tswelela

19. Tlhatlhobo e tswelela pele ka tsela efe, mme Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ititeile sehuba gore ba tla dira eng?

19 Gone ke boammaaruri, bontsi jwa ba e neng e tla nna batlhanka ba ga Keresete ba ba tloditsweng ka nako ya bokhutlo ba ne ba ise ba simolole go direla Jehofa fa Jesu a simolola tlhatlhobo ya gagwe ka 1918. A ba ne ba fetwa ke tlhatlhobo? Nnyaa le eseng. Tlhatlhobo e ne ya simolola fela ka 1918/19, fa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a ne a atlega fa a tlhatlhobiwa e le setlhopha. Mongwe le mongwe wa Bakeresete ba ba tloditsweng o sa ntse a tlhatlhobiwa go fitlha go tshwaiwa ga gagwe e nna ga leruri. (Tshenolo 7:1-3) E re ka bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng ba lemoga seno, ba ititeile sehuba gore ba tla nna ba ‘dira kgwebo’ ka boikanyegi. Ba ititeile sehuba gore ba tla nna ba le botlhale, ba na le leokwane le lentsi le le lekaneng gore lesedi la bone le phatsime. Ba itse gore fa mongwe le mongwe wa bone a wetsa tirelo ya gagwe  ya mo lefatsheng a ikanyega, Jesu o tla mo amogela gore a nne le ene kwa legodimong.—Mathaio 24:13; Johane 14:2-4; 1 Bakorintha 15:50, 51.

20. (a) Ba dinku tse dingwe gompieno ba ititeile sehuba gore ba tla dira eng? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba itse eng?

20 Boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe bo ntse bo latela sekao sa bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng. Ba lemoga gore go itse ga bone maikaelelo a Modimo go ba tlisetsa maikarabelo a magolo. (Esekiele 3:17-21) Ka gone, ka thuso ya Lefoko la ga Jehofa le moya o o boitshepo, le bone ba nna ba na le leokwane le lentsi ka go ithuta le go ya dipokanong. Mme ba phatsimisa lesedi la bone, ba nna le seabe mo tirong ya go rera le go ruta mme ka jalo ba ‘dira kgwebo’ le bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba itse sentle gore ditalenta di neetswe bone. Ba tshwanetse ba ikarabelela tsela e dilwana tsa Morena di dirisiwang ka yone mo lefatsheng. Le fa ba le mmalwa fela ka palo, ba ka se ka ba tlogelela boidiidi jo bogolo boikarabelo jwa bone. Ka ntlha ya seno, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o ntse a etelela pele mo go tlhokomeleng kgwebo ya Kgosi, a lebogela tshegetso ya maloko a a tlhoafetseng a boidiidi jo bogolo. Bano ba lemoga boikarabelo jwa bomorwarraabone ba ba tloditsweng mme ba ikutlwa ba le motlotlo go bo ba dira kafa tlase ga kaelo ya bone.

21. Ke kgothatso efe e e dirang mo Bakereseteng botlhe fa e sale pele ga 1919 go fitlha mo motlheng wa rona?

21 Ka jalo, le fa ditshwantsho tseno tse pedi di re naya lesedi ka ditiragalo tse di diregileng mo e ka nnang ka 1919, melaometheo ya tsone e dira mo Bakereseteng botlhe ba boammaaruri go ralala metlha ya bofelo. Ka tsela eno, le fa kgothatso e Jesu a neng a e naya kwa bofelong jwa setshwantsho sa makgarebane a a lesome e dira sa ntlhantlha mo Bakereseteng ba batlodiwa pele ga 1919, tota e sa ntse e dira le mo Bakereseteng botlhe. Ka jalo, e kete rotlhe re ka tsaya tsia mafoko ano a ga Jesu: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le ura.”—Mathaio 25:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Ka tsela e e tshwanang, fa baaposetoloi ba sena go swa, “diphiri tse di gatelelang” di ne tsa tswa mo bathong ba e neng e le bagolwane ba Bakeresete.—Ditiro 20:29, 30.

^ ser. 6 Fa o batla go bala tlhaloso e nngwe ya setshwantsho sa ga Jesu, bona buka ya Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgosana ea Kagishō,” e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, kgaolo 5 le 6.

A o Ka Tlhalosa?

• Jesu o ne a tlhatlhoba balatedi ba gagwe leng, mme o ne a fitlhela eng?

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ile ba nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa “motlhanka yo o bosula yoo”?

• Re ka bontsha jang gore re botlhale ka tsela ya semoya?

• Re ka dira jang gore re nne re ‘dira kgwebo’ re etsa bomonnawe Jesu ba ba ikanyegang ba batlodiwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 16]

JESU O TLA LENG?

Mo go Mathaio kgaolo 24 le 25, go tlhalosiwa ditsela tse di farologaneng tse Jesu a ‘tlang’ ka tsone. Ga go tlhokege gore a ‘tle’ ka tsela ya sebele. Go na le moo, o “tla” ka kgopolo ya gore o lebisa tlhokomelo ya gagwe mo bathong kgotsa mo balateding ba gagwe, gantsi e le go ba atlhola. Ka jalo, ka 1914, o ne a “tla” gore a simolole go nna gone ga gagwe e le Kgosi e e tlhomilweng. (Mathaio 16:28; 17:1; Ditiro 1:11) Ka 1918 o ne a “tla” e le morongwa wa kgolagano mme a simolola go atlhola ba ba ipolelang gore ba direla Jehofa. (Malaki 3:1-3; 1 Petere 4:17) Ka Haramagedona, o tla “tla” go diragatsa katlholo mo babeng ba ga Jehofa.—Tshenolo 19:11-16.

Go tla (kgotsa go goroga) mo go umakiwang gantsinyana mo go Mathaio 24:29-44 le 25:31-46 ke mo go tla nnang ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshenolo 7:14) Kafa letlhakoreng le lengwe, go tla mo go umakiwang gantsi mo go Mathaio 24:45 go ya go 25:30 go amana le nako ya fa a atlhola batho ba ba ipolelang gore ke barutwa go simolola ka 1918 go ya pele. Ka sekai, go ka se ka ga utlwala go bolela gore go duelwa ga motlhanka yo o boikanyego, go atlholwa ga makgarebane a a dieleele le go atlholwa ga motlhanka yo o setshwakga yo o neng a fitlha talenta ya Mong wa gagwe, go tla diragala fa Jesu a “tla” ka nako ya pitlagano e kgolo. Seo se ne se tla kaya gore batlodiwa ba le bantsi ba tla fitlhelwa ba sa ikanyege ka nako eo mme ka jalo ba tshwanelwe ke go emisediwa ka ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Tshenolo 7:3 e bontsha gore go ‘tshwaiwa’ ga batlhanka botlhe ba ga Keresete ba ba tloditsweng e tla bo e setse e le ga leruri ka nako eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

“Motlhanka yo o bosula” ga a ka a segofadiwa ka 1919

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Makgarebane a a botlhale a ne a iketleeditse fa monyadi a tla

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Motlhanka yo o boikanyego o ne a ntse a dira “kgwebo”

Motlhanka yo o setshwakga ene o ne a sa e dira

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Batlodiwa le ba “boidiidi jo bogolo” ba ntse ba phatsimisa lesedi la bone