Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Tla Duela Jehofa ka Eng?”

“Ke Tla Duela Jehofa ka Eng?”

 Kgang ya Botshelo

“Ke Tla Duela Jehofa ka Eng?”

JAAKA GO BOLETSE MARIA KERASINIS

Fa ke ne ke le dingwaga di le 18, ke ne ka swabisa batsadi ba me thata, ke ne ke tlhoilwe ke ba lelapa la gaetsho mme ke tlhola ke jewa ditshego mo motseng. Batho ba ne ba ikuela mo go nna, ba mpateletsa le go ntshosetsa gore ke tlogele go ikanyega mo Modimong—mme ga ba a ka ba atlega. Ke ne ke na le tsholofelo ya gore ke tla solegelwa molemo semoyeng fa ke ngaparela dithuto tsa boammaaruri. Fa ke akanya ka dingwaga tse di fetang 50 tse ke ntseng ke direla Jehofa ka tsone, ke dumalana le mafoko ano a mopesalema: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?”—Pesalema 116:12.

KE BELEGWE ka 1930, kwa Aggelokastro, motsana mongwe o o dikilometara di le 20 go tswa kwa boemakepe jwa Kenkerea, kafa ntlheng ya botlhaba jwa Isthmus ya kwa Korintha, kwa go neng ga tlhongwa phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Ditiro 18:18; Baroma 16:1.

Lelapa la gaetsho le ne le na le kutlwano. Rre e ne e le kgosana ya motse mme o ne a tlotliwa thata. Ke ne ke le ngwana wa boraro mo go ba le batlhano. Batsadi ba rona ba ne ba re godisa go nna maloko a a tlhoafetseng a Kereke ya Greek Orthodox. Ke ne ke ya Mmiseng ka Sontaga mongwe le mongwe. Ke ne ke ipobola maleo fa pele ga ditshwantsho, ke tshuba dikerese mo dikerekeng tsa motse le go itima dijo ka dinako tsotlhe tsa gone. Gantsi ke ne ke akanya ka go nna moitlami. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna wa ntlha mo lelapeng go swabisa batsadi ba me.

Go Kgatlhwa ke Dithuto Tsa Baebele

Fa ke le dingwaga di ka nna 18, ke ne ka utlwa gore Katina, kgaitsadie monna wa ga mogolole, yo o neng a nna mo motsaneng o o gaufi, o ne a bala  dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a sa tlhole a ya kerekeng. Seno se ne sa ntshwenya thata, mme ka swetsa gore ke mo thuse go boela mo go se ke neng ke akanya gore ke tsela e e siameng. Ka jalo, e ne ya re fa a nketetse, ka rulaganya gore re iphokise phefo, ke ikaeletse gore re tla fapogela kwa ntlong ya moruti. Moruti o ne a simolola motlotlo ka go kgoba Basupi ba ga Jehofa, a re ke bakgelogi ba ba timeditseng Katina. Motlotlo oo o ne wa tswelela masigo a mararo a a latelanang. Katina o ne a ganetsa ditatofatso tsa gagwe tsotlhe ka dintlha tse di baakanyeditsweng sentle tse di tswang mo Baebeleng. Kgabagare moruti o ne a mo raya a re e re ka e le mosetsana yo montle, yo o botlhale, a itumelele bosha jwa gagwe fa a sa ntse a kgona mme o tla itshwenya ka tsa Modimo fa a setse a godile.

Ga ke a ka ka bolelela batsadi ba me sepe ka motlotlo oo, mme ka Sontaga se se latelang, ga ke a ka ka ya kerekeng. Ka thapama, moruti o ne a tlhamalalela kwa lebenkeleng la gaetsho. Ke ne ka dira seipato sa gore ke ne ke tshwanetse go thusa Rre mo lebenkeleng.

Moruti o ne a mpotsa a re: “A tota o bua boammaaruri, kgotsa a o tlhotlheleditswe ke mosetsana yole?”

Ke ne ka mo araba jaana ke sa okaoke: “Tumelo ya batho bano e botoka go gaisa ya rona.”

Moruti o ne a retologela kwa go rre mme a re: “Rre Economos, leleka mosetsana yoo wa losika lwa gago gone jaanong; o tlile go senya lelapa la gago.”

Ba Lelapa la Gaetsho ba a Mphetogela

Seno se diragetse mo bofelong jwa bo1940 fa go ne go runtse ntwa ya selegae kwa Gerika. E re ka Rre a ne a tshaba gore ke tla thopiwa ke dirukhutlhi, o ne a dira dithulaganyo tsa gore ke tswe mo motseng mme ke ye go nna kwa ntlong ya ga mogolole kwa motseng o Katina a neng a nna kwa go one. Mo dikgweding tse pedi tse ke neng ka nna koo ka tsone, ke ne ka thusiwa go tlhaloganya dithuto tse di farologaneng tsa Baebele. Ke ne ka kgobega marapo thata go bona gore bontsi jwa dithuto tsa kereke ya Orthodox ga di a thewa mo Dikwalong. Ke ne ka lemoga gore Modimo ga a amogele kobamelo ya ditshwantsho, gore ditlwaelo tse dintsi tsa bodumedi—tse di jaaka go tlotla sefapaano—ga di tswe mo Bokereseteng, le gore motho o tshwanetse go obamela Modimo “ka moya le boammaaruri” gore a mo itumedise. (Johane 4:23; Ekesodo 20:4, 5) Mo godimo ga moo, ke ne ka ithuta gore Baebele e re naya tsholofelo e e itumedisang ya go tshelela ruri mo lefatsheng! Dithuto tseno tsa botlhokwa tsa Baebele e ne e le mangwe a masego a ntlha a ke a amogetseng mo go Jehofa.

Fa nako e ntse e tsamaya, mogolole le monna wa gagwe ba ne ba lemoga gore ga ke dire letshwao la sefapaano fa go rapelelwa dijo, e bile ga ke rapele fa pele ga ditshwantsho tsa bodumedi. Bosigo bongwe ba ne ba mpetsa ba le babedi. Letsatsi le le latelang ke ne ka swetsa ka gore ke tswe mo ntlong ya bone me ka ya go nna kwa ga mmangwane. Monna wa ga mogolole o ne a itsise rre. Ka bonako morago ga moo, Rre o ne a tla a lela mme a leka go dira gore ke fetole mogopolo. Monna wa ga mogolole o ne a khubama fa pele ga me a kopa gore ke mo itshwarele, mme ke ne ka mo itshwarela. Go fedisa kgang, ba ne ba nkopa gore ke boele kerekeng, le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka fetola mogopolo wa me.

Fa ke boetse kwa motseng o Rre a nnang kwa go one, batho ba ne ba tswelela pele ba nkgatelela. Go ne go se na tsela e ke neng ke ka kgona go buisana le Katina ka yone e bile ke ne ke se na dikgatiso dipe tse nka di balang, ke ne se na le Baebele tota. Ke ne ka itumela thata fa mongwe wa bontsalake a ne a leka go nthusa. E ne ya re fa a ile Korintha, a fitlha a kopana le Mosupi teng mme a ntlela buka ya “Let God Be True” le Baebele ya Dikwalo Tsa Segerika Tsa Bokeresete, e ke neng ka simolola go e balela mo sephiring.

Botshelo bo Fetoga ke sa Lebelela

Kganetso e e botlhoko eno e ne ya tswelela pele dingwaga di le tharo. Go ne go se na Mosupi ope yo ke neng ke ka kgona go ikgolaganya le ene e bile ke ne ke sa amogele dikgatiso dipe. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itse gore go ne go tloga go direga diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa me.

Rre o ne a mpolelela gore ke tshwanetse go ya kwa ga malome kwa Thesalonika. Pele ga ke ya Thesalonika, ke ne ka ya kwa lebenkeleng lengwe kwa Korintha le go dirwang diaparo kwa go lone gore ba ntirele baki. A bo ke ne ka gakgamala jang ne fa ke fitlhela gore Katina o ne a bereka mo lebenkeleng leo! Re ne re itumetse thata go kopana gape morago ga nako e telele jaana. E ne ya re fa re tswa mo lebenkeleng leo, re ne ra kopana le lekawana lengwe le le botsalano le le neng le ya gae le tswa tirong, le palame baesekele. Leina la gagwe e  ne e le Charalambos. Fa nna le ene re sena go itsanye nakwana, re ne ra swetsa gore re tla nyalana. E ne e le ka yone nako eno, ka January 9, 1952, fa ke ne ke bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa.

Charalambos o ne a kolobeditswe pelenyana ga moo. Le ene o ne a ganediwa ke ba lelapa la gagwe. Charalambos o ne a tlhoafetse thata. E ne e le mothusi wa motlhanka wa phuthego e bile a tshwara dithuto tsa Baebele di le dintsi. Go ise go ye kae, bomogolowe ba ne ba amogela boammaaruri mme gompieno bontsi jwa ba lelapa la gaabo le bone ba direla Jehofa.

Rre o ne a rata Charalambos tota, ka jalo o ne a dumela gore re nyalane mme Mmè ene ga a ka a rata seno. Go sa kgathalesege dilo tseno tsotlhe, nna le Charalambos re ne ra nyalana ka March 29, 1952. E ne e le nkgonne fela le mongwe wa bontsalake ba ba neng ba tla lenyalong. Ka nako eo, ke ne ke sa itse gore Charalambos e tla nna tshegofatso e kgolo jang—mpho e ke e filweng ke Jehofa! E re ka ke ne ke le molekane wa gagwe, ke ne ka kgona go dirisa botshelo jwa me jotlhe mo tirelong ya ga Jehofa.

Go Nonotsha Bakaulengwe ba Rona

Ka 1953, nna le Charalambos re ne ra swetsa ka gore re fudugele kwa Athena. E re ka Charalambos a ne a batla go dira mo go oketsegileng mo tirong ya go rera, o ne a tswa mo kgwebong ya lelapa la gaabo me a bona tiro e e seng ya letsatsi lotlhe. Ka dinako tsa thapama re ne re bereka mmogo mo bodireding jwa Bokeresete le go tshwara dithuto tse dintsi tsa Baebele.

E re ka bodiredi jwa rona bo ne bo thibetswe, re ne ra tshwanelwa ke go nna kelotlhoko. Ka sekai, re ne ra swetsa gore re beye khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo mo fensetereng ya mokhukhu o re neng re rekisetsa mo go one, o o neng o le mo gare ga toropo ya Athena, kwa monna wa me a neng a dira tiro e e seng ya letsatsi lotlhe gone. Modiredimogolo mongwe wa mapodisi wa maemo a a kwa godimo o ne a re bolelela gore makasine wa rona o ileditswe. Le fa go ntse jalo, o ne a botsa gore a re ka mo naya o le mongwe fela gore a ye go botsa ka one kwa ofising ya pabalesego. Fa ba mo tlhomamisetsa gore makasine oo o letleletswe semolao, o ne a boa go tla go re bolelela. Ka bonako fela fa bakaulengwe ba bangwe ba ba nang le mekhukhu e ba rekisetsang mo go yone ba utlwa ka seno, le bone ba ne ba simolola go baya dimakasine tsa Tora ya Tebelo mo difensetereng. Monna mongwe o ne a amogela Tora ya Tebelo mo mokhukhung wa rona, a nna Mosupi, mme gone jaanong ke mogolwane.

Re ile ra itumelela gape go bona nnake wa mosimane a ithuta boammaaruri. O ne a tlile mo Athena go tla go ithuta mo kholetšheng ya bagwebi ba ba tsamayang ka dikepe mme ra tsamaya le ene go ya kopanong. Dikopano tsa rona di ne di tshwarelwa mo sephiring kwa sekgweng. O ne a rata se a neng a se utlwa mme go ise go ye kae morago ga moo, o ne a simolola maeto a gagwe. Mo go lengwe la maeto a gagwe, o ne a fitlha kwa boemakepeng jwa Argentina. Fa a le koo, morongwa mongwe o ne a tsena mo sekepeng go rera, mme nnake o ne a mo kopa dimakasine tsa rona. Re ne ra itumela thata fa re amogela lekwalo la gagwe le a neng a bolela jaana mo go lone: “Ke bone boammaaruri. Ke kopa gore lo ntirele peeletso.” Gompieno, ene le ba lelapa la gagwe ba direla Jehofa ka boikanyegi.

Ka 1958 monna wa me o ne a kopiwa gore a nne molebedi yo o etang. E re ka tiro ya rona e ne e thibetswe mme maemo a le thata, gantsi balebedi ba ba etang ba ne ba sa tsamaye le basadi ba bone. Ka October 1959, re ne ra botsa bakaulengwe ba ba etelelang pele kwa ofising ya lekala gore a nka tsamaya le ene. Ba ne ba dumela. Re ne re tshwanetse go etela le go nonotsha diphuthego kwa bogare le kwa bokone jwa Gerika.

 Go ne go se motlhofo go dira maeto ao. Go ne go se na ditsela tse dintsi tse di siameng. E re ka re ne re se na koloi, gantsi re ne re tsamaya ka dipalangwa tsa botlhe kgotsa ka dinako tse dingwe ka lori e e pegileng dikoko le dilo tse dingwe tse di rekisiwang. Re ne re rwala dibutse tsa rabara gore re tle re kgone go tsamaya mo ditseleng tse di tletseng seretse. E re ka mo motseng mongwe le mongwe go ne go na le masole, re ne ra tshwanelwa ke go tsena mo motseng go le bosigo gore re se ka ra bodiwa dipotso.

Bakaulengwe ba ne ba anaanela maeto ano thata. Le fa bontsi jwa bone ba ne ba bereka boima kwa masimong a bone, ba ne ba dira maiteko a magolo gore ba nne teng kwa dipokanong tse di neng di tshwarwa bosigo thata mo magaeng a a farologaneng. Gape, bakaulengwe ba ne ba rata go amogela baeng mme ba ne ba dira bojotlhe go re tlhokomela le fa gone ba ne ba sa itsholela. Ka dinako tse dingwe, re ne re robala le lelapa lotlhe mo phaposing e le nngwe. Selo se sengwe se re neng re se anaanela thata ka bakaulengwe e ne e le tumelo, boitshoko le tlhoafalo ya bone.

Go Atolosa Tirelo ya Rona

Ka February 1961, fa re ne re etetse ofisi ya lekala kwa Athena, re ne ra bodiwa gore a re ka se rate go direla kwa Bethele. Re ne ra araba ka mafoko ano a ga Isaia: “Ke fano! Roma nna.” (Isaia 6:8) Dikgwedi di le pedi morago ga moo, re ne ra amogela lekwalo le le re laelang gore re tle Bethele ka bonako jo bo ka kgonegang. Ka jalo, ka May 27, 1961, re ne ra simolola go direla kwa Bethele.

Re ne re rata kabelo ya rona e ntšha mme re ne ra e tlwaela ka bonako. Monna wa me o ne a bereka mo lephateng la Tirelo le la Dipeeletso, mme moragonyana o ne a fetsa nakonyana e le leloko la Komiti ya Lekala. Nna ke ne ke dira ditiro tse di farologaneng mo legaeng. Ka nako eo, go ne go na le maloko a lelapa a le 18, mme mo e ka nnang dingwaga di le tlhano, go ne go na le ba ba ka nnang 40 ka gonne sekolo sa bagolwane se ne se tshwarelwa kwa Bethele. Mo mosong, ke ne ke tlhatswa dijana, ke thusa go apaya, ke alola malao a le 12 le go baya dilwana sentle mo tafoleng go baakanyetsa dijo tsa motshegare. Thapama, ke ne ke aena diaparo le go phepafatsa matlwana a boithomelo le diphaposi. Gape ke ne ke bereka gangwe ka beke kwa botlhatswetsong. Tiro e ne e le ntsi mme ke ne ke itumela go bo ke kgona go thusa.

Re ne re nna re tshwaregile mo ditirong tsa rona tsa Bethele le mo tirelong ya tshimo. Gantsi re ne re tshwara dithuto tsa Baebele di ka nna supa. Ka mafelobeke, ke ne ke tsamaya le Charalambos fa a ya go neela dipuo kwa diphuthegong tse di farologaneng. Re ne re nna re le mmogo ka metlha.

Re ne re tshwara thuto ya Baebele le banyalani bangwe ba e neng e le maloko a magolo a Kereke ya Greek Orthodox mme e bile e le ditsala tsa moruti mongwe yo o neng a etelela pele mo kerekeng go batla bakgelogi. Mo ntlong ya bone, ba ne ba na le phaposi nngwe e e neng e tletse ka ditshwantsho, e go neng go tuka maswalo ka dinako tsotlhe mo go yone e bile go lela difela tsa Byzantine letsatsi lotlhe mo go yone. Ka lobaka lo lo rileng, re ne re ba etela ka Labone go ithuta Baebele le bone mme tsala ya bone ya moruti e ne e ba etela ka Labotlhano. Ka letsatsi lengwe, ba ne ba re kopa gore re tle kwa lelapeng la bone ka gonne go ne go na le sengwe se ba neng ba batla go re se bontsha. Selo sa ntlha se ba neng ba re se bontsha e ne e le phaposi eo. Ba ne ba latlhile ditshwantsho tsotlhe e bile ba e ntšhafaditse. Banyalani bano ba ne ba gatela pele mme ba kolobediwa. Re ile ra itumelela go bona batho ba ka nna 50 ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

E ne e le tshiamelo tota go kopana le bakaulengwe ba ba tloditsweng. Go etelwa ke maloko a Setlhopha se se Laolang a a jaaka Mokaulengwe  Knorr, Mokaulengwe Franz le Mokaulengwe Henschel, go ne go re kgothatsa thata. Morago ga dingwaga tse di fetang 40, ke sa ntse ke akanya gore go direla mo Bethele ke tshiamelo e kgolo.

Go Lebana le Bolwetse le go Swelwa

Ka 1982, monna wa me o ne a simolola go nna le matshwao a bolwetse jwa Alzheimer. Ka bo1990, botsogo jwa gagwe bo ne bo setse bo le maswe thata mme o ne a feleletsa a tlhoka go tlhokomelwa ka dinako tsotlhe. Mo dingwageng tse robedi tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, re ne re sa tlhole re kgona go tswa mo Bethele. Bakaulengwe ba bantsi ba ba rategang ba lelapa la Bethele mmogo le balebedi ba ba eteletseng pele, ba ne ba dira dithulaganyo tsa go re thusa. Le fa gone bakaulengwe ba ne ba thusa ka bopelontle jalo, ke ne ke tshwanelwa ke go mo tlhokomela nako e telele bosigo le motshegare. Ka dinako tse dingwe, go ne go le boima thata mme masigo a mantsi ke ne ke sa robale.

Ka July 1998, monna wa me yo o rategang o ne a tlhokafala. Le fa gone ke mo tlhologelelwa thata, ke gomodiwa ke go itse gore ga a latlhega mme ke a itse gore Jehofa o tla mo gakologelwa mmogo le dimilione tse dingwe fa a tsosa baswi.—Johane 5:28, 29.

Go Anaanela Masego a a Tswang Kwa go Jehofa

Le fa ke tlhokafaletswe ke monna wa me, ga ke nosi. Ke sa ntse ke na le tshiamelo ya go direla mo Bethele, mme ke itumelela lorato le tlhokomelo ya lelapa lotlhe la Bethele. Maloko mangwe a lelapa la me a akaretsa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya go ralala Gerika. Le fa ke setse ke na le dingwaga tse di fetang 70 gone jaanong, ke sa ntse ke kgona go bereka letsatsi lotlhe mo boapeelong le mo ntlong ya bojelo.

Ka 1999, selo se ke sa bolong go se eletsa se ne sa diragala fa ke ne ke etela ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York. Ga ke kgone go tlhalosa gore ke ne ke ikutlwa jang. E ne e le boitemogelo jo bo agang le jo nka se kang ka bo lebala.

Fa ke leba kwa morago, ruri ke dumela gore ga go na tsela epe e e molemo go gaisa eno e ke neng nka dirisa botshelo jwa me ka yone. Tiro e e molemo go gaisa tsotlhe e motho a ka e dirang ke go direla Jehofa ka nako e e tletseng. Nka bolela ke tlhatswegile pelo gore ga ke ise ke ko ke tlhoke sepe. Jehofa o ne a tlhokomela nna le monna wa me ka lorato mo mmeleng le mo semoyeng. Go ya ka dilo tse di ntiragaletseng, ke tlhaloganya lebaka la go bo mopesalema a ne a botsa jaana: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?”—Pesalema 116:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Nna le Charalambos re ne re nna re le mmogo ka dinako tsotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Monna wa me a le mo ofising ya gagwe kwa lekaleng

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke akanya gore go direla mo Bethele ke tshiamelo e kgolo