Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tlhoka Taelo e e Tswang mo Baebeleng ka Dinako Tsotlhe?

A o Tlhoka Taelo e e Tswang mo Baebeleng ka Dinako Tsotlhe?

 A o Tlhoka Taelo e e Tswang mo Baebeleng ka Dinako Tsotlhe?

GONGWE batsadi ba gago ba ne ba go naya melao e mentsi fa o ne o sa ntse o le monnye. Mme fa o ntse o gola, o ne wa lemoga gore ba ne ba amega ka wena. Le fa gone o setse o godile, ga go pelaelo gore o sa ntse o tshela ka mengwe ya melaometheo e ba go e rutileng, le fa o sa tlhole o le mo taolong ya bone.

Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o re naya ditaelo tse dintsi tse di tlhamaletseng ka Lefoko la gagwe Baebele. Ka sekai, o iletsa kobamelo ya medingwana, kgokafalo, boaka le bogodu. (Ekesodo 20:1-17; Ditiro 15:28, 29) Fa re ntse re ‘gola mo dilong tsotlhe,’ re lemoga gore Jehofa o amega ka rona le gore ditaelo tsa gagwe ga di re thibele go sa tlhokege.—Baefeso 4:15; Isaia 48:17, 18; 54:13.

Le fa go ntse jalo, go na le maemo a mantsi a mo go one go se nang ditaelo tse di tlhamaletseng. Ka ntlha ya seo, bangwe ba akanya gore fa go se na molao o o tlhamaletseng wa Baebele, ba ka nna ba dira se ba se ratang. Ba bolela gore fa Modimo a ka bo a bone go tlhokega, o ne a ka bo a tlhalositse go rata ga gagwe ka tlhamalalo.

Gantsi batho ba ba akanyang ka tsela eno ba dira ditshwetso tse di sa siamang tse moragonyana ba di ikwatlhaelang thata. Ga ba lemoge gore Baebele ga e na melao fela mme gape e na le ditsela tse di re lemotshang kafa Modimo a akanyang ka gone. Fa re ntse re ithuta Baebele mme re simolola go bona kafa Jehofa a lebang dilo ka teng, re nna le segakolodi se se thapisitsweng ke Baebele mme seo se re thusa gore re kgone go dira ditshwetso tse di tsamaisanang le tsela e ene a akanyang ka yone. Fa re dira jalo, re itumedisa pelo ya gagwe thata e bile re solegelwa molemo ka ntlha ya go dira ditshwetso tse di siameng.—Baefeso 5:1.

Dikao Tse di Tlhomologileng mo Baebeleng

Fa re sekaseka dipego tsa Baebele tse di buang ka batlhanka ba Modimo ba metlha ya bogologolo, re bona maemo a mo go one ba neng ba dira dilo go ya ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone le fa ba ne ba sa newa ditaelo dipe tse di tlhamaletseng malebana le one. Tsaya sekai sa ga Josefa. Ka nako ya fa mosadi wa ga Potifaro a ne a leka go mo gogela mo boitsholong jo bo sa siamang, go ne go se na molao o o tlhotlheleditsweng ke Modimo o o kwadilweng o o neng o le kgatlhanong le go dira boaka. Le mororo go ne go se na molao o o tlhamaletseng, Josefa o ne a lemoga gore go dira boaka e ne e se go leofela segakolodi sa gagwe fela mme gape e ne e le “go leofela Modimo.” (Genesise 39:9) Go bonala Josefa a ile a lemoga gore go dira boaka go kgatlhanong le tsela e Modimo a akanyang ka yone e bile go kgatlhanong le go rata ga gagwe, jaaka go ne go tlhalositswe kwa Edene.—Genesise 2:24.

Akanya ka sekai se sengwe. Mo go Ditiro 16:3, re utlwa gore pele Paulo a tsamaya le Timotheo mo maetong a Bokeresete, o ne a mo rupisa. Le fa go ntse jalo, mo temaneng ya 4, re bala gore morago ga moo Paulo le Timotheo ba ne ba ralala metse mme ba naya ba ba leng mo go yone ‘ditaelo tse baaposetoloi le banna ba bogolwane ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba neng ba dirile tshwetso ka tsone.’ Nngwe ya ditshwetso tse di neng di dirilwe koo e ne e le gore molao o ne o sa tlhole o pateletsa Bakeresete go rupisiwa! (Ditiro 15:5, 6, 28, 29) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a akanya gore Timotheo o ne a tshwanetse go rupisiwa? “Ka gonne Bajuda ba ba neng ba le kwa mafelong ao, ba ne ba itse botlhe gore rraagwe [Timotheo] e ne e le Mogerika.” Paulo o ne a sa batle go kgopisa batho go sa tlhokege. O ne a amegile ka gore Bakeresete ba nne ba ‘itshupe ba tshwanelega  mo segakoloding sengwe le sengwe sa motho mo ponong ya Modimo.’—2 Bakorintha 4:2; 1 Bakorintha 9:19-23.

Eno ke tsela e Paulo le Timotheo ba neng ba akanya ka yone. Bala ditemana tse di jaaka Baroma 14:15, 20, 21 le 1 Bakorintha 8:9-13; 10:23-33, mme o bone kafa Paulo a neng a amegile thata ka teng ka boitekanelo jwa semoya jwa ba bangwe, segolobogolo ka jwa batho ba go ka diregang gore ba kgopisege ka sengwe se tota se seng phoso. Mme Paulo o ne a kwala jaana ka Timotheo: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang. Gonne ba bangwe botlhe ba ipatlela melemo, e seng ya ga Keresete Jesu. Mme lo itse bosupi jo a neng a bo naya kaga gagwe, gore jaaka ngwana le rraagwe o ne a nna motlhanka le nna mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.” (Bafilipi 2:20-22) A bo banna ba babedi bano ba Bakeresete ba re tlhometse sekao se se molemo jang ne gompieno! Go na le gore ba tlhophe se se tla solegelang bone molemo kgotsa se bone ba se ratang, le fa go se na taelo epe ya Modimo e e tlhamaletseng, ba ne ba etsa lorato lwa ga Jehofa le lwa Morwawe ka go sekaseka gore ditshwetso tse ba di dirang di ka ama ba bangwe jang semoyeng.

Akanya ka Jesu Keresete, sekao sa rona se segolo. Mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng, o ne a tlhalosa sentle gore motho yo o tlhaloganyang se melao ya Modimo e se bolelang o tla e ikobela le fa go se na taelo epe e e mo laelang gore a dire sengwe kgotsa e e mo laelang gore a se ka a se dira. (Mathaio 5:21, 22, 27, 28) Ga go na ope gare ga Jesu, Paulo, Timotheo kgotsa Josefa yo o neng a na le kgopolo ya gore fa go se na molao o o tlhamaletseng wa Modimo, motho a ka dira se a se ratang. Gore ba tle ba kgone go dira dilo go ya ka tsela e Modimo a akanyang ka yone, banna bano ba ne ba tshela go ya ka se Jesu a neng a se tlhalosa e le ditaelo tse dikgolo go gaisa tsotlhe—go rata Modimo le go rata mong ka wena.—Mathaio 22:36-40.

Seno se ka Ama Bakeresete Jang Gompieno?

Go phepafetse gore ga re a tshwanela go leba Baebele jaaka lekwalo lengwe la semolao—le mo go lone go lebeletsweng gore sengwe le sengwe se re se dirang se tlhalosiwe ka botlalo. Re itumedisa Jehofa fa re tlhopha go dira dilo ka tsela e ene a akanyang ka yone, le fa go se na molao ope o o tlhalosang gore re direng. Ka mafoko a mangwe, go na le gore ka metlha re bolelelwe se Modimo a batlang re se dira, re tshwanetse ‘go lemoga gore thato ya ga Jehofa ke eng.’ (Baefeso 5:17; Baroma 12:2) Ke ka ntlha yang fa seno se itumedisa Jehofa? Ka gonne se bontsha gore ga re amege fela ka dilo tse rona re di ratang le ditshwanelo tsa rona mme re amegile thata ka go mo itumedisa. Gape go bontsha gore re anaanela lorato lwa gagwe thata mo e leng gore re batla go lo etsa, re dira gore lorato lo lo ntseng jalo e nne lone lo lo re tlhotlheletsang. (Diane 23:15; 27:11) Mo godimo ga moo, go dira dilo go ya ka Dikwalo go re thusa gore re itekanele mo semoyeng mme gantsi le gore re itekanele mo mmeleng.

A re boneng gore molaomotheo ono o ka dirisiwa jang mo dikgannyeng tsa botho.

Boitlosobodutu Jo o Bo Tlhophang

Akanya ka kgang ya lekawana lengwe le le batlang go reka alebamo nngwe ya mmino. O rata thata mmino o a o utlwileng mo alebamong eo mme o tshwenngwa ke mokwalo o o kafa morago ga khabara ya alebamo eno o o bontshang gore mafoko a mmino ono a bua ka tsa tlhakanelodikobo e bile a a tlhapatsa. Mme gape, o lemoga gore bontsi jwa dipina tsa moopedi yoo di supa bogale le go rata thubakanyo. E re ka lekawana leno le rata Jehofa, le batla go itse gore Jehofa ene o akanya eng ka mmino ono le gore o ikutlwa jang ka one. A ka lemoga jang gore go rata ga Modimo ke eng mo kgannyeng eno?

 Mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Bagalatia, moaposetoloi Paulo o tlhalosa lenaane leno la ditiro tsa nama le maungo a moya wa Modimo. Gongwe o itse gore maungo a moya wa Modimo a akaretsa eng: lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo. Mme ke dilo dife tse di supang ditiro tsa nama? Paulo o kwala jaana: “Ditiro tsa nama di a bonala, mme tsone ke kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, go fufega, mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno. Ka ga dilo tseno, ke lo tlhagisa go sa le pele, ka yone tsela e e tshwanang le e ruri ke neng ka lo tlhagisa ka yone go sa le pele, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—Bagalatia 5:19-23.

Ela tlhoko mafoko a bofelo mo lenaaneng leno—“dilo tse di ntseng jalo.” Paulo ga a ka a re naya lenaane lotlhe la dilo tse e leng ditiro tsa nama. Seno ga se reye gore motho a ka re ‘Dikwalo di ntetla gore ke dire sengwe le sengwe se se seyong mo lenaaneng la ga Paulo la ditiro tsa nama.’ Go na le moo, babadi ba tla tshwanelwa ke go dirisa bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore ba tle ba bone dilo tse di ka tswang di sa tlhage mo lenaaneng leno mme e le “tse di ntseng jalo.” Batho ba ba tswelelang ba dira dilo tse di sa umakiwang fano ba sa ikwatlhaye mme e le dilo “tse di ntseng jalo” ga ba kitla ba bona masego a Bogosi Jwa Modimo.

Ka jalo, re tshwanetse go nna le temogo ya go bona gore ke eng se se sa itumediseng mo matlhong a ga Jehofa. A go thata go dira jalo? A re re gongwe ngaka ya gago e go gakolola gore o je maungo le merogo e e oketsegileng mme o tile go ja diphae le aesekerimi le dilo tse di ntseng jalo. A go tla nna thata go itse gore kuku e wela mo lenaaneng lefe? A ko o lebe gape maungo a moya wa Modimo le ditiro tsa nama. Alebamo ya mmino e e umakilweng fa godimo e wela mo lenaaneng lefe? Ga go na pelaelo gore ga e rotloetse lorato, molemo, boikgapo kgotsa dinonofo tse dingwe tse di amanang le maungo a moya wa Modimo. Motho a ka se tlhoke molao o o tlhamaletseng go lemoga gore mmino wa mofuta ono ga o tsamaisane le tsela e Modimo a akanyang ka yone. Molaomotheo oo o tla re thusa le mo dibukeng tse re di balang, dibaesekopo tse re di lebang, dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya khomputara, dilo tse di mo Internet le tse dingwe.

Go Apara ka Mokgwa o o Tshwanetseng

Baebele gape e re naya melaometheo e e amanang le kgang ya moaparo le go ipaakanya mo mmeleng. Melaometheo eno e kaela Mokeresete mongwe le mongwe gore a apare ka tsela e e tshwanetseng le e e itumedisang. Le fa go ntse jalo, le mo kgannyeng eno, motho yo o ratang Jehofa o bona seno e le tshono e seng ya go dira se a se ratang mme e le gore a dire se se tla itumedisang Rraagwe yo o kwa legodimong. Jaaka fa re setse re bone, lebaka la go bo Jehofa a sa re naya melao e e tlhamaletseng mo kgannyeng nngwe ga le reye gore ga a amege ka se batho ba gagwe ba se dirang. Tsela ya go apara e a farologana go ya ka mafelo, mme tota le mo lefelong le le lengwe, dilo di nna di ntse di fetoga. Le fa go ntse jalo, Modimo o tlhomile melaometheo ya konokono e e tshwanetseng ya kaela batho ba gagwe ka dinako tsotlhe le mo mafelong otlhe.

Ka sekai, 1 Timotheo 2:9, 10 ya re: “Ka tsela e e tshwanang ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo, e leng, ka ditiro tse di molemo.” Ka jalo, basadi ba Bakeresete—le banna—ba tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko gore batho ba lefelo la bone ba lebeletse gore ba lebege jang jaaka batho ba ba “ipolelang fa ba tlotla Modimo.” Go botlhokwa gore Mokeresete a tlhokomele gore tsela e a lebegang ka yone e tla ama jang tsela e batho ba lebang molaetsa wa Baebele o a o rerang. (2 Bakorintha 6:3) Mokeresete yo o tlhomang sekao ga a kitla a amega thata ka dilo tse ene a di ratang kgotsa ka ditshwanelo tsa gagwe mme go na le moo, o tla ela tlhoko gore a se ka a itaya ba bangwe tsebe kgotsa a se ka a ba kgopisa.—Mathaio 18:6; Bafilipi 1:10.

Fa Mokeresete a fitlhela gore mokgwa mongwe o a aparang ka one o tshwenya ba bangwe kgotsa  o a ba kgopisa, o ka nna a etsa moaposetoloi Paulo ka go tlhokomela gore bomoya jwa ba bangwe bo tla pele ga se ene a se ratang. Paulo o ne a re: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Mme Paulo o ne a kwala jaana ka Jesu: “Le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa.” Se Paulo a neng a se bolelela Bakeresete botlhe fano se utlwala sentle: “Mme rona ba ba nonofileng re tshwanetse go sikara makoa a ba ba sa nonofang, mme re sa iitumedise. A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga.”—Baroma 15:1-3.

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona Jwa go Lemoga

Re ka nonotsha jang bokgoni jwa rona jwa go lemoga gore re tle re itse gore re ka itumedisa Jehofa jang le fa a sa re naya kaelo epe e tlhamaletseng mo kgannyeng e e rileng? Fa re bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi, re le ithuta ka metlha e bile re tlhatlhanya ka dilo tse re di balang mo go lone, bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo tla tokafala. Mme gone, ga bo kitla bo tokafala ka bonako. Fela jaaka ngwana fa a gola, go gola mo semoyeng go tsaya nako e bile ga go lemotshege ka bonako. Ka jalo re tlhoka go nna pelotelele mme ga re a tshwanela go kgobega marapo fa re sa bone diphetogo ka bonako. Mo letlhakoreng le lengwe, go feta fela ga nako e ntsi ga go kitla ka bogone fela go dira gore bokgoni jwa gago jwa go lemoga bo tokafale. Re tshwanetse go dirisa nako eo re sekaseka Lefoko la Modimo ka metlha jaaka go umakilwe fa godimo, mme re tshwanetse go dirisa Lefoko leo mo matshelong a rona ka mo re ka kgonang ka teng.—Bahebera 5:14.

Re ka nna ra re, e re ka melao ya Modimo e re leka go bona gore re kutlo go le kana kang, melaometheo ya gagwe yone e a re tlhatlhoba go bona gore re godile go le kana kang semoyeng le gore re batla go mo itumedisa go le kana kang. Fa re ntse re gola semoyeng, re tla akanya thata ka go etsa Jehofa le Morwawe. Jaaka Dikwalo di bontsha, re tla batla gore ditshwetso tse re di dirang malebana le dikgang dingwe e nne tse di dumalanang le tsela e Modimo a akanyang ka yone. Fa re itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong ka sengwe le sengwe se re se dirang, re tla fitlhela gore boitumelo jwa rona le jone bo a oketsega.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ditsela tsa go apara di farologana go ya ka mafelo, mme tsela ya go apara e re e tlhophang e tshwanetse ya kaelwa ke melaometheo ya Baebele