Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go tlwaelegile go ntsha dimpho kwa manyalong. Ke melaometheo efe ya Dikwalo e re tshwanetseng go e akanyetsa fa re ntsha kgotsa re amogela dimpho tseo?

Baebele e dumalana le go ntshiwa ga dimpho fa di ntshiwa ka maitlhomo a a siameng e bile e le ka nako e e siameng. Mo kgannyeng ya go aba, Baebele e kgothatsa Bakeresete ba boammaaruri gore ba etse Motlamedi wa bone e bong Jehofa yo o pelotshweu. (Jakobe 1:17) Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete mmogo le ene a re: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” Ka jalo, Bakeresete ba kgothalediwa go nna pelotshweu.—Bahebera 13:16; Luke 6:38.

Go tweng ka go naya batho ba o ba laletsang lenaane la dimpho tse o ka ratang ba go rekela tsone e leng selo se se tlwaelegileng mo dinageng di le dintsi? Gantsi batho ba ba tlileng go nyala ba buisana le beng ba lebenkele ba bo ba sekaseka dilo tse di mo lebenkeleng mme morago ga moo ba bo ba kwala lenaane la dimpho tse ba ka ratang go di rekelwa. Ba losika le ditsala ba kwalelwa mo karateng ya taletso gore ba ye kwa lebenkeleng lefe kwa ba tla fitlhelang dilo tse banyalani ba ka ratang go di rekelwa mme ba di reke koo. Ke boammaaruri gore, lenaane la dimpho le thusa gore motho a se ka a senya nako e ntsi a batlana le mpho e a ka e rekang fa motho yo o rekelwang mpho ene a thusiwa gore a seka a busetsa dimpho tse a sa di batleng kwa lebenkeleng.

Banyalani ba tla itirela tshwetso gore a ba batla go kwala lenaane la dimpho tse ba ka ratang go di rekelwa. Le fa go ntse jalo, Mokeresete o tla batla go nna kelotlhoko gore a seka a dira dilo tse di sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele. Ka sekai, go tweng fa batho ba ba tlileng go nyalana ba ne ba ka dira lenaane la dimpho tse ba ratang go di rekelwa tse di jang madi a mantsi thata? Fa go nna jalo ba ba se nang madi ba ka nna ba se ka ba kgona go reka mpho eo kgotsa ba ka nna ba bona go le botoka gore ba se ka ba tla lenyalong e le gore ba se ka ba tlhajwa ke ditlhong ka mpho ya madi a mannye e ba e rekileng. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a kwala jaana: “Go reka dimpho e setse e nna morwalo jaanong. Ke lekile gore ke nne motho yo o pelotshweu, mme bosheng jaana ke latlhegetswe ke boitumelo jotlhe jo ke neng ke nna le jone ka ntlha ya bopelotshweu.” Ruri go utlwisa botlhoko gore manyalo a fetogile selo se se kgobang marapo!

Totatota batho ba ba tlang le dimpho ga ba a tshwanela go dirwa gore ba ikutlwe gore e le gore mpho ya bone e amogelwe, e tshwanetse ya bo e rekilwe mo lebenkeleng le le rileng kgotsa e le ya madi a a rileng. Gonne tota Jesu Keresete o ne a bontsha gore selo sa botlhokwatlhokwa mo matlhong a Modimo ke boikutlo jwa motho yo o ntshang mpho e seng gore ke mpho ya bokae. (Luke 21:1-4) Ka tsela e e tshwanang fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka dimpho tsa bopelotlhomogi tse di ntshetswang batlhoki o ne a re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakorintha 9:7.

Go ya ka Baebele ga go phoso go kwala leina la gago mo karateng gore go itsiwe gore ke wena o rometseng mpho eo. Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe go tlwaelegile gore go balwe maina a botlhe ba ba tlisitseng dimpho. Tlwaelo eno e ka dira gore go nne le mathata. Batho ba bangwe ba ba tlisitseng mpho ba ka nna ba se ka ba batla go itsiwe e le gore ba se ka ba tlotlomadiwa go sa tlhokege ka mpho e ba e tlisitseng. Batho ba ba dirang jalo ba dira tumalanong le molaomotheo o o fitlhelwang mo go Mathaio 6:3 mo Jesu a reng: “Mme wena, fa o aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko, a seatla sa gago sa molema se se ka sa itse se sa moja se se dirang.” Ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore kgang ya go ntsha dimpho ke kgang ya botho e e tshwanetseng go ama fela yo o ntshang mpho le yo o e amogelang. Mo godimo ga moo, go bala maina a batho ba ba ntshitseng dimpho go ka nna ga dira gore ba feleletse ba bapisa dimpho tse go tlilweng ka tsone e leng selo se se ka bakang go ‘gaisana.’ (Bagalatia 5:26) Eleruri Bakeresete ba tla leka gore ba se ka ba dira gore ba bangwe ba tlhajwe ke ditlhong ka go bala phatlalatsa maina a batho ba ba ntshitseng dimpho.—1 Petere 3:8.

Ee, fa re dira go dumalana le melaometheo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, go aba dimpho e tla nna selo se se itumedisang.—Ditiro 20:35.