Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mongwe le Mongwe o Tla Nna Kafa Tlase ga Setlhare sa Gagwe sa Mofeige

Mongwe le Mongwe o Tla Nna Kafa Tlase ga Setlhare sa Gagwe sa Mofeige

 Mongwe le Mongwe o Tla Nna Kafa Tlase ga Setlhare sa Gagwe sa Mofeige

MORITI o batlega thata mo mogoteng wa selemo kwa Botlhabagare. Setlhare sepe fela se motho a ka tshabelang mogote wa letsatsi mo go sone se itumelelwa thata, segolobogolo fa se tlhoga gaufi le legae la gagwe. Setlhare sa mofeige se na le moriti o o gaisang mo e ka nnang wa ditlhare tsotlhe tsa kgaolo eo ka gonne se na le matlhare a magolo le dikala tse di tsharologileng.

Go ya ka buka ya Plants of the Bible, “go bolelwa gore moriti [wa setlhare sa mofeige] o tsiditsana e bile o lapolosa go gaisa wa tente.” Ditlhare tsa mofeige tse di neng di tlhoga mo matlhakoreng a masimo a mofine kwa Iseraele wa bogologolo di ne di naya badiri ba mo masimong lefelo le le molemo la go ikhutsa ka nakwana.

Ba lelapa ba ne ba ka dula kafa tlase ga setlhare sa mofeige mme ba itumelela motlotlo o o monate morago ga letsatsi le leleele le le mogote. Mo godimo ga moo, setlhare sa mofeige se tlamela mong wa sone ka maungo a mantsi a a monate. Ka gone, go tloga ka nako ya ga Kgosi Solomone, go nna kafa tlase ga setlhare sa mofeige go ne go tshwantshetsa kagiso, katlego le letlepu.—1 Dikgosi 4:24, 25.

Makgolo a dingwaga pele ga foo, moporofeti Moshe o ne a tlhalosa Naga e e Solofeditsweng e le ‘lefatshe la difeige.’ (Duteronome 8:8) Ditlhodi tse 12 di ne tsa tlhagisa bosupi jwa gore lefatshe leo le nonne ka go tla ka difeige le maungo a mangwe fa di boela kwa bothibelelong jwa Iseraele. (Dipalo 13:21-23) Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, motho mongwe yo o neng a etetse dinaga tse di umakiwang mo Baebeleng o ne a bolela gore setlhare sa mofeige e ne e le sengwe sa ditlhare tse di bonwang ka bontsi koo. Ga go gakgamatse go bo Dikwalo di umaka difeige le ditlhare tsa tsone gangwe le gape!

Setlhare se se Ungwang Gabedi ka Ngwaga

Setlhare sa mofeige se kgona go tlhoga mo mefuteng e le mentsi ya mmu, mme medi ya sone e mentsi e se thusa go itshokela paka e telele le e e se nang dipula ya selemo ya Botlhabagare. Setlhare seno se a gakgamatsa ka gonne se ungwa maungo a mabutswapele ka June mme gantsi se ungwa a konokono go tloga ka August go ya pele. (Isaia 28:4) Gantsi Baiseraele ba ne ba ja maungo a mabutswapele ka yone nako e a tswang mo setlhareng ka yone. Maungo a morago ba ne ba a omisa gore ba tle ba a dirise mo gare ga ngwaga. Difeige tse di omisitsweng  di ne di ka kgobiwa di bo di dirwa dikuku, mme ka dinako tse dingwe di ne di tswakanngwa le dithamane. Dikuku tseno di ne di sa tlhoke matsapa a mantsi, di na le dikotla e bile di le monate.

Abigaile yo o botlhale o ne a abela Dafide dikuku di le 200 tsa difeige tse di kgobilweng, ga go pelaelo gore o ne a akanya gore dijo tseno di ne di tla tshwanela batho bao ba e neng e le batshabi. (1 Samuele 25:18, 27) Difeige tse di kgobilweng gape di ne di dirisediwa go alafa. Motswako wa difeige tse di kgobilweng tse di omisitsweng o ne wa tshasiwa mo sesong se se neng se dule Kgosi Hesekia, se se neng se ka nna sa mmolaya le fa gone selo se tota se neng sa dira gore a feleletse a fodile e le go thusiwa ke Modimo. *2 Dikgosi 20:4-7.

Mo metlheng ya bogologolo, difeige tse di omisitsweng di ne di ratiwa thata mo kgaolong yotlhe ya Mediterranean. Cato yo e neng e le radipolotiki, o ne a dirisa difeige go tlhotlheletsa Senate ya Roma go lwa le Carthage mo ntweng ya Third Punic War. Difeige tse di omisitsweng tse di monate go gaisa tsotlhe kwa Roma di ne di tswa kwa Caria, kwa Asia Minor. Ka gone, difeige tse di omisitsweng di ne tsa bidiwa carica ka Selatine. Yone kgaolo eo e gompieno e leng Turkey, e sa ntse e tlhagisa difeige tse di omisitsweng tsa boleng jo bo kwa godimo.

Gantsi balemi ba Iseraele ba ne ba jala ditlhare tsa difeige mo masimong a bone a mofine, le fa go ntse jalo ba ne ba kgaola tse di sa ungweng. Ba ne ba ka se senye mmunyana o o nonneng o ba nang le one ka ditlhare tse di sa ungweng. Mo setshwantshong sa ga Jesu se se kaga setlhare se se sa ungweng sa difeige, molemi o ne a raya mmaakanyi wa mofine a re: “Jaanong e setse e le dingwaga di le tharo ke ntse ke tla go batla maungo mo setlhareng seno sa mofeige, mme ga ke a fitlhela lepe. Se reme! Tota ke ka ntlha yang fa se tshwanetse go dira gore mmu e nne o o se nang mosola?” (Luke 13:6, 7) E re ka ditlhare tsa maungo di ne di duelelwa lekgetho mo motlheng wa ga Jesu, setlhare sepe fela se se sa ungweng se ne se tla jela mong wa sone madi a mantsi.

Difeige di ne di le botlhokwa thata mo dijong tsa Baiseraele. Ka gone, e ne e tla nna matlhotlhapelo fa setlhare se ne se ka tlhagisa maungo a se kae fela—gongwe e le ka ntlha ya go bo Jehofa a atlhotse mong wa sone. (Hosea 2:12; Amose 4:9) Moporofeti Habakuke o ile a re: “Le mororo setlhare sa mofeige ka bosone se ka nna sa se ka sa ntsha dithunya, mme go ka nna ga se ka ga nna le kungo mo mefineng; tiro ya setlhare sa motlhware e ka nna ya tlhoka maungo, le matlhagare ka boone a ka nna a se ka a ntsha dijo . . . Le fa go ntse jalo, fa e le nna, ke tla itumela mo go Jehofa ka boene; ke tla ipela mo Modimong wa poloko ya me.”—Habakuke 3:17, 18.

Go Tshwantshetsa Setšhaba Se se Se Nang Tumelo

Ka dinako tse dingwe Dikwalo di dirisa difeige kana ditlhare tsa tsone ka tsela ya tshwantshetso. Ka sekai, Jeremia o na a tshwantsha Bajuda ba ba ikanyegang ba ba neng ba le kwa botshwarong le seroto sa difeige tse di molemo, difeige tsa mabutswapele tse gantsi di neng di tle di jewe ka nako e di tswang mo setlhareng ka yone. Le fa go ntse jalo, batshwarwa ba ba sa ikanyegeng ba ne ba tshwantshiwa le difeige tse di sa siamang, tse di neng di ka se jewe, tse di neng di tshwanelwa ke go latlhiwa.—Jeremia 24:2, 5, 8, 10.

Jesu o ne a dirisa setshwantsho seno sa mofeige o o sa ungweng go bontsha kafa Modimo a neng a dirisana le setšhaba sa Bajuda ka bopelotelele ka gone. Jaaka fa go tlhalositswe pelenyana, o ne a bua ka monna mongwe yo o neng a na le setlhare sa mofeige mo tshimong ya gagwe ya mofine. Setlhare seo se ne se feditse  dingwaga tse tharo se sa ntshe maungo ape, mme mong wa sone o ne a tla tloga a laela gore se kgaolwe. Le fa go ntse jalo, mmaakanyi wa masimo a mofine o ile a re: “Mong wa me, se lese le ngwaga ono, go fitlha ke epa go se dikologa ke bo ke tshela motshotelo; mme fa se ungwa maungo mo isagweng, go tla bo go siame e bile go le molemo; mme fa se sa ungwe, ruri o tla se rema.”—Luke 13:8, 9.

Fa Jesu a bua setshwantsho seno, o ne a setse a feditse dingwaga tse tharo a rera, a leka go thusa setšhaba sa Bajuda go nna le tumelo. Jesu o ne a oketsa tiro ya gagwe, a “tshela motshotelo” mo setlhareng sa tshwantshetso sa mofeige—setšhaba sa Bajuda—mme ka go dira jalo a se naya tshono ya gore se tlhagise maungo. Le fa go ntse jalo, beke pele ga Jesu a swa, go ne ga bonala sentle gore setšhaba seo ka kakaretso se ganne Mesia.—Mathaio 23:37, 38.

Jesu gape o ne a dirisa setlhare sa mofeige go tshwantshetsa maemo a semoya a a sa itumediseng a setšhaba seo. Fa a ne a tsere mosepele go tswa kwa Bethani a ya Jerusalema malatsi a le manè pele ga loso lwa gagwe, o ne a bona setlhare sa mofeige se se nang le matlhare a mantsi mme se se na maungo ape. E re ka difeige tsa mabutswapele di tlhaga ka nako e le nngwe le matlhare—mme ka dinako tse dingwe le e leng pele matlhare a gola—kgang ya go bo setlhare seno se ne se se na maungo e ne e bontsha gore se ne se se na mosola.—Mareko 11:13, 14. *

Fela jaaka setlhare seno sa mofeige se se sa ungweng se se neng se lebega se siame, setšhaba sa Bajuda le sone se ne se lebega se siame. Le fa go ntse jalo, se ne se sa tlhagise maungo a a molemo mme se ne sa feleletsa le ganne Morwa wa ga Jehofa. Jesu o ne a hutsa setlhare seo sa mofeige se se sa ungweng, mme mo letsatsing le le latelang, barutwa ba ne ba lemoga gore se ne se setse se omeletse. Setlhare seo se se omeletseng se ne se tshwantshetsa sentle tsela e Modimo a neng a tlile go latlha Bajuda ka yone gore ba se ka ba tlhola e nna batho ba gagwe ba ba kgethegileng.—Mareko 11:20, 21.

‘Ithuteng mo Setlhareng sa Mofeige’

Gape Jesu o ne a dirisa setlhare sa mofeige go ruta thuto e e botlhokwa ka kgang ya go nna gone ga gagwe. O ne a re: “Ithuteng ntlha eno ka setlhare sa mofeige e le setshwantsho: Ka bonako fela fa kalana ya sone e nna nana mme e ntsha matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi. Ka tsela e e tshwanang le lona, fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi fa dikgorong.” (Mathaio 24:32, 33) Matlhare a a phatsimang le a matala a setlhare sa mofeige ke sesupo se se bonalang sentle sa gore go selemo. Boporofeti jo bogolo jwa ga Jesu jo bo kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13, le Luke kgaolo 21 le jone bo re naya bosupi jo bo bonalang sentle jwa go nna gone ga gagwe a le mo kgalalelong ya Bogosi jwa selegodimo.—Luke 21:29-31.

Ga go pelaelo gore re batla go ithuta mo setlhareng sa mofeige e re ka re tshela mo nakong e e botlhokwa thata mo ditiragalong. Fa re dira jalo e bile re nna re tsogile semoyeng, re na le tsholofelo ya go bona tsholofetso eno e botlhokwa e diragala: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.”—Mika 4:4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 H. B. Tristram, yo e leng moithuti wa dilo tsa tlholego yo o neng a etela mafatshe a a umakiwang mo Baebeleng mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, o ne a lemoga gore batho ba teng ba sa ntse ba dirisa motswako wa difeige go alafa diso.

^ ser. 16 Tiragalo eno e diragetse gaufi le motsana wa Bethefage. Leina la one le kaya “Ntlo ya Difeige Tsa Mabutswapele.” Seno se ka tswa se bontsha gore kgaolo eo e ne e itsege ka ditlhare tse di tlhagisang difeige tse dintsi tsa mabutswapele.