Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ile ba Fenya Pogiso

Ba Ile ba Fenya Pogiso

 Ba Ile ba Fenya Pogiso

FRIEDA JESS o tshotswe ka 1911 kwa Denmark, koo ene le batsadi ba gagwe ba neng ba fuduga gone go ya go nna kwa Husum, kwa Jeremane bokone. Dingwaga moragonyana o ile a bona tiro kwa Magdeburg, mme ka 1930 o ne a kolobediwa go nna Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Hitler o ne a simolola go busa ka 1933, mme tiragalo eno mo go Frieda e ne e le tshimologo ya dingwaga di le 23 tsa go tshwarwa makgwakgwa mo dipusong tse pedi tsa babusaesi.

Ka March 1933, go ne ga tshwarwa ditlhopho kwa Jeremane. Dr. Detlef Garbe, yo e leng tlhogo ya Musiamo wa Kampa ya Pogiso ya Neuengamme, gaufi le Hamburg, a re: “Puso ya Bonasi e ne e batla go pateletsa bontsi jwa batho gore ba eme mokanseleri le moeteledipele wa yone e bong Adolf Hitler nokeng.” Basupi ba ga Jehofa ba ile ba latela kgakololo ya ga Jesu ya gore ba se ka ba tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki le gore ba se ke ba nna “karolo ya lefatshe,” ka jalo ga ba a ka ba bouta. Seno se ne sa felela ka eng? Tiro ya Basupi e ne ya thibelwa.—Johane 17:16.

Frieda o ne a tswelela pele a dira ditiro tsa gagwe tsa Bokeresete ka go iphitlha, go akaretsa le tiro ya go thusa go gatisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo. A re: “Dingwe tsa dimakasine di ne di tsenngwa ka bokukuntshwane mo dikampeng tsa pogisetso gore badumedikarona ba solegelwe molemo.” O ne a tshwarwa ka 1940 mme Ba-Gestapo ba ne ba mo thamathamisa ka dipotso, go tswa foo a fetsa dikgwedi a tswaletswe a le nosi. Ke eng se se neng sa mo thusa go itshoka? A re: “Thapelo e ne e le botshabelo jwa me. Ke ne ke simolola go rapela phakela mo mosong mme ke rapela makgetlho a le mantsi mo letsatsing. Thapelo e ne ya nnonotsha ya ba ya nthusa gore ke se ka ka tlhobaela ka tsela e e feteletseng.”—Bafilipi 4:6, 7.

Frieda o ne a gololwa, mme ka 1944 Ba-Gestapo ba ne ba mo tshwara gape. Mo lekgetlhong leno o ne a atlholelwa dingwaga di le supa kwa kgolegelong ya Waldheim. Frieda o tswelela pele a re: “Badisa ba kgolegelo ba ne ba dira gore ke dire le basadi ba bangwe kwa diphaposing tsa botlhatswetso. Gantsi ke ne ke dira le mogolegwa mongwe go tswa kwa Czechoslovakia, ka jalo ke ne ke bua thata le ene ka Jehofa le ka bodumedi jwa me. Go tlotla le ene jalo go ne ga nnonotsha tumelo tota.”

Go Gololwa ka Nakwana Fela

Bagolegwa ba kgolegelo ya Waldheim ba ile ba gololwa ke masole a Soviet ka May 1945, mme Frieda o ne a gololesegile go boela kwa Magdeburg le go dira bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa, le fa go ntse jalo, seo se ne sa se ka sa tsaya lobaka lo loleele. Basupi ba ile ba tshwarwa makgwakgwa gape, mme mo lekgetlhong leno ba ne ba tshwarwa makgwakgwa ke balaodi ba Puso ya Soviet. Gerald Hacke wa Setheo sa Hannah-Arendt se se Batlisisang ka Dipuso Tsa Bobusaesi a re: “Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba batho ba le mmalwa ba ba ileng ba bogisiwa mo e ka nnang ka dinako  tsotlhe ke dipuso tsoopedi tsa babusaesi mo Jeremane.”

Ke eng fa ba ile ba boa ba tshwarwa makgwakgwa gape? Le mo lekgetlhong leno ba ne ba tshwarwa makgwakgwa ka ntlha ya go se tseye letlhakore ga bone ga Bokeresete. Ka 1948, puso ya Jeremane Botlhaba e ne ya tshwara ditlhopho mme jaaka fa Hacke a tlhalosa, “selo sa konokono [se se neng se dira gore Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwe] e ne e le ka go bo ba ne ba sa nne le seabe mo ditlhophong tseo.” Ka August 1950, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Jeremane Botlhaba. Makgolokgolo a bone a ne a tshwarwa, go akaretsa le Frieda.

Frieda o ne a iphitlhela gape a le kwa kgotlatshekelong mme o ne a atlholelwa dingwaga tse thataro mo kgolegelong. “Mo lekgetlhong leno ke ne ke na le badumedikanna, mme ke ne ka thusiwa thata ke go kopana mmogo ga rona.” Fa a sena go gololwa ka 1956, o ne a fudugela kwa Jeremane Bophirima. Gone jaanong Frieda o nna kwa Husum, o na le dingwaga tse 90 mme o sa ntse a direla Modimo wa boammaaruri Jehofa ka boikanyegi.

Frieda o feditse dingwaga tse 23 a bogisiwa ke dipuso tse pedi tsa babusaesi. “Banasi ba ile ba leka go nkoafatsa mo mmeleng; Bakomonise ba ne ba leka go nkoafatsa semoyeng. Ke eng se se nthusitseng go nna ke nonofile? Go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta Baebele ka nako ya fa ke ne ke sa ntse ke gololesegile, le go nna ke rapela fa ke ne ke tswaletswe ke le nosi, le go dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go tlotlela batho ba bangwe dilo tse ke di dumelang.”

Puso ya Bo-Fascist Kwa Hungary

Naga e nngwe e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba fetsa dingwaga tse dintsi ba tshwerwe makgwakgwa kwa go yone e ne e le ya Hungary. Bangwe ba bone ba ne ba bogisiwa ke dipuso tse tharo, e seng tse pedi fela. Mongwe wa bone ke Ádám Szinger. Ádám o ne a tsholelwa kwa Paks, kwa Hungary ka 1922, mme o godisitswe e le Moporotesetanta. Ka 1937 Baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba etela kwa gaabo Ádám, mme ka yone nako eo o ne a kgatlhegela molaetsa wa bone. Se a neng a ithuta sone mo Baebeleng se ne sa mo tlhatswa pelo gore dithuto tsa kereke ya gaabo di ne di sa dumalane le Baebele. Ka jalo o ne a tlogela Kereke ya Porotesetanta mme a ikamanya le Baithuti ba Baebele mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa.

Tlhotlheletso ya Bo-Fascist e ne e gola kwa Hungary. Gantsi mapodise a ne a tlhola a bona Ádám a rera ka ntlo le ntlo mme ba ne ba tle ba mo tseye ba ye go mmotsolotsa. Basupi ba ne ba gatelelwa fela thata, mme ka 1939 tiro ya bone e ne ya thibelwa. Ka 1942, Ádám o ne a tshwarwa, a isiwa kgolegelong le go itewa setlhogo. Ke eng se se neng sa mo thusa gore le mororo a le dingwaga tse 19 fela, a itshokele go bogisiwa le go fetsa dikgwedi a le mo kgolegelong? “Fa ke sa le kwa gae ke ne ke ithuta Baebele ka kelotlhoko mme seo sa nthusa go tlhaloganya maikaelelo a ga Jehofa sentle.” Fa Ádám a sena go gololwa e ne ya nna gone a kgonang go kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. O ne a kolobediwa jalo mo lefifing go le bosigo ka August 1942, mo nokeng gaufi le kwa gaabo.

Mo Kgolegelong Kwa Hungary, mo Kampeng ya Pogisetso Kwa Serbia

E ne ya re ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, Hungary ya ikgolaganya le Jeremane go lwa le Soviet Union, mme ka letlhabula la ngwaga wa 1942, Ádám o ne a bilediwa bosoleng. O bega jaana: “Ke ne ka ba itsise gore nka se nne lesole ka ntlha ya se ke se ithutileng mo Baebeleng. Ke ne ka ba tlhalosetsa gore ga ke tseye letlhakore.” O ne a atlholelwa go nna dingwaga tse 11 mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, Ádám o ne a se ka a fetsa lobaka lo loleele kwa Hungary.

Ka 1943 Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 160 ba ne ba phuthiwa mme ba tsewa ka mekoro go isiwa kwa Serbia ba raletse Noka ya Danube. Ádám e ne e le mongwe wa bone. Fa bagolegwa bano ba le kwa Serbia ba ne jaanong ba le kafa tlatse ga Puso ya ga Hitler. Ba ne ba tsenngwa mo kampeng ya pogisetso kwa Bor mme ba patelediwa go bereka mo meepong ya kopore. Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, ba ne ba busediwa kwa Hungary, koo Ádám a neng a fitlha a gololwa ke masole a Soviet teng, ka dikgakologo tsa 1945.

Hungary mo Pusong ya Bokomonise

Le fa go ntse jalo, kgololesego eo e ne ya nna ya nakwana fela. Fa dingwaga tsa bo1940 di tloga di fela, balaodi ba Bokomonise kwa Hungary ba ile ba thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa fela jaaka ba Bo-Fascist ba ile ba dira pele ga ntwa. Ka 1952  Ádám, yo jaanong a neng a na le dingwaga tse 29, a nyetse e bile a na le bana ba babedi, o ne a tshwarwa le go atlholwa ka gonne gape a ile a gana go tsenela bosole. Ádám o ne a tlhalosetsa kgotlatshekelo jaana: “Ga se la ntlha ke gana tiro ya bosole. Ka nako ya ntwa, ke ne ka isiwa kgolegelong ka ba ka isiwa kwa Serbia ka lone lebaka leno. Ke gana tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi. Ke Mosupi wa ga Jehofa, mme ga ke tseye letlhakore mo dipolotiking.” Ádám o ne a atlholelwa dingwaga tse robedi mo kgolegelong, mme moragonyana di ne tsa fokodiwa go nna dingwaga tse nnè.

Ádám o ne a nna a tshwarwa makgwakgwa jalo go fitlha mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1970, dingwaga di feta 35 fa e sa le Baithuti ba Baebele ba etela kwa gaabo. Mo nakong eno yotlhe, o ne a atlholwa dingwaga tse 23 ke dikgotlatshekelo tse thataro, a latlhelwa mo dikampeng le mo dikgolegelong di ka nna lesome. O ne a fetsa nako e ntsi a bogisiwa ke dipuso tse tharo—ya Bo-Fascist kwa Hungary pele ga ntwa, ya Banasi ba Jeremane kwa Serbia, le ya Bokomonise kwa Hungary ka nako ya ntwa ya molomo.

Ádám o sa ntse a direla Modimo ka boikanyegi kwa toropong e a tsholetsweng kwa go yone ya Paks. A o na le bokgoni bongwe jo bo sa tlwaelegang jo e leng jone bo mo thusitseng go itshokela mathata ano ka katlego? Nnyaa. O tlhalosa jaana: “Thuto ya Baebele, thapelo le go kopana le badumedikanna ke gone go nthusitseng thata. Mme ke rata go gatelela dilo tse dingwe gape tse pedi. Sa ntlha, Jehofa ke Motswedi wa nonofo. Ke ne ka thusiwa thata ke go nna le kamano e e molemo le ene. Mme sa bobedi, ke ne ka se ka ka lebala Baroma kgaolo 12, e e reng: ‘Lo se ka lwa ipusolosetsa.’ Ka jalo ke ne ka se ka ka tshwara ope ka pelo. Go ile ga tlhaga ditshono di le dintsi tsa go ka ipusolosetsa mo babogising ba me, mme ke ne ka se ka ka ipusolosetsa. Ga re a tshwanela go dirisa nonofo e Jehofa a re nayang yone go duela bosula ka bosula.”

Pogiso Yotlhe e Tla Fela

Gone jaanong Frieda le Ádám ba kgona go obamela Jehofa ka kgololesego. Le fa go ntse jalo, dilo tse di ba diragaletseng di re ruta eng ka pogiso ya bodumedi? Gore pogiso e e ntseng jalo ga e atlege—segolobogolo fa go bogisiwa Bakeresete ba boammaaruri. Le fa go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa go dirile gore ba latlhegelwe ke dilo di le dintsi e bile go dirile gore ba boge setlhogo, pogiso eo ga ya atlega. Gompieno, palo ya Basupi ba ga Jehofa e oketsega thata kwa Yuropa, koo dipuso tse pedi tse dikgolo tsa babusaesi di kileng tsa bo di busa gone.

Basupi ba ile ba tsibogela go bogisiwa ga bone jang? Jaaka fa pego ya ga Frieda le Ádám e bontsha, ba ile ba dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:21) A ruri molemo o ka fenya bosula? Ee, motho a ka kgona go dira jalo fa a tlhotlhelediwa ke go nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong. Basupi ba ga Jehofa ba kgonne go fenya dipogiso kwa Yuropa ka ntlha ya go thusiwa ke moya wa Modimo, e leng se se bontshang kafa moya o o boitshepo o ka kgonang go tlhotlheletsa Bakeresete ba ba boikokobetso ka tsela e e molemo ka teng. (Bagalatia 5:22, 23) Eno ke thuto e batho botlhe ba ka e tsayang tsia mo lefatsheng leno le le tletseng ka tirisodikgoka.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Frieda Jess (yo jaanong sefane sa gagwe e leng Thiele) gone jaanong le ka nako ya fa a ne a tshwerwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ádám Szinger gone jaanong le ka nako ya fa a ne a tshwerwe