Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Paulo o ne a kayang fa a ne a re: “Ka gale fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno”?

Paulo o ne a kwala jaana a bua ka go tlhomiwa ga Segopotso sa loso lwa ga Jesu: “Ka gale fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno, lo nna lo bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.” (1 Bakorintha 11:25, 26) Bangwe ba akanya gore polelwana e e reng “ka gale” fano e bontsha gore loso lwa ga Keresete lo tshwanetse go ketekwa kgapetsakgapetsa, go go rayang gore lo ketekiwe gantsi. Ka gone, ba lo keteka gantsi, e seng gangwe fela ka ngwaga. A ke sone se Paulo a neng a se kaya?

Gone jaanong go setse go fetile dingwaga di ka nna 2 000 fa e sa le Jesu a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe. Ka jalo, go keteka Segopotso le fa e le gangwe fela ka ngwaga go kaya gore se ketekilwe gantsi fa e sa le ka 33 C.E. Le fa go ntse jalo, mo ditemaneng tse di dikologileng 1 Bakorintha 11:25, 26, Paulo o ne a sa tlhalose gore Segopotso se tshwanetse go ketekiwa ga kae, mme o ne a tlhalosa gore se tshwanetse go ketekiwa jang. Ka Segerika sa ntlhantlha, ga a ka a dirisa lefoko pol·laʹkis, le le kayang “gantsi” kgotsa “kgapetsakgapetsa.” Go na le moo, o dirisitse lefoko ho·saʹkis, le le kayang “ka gale,” polelwana e e kayang “nako le nako fa.” Paulo o ne a re: ‘Nako le nako fa lo dira seno, lo nna lo bolela loso lwa Morena.’ *

Ka jalo, Segopotso sa loso lwa ga Jesu se tshwanetse go ketekiwa ga kae? Go siame gore se ketekiwa gangwe fela ka ngwaga. Tota ke segopotso, mme gantsi segopotso se ketekiwa gangwe fela ka ngwaga. Mo godimo ga moo, Jesu o sule ka letsatsi la Tlolaganyo ya Sejuda, e e neng e ketekiwa gangwe fela ka ngwaga. Paulo a ne a bitsa Jesu sentle a re ke “Keresete tlolaganyo ya rona,” e re ka loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo lo ne lo naya Iseraele wa moya botshelo, fela jaaka setlhabelo sa Tlolaganyo ya ntlha se ne sa namola maitibolo a Baiseraele ba nama kwa Egepeto le go bulela setšhaba tsela ya gore se gololwe mo bokgobeng. (1 Bakorintha 5:7; Bagalatia 6:16) Tsela eno e loso lwa ga Jesu lo amanang ka yone le Tlolaganyo ya Sejuda ya ngwaga le ngwaga e bontsha gore Segopotso sa loso lwa ga Jesu se tshwanetse go ketekiwa gangwe fela ka ngwaga.

Mo godimo ga moo, Paulo o ne a amanya loso lwa ga Jesu le moletlo o mongwe wa ngwaga le ngwaga wa Sejuda, Letsatsi la Tetlanyo. Re bala jaana mo go Bahebera 9:25, 26: “Le gone ga se gore [Jesu] a ikise tshupelo gantsi, jaaka fa moperesiti yo mogolo a tsena mo lefelong le le boitshepo ngwaga le ngwaga [ka Letsatsi la Tetlanyo] ka madi a e seng a gagwe. . . . Mme jaanong o iponaditse gangwe felafela kwa bokhutlong jwa ditsamaiso tsa dilo gore a tlose boleo ka setlhabelo sa gagwe.” E re ka setlhabelo sa ngwaga le ngwaga sa Letsatsi la Tetlanyo se ne sa emisediwa ke setlhabelo sa ga Jesu, go a tshwanela gore Segopotso sa loso lwa gagwe se ketekiwe gangwe fela ka ngwaga. Dikwalo ga di bontshe lebaka lepe la go bo Segopotso se tshwanetse go ketekiwa gantsi go feta moo.

Go dumalana le seno, mokwalahisitori John Laurence von Mosheim o bega gore Bakeresete ba lekgolo la bobedi la dingwaga kwa Asia Minor ba ne ba tlwaetse go keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu “ka letsatsi la bosomennè la kgwedi ya ntlha ya Sejuda [Nisane].” Go ile ga tlwaelega mo dingwageng tsa moragonyana fela jaana gore Labokeresete e se keteke gantsi, e seng gangwe fela ka ngwaga.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bapisa pego e e kwadilweng mo go 1 Samuele 1:3, 7. Mo temaneng eno, polelwana “ka gale” (go ya ka thanolo ya segompieno ya Sehebera) e kaya ditiragalo tse di neng di diragala “ngwaga le ngwaga,” kgotsa gangwe ka ngwaga, fa Elekana le basadi ba gagwe ba babedi ba ne ba ya kwa motlaaganeng kwa Shilo.