Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta re le Rosi ka Tsela E e Re Tlhomelelang go Nna Barutisi

Go Ithuta re le Rosi ka Tsela E e Re Tlhomelelang go Nna Barutisi

 Go Ithuta re le Rosi ka Tsela E e Re Tlhomelelang go Nna Barutisi

“Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe. Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago.”—1 TIMOTHEO 4:15, 16.

1. Ke eng se se ka bolelwang ka nako le kgang ya go ithuta o le esi?

BAEBELE e bolela jaana mo go Moreri 3:1: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” Go ntse fela jalo le ka go ithuta re le rosi. Batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya fa ba go dira ka nako e e sa tshwanelang kgotsa mo lefelong le le sa tshwanelang. Ka sekai, fa o sena go tlhola letsatsi lotlhe o dira ka thata le go ja dijo tse dintsi maitseboa, a o ne o ka batla go ithuta, segolo jang fa o ntse mo sofeng ya gago e o e ratang, o lebeletse thelebishene? Gongwe o ne o ka se ka wa go dira. Ka jalo, o ka rarabolola bothata jono jang? Go bonala sentle gore re tshwanetse go tlhopha nako le lefelo le re ka ithutelang mo go lone gore maiteko a rona a re solegele molemo.

2. Ke nako efe e gantsi e leng molemo thata gore motho a ithute a le esi ka yone?

2 Batho ba le bantsi ba fitlhela gore nako e e molemo thata ya go ithuta ke fa go sa le gale mo mosong e re ka e le yone nako e gantsi ba a bong ba phaphame ka yone. Ba bangwe ba dirisa nako ya boikhutso ya motshegare gore ba ithute ka nakwana. Ela tlhoko kafa dikai tse di latelang di umakang ka teng nako e e dirisediwang ditiro tse di botlhokwa  tsa semoya. Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Dira gore ke utlwe bopelonomi jwa gago jwa lorato mo mosong, gonne ke ikantse wena. Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone, gonne ke tsholeleditse moya wa me kwa go wena.” (Pesalema 143:8) Moporofeti Isaia le ene o ne a bontsha kafa a lemogang botlhokwa jwa go ithuta ka teng fa a ne a re: “Morena Molaodimogolo Jehofa o nneile loleme lwa ba ba rutilweng, gore ke tle ke itse kafa ke arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko. O tsoga moso le moso; o tsosa tsebe ya me gore e utlwe jaaka ba ba rutilweng.” Ntlha ke gore re tshwanetse go ithuta le go bua le Jehofa fa re phaphame mo mogopolong, le fa e ka tswa e le ka nako efe mo letsatsing.—Isaia 50:4, 5; Pesalema 5:3; 88:13.

3. Ke maemo afe a a ka thusang motho go ithuta ka tsela e e tla mo solegelang molemo?

3 Sengwe se se ka dirang gore go ithuta go re solegele molemo ke gore re se ka ra tlhopha go nna mo setulong kgotsa mo sofeng e e matobetobe. Go dira jalo go ka se ka ga re thusa gore re nne re phaphame. Fa re ithuta, mogopolo wa rona o tshwanetse go nna o phaphame, mme go nna mo setulong se se matobetobe ga go lebege go ka re thusa. Se sengwe gape se se ka re thusang fa re ithuta le fa re tlhatlhanya ke go nna mo lefelong le le didimetseng go se na sepe se se re itayang tsebe. Fa o leka go ithuta mme o itewa tsebe ke radio, thelebishene kgotsa bana, ga o kitla o solegelwa molemo sentle. Fa Jesu a ne a batla go tlhatlhanya, o ne a ya kwa lefelong le le didimetseng. O ne a ba a bontsha kafa go leng mosola ka gone gore motho a ye kwa lefelong le a tla nnang nosi kwa go lone fa a rapela.—Mathaio 6:6; 14:13; Mareko 6:30-32.

Go Ithuta o le Esi ka Tsela E e Tla go Thusang go Araba Dipotso

4, 5. Boroutšhara jwa Re Direng bo mosola ka ditsela dife?

4 Go ithuta re le rosi go ka itumedisa thata fa re dirisa dithuso tse di farologaneng tsa go tlhaloganya Baebele gore re kgone go batlisisa go ya pele ka kgang e e rileng, bogolo jang fa re go dira ka boikaelelo jwa go araba dipotso tsa mongwe yo o botsang ka bopeloephepa. (1 Timotheo 1:4; 2 Timotheo 2:23) Batho ba le bantsi ba simolola go ithuta ka boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng?, * e gone jaanong e leng teng ka dipuo di le 261. Ke kgatiso e e theilweng gotlhelele mo Baebeleng, e e motlhofo go tlhaloganngwa mme e tlhalosa dintlha ka tlhomamo. E thusa batho ba ba e balang gore ba tlhaloganye ka bonako se Modimo a se batlang  mo kobamelong ya boammaaruri. Le fa go ntse jalo, e re ka e kwadilwe ka bokhutshwane e ka se ka ya tlhalosa dintlha tsa thuto nngwe le nngwe ka botlalo. Fa motho yo o ithutang Baebele le ene a botsa ka tlhoafalo dipotso tse di malebana le dikgang tse di rileng tsa Baebele tse lo tlotlang ka tsone, o ka dira jang gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng ya Baebele e e tla mo thusang go araba dipotso tseo?

5 Batho ba ba nang le Watchtower Library mo CD-ROM ka puo ya bone, ba ka bona metswedi e le mentsi ya tshedimosetso mo khomputareng motlhofo. Mme go tweng ka ba ba se nang didirisiwa tseno? A re sekasekeng ditlhogo tse pedi tse di ithutiwang mo boroutšhareng jwa Re Direng go bona gore re ka tokafatsa jang tsela e re tlhaloganyang ka yone mme re kgone go araba dipotso ka botlalo—bogolo jang fa mongwe a botsa dipotso tse di jaaka, Modimo ke mang? le gore tota Jesu o ne a ntse jang?—Ekesodo 5:2; Luke 9:18-20; 1 Petere 3:15.

Modimo ke Mang?

6, 7. (a) Go bodiwa potso efe ka ga Modimo? (b) Moruti mongwe o ne a tlogela ntlha efe ya botlhokwa fa a ne a tlhatlhelela batho?

6 Thuto 2 mo boroutšhareng jwa Re Direng e araba potso ya botlhokwa e e reng, Modimo ke Mang? Eno ke ntlha ya botlhokwa ka gonne motho a ka se ka a obamela Modimo wa boammaaruri fa a sa Mo itse kgotsa gongwe a belaela gore O teng. (Baroma 1:19, 20; Bahebera 11:6) Le fa go ntse jalo, batho mo lefatsheng lotlhe ba na le dikgopolo di le dintsi thata malebana le gore Modimo ke mang. (1 Bakorintha 8:4-6) Difilosofi tsotlhe tsa bodumedi di araba potso ya gore Modimo ke mang ka ditsela tse di farologaneng. Madumedi a le mantsi a Labokeresete a tsaya Modimo e le Tharonngwe. Moruti mongwe wa maemo a a kwa godimo kwa United States o ne a tlhatlhelela batho ka setlhogo se se reng “A o Itse Modimo?” mme ga go na gope mo puong ya gagwe mo a ileng a umaka leina la Modimo gone, le fa a ne a nopola Dikwalo Tsa Sehebera ka makgetlho a le mantsinyana. Gone ke boammaaruri gore o ne a bala thanolo ya Baebele e mo boemong jwa go dirisa Jehofa kgotsa Yahweh e neng e dirisa lefoko “Morena” le le ka tlhaloganngwang ka ditsela di le dintsi e bile le sa kaye leina.

7 Ruri moruti yono o ne a tlogela ntlha ya botlhokwa fa a ne a nopola Jeremia 31:33, 34: “‘Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: “Itse MORENA [ka Sehebera, “Itse Jehofa”]!” Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,’ go bua MORENA [ka Sehebera, Jehofa].” Thanolo e a neng a e dirisa e ne e se na leina le le tlhomologileng la Modimo e bong Jehofa.—Pesalema 103:1, 2.

8. Ke eng se se bontshang gore go botlhokwa go dirisa leina la Modimo?

8 Pesalema 8:9 e bontsha gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dirisa leina la ga Jehofa: “Wena Jehofa Morena wa rona, a bo leina la gago le tlotlometse jang ne mo lefatsheng lotlhe!” Bapisa temana eno le mafoko ano: “Wena MORENA, Morena wa rona, a bo leina la gago le tlotlometse jang ne mo lefatsheng lotlhe!” (King James Version; gape bona The New American Bible, The Holy Bible—New International Version, Tanakh—The Holy Scriptures) Le fa go ntse jalo, jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, re ka bona “e e leng kitso ya Modimo” fa re letla Lefoko la gagwe gore le re sedimosetse semoyeng. Mme ke thuso efe ya go ithuta Baebele e e tla arabang ka bonako dipotso tsa rona malebana le botlhokwa jwa leina la Modimo?—Diane 2:1-6.

9. (a) Ke kgatiso efe e e ka re thusang go tlhalosa botlhokwa jwa go dirisa leina la Modimo? (b) Baranodi ba le bantsi ba ile ba se ka ba tlotla leina la Modimo jang?

9 Re ka dirisa boroutšhara jwa Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, jo bo ranotsweng ka dipuo di le 69. * Karolo ya setlhogo se se reng “Leina la Modimo—Bokao le go Bitswa ga Lone” (tsebe 6-11) e bontsha sentle gore Thaterakeramatone ya Sehebera (e e tswang mo lefokong la Segerika le le kayang “ditlhaka tse nnè”) e tlhaga mo e ka nnang ka makgetlho a le 7 000 mo mekwalong ya bogologolo ya Sehebera. Le fa go ntse jalo, baruti le baranodi ba Tumelo ya Sejuda le Labokeresete ba ile ba ntsha leina leno ka boomo mo bontsing jwa dithanolo tsa bone tsa Baebele. * Ba ka bolela jang gore ba itse Modimo le gore ba na le kamano e e amogelesegang le ene fa e le gore ba gana go mmitsa ka leina la gagwe? Leina la gagwe la boammaaruri le re thusa go  tlhaloganya se maikaelelo a gagwe e leng sone le gore ene ke mang. Mo godimo ga moo, mafoko a thapelo ya ga Jesu ya sekao a a reng “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe,” a na le mosola ofe fa e le gore leina la Modimo ga le dirisiwe?—Mathaio 6:9; Johane 5:43; 17:6.

Jesu Keresete ke Mang?

10. Re ka bona tshedimosetso e e feletseng ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu ka ditsela dife?

10 Thuto 3 mo boroutšhareng jwa Re Direng e na le setlhogo se se reng “Jesu Keresete ke Mang?” Mo dirapeng di le thataro fela e naya tlhaloso e khutshwane ka ga Jesu, tshimologo ya gagwe le lebaka la go bo a ile a tla mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, fa o batla pego e e feletseng ya botshelo jwa gagwe, ga go na epe—kwantle ga dipego tsa Efangele ka botsone—e e molemo go gaisa e e fitlhelwang mo bukeng ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela, e e leng teng ka dipuo di le 111.* Buka eno e naya pego e e feletseng ya botshelo jwa ga Keresete le dithuto tsa gagwe, e e theilweng mo Diefangeleng tse nnè mme e rulagantswe go ya ka tatelano ya ditiragalo. Dikgaolo tsa yone tse 133 di tlhalosa ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe. Fa o batla go bona tsela e e farologaneng e ditiragalo tseno di tlhalosiwang ka botlalo ka yone o ka leba Insight, Bolumo 2, ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Jesus Christ.”

11. (a) Ke eng se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane le batho ba bangwe ka se ba se dumelang malebana le Jesu? (b) Dingwe tsa ditemana tsa Baebele tse di ganetsang thuto ya Tharonngwe sentle ke dife, mme ke kgatiso efe e e ka thusang thata mo ntlheng eno?

11 Labokeresete e ganetsana ka kgang e e amanang thata le gore a Jesu ke “Morwa Modimo” e bile ke “Modimo Morwa”—ka mafoko a mangwe, ke kganetsano e e malebana le se Catechism of the Catholic Church e se bitsang “masaitseweng a magolo a tumelo ya Bokeresete,” Tharonngwe. Go farologana le madumedi a Labokeresete, Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Jesu o bopilwe ke Modimo mme ene ka boene ga se Modimo. Kgang eno e tlhalosiwa sentle mo boroutšhareng jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, jo bo ranotsweng ka dipuo di le 95. * Dingwe tsa ditemana di le dintsi tse e di dirisang go ganetsa thuto ya Tharonngwe ke Mareko 13:32 le 1 Bakorintha 15:24, 28.

12. Ke potso efe e nngwe e re tshwanetseng go e akanyetsa?

12 Ditlhaloso tse di fa godimo tse di ka ga Modimo le Jesu Keresete di bontsha ditsela tse re ka di dirisang go ithuta re le rosi ka boikaelelo jwa go thusa batho ba ba sa itseng boammaaruri jwa Baebele gore ba bone kitso e e tlhomameng. (Johane 17:3) Le fa go ntse jalo, go tweng ka ba ba setseng ba feditse dingwaga di le dintsi ba kopanela le phuthego ya Bokeresete? E re ka ba setse ba na le kitso e ntsi ka Baebele, a ba sa ntse ba tlhoka go tlhokomela gore ba ithuta Lefoko la ga Jehofa ba le bosi?

Ke Eng fa o Tshwanetse go ‘Nna o Tlhokometse’?

13. Batho bangwe ba ka nna le kgopolo efe e e phoso malebana le kgang ya go ithuta o le esi?

13 Bangwe ba ba sa bolong go nna maloko a phuthego ka dingwaga di le dintsi ba ka nna ba simolola go nna le mokgwa wa gore ba ikaege fela ka kitso ya Baebele e ba sa leng ba nna le yone mo dingwageng di se kae tsa ntlha tsa fa ba sena go nna Basupi ba ga Jehofa. Go motlhofo gore motho a akanye jaana: “Ga ke tlhoke go ithuta thata jaaka batho ba ba sa tswang go kopanela. Aitsane, akanya fela ka makgetlho a ke feditseng go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka one fa dingwaga di ntse di feta.” Go tla bo go tshwana fela le fa o re: “Tota ga ke tlhoke go tlhokomela tsela e ke jang ka yone gone jaanong, ka gonne akanya fela ka dijo tsotlhe tse ke di jeleng mo nakong e e fetileng.” Re a itse gore mmele o tlhoka go otliwa ka metlha ka dijo tse di nang le dikotla, tse di apeilweng sentle, gore o nne o itekanetse e bile o le matlhagatlhaga. A bo seno se le boammaaruri le go feta jang ne mo kgannyeng ya go dira gore re nne re itekanetse e bile re nonofile semoyeng!—Bahebera 5:12-14.

14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re itlhokometse?

14 Ka jalo rotlhe, le fa re ka tswa re na le nako e ntsi kgotsa e nnye re le baithuti ba Baebele, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo eno e Paulo a neng a e naya Timotheo, yo ka nako eo e neng e le molebedi yo o nang le boikarabelo yo o godileng sentle: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:15, 16) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya kgakololo ya ga Paulo tsia? Gakologelwa gore gape Paulo o ne a bontsha gore  re lwa le “maano a boferefere a ga Diabolo” le “mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” Mme moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa gore Diabolo o ‘batla go kometsa mongwe,’ mme ‘mongwe’ yoo e ka nna ope fela wa rona. Diabolo a ka tswa a letetse fela gore re simolole go nna batho ba ba seng kelotlhoko gore a dirise sebaka seo go re tshwara.—Baefeso 6:11, 12; 1 Petere 5:8.

15. Re na le seiphemelo sefe sa semoya, mme re ka se tlhokomela jang?

15 Ka jalo, re ka iphemela ka eng? Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong, gore lo tle lo kgone go itsetsepela mo letsatsing le le boikepo le gore, fa lo sena go dira dilo tsotlhe ka botlalo, lo eme lo nitame.” (Baefeso 6:13) Gore seaparo seno sa tlhabano sa semoya se dire sentle, ga se tlhoke fela gore se simolole se siame mme gape se tshwanetse go nna se tlhokomelwa. Ka jalo, seaparo seno se se feletseng sa tlhabano se se tswang kwa Modimong se tshwanetse go akaretsa kitso ya Lefoko la Modimo e e mo nakong. Seno se supa botlhokwa jwa gore re nne re oketsa tsela e re tlhaloganyang boammaaruri ka yone jaaka Jehofa a bo senola ka Lefoko la gagwe le ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Go ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka metlha go ka re thusa go tlhokomela seaparo sa rona sa tlhabano sa semoya.—Mathaio 24:45-47; Baefeso 6:14, 15.

16. Re ka dirang go tlhomamisa gore ‘thebe ya rona e kgolo ya tumelo’ e dira sentle?

16 Paulo o gatelela gore “thebe e kgolo ya tumelo” ke karolo e e botlhokwa ya seaparo sa rona sa tlhabano se re iphemelang ka sone, mme re ka e dirisa go thiba le go tima dibetsa tse di konopiwang tse di fisang tsa ga Satane tse e leng ditatofatso tsa maaka le dithuto tsa batlhanogi. (Baefeso 6:16) Ka jalo go botlhokwa gore re tlhatlhobe gore thebe ya rona ya tumelo e nonofile go le kana kang le gore re ka dira eng go e tlhokomela le go e nonotsha. Ka sekai, o ka nna wa botsa jaana: ‘Ke baakanyetsa jang thuto ya Baebele ya beke le beke ya Tora ya Tebelo? A ke baakanyeditse sentle mo nka kgonang go ‘tlhotlheletsa mo loratong le mo ditirong tse di molemo’ ka go naya dikarabo tse di akanyeditsweng sentle mo pokanong? A ke bula Baebele le go bala ditemana tse di umakilweng mme di sa nopolwa? A ke kgothatsa ba bangwe ka go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo dipokanong?’ Dijo tsa rona tsa semoya di tiile, mme re tlhoka go di sila sentle gore di re solegele molemo ka botlalo.—Bahebera 5:14; 10:24.

17. (a) Satane o dirisa botlhole bofe go leka go koafatsa bomoya jwa rona? (b) Re ka lwantsha botlhole jwa ga Satane jang?

17 Satane o itse makoa a batho ba ba sa itekanelang, mme maano a gagwe a a boferefere a bofitlha. Tsela nngwe e a anamisang tlhotlheletso ya gagwe e e bosula ka yone ke ka go dira gore go nne motlhofo gore batho ba bone ditshwantsho tse di hepisang mo thelebisheneng, mo Internet, mo dibidiong le mo dibukeng tse di gatisitsweng. Bakeresete bangwe ba ile ba letla gore botlhole jono bo fetele ka kwa ga diiphemelo tsa bone tse di bokoa, mme seno se feletse ka gore ba latlhegelwe ke ditshiamelo mo phuthegong kgotsa ba nne le ditlamorago tse di masisi le go feta. (Baefeso 4:17-19) Re ka lwantsha botlhole jono jwa semoya jwa ga Satane jang? Ga re a tshwanela go tlhokomologa go ithuta Baebele ka metlha re le rosi, go ya dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seaparo se se feletseng sa tlhabano se se tswang kwa Modimong. Dilo tseno tsotlhe di dira gore re kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang le gore re tlhoe se Modimo a se tlhoileng.—Pesalema 97:10; Baroma 12:9.

18. “Tšhaka ya moya” e ka re thusa jang mo ntweng ya rona ya semoya?

18 Fa re nna re ithuta Baebele ka metlha, ga re kitla  re kgona fela go iphemela ka nitamo ka kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo mme gape re tla kgona go tlhasela ka tsela e e nang le matswela ka go dirisa “tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.” Lefoko la Modimo le “bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baefeso 6:17; Bahebera 4:12) Fa re ka dirisa “tšhaka” eno ka botswerere, e tla re fa re lebane le dithaelo re kgone go lemoga se se ka tswang se lebega se se kotsi, kgotsa e bile se gogela, re bo re se tsaya e le serai se se diphatsa sa yo o boikepo. Kitso e re nang le yone ka Baebele le tsela e re e tlhaloganyang ka yone di tla re thusa gore re gane se se boikepo mme re dire se se molemo. Ka jalo rotlhe re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A tšhaka ya me e bogale kgotsa e rusitse? A ke fitlhela go le thata go gopola ditemana tsa Baebele tse di ka nonotshang tsela e ke tlhaselang ka yone?’ A re se tlogeleng mekgwa ya rona e mentle ya go ithuta Baebele re le rosi mme ka jalo re ganetseng Diabolo.—Baefeso 4:22-24.

19. Re ka bona melemo efe fa re dira bojotlhe jwa rona go ithuta re le rosi?

19 Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” Fa re tsaya tsia mafoko a Paulo a a kwaletseng Timotheo, re ka nonotsha bomoya jwa rona mme ra dira gore bodiredi jwa rona bo nne le matswela thata. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba nonofileng semoyeng ba ka thusa phuthego thata, mme rotlhe re ka ema re nitame mo tumelong.—2 Timotheo 3:16, 17; Mathaio 7:24-27.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Gantsi motho yo o sa tswang go kgatlhega yo o ithutang boroutšhara jwa Re Direng o tla fetela mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, tse ka bobedi jwa tsone di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Dikakantsho tse di neilweng fano di tla thusa go tlosa dilo tse di ka kgoreletsang motho go gatela pele semoyeng.

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ba nang le Insight on the Scriptures ka puo ya bone ba ka leba Bolumo 2 ya yone, ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Jehovah.”

^ ser. 9 Dithanolo di le mmalwa tsa Se-Spain le Se-Catalonia ke di se kae tse di tlhomologileng ka go ranola Thaterakeramatone ya Sehebera, di dirisa “Yavé,” “Yahveh,” “Jahvè,” le “Jehová.”

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke maemo afe a a ka thusang motho go solegelwa molemo ke go ithuta a le esi?

• Ke phoso efe e baranodi ba le bantsi ba Baebele ba e dirang malebana le leina la Modimo?

• O ne o ka dirisa ditemana dife tsa Baebele go ganetsa thuto ya Tharonngwe?

• Re tshwanetse go dira eng go itshireletsa mo maanong a ga Satane a a boferefere, le fa re ka tswa re na le dingwaga di le dintsi re le Bakeresete ba boammaaruri?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Gore o solegelwe molemo ke go ithuta o le esi, o tshwanetse go nna mo lefelong le le siameng le go se nang sepe se se ka go itayang tsebe mo go lone

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

A “tšhaka” ya gago e bogale kgotsa e rusitse?