Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O a Lo Kgathalela

Jehofa O a Lo Kgathalela

Jehofa O a Lo Kgathalela

‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo Modimong,ka gonne o a lo kgathalela.’—1 PETERE 5:7.

1. Jehofa le Satane ba farologane gotlhelele ka tsela efe ya botlhokwa?

JEHOFA le Satane ba farologane gotlhelele. Motho ope yo o ikutlwang a rata Jehofa o tla ikutlwa a tenwa ke Diabolo. Buka nngwe e e tlwaelegileng e bontsha pharologanyo eno. Encyclopædia Britannica (1970) e bolela jaana malebana le ditiro tsa ga Satane jaaka di boletswe mo bukeng ya Baebele ya Jobe: ‘Tiro ya ga Satane ke go ya kwa le kwa mo lefatsheng a senka ditiro kgotsa batho ba kgabagare go tla tweng ba bosula; ka jalo tiro ya gagwe e farologane gotlhelele le ya “matlho a Morena,” ao a yang kwa le kwa mo lefatsheng a nonotsha sengwe le sengwe se se molemo. (II Ditir. xvi, 9). Satane ga a tshepe bomolemo jwa batho jo bo seng pelotshetlha mme a ka bo leka go ya bokgakaleng jo Modimo a mo letleletseng go bo leka ka jone.’ Ee, a pharologanyo e kgolo jang ne!—Jobe 1:6-12; 2:1-7.

2, 3. (a) Bokao jwa lefoko “Diabolo” bo bontshitswe sentle jang ke se se diragaletseng Jobe? (b) Baebele e bontsha jang gore Satane o ntse a latofatsa batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng?

2 Lefoko “Diabolo” le tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “molatofatsi wa maaka,” “mosebi.” Buka ya Jobe e bolela gore Satane o ne a latofatsa motlhanka wa ga Jehofa yo o ikanyegang e bong Jobe ka la gore o Mo direla ka gonne a ipatlela molemo, a re: “A Jobe o boifa Modimo lefela?” (Jobe 1:9) Pego e e mo bukeng ya Jobe e bontsha gore le fa a ne a lekwa, Jobe o ne a atamalana thata le Jehofa. (Jobe 10:9, 12; 12:9, 10; 19:25; 27:5; 28:28) Morago ga pitlagano ya gagwe, o ne a bua le Modimo a re: “Ke utlwile kaga gago ka magatwe, mme jaanong leitlho la me le a go bona.”—Jobe 42:5.

3 Fa e sa le ka motlha wa ga Jobe, a Satane o kgaoditse go latofatsa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo? Nnyaa. Buka ya Tshenolo e bontsha gore mo motlheng ono wa bokhutlo, Satane o ntse a latofatsa barwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng mme ga go pelaelo gore o latofatsa le ditsala tsa bone tse di ikanyegang. (2 Timotheo 3:12; Tshenolo 12:10, 17) Ka gone, sengwe se go tlhokegang thata gore rona Bakeresete botlhe ba boammaaruri re se dire ke go ineela mo Modimong wa rona yo o re kgathalelang e bong Jehofa, le go mo direla ka go bo re mo rata thata mme ka jalo re supe fa ditatofatso tsa ga Satane e le maaka. Fa re dira jalo re tla ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.

Jehofa o Batla Ditsela Tsa go re Thusa

4, 5. (a) Go farologana le Satane, Jehofa ene o senka eng mo lefatsheng? (b) Fa re batla gore Jehofa a re amogele, re tshwanetse go dirang?

4 Diabolo o kgarakgatshega mo lefatsheng, a batla go latofatsa le go kometsa mongwe. (Jobe 1:7, 9; 1 Petere 5:8) Go farologana le moo, Jehofa o senka ditsela tsa go thusa batho ba ba tlhokang maatla a gagwe. Moporofeti Hanani o ne a raya Kgosi Asa a re: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) A bo go na le pharologanyo e kgolo jang ne fa gare ga tsela e Satane a re kelekang ka letlhoo ka yone le tsela e Jehofa a re kgathalelang ka lorato ka yone!

5 Jehofa ga a re tlhodumele gore a bone phoso nngwe le nngwe e re e dirang. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Karabo fano ke gore: ga go na ope. (Moreri 7:20) Fa re atamela Jehofa ka dipelo tse di feletseng, matlho a gagwe a tla nna mo go rona, e se gore a re kgale, mme e le gore a bone maiteko a re a dirang a bo a arabe dithapelo tsa rona fa re kopa thuso le maitshwarelo mo go ene. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone; mme sefatlhego sa ga Jehofa se kgatlhanong le ba ba dirang dilo tse di bosula.”—1 Petere 3:12.

6. Kgang ya ga Dafide ke kgomotso e bile ke tlhagiso mo go rona jang?

6 Dafide o ne a sa itekanela mme a dira boleo jo bo masisi. (2 Samuele 12:7-9) Le fa go ntse jalo, o ne a tshololela Jehofa pelo ya gagwe mme a mo atamela ka go mo rapela ka tlhoafalo. (Pesalema 51:1-12, mafoko a a tlhagang fa godimo ga kgaolo) Jehofa o ne a utlwa thapelo ya gagwe a ba a mo itshwarela, le fa Dafide a ile a diragalelwa ke ditlamorago tse di botlhoko tsa boleo jwa gagwe. (2 Samuele 12:10-14) Seno e tshwanetse ya nna kgomotso le tlhagiso mo go rona. Go a gomotsa go itse gore Jehofa o iketleeditse go itshwarela maleo a rona fa e le gore ruri re a ikwatlhaya, mme go a tsibosa go lemoga gore gantsi maleo a na le ditlamorago tse di masisi. (Bagalatia 6:7-9) Fa re batla go atamalana le Jehofa, re tshwanetse go nnela kgakala kafa re ka kgonang ka teng le sepe fela se se mo utlwisang botlhoko.— Pesalema 97:10.

Jehofa o Gogela Batho ba Gagwe Kwa go Ene

7. Jehofa o senka batho ba ba ntseng jang, mme o ba gogela jang kwa go ene?

7 Dafide o ne a kwala jaana mo go nngwe ya dipesalema tsa gagwe: “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.” (Pesalema 138:6) Ka tsela e e tshwanang, pesalema e nngwe ya re: “Ke mang yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona, ene yo o nnang kwa godimo? O a ikokobetsa gore a lebe legodimo le lefatshe, o tsholetsa motho wa maemo a a kwa tlase go tswa mo loroleng.” (Pesalema 113:5-7) Ee, Mmopi yo o mothatayotlhe wa lobopo o a ikokobetsa gore a lebe lefatshe, mme matlho a gagwe a bona “yo o ikokobeditseng,” “motho wa maemo a a kwa tlase,” batho ba ba “fegelwang le ba ba sonelang ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang.” (Esekiele 9:4) O gogela batho ba ba ntseng jalo kwa go ene ka Morwawe. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bolela jaana: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge . . . Ga go na ope yo o ka tlang mo go nna fa a sa go newa ke Rara.”—Johane 6:44, 65.

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tshwanetse go tla mo go Jesu? (b) Ke eng se se gakgamatsang thata jaana ka thulaganyo ya thekololo?

8 Batho botlhe ba tshwanetse ba tla mo go Jesu mme ba dumele mo setlhabelong sa thekololo ka gonne ba tshotswe e le baleofi, ba lomologane le Modimo. (Johane 3:36) Ba tshwanetse go letlanngwa le Modimo. (2 Bakorintha 5:20) Modimo ga a ka a leta baleofi gore ba mo kope gore a rulaganye tsela e ba neng ba ka letlana le ene ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela. . . . Gonne fa re ne ra letlana le Modimo ka loso lwa Morwawe, fa re ne re sa ntse re le baba, jaanong ka re letlane, re tla bolokwa segolobogolo ka botshelo jwa gagwe.”—Baroma 5:8, 10.

9 Moaposetoloi Johane o ne a tlhomamisa boammaaruri jwa maemo a a kwa godimo jwa gore Modimo o letlanya batho le ene fa a ne a kwala jaana: “Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene. Lorato lo ka tsela eno, e seng gore re ratile Modimo, mme gore o re ratile mme a romela Morwawe go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” (1 Johane 4:9, 10) Modimo ke ene a tsereng kgato pele, e seng batho. A ga o ikutlwe o rata Modimo yo o bontshitseng “baleofi” lorato lo lo kanakana, ba e bileng e le “baba”?—Johane 3:16.

Re Tshwanetse go Batla Jehofa

10, 11. (a) Re tshwanetse ra dirang gore re batle Jehofa? (b) Re tshwanetse go leba tsamaiso ya ga Satane ya dilo jang?

10 Ee, Jehofa ga a re pateletse gore re tle kwa go ene. Re tshwanetse gore re mmatle, ‘re apaape mme ruri re mmone, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Re tshwanetse ra dumela gore Jehofa o na le tshwanelo ya go batla gore re ipeye mo taolong ya gagwe. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Ka jalo, ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba. Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela. Ntlafatsang diatla tsa lona, lona baleofi, mme lo itshekise dipelo tsa lona, lona ba lo sa kgoneng go dira tshwetso.” (Jakobe 4:7, 8) Ga re a tshwanela go okaoka gore re emelane le Diabolo mme re tshwanetse go emela Jehofa ka nitamo.

11 Seno se raya gore re nnele kgakala le tsamaiso e e boikepo ya ga Satane ya dilo. Gape Jakobe o ne a kwala jaana: “A ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, le fa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re batla go nna ditsala tsa ga Jehofa, re tshwanetse ra lebelela gore lefatshe la ga Satane le tla re tlhoa.—Johane 15:19; 1 Johane 3:13.

12. (a) Dafide o ne a kwala mafoko afe a a gomotsang? (b) Jehofa o ne a naya tlhagiso efe ka moporofeti Asaria?

12 Fa lefatshe la ga Satane le re ganetsa ka tsela nngwe e e rileng, se re se tlhokang thata ke gore re atamele Jehofa ka thapelo, re mo kope gore a re thuse. Dafide, yo Jehofa a neng a mo namola ka makgetlho a le mantsi, o ne a kwala mafoko ano go re gomotsa: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka. Jehofa o disa botlhe ba ba mo ratang, mme botlhe ba ba boikepo o tla ba nyeletsa.” (Pesalema 145:18-20) Pesalema eno e bontsha gore Jehofa a ka re boloka fa re lekiwa re le rosi le gore o tla boloka batho ba gagwe botlhe ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshenolo 7:14) Jehofa o tla nna a le gaufi le rona fa re nna re le gaufi le ene. Moporofeti Asaria o ne a kaelwa ke “moya wa Modimo” gore a bolele se re ka se tsayang e le boammaaruri jo bo dirang mo maemong otlhe a re: “Jehofa o na le lona fa fela lo na le ene; mme fa lo mmatla, o tla dira gore lo mmone, mme fa lo mo tlogela o tla lo tlogela.”—2 Ditiragalo 15:1, 2.

Re Tshwanetse go Tsaya Jehofa e le Motho wa Mmatota

13. Re ka bontsha jang gore re tsaya Jehofa e le motho wa mmatota?

13 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka ga Moshe a re “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:27) Ke boammaaruri gore Moshe ga a ise a ko a bone Jehofa ka tsela ya mmatota. (Ekesodo 33:20) Mme o ne a tsaya Jehofa e le motho wa mmatota mo go neng go ntse jaaka e kete o mmone. Ka tsela e e tshwanang, fa Jobe a sena go lekwa, matlho a gagwe a tumelo a ne a bona Jehofa sentle go feta pele, gore ke Modimo yo o letlang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba lekwa mme ga a ke a ba latlha. (Jobe 42:5) Go ne ga bolelwa gore Enoke le Noa ba ne ba ‘tsamaya le Modimo.’ Ba ne ba dira seno ka go leka go itumedisa Modimo le go mo ikobela. (Genesise 5:22-24; 6:9, 22; Bahebera 11:5, 7) Fa re tsaya Jehofa e le motho wa mmatota jaaka go ne go dira Enoke, Noa, Jobe le Moshe re tla ‘mo tsaya tsia’ mo ditirong tsotlhe tsa rona mme ene o tla “tlhamalatsa ditselana tsa [rona].”—Diane 3:5, 6

14. ‘Go ngaparela’ Jehofa go kaya eng?

14 Pele fela Baiseraele ba tshwanelwa ke go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, Moshe o ne a ba gakolola jaana: “Lo sale Jehofa Modimo wa lona morago, lo boife ene, lo boloke ditaelo tsa gagwe, lo reetse lentswe la gagwe, lo mo direle, lo bo lo mo ngaparele.” (Duteronome 13:4) Ba ne ba tshwanetse go latela Jehofa, go mmoifa, go mo ikobela le go mo ngaparela. Malebana le lefoko le fano le ranotsweng e le ‘go ngaparela,’ mokanoki mongwe wa Baebele o bolela gore “puo eno e fa bokao jwa kamano e e gaufiufi.” Mopesalema o ne a re: “Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang.” (Pesalema 25:14) Re ka nna le kamano eno ya botlhokwa e e gaufi le Jehofa fa re mo tsaya e le motho wa mmatota e bile re mo rata thata mo re boifang go mo utlwisa botlhoko ka tsela epe.—Pesalema 19:9-14.

A o Lemoga Gore Jehofa O a Go Kgathalela?

15, 16. (a) Pesalema 34 e bontsha jang gore Jehofa o a re kgathalela? (b) Re tshwanetse go dirang fa re sa kgone go gakologelwa ditiro tsa bomolemo tse Jehofa a re direlang tsone?

15 Lengwe la maano a a boferefere a ga Satane ke go leka go re lebatsa gore Modimo wa rona Jehofa o tlhokomela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka dinako tsotlhe. Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a itse sentle gore Jehofa o a sireletsa, tota le fa a ne a lebane le seemo se se kotsi. Fa a ne a tshwanelwa ke go itira e kete o a tsenwa fa pele ga Kgosi Akishe wa Gathe, o ne a tlhama pina nngwe, pesalema e e monate tota, e e neng e na le mafoko ano a a supang tumelo: “Godisang Jehofa le nna, a re godiseng leina la gagwe mmogo. Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me. Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola. Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo; go itumela monna yo o nonofileng yo o tshabelang mo go ene. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng. Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.”—Pesalema 34:3, 4, 7, 8, 18, 19; 1 Samuele 21:10-15.

16 A o tlhatswegile pelo gore Jehofa o na le maatla a go boloka? A o itse gore o re sireletsa ka baengele ba gagwe? A wena ka bowena o lekile wa ba wa bona gore Jehofa o molemo? Ke leng la bofelo fa o ne o lemoga sentle gore Jehofa o go diretse molemo? Leka go gakologelwa. A e ne e le kwa ntlong ele ya bofelo e o neng wa tsena kwa go yone fa o le mo bodireding, fela fa o ne o ikutlwa e kete o ka se kgone go tswelela? Gongwe e bile o ile wa nna le motlotlo o o kgatlhang le mong wa ntlo. A o ile wa gakologelwa go leboga Jehofa go bo a ile a go naya maatla a a oketsegileng a o neng o a tlhoka le go bo a go segofaditse? (2 Bakorintha 4:7) Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o sa kgone go gakologelwa molemo mongwe o o rileng o Jehofa a neng a go o direla. O ka nna wa tlhoka go ikgopotsa se se neng sa direga mo lobakeng lo lo fetileng lwa beke, kgwedi, ngwaga kgotsa go feta moo. Fa e le gore go ntse jalo, ke eng fa o sa dire gotlhe mo o ka go kgonang gore o atamalane gaufi le Jehofa mme o leke go bona kafa a go kaelang ka teng? Moaposetoloi Petere o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo . . . lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:6, 7) Ee ruri, o tla gakgamadiwa ke go bona kafa a go kgathalelang ka teng!—Pesalema 73:28.

Nna o Batle Jehofa

17. Re tshwanetse go dirang gore re nne re batle Jehofa?

17 Re tshwanetse go tlhagolela kamano ya rona le Jehofa re sa kgaotse. Jesu o ne a bolela jaana a rapela Rraagwe: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Go tsenya kitso ka ga Jehofa le Morwawe go tlhoka gore re dire boiteko ka dinako tsotlhe. Re tlhoka thuso ya thapelo le moya o o boitshepo gore re kgone go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10; Luke 11:13) Gape re tlhoka go kaelwa ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore re kgone go otla megopolo ya rona ka dijo tsa semoya tse re di newang ka “nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45) Jehofa o dirisitse motlhanka yono go re gakolola gore re bale Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi, re nne gone ka metlha kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete re bo re rere ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ ka tlhoafalo. (Mathaio 24:14) Ka go dira jalo, re tla nna re batla Modimo wa rona yo o re kgathalelang e bong Jehofa.

18, 19. (a) Re tshwanetse go ititaya sehuba go dirang? (b) Fa re ema re nitame kgatlhanong le Diabolo re bo re nna re batla Jehofa, re tla segofadiwa jang?

18 Satane o dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go tlisetsa batho ba ga Jehofa pogiso, kganetso le kgatelelo ka ditsela tsotlhe. O leka go kgoreletsa kagiso ya rona le go senya boemo jwa rona jo bontle le Modimo wa rona. Ga a batle gore re tswelele pele ka tiro ya rona ya go batla batho ba ba dipelo di ikanyegang le go ba thusa gore ba tle ka fa letlhakoreng la ga Jehofa mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse ra ititaya sehuba gore re nne re ikanyega mo go Jehofa, re tshepa gore o tla re golola mo go yo o boikepo. Fa re letla Lefoko la Modimo gore le re kaele mme re nna re tlhagafetse mo phuthegong ya gagwe e e bonalang, re ka tlhomamisega gore o tla re tshegetsa ka dinako tsotlhe.—Isaia 41:8-13.

19 Ka jalo, e kete rotlhe re ka ema re nitame kgatlhanong le Diabolo le maano a gagwe a a boferefere, re batle Modimo wa rona yo o rategang e bong Jehofa ka metlha, mme ruri o tla re ‘nitamisa le go re nonotsha.’ (1 Petere 5:8-11) Ka jalo, re tla ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo, re ntse re letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete re solofetse botshelo jo bo sa khutleng.’—Jude 21.

O ka Araba Jang?

• Lefoko “Diabolo” le kaya eng, mme Diabolo o dira tumalanong le leina leo jang?

• Jehofa o farologane jang le Satane malebana le tsela e A lebang banni ba lefatshe ka yone?

• Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go amogela thekololo fa a atamela Jehofa?

• ‘Go ngaparela’ Jehofa go kaya eng, mme re ka dirang gore re nne re mmatla?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Le fa Jobe a ne a lekwa, o ile a tlhaloganya gore Jehofa o a mo kgathalela

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete le go dira tiro ya go rera ka tlhoafalo go re gopotsa gore Jehofa o a re kgathalela