Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Kgomotso mo Dinakong Tsa Mathata

Go Bona Kgomotso mo Dinakong Tsa Mathata

Go Bona Kgomotso mo Dinakong Tsa Mathata

DIKGANG tsa malatsi ano ga di gomotse. Motho mongwe o ne a kwala jaana: “Ditiragalo tsa metlha eno di hutsafatsa thata mo e leng gore ga re kgone go dira tshwetso ya gore a re lebelele dikgang tsa ura ya borataro kgotsa re se ka ra di lebelela.” Lefatshe le tletse ka dintwa, borukutlhi, go boga, bokebekwa le malwetse—e leng dilo tse di bosula tse di ka nnang tsa re ama ka tlhamalalo mo bogautshwaneng fa e le gore ga di ise di re ame.

Baebele e ne ya bolelela pele ka tlhamalalo gore maemo a tla nna jalo. Fa Jesu a ne a tlhalosa motlha wa rona, o ne a re go tla nna le dintwa tse dikgolo, dikgogodi tsa bolwetse, ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe. (Luke 21:10, 11) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone” tsa fa batho ba tla bo ba le bogale jo bo tshabegang, e le barati ba madi e bile ba sa rate molemo. O ne a bitsa nako eo ‘metlha ya bofelo.’—2 Timotheo 3:1-5.

Ka jalo, fa dikgang di tlhalosa maemo a lefatshe di tlhalosa se se tshwanang le se Baebele e se boleletseng pele. Mme tsone di felela fela foo. Baebele yone e dira gore re lebe dilo ka tsela e dikgang di sa direng gore re di lebe ka yone. Ka Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, re ka kgona go tlhaloganya e seng fela lebaka la go bo bosula bo tletse jaana mme gape ka fa isagwe e tla nnang ka gone.

Ka fa Modimo a Lebang Boikepo ka Gone

Baebele e tlhalosa ka fa Modimo a lebang maemo a a hutsafatsang a motlha wa rona ka gone. Le mororo a ile a bonela pele mathata a motlha wa rona, ga a a amogele e bile boikaelelo jwa gagwe ga se go a itshokela ka bosakhutleng. Moaposetoloi Johane o ne a kwala a re “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Jehofa o amega thata ka batho mme o ila sotlhe se se bosula. Go a tshwanela go bo re ka kopa Modimo gore a re gomotse e re ka a le molemo, a le kutlwelobotlhoko, a na le maatla e bile a iketleeleditse go fedisa bosula mo lefatsheng. Mopesalema o ne a kwala jaana: “[Kgosi e Modimo a e tlhomileng kwa legodimong] e tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:12-14.

A o utlwela botlhoko ba ba bogang? Gongwe o ka tswa o ba utlwela botlhoko. Go utlwela ba bangwe botlhoko ke nonofo e Jehofa a re e fileng ka gonne re dirilwe mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26, 27) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o a amega fa batho ba boga. Jesu yo o neng a itse Jehofa thata go feta ope fela o ne a ruta gore Jehofa o a re kgatlhegela e bile o re utlwela botlhoko thata.Mathaio 10:29, 31.

Popo ka boyone e re naya bosupi jwa gore Modimo o amega ka batho. Jesu o ne a re Modimo o “tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile [o] nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:45) Moaposetoloi Paulo o ne a raya batho ba motse wa Lusetera a re: “[Modimo] o ne a se ka a itlogela a se na bosupi ka gore a ne a dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.”—Ditiro 14:17.

Ke Molato wa ga Mang?

Ela tlhoko gape se Paulo a neng a se raya batho ba Lusetera: “Mo dikokomaneng tse di fetileng [Modimo] o ne a letla ditšhaba tsotlhe go tswelela mo ditseleng tsa tsone.” Ka jalo ditšhaba—kgotsa batho ka bobone—ke bone ba nang le molato wa mathata a ba iphitlhelang ba le mo go one. Molato ga se wa Modimo.—Ditiro 14:16.

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letla dilo tse di bosula gore di diragale? A o tla tsamaya a dira sengwe ka tsone? Karabo ya dipotso tseno e ka fitlhelwa fela mo Lefokong la Modimo. Seno ke ka ntlha ya go bo karabo eno e amana le motho mongwe wa semoya le kgang e a neng a e tsosa mo lefelong le le sa bonaleng la semoya.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Batho ba kutlwelobotlhoko. A Modimo le ene o utlwela ba ba bogang botlhoko?

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Tank: UN PHOTO 158181/J. Isaac; earthquake: San Hong R-C Picture Company

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Starving child: UN PHOTO 146150 BY O. MONSEN