Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Tshwanetse go Ikanyega mo go Mang?

O Tshwanetse go Ikanyega mo go Mang?

 O Tshwanetse go Ikanyega mo go Mang?

“Naga ya rona: . . . A e nne e nepile ka metlha; mme a e nne e le naga ya rona, le fa e ka tswa e nepile kgotsa e le phoso.”—Stephen Decatur, mokgweetsi wa dikepe wa kwa United States, 1779-1820.

BATHO ba le bantsi ba tsaya go le botlhokwa thata gore motho a ikanyege mo nageng ya gaabo a sa belaele sepe. Ba bangwe ba ka nna ba baya mafoko a ga Stephen Decatur ka tsela e nngwe ba re, ‘Bodumedi jwa me, a bo nne bo nepile ka metlha; mme a e nne e le bodumedi jwa me, le fa bo ka tswa bo nepile kgotsa bo le phoso.’

Go a utlwala go bo gantsi naga kgotsa bodumedi jo re tshwanetseng ra ikanyega mo go jone bo laolwa ke gore re tsholetswe kae, mme tshwetso ya gore re tshwanetse ra ikanyega mo go mang e botlhokwa thata gore re ka e tlogela gore e laolwe ke maemo a a itiragalelang fela. Le fa go ntse jalo, go nna le dipelaelo ka dilo tse o godileng o rutwa gore o tshwanetse wa ikanyega mo go tsone go tlhoka bopelokgale e bile go baka mathata.

Bothata Jwa Gore o Tla Ikanyega mo go Mang

Mosadi mongwe yo o goletseng kwa Zambia a re: “Ke sa le ke rata bodumedi go tswa bongwaneng. Go rapela ka metlha mo phaposing ya kwa gae ya kobamelo, go keteka malatsi a bodumedi le go ya  tempeleng ka metlha ke dingwe tsa dilo tse ke godisitsweng ka tsone. Bodumedi jwa gaetsho le kobamelo di ne di amana thata le setso sa gaetsho, setšhaba le lelapa la gaetsho.”

Le fa go ntse jalo, fa a ne a tloga a wetsa dingwaga tsa gagwe tsa bolesome, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme moragonyana fela ga foo o ne a swetsa ka gore a fetole bodumedi jwa gagwe. A seno se ne se bontsha go sa ikanyege?

Zlatko o goletse kwa Bosnia, mme o ne a fetsa nakonyana a lwa mo ntweng e e neng e kgautlhantse naga ya gaabo. Le ene o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Jaanong ga a tlhole a tsaya dibetsa go ya go lwa le ope. A seo ke go se ikanyege?

Tsela e o arabang dipotso tseo ka yone e ikaegile ka gore o leba dilo jang. Mosadi yo o umakilweng pelenyana a re: “Mo setšhabeng sa gaetsho, go fetola bodumedi e ne e le molato o o tlhabisang ditlhong o o ka se itshwarelweng; go ne go tsewa e le go se ikanyege, go tlhanogela ba lelapa le setšhaba sa ga lona.” Ka mo go tshwanang, batho ba pele e neng e le masole mmogo le Zlatko ba ne ba tsaya gore batho bape fela ba ba ganang go lwa mo letlhakoreng la bone ga ba ikanyege. Le fa go ntse jalo, mosadi yoo le Zlatko ba tsaya gore se se tlhotlheletsang ditiro tsa bone ke boikanyegi jwa maemo a a kwa godimo, e leng go ikanyega mo Modimong. Mme selo sa botlhokwa thata ke gore, Modimo o ikutlwa jang ka batho ba ba batlang go ikanyega mo go ene?

Boikanyegi Jwa Boammaaruri—Bo Bontsha Lorato

Kgosi Dafide o ne a raya Jehofa Modimo a re: “O tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.” (2 Samuele 22:26) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano go twe “boikanyegi” le na le kgopolo ya bopelonomi jo bo bontshiwang sengwe ka lorato go fitlha boikaelelo jwa jone ka selo seo bo diragadiwa. E re ka Jehofa a na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa mmè wa ngwana yo o anyang, o ikatametsa ka lorato gaufi le batho ba ba ikanyegang mo go ene. Jehofa o ne a raya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba Iseraele wa bogologolo a re: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.” (Isaia 49:15) Batho ba ba iketleeditseng go dira gore go ikanyega mo Modimong e nne selo sa botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe mo matshelong a bone ba ka tlhomamisega gore o tla ba tlhokomela ka lorato.

Re ikanyega mo go Jehofa ka go bo re mo rata. Boikanyegi bo tlhotlheletsa motho go rata se Jehofa a se ratang le go tlhoa dilo tse di boikepo tse Jehofa a di tlhoileng. (Pesalema 97:10) E re ka lorato e le nonofo e kgolo thata ya ga Jehofa, go ikanyega mo Modimong go thusa motho gore a se ka a direla ba bangwe ditiro tse di sa bontsheng lorato. (1 Johane 4:8) Ka jalo, fa motho a tlogela dithuto tsa bodumedi jwa gagwe ka go bo a ikanyega mo Modimong, ga go reye gore ga a tlhole a rata ba lelapa la gagwe.

Boikanyegi mo Modimong—Tlhotlheletso e e Molemo

Mosadi yo go builweng ka ene pelenyana o tlhalosa se a se dirileng jaana: “Ka go ithuta Baebele, ke ne ka simolola go itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, mme ka nna le botsalano le ene. Jehofa ga a tshwane le medimo epe e ke neng ke e obamela pele; o bontsha lorato, tshiamiso, botlhale le maatla ka tekatekano ka tsela e e feletseng. E re ka Jehofa a batla gore go obamelwe ene fela, ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela medimo e mengwe.

“Gangwe le gape batsadi ba me ba ne ba mpolelela gore ke ne ke ba utlwisa botlhoko thata le gore ke ne ke ba swabisa. Boemo jono bo ne bo nketefalela thata ka gonne ke tsaya go le botlhokwa gore batsadi ba me ba amogele se ke se dirang. Mme fa kitso ya me ya boammaaruri jwa Baebele e ntse e gola, ke ne ka simolola go bona sentle gore ke tshwanetse ka tlhopha eng. Ke ne nka se ka ka latlha Jehofa.

“Lebaka la go bo ke tlhophile go ikanyega mo go Jehofa e seng mo dingwaong tsa bodumedi ga le kaye gore ga ke ikanyege mo lelapeng la gaetsho. Ke leka go ba bontsha ka se ke se buang le ka se ke se dirang gore ke tlhaloganya gore ba ikutlwa jang. Mme fa ke sa ikanyege mo go Jehofa, foo nka thibela ba lelapa la gaetsho gore ba se ka ba mo itse, mme seo e tla bo e le go se ikanyege tota.”

Ka tsela e e tshwanang, motho e a bo e se mooki fa go ikanyega mo Modimong go mo tlhoka gore a se ka a tsaya letlhakore mo  dipolotiking le gore a se ka a tsaya dibetsa a lwa le ba bangwe. Zlatko o tlhalosa se a se dirileng jaana: “Le fa ke godisitswe go nna motho yo o ipitsang Mokeresete, ke ne ka nyala motho yo e neng e se Mokeresete. Fa ntwa e simologa, matlhakore oomabedi a ne a batla gore ke ikanyege mo go one. Ke ne ka patelesega go tlhopha gore ke lwela letlhakore lefe. Ke ne ka lwa mo ntweng eno dingwaga di le tharo le sephatlo. Kgabagare nna le mosadi wa me re ne ra tshabela kwa Croatia, koo re neng ra kopana le Basupi ba ga Jehofa teng.

“Fa re ntse re ithuta Baebele re ne ra tlhaloganya gore Jehofa ke ene yo re tshwanetseng go ikanyega thata mo go ene le gore o batla re rata moagelani wa rona le fa e ka tswa e le wa bodumedi bofe kgotsa lotso lofe. Jaanong nna le mosadi wa me re obamela Jehofa mmogo, mme ke ithutile gore nka se ka ka ikanyega mo Modimong mme ka lwantsha moagelani wa me.”

Boikanyegi jo bo Tlhotlhelediwang ke Kitso e e Tlhomameng

E re ka Jehofa e le Mmopi wa rona, re tshwanetse ra ikanyega mo go ene go feta dilo tse dingwe tsotlhe tse go tlhokegang gore re ikanyege mo go tsone. (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, gore go ikanyega mo Modimong go se ka ga fetoga go dira dilo ka go feteletsa le go senya, go tshwanetse ga tlhotlhelediwa ke kitso e e tlhomameng. Baebele e re kgothatsa jaana: ‘Lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, mme lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo boikanyeging jwa boammaaruri.’ (Baefeso 4:23, 24) Monna yo o itsegeng thata yo o neng a kwala mafoko ao a a tlhotlheleditsweng o ne a le pelokgale gore a bo a belaele dilo tse a godileng a rutwa gore o tshwanetse go ikanyega mo go tsone. Tshekatsheko e a neng a e dira e ne ya felela ka phetogo e e mosola.

Ee, Saulo o ne a tshwanelwa ke go tlhopha gore o tla ikanyega mo go mang, fela jaaka go ne ga direga ka batho ba le bantsi mo motlheng wa rona. Saulo o ne a godisitswe ka dingwao tse di gagametseng tsa lelapa la gaabo, mme o ne a ikanyega ka tsela e e tlhomologileng mo bodumeding jo a neng a tsholetswe mo go jone. Go ikanyega mo bodumeding jwa gagwe go ne ga ba ga mo tlhotlheletsa gore a tlhasele batho ba ba neng ba sa dumalane le tsela e a lebang dilo ka yone. Saulo o ne a itsege ka go tlhasela magae a Bakeresete a bo a ba tsaya ka dikgoka gore ba ye go otlhaiwa le e leng go bolawa.—Ditiro 22:3-5; Bafilipi 3:4-6.

Le fa go ntse jalo, fela fa Saulo a sena go nna le kitso e e tlhomameng e e tswang mo Baebeleng, o ne a dira sengwe se balekane ba gagwe ba le bantsi ba neng ba akanya gore se ka se direge. O ne a fetola bodumedi jwa gagwe. Saulo, yo moragonyana a neng a bidiwa moaposetoloi Paulo, o ne a tlhopha go ikanyega mo Modimong go na le go ikanyega mo dingwaong. Boikanyegi mo Modimong jo bo tlhotlhelediwang ke kitso e e tlhomameng bo ne jwa rotloetsa Saulo gore e nne motho yo o itshokelang ba bangwe, yo o lorato le yo o kgothatsang, a tlogele boitshwaro jwa gagwe jwa pele jwa go senya le go dira dilo ka go fetelela.

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ikanyega?

Go letla melao ya Modimo e tlhotlheletsa gore re ikanyega mo go eng go na le melemo ya mmatota. Ka sekai, pego nngwe ya 1999 ya Setheo sa Dipatlisiso ka Malapa sa kwa Australia e ne ya bolela gore “go tshepa le go ikanyega . . . [le] go nna le bomoya,” ke dingwe tsa dilo tsa konokono tse di tlhokegang gore  manyalo a nnele ruri le go kgotsofatsa. Patlisiso yone eo e ne ya fitlhela gore “manyalo a a sa reketleng le a a kgotsofatsang” a thusa gore banna le basadi ba itumele, ba nne le botsogo jo bo siameng ba bo ba tshele nako e telele le gore manyalo a a sa reketleng a dira gore bana ba kgone go nna le botshelo jo bo itumetseng.

Mo lefatsheng la gompieno le le tletseng dipelaelo, boikanyegi bo tshwana le mogala o o gogang motho yo o palelwang ke go thuma o mo gogela kwa sekepeng se se tla mo falotsang. Jaaka motho yono yo o thumang, motho yo o sa ikanyeng sepe o tla iphitlhela a heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete o heheutlwa ke makhubu le diphefo. Mme fa a ikanya sengwe se se sa tshwanelang, go ntse jaaka e kete mogala wa gagwe o mo gogela mo sekepeng se se nwelang. Fela jaaka Saulo, a ka tloga a iphitlhela a gogelwa mo ditirong tse di senyang. Le fa go ntse jalo, go ikanyega mo go Jehofa re tlhotlhelediwa ke kitso e e tlhomameng go re thusa gore re eme re nitame e bile go tla dira gore re bolokwe.—Baefeso 4:13-15.

Jehofa o solofetsa jaana batho ba ba ikanyegang mo go ene: “Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:28) Go ise go ye kae, batho botlhe ba ba ikanyegang mo go Jehofa ba tla tsenngwa mo lefatsheng la paradaise, kwa go tla bong go se na bohutsana le botlhoko teng mme ba tla itumelela botsalano jo bo nnelang ruri ba sa kgaoganngwe ke bodumedi le dipolotiki.—Tshenolo 7:9, 14; 21:3, 4

Tota le jaanong, batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba lemogile gore ba ka bona boitumelo jwa boammaaruri fela ka go ikanyega mo go Jehofa. Ke eng fa o sa letle gore Basupi ba ga Jehofa ba dirise boammaaruri jwa Baebele go go thusa go sekaseka tsela e o lebang boikanyegi ka yone? Baebele e re bolelela jaana: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.”—2 Bakorintha 13:5.

Re tshwanetse ra nna pelokgale gore re ipotse dipotso ka tumelo ya rona le gore ke eng fa re ikanyega mo go yone, mme maiteko ao a tla nna le maduo fa kwa bokhutlong re atamalana le Jehofa Modimo. Mosadi yo go builweng ka ene pelenyana o tlhalosa maikutlo a le batho ba bangwe ba bantsi ba nang le one fa a re: “Ke ithutile gore go ikanyega mo go Jehofa le mo melaong ya gagwe go re thusa gore re dirisane le ba malapa a rona ka tekatekano le go nna batho ba ba molemo mo setšhabeng. Le fa diteko di ka tswa di le boima jang, fa re ikanyega mo go Jehofa, o tla nna a ikanyega mo go rona ka metlha.”

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kitso e e tlhomameng e ne ya tlhotlheletsa Saulo gore a fetole se a neng a ikanyega mo go sone

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ke ka ntlha yang fa o sa dirise boammaaruri jwa Baebele go sekaseka dilo tse o ikanyegang mo go tsone?

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Churchill, upper left: U.S. National Archives photo; Joseph Göbbels, far right: Library of Congress