Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ijaleleng Tshiamo, Robang Bopelonomi Jwa Modimo Jwa Lorato

Ijaleleng Tshiamo, Robang Bopelonomi Jwa Modimo Jwa Lorato

 Ijaleleng Tshiamo, Robang Bopelonomi Jwa Modimo Jwa Lorato

“MOTHO ga a na go tsamaelwa ke dilo sentle ka gonne a dule moemedi wa motswakwa, mme yo o tlhoileng go newa seatla o nna a sena matshwenyego.” (Diane 11:15) A bo seane seno se se opang kgomo lonaka se re kgothatsa ka tsela e e tlhatswang pelo jang ne gore re nne le boikarabelo mo go se re se dirang! Fa o saenela motho yo o adimang madi, mme e le motho yo o ka se kang a ikanngwa, o tla bo o ipakela mathata. Fa o tila go naya motho seatla—mokgwa o kwa Iseraeleng wa bogologolo o neng o tshwana le go saenela tumalano—o ka se ka wa wela mo mathateng a tsa madi.

Go phepafetse gore molaomotheo o o dirang fano ke wa gore: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Moporofeti Hosea o ne a re: “Ijaleleng peo mo tshiamong; robang tumalanong le bopelonomi jwa lorato.” (Hosea 10:12) Ee, fa o jala tshiamo ka go dira dilo ka tsela e Modimo a e batlang, o tla roba bopelonomi jwa gagwe jwa lorato. Kgosi Solomone wa kwa Iseraele o dirisa molaomotheo ono gangwe le gape go re kgothaletsa go dira dilo ka tshwanelo, go bua ka tsela e e siameng le go itshwara sentle. Go sekaseka mafoko a gagwe a botlhale ka kelotlhoko ruri go tla re rotloetsa gore re ijalele peo mo tshiamong.—Diane 11:15-31.

Jala “Bontle,” Roba “Kgalalelo”

Kgosi e e botlhale ya re: “Mosadi yo o bontle bo gogelang ke ene yo o nnang le kgalalelo; mme bapatiki bone, ba nna le dikhumo.” (Diane 11:16) Temana eno e bontsha pharologanyo fa gare ga kgalalelo e e nnelang ruri e mosadi yo montle, “mosadi yo o pelontle,” a ka nnang le yone le dikhumo tsa nakwana tse mopatiki a nnang le tsone.—An American Translation.

Motho a ka nna jang le bontle jo bo tlisang kgalalelo? Solomone o ne a gakolola jaana: “Dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya, mme di tla itshupa e le ... bontle jo bo kgatlhang mo molaleng wa gago.” (Diane 3:21, 22) Mme mopesalema o ne a bua ka ga ‘bontle jo bo kgatlhang bo tshelwa mo dipounameng tsa kgosi.’ (Pesalema 45:1, 2) Ee, botlhale jo bo mosola, go kgona go akanya sentle le go dirisa loleme ka tsela e e tshwanetseng go thusa gore motho a nne le mosola le bontle. Mosadi yo o botlhale o ntse fela jalo. Sekai sengwe ke sa ga Abigaile, mosadi wa ga Nabale wa seeleele. O ne a le “botlhale e bile a le montle,” mme Kgosi Dafide o ne a mmaka ka go bo a ne a na le “tlhaloganyo.”—1 Samuele 25:3, 33.

Ruri mosadi yo o ratang Modimo yo o nang le bontle jwa nnete o tla bona kgalalelo. O tla buiwa sentle ke batho ba bangwe. Fa a nyetswe, o tla galalediwa ke monna wa gagwe. E bile tota, o tla tlisetsa lelapa lotlhe kgalalelo. Mme kgalalelo ya gagwe ga se ya nakwana. “Go tshwanetse ga tlhophiwa leina go na le dikhumo tse dintsi; go amogelwa  go botoka go na le selefera le gouta.” (Diane 22:1) Leina le lentle le a le itirelang mo Modimong le na le mosola o o nnelang ruri.

Ga go a nna jalo ka mopatiki, ‘monna yo o setlhogo.’ (Diane 11:16, New International Version) Mopatiki o amanngwa le baikepi le baba ba baobamedi ba ga Jehofa. (Jobe 6:23; 27:13) Motho yo o ntseng jalo ‘ga a beye Modimo fa pele ga gagwe.’ (Pesalema 54:3) A ka “koaganya selefera jaaka lorole” ka go gatelela batho ba ba se nang molato le go ba ja ntsoma ka bopelotshetlha. (Jobe 27:16) Le fa go ntse jalo, nako nngwe go ka nna ga direga gore a robale mme a se tlhole a tsoga, mme letsatsi lepe fela fa a bula matlho a gagwe e ka nna ya bo e le la bofelo. (Jobe 27:19) Ka nako eo dikhumo tsotlhe tsa gagwe le dilo tse a di fitlheletseng e tla nna lefela.—Luke 12:16-21.

A bo Diane 11:16 e ruta thuto ya botlhokwa jang ne! Kgosi ya Iseraele e re rotloetsa gore re jale tshiamo ka go re bontsha ka bokhutshwane se re ka se robang fa re na le bontle le fa re le bapatiki.

“Bopelonomi Jwa Lorato” bo a Duela

Solomone o ruta thuto e nngwe malebana le ditirisano tsa batho ka go bolela jaana: “Motho wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang, mme motho yo o setlhogo o tlisetsa mmele wa gagwe matlhabisa ditlhong.” (Diane 11:17) Mokanoki mongwe a re: “Molaetsa wa seane seno ke gore dilo tse motho a di direlang ba bangwe, e ka tswa e le tse di siameng kana tse di bosula, di tlisetsa motho yo o di dirang ditlamorago tse a sa di ikaelelang kgotsa a sa di lebelelang.” Akanya ka mosadi mongwe yo o bidiwang Lisa. * Le fa a ikaeletse go dira se se siameng, o nna a le thari ka metlha. Go tlwaelegile gore fa a rulagantse go ya go rera le baboledi ba bangwe ba Bogosi a fitlhe metsotso e le 30 kgotsa go feta foo morago ga nako e ba e beileng. Mokgwa ono ga o solegele Lisa molemo. A a ka pega batho ba bangwe molato fa ba ka lapisiwa ke go latlhegelwa ke nako ya botlhokwa ba bo sa tlhole ba rulaganya go tsamaya le ene?

Motho yo o ipeelang mekgele e e kwa godimo mo go feteletseng le ene o a itshotla. E re ka a leka ka metlha go fitlhelela mekgele e tota a ka se kang a e kgona, a ka nna a feleletsa a lapile e bile a kgobegile marapo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re tla bo re dira ka tsela e e tla re solegelang molemo fa re ipeela mekgele e re ka kgonang go e fitlhelela. Gongwe ga re tlhaloganye dilo ka bofefo jaaka batho ba bangwe. Gongwe re ka tswa re kgorelediwa ke bolwetse kgotsa botsofe. A le ka motlha re se ka ra tenegela selekanyo se re gatelang pele semoyeng ka sone, mme re nne re bontshe tekatekano mo dilong tse re sa kgoneng go di dira. Re tla itumela fa re ‘dira bojotlhe jwa rona’ go ya ka se re kgonang go se dira.—2 Timotheo 2:15; Bafilipi 4:5.

Kgosi e e botlhale e bolela jaana e tlhalosa go ya pele malebana le kafa mosiami a dirang dilo tse di mo solegelang molemo ka teng fa motho yo o setlhogo ene a itshotla: “Moikepi o dira dituelo tsa maaka, mme yo o jalang tshiamo, o dira papadi ya boammaaruri. Yo o emelang tshiamo a nitame o tla bona botshelo, mme yo o lelekisang se se bosula o tla bona loso lwa gagwe. Ba ba dipelo tse di sokameng ba makgapha mo go Jehofa, mme ba ba se nang molato mo tseleng ya bone ba a mo ipedisa. Le fa seatla se kopana le seatla, motho yo o bosula ga a na go tlogelwa a sa otlhaiwa; mme bana ba basiami ruri ba tla falola.”Diane 11:18-21.

Ditemana tseno di tlhalosa ntlha eno ya konokono ka ditsela tse di farologaneng: Jala tshiamo mme o robe maduo a yone. Moikepi a ka simolola go tsietsa kgotsa go betšha gore a nne le dilo tse a sa di berekelang. E re ka a bone dituelo tseno ka tsela e e sa ikanyegeng, dilo di ka nna tsa se ka tsa mo tsamaela sentle. Motho yo o dirang tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi ka boikanyegi o nna le dituelo tsa boammaaruri ka gonne o sireletsegile. E re ka motho yo o se nang molato a amogelwa ke Modimo, o tla bona botshelo. Mme go tla diregang ka motho yo o bosula? “Le fa seatla se kopana le seatla” mo go logeng maano a boferefere, ruri moikepi o tla otlhaiwa. (Diane 2:21, 22) A bo eo e le kgothatso e e molemo jang ne ya gore re jale tshiamo!

Bontle Jwa Mmatota Jwa yo o Nang le Tlhaloganyo

Solomone o tswelela jaana: “Jaaka lenyena la nko la gouta mo sefeneng sa kolobe, mosadi yo  montle mme a fapoga tlhaloganyo o ntse jalo.” (Diane 11:22) Manyena a nko e ne e le mekgabisa e e ratwang thata mo metlheng ya fa go ne go kwalwa Baebele. Lenyena la nko la gouta le le tsentsweng ka fa thoko ga nko kgotsa mo lehihiring le le fa gare ga maroba a dinko e ne e ka nna sebenyane se se bonalang sentle mo mosading. A bo mokgabisa o montle jalo o ne o ka rona jang ne fa o le mo sefeneng sa kolobe! Go ntse fela jalo ka motho yo o montle ka fa ntle mme a se na “tlhaloganyo.” Motho yoo, e ka tswa e le mosadi kgotsa e le monna, ga a tshwanelwe ke mekgabisa. E a rona—ga e kgatlhe le e seng.

Gone ke boammaaruri gore ke ga tlholego fela go amega ka tsela e re lebegang ka yone mo bathong ba bangwe. Ke eng fa re tshwanetse go tshwenyega mo go feteletseng kgotsa go se kgotsofalele tsela e sefatlhego sa rona kgotsa mmele wa rona o lebegang ka yone? Go na le dilo tse re ka se kang ra di fetola mo popegong ya rona. Mme tebego ya ka fa ntle ga se yone selo sa botlhokwa. A ga go boammaaruri gore bontsi jwa batho ba re ba ratang le ba ba re kgatlhang ba na le ditebego tse di tlwaelegileng fela? Bontle jwa popego ga se jone bo tlisang boitumelo. Sa botlhokwa thata ke bontle jwa kafa teng jwa go nna le dinonofo tse di nnelang ruri tsa Modimo. Ka gone e kete re ka nna le tlhaloganyo mme ra dira ka natla gore re nne le dinonofo tse di ntseng jalo.

“Moya o o Pelotshweu o Tla Nontshiwa”

Kgosi Solomone a re: “Keletso ya basiami eleruri e molemo; tsholofelo ya baikepi ke tšhakgalo.” O tlhalosa kafa seno se leng boammaaruri ka gone ka go oketsa jaana: “Go na le yo o gasamisang mme le fa go ntse jalo a oketsega; le yo o ithibang mo go se se siameng, mme go felela fela ka letlhoko.”Diane 11:23, 24.

Fa re ntse re gasamisa kitso ka ga Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, ke gore re e bolelela ba bangwe, eleruri re tokafatsa tsela e re tlhaloganyang ka yone “bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa lone. (Baefeso 3:18) Ka fa letlhakoreng le lengwe, yo o sa diriseng kitso ya gagwe a ka latlhegelwa ke e a nang le yone. Ee, “yo o jalang ka bonnye gape o tla roba ka bonnye; mme yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo.”—2 Bakorintha 9:6.

Kgosi e tswelela pele jaana: “Moya o o pelotshweu o tla nontshiwa [humisiwa], mme yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.” (Diane 11:25) Fa re dirisa nako ya rona le dithoto tsa rona ka bopelotshweu go tsweledisa pele kobamelo ya boammaaruri, re tla bo re itumedisa Jehofa thata. (Bahebera 13:15, 16) O tla ‘bula dikgoro tsa morwalela tsa magodimo a bo a re tshololela lesego go fitlha re sa tlhole re tlhoka sepe.’ (Malaki 3:10) Bona fela kafa batlhanka ba gagwe ba atlegang ka teng semoyeng gompieno!

Solomone o naya sekai se sengwe gape sa kafa dikeletso tsa basiami le tsa baikepi di farologanang ka teng fa a re: “Yo o thibelang dijo tsa ditlhakabatho ba tla mo hutsa, mme tlhogo ya yo o letlang gore di rekwe e tla segofadiwa.” (Diane 11:26) Motho a ka bona poelo e ntsi ka go reka dilwana ka bontsi fa ditlhwatlhwa tsa tsone di le kwa tlase a bo a di baya go fitlha batho ba sa tlhole ba kgona go di bona ka bontsi le ditlhwatlhwa tsa tsone di tlhatlogile. Le fa motho a ka solegelwa molemo ke go dirisa dilwana ka go di somarela le go ipolokela tse dingwe, gantsi batho ba nyatsa motho yo o dirang jalo ka ntlha ya bopelotshetlha. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba amogela  motho yo o sa nkeng a re fa batho ba le mo mathateng ene a bo a batla go dira madi ka seemo seo.

Kgosi ya Iseraele e bolela jaana e re kgothaletsa go tswelela pele re eletsa se se molemo kgotsa se se siameng: “Yo o batlang molemo o tla nna a batla kamogelo; mme fa e le yo o batlang bosula, bo tla tla mo go ene. Yo o ikanyang dikhumo tsa gagweo tla wa; mme basiami ba tla tlhogonolofala fela jaaka dikala tse di nang le makakaba.”Diane 11:27, 28.

Mosiami o Gapa Meya

Solomone o tshwantsha kafa go dira dilo ka boeleele go nnang le diphelelo tse di botlhoko ka teng fa a re: “Le fa e le mang yo o tlisetsang ntlo ya gagwe matlhabisa ditlhong, o tla rua phefo.” (Diane 11:29a) Bosula jo Akane a neng a bo dira ‘bo ne jwa mo tlisetsa matlhabisa ditlhong,’ mme ene mmogo le ba lelapa la gagwe ba ne ba kgobotlediwa ka maje go fitlha ba swa. (Joshua, kgaolo 7) Gompieno, tlhogo ya lelapa lengwe la Bokeresete le ba bangwe ba lelapa la gagwe ba ka nna ba dira bosula jo bo ka felelang ka gore ba kgaolwe mo phuthegong ya Bokeresete. Motho o tlisetsa ba lelapa la gagwe matlhabisa ditlhong fa a sa tshele go dumalana le melao ya Modimo le fa a letlelela boleo jo bo masisi mo lelapeng la gagwe. Ene gongwe le ba bangwe ba lelapa la gagwe ba ntshiwa mo phuthegong ya Bokeresete e re ka e le badirabosula ba ba sa ikwatlhaeng. (1 Bakorintha 5:11-13) Mme o tla boelwa ke eng? Phefo fela—selo se se se nang mosola ope.

Temana e tswelela pele jaana: “Motho yo o seeleele o tla nna motlhanka wa yo o pelo e botlhale.” (Diane 11:29b) E re ka motho yo o seeleele a se na botlhale jo bo mosola, a ka se ka a ikanngwa mo a ka newang maikarabelo a magolo. Mo godimo ga moo, fa a sa kgone go laola dikgang tsa gagwe sentle seo se ka dira gore a ikarabele mo mothong yo mongwe ka tsela nngwe. Motho yono yo o seng botlhale ruri a ka nna “motlhanka wa yo o pelo e botlhale.” Ka jalo, go bonala sentle gore go botlhokwa gore re akanyetse dilo sentle re bo re dirise botlhale jo bo mosola mo ditirisanong tsotlhe tsa rona le batho ba bangwe.

Kgosi e e botlhale e re tlhomamisetsa jaana: “Maungo a mosiami ke setlhare sa botshelo, mme yo o gapang meya o botlhale.” (Diane 11:30) Seno se direga jang? Motho yo o siameng o nonotsha ba bangwe semoyeng ka puo le ka boitshwaro. Ba kgothalediwa go direla Jehofa mme kgabagare ba ka nna ba bona botshelo jo Modimo a bo nayang.

‘Moleofi o Tla Duelwa Bogolo’

A bo diane tse di umakilweng fa godimo di re rotloetsa ka tsela e e tlhatswang pelo jang ne gore re jale tshiamo! Solomone o bolela jaana go bontsha tsela e nngwe gape e molaomotheo o o reng “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape” o dirang ka yone: “Bona! Mosiamio tla duelwa mo lefatsheng. A bo moikepi le moleofi bone ba tla duelwa bogolo jang ne!”Diane 11:31.

Le fa mosiami a leka go dira se se siameng, o dira diphoso ka dinako tse dingwe. (Moreri 7:20) Mme o tla ‘duelelwa’ diphoso tsa gagwe ka go otlhaiwa. Le fa go ntse jalo, go tweng ka moikepi yo o tlhophang tsela e e sa siamang ka boomo a bo a sa dire boiteko jwa go boela mo tseleng ya tshiamo? A ga a tshwanelwe ke ‘go duelwa’ ka tsela e kgolwane—kotlhao e e botlhoko? Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Fa motho yo o siameng a bolokwa ka bothata, moikepi le moleofi ba tla bonala kae?” (1 Petere 4:18) Ka jalo, a re ititeyeng sehuba gore ka metlha re ijalele peo mo tshiamong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Ga go a dirisiwa leina la gagwe tota.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

“Bontle” bo ne jwa tlisetsa Abigaile “kgalalelo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

‘Moikepi o dira dituelo tsa maaka, mosiami o dira papadi ya boammaaruri’

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

‘Jala ka bogolo, o robe ka bogolo’