Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kutlwelobotlhoko—Tsela ya go Bontsha Bopelonomi

Kutlwelobotlhoko—Tsela ya go Bontsha Bopelonomi

 Kutlwelobotlhoko—Tsela ya go Bontsha Bopelonomi

HELEN KELLER o ne a kwala jaana: “Fa fela o sa ntse o kgona go okobatsa botlhoko jwa motho yo mongwe, botshelo ga se jwa lefela.” Kwantle ga pelaelo, Keller o ne a itse gore go utlwa botlhoko mo maikutlong go ntse jang. Fa a ne a na le dikgwedi di le 19, o ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo neng jwa mo foufatsa e bile jwa mo dira susu. Mme morutabana mongwe yo o kutlwelobotlhoko o ne a ruta Helen go bala le go kwala Mokwalo wa Difofu, mme moragonyana a mo ruta go bua.

Ann Sullivan, morutabana wa ga Keller, o ne a tlhaloganya sentle kafa go utlwisang botlhoko ka teng fa motho a kgaratlha ka ntlha ya bogole jwa mmele. Ene ka boene o ne a foufetse go sekae fela. Mme Ann o ne a itirela mokgwa wa go bua le Helen ka “go peleta” ditlhaka mo seatleng sa ga Helen. Ka gonne Helen o ne a tlhotlhelediwa ke go utlwelwa botlhoko ke morutabana wa gagwe, o ne a swetsa ka gore a dirise botshelo jwa gagwe go thusa difofu le bosusu. Ka gonne a ne a dirile maiteko a magolo gore a fenye bogole jwa gagwe, o ne a utlwela botlhoko batho ba ba neng ba le mo boemong jo bo tshwanang. O ne a batla go ba thusa.

O ka tswa o etse tlhoko gore mo lefatsheng leno le le bogagapa, go motlhofo ‘gore motho a tswale setswalo sa mapelotlhomogi a gagwe’ mme a tlhokomologe dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang. (1 Johane 3:17) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba laelwa gore ba rate baagelani ba bone le gore ba ratane thata. (Mathaio 22:39; 1 Petere 4:8) Mme gone, o ka tswa o tlhaloganya seno sentle: Le fa re ikemisetsa ka botlalo go ratana, gantsi re itlhokomolosa ditshono tsa go fokoletsa ba bangwe botlhoko jo ba bo utlwang. Seno se ka tswa se bakwa ke gore ga re itse dilo tse ba di tlhokang. Kutlwelobotlhoko e ka re thusa go bontsha bopelonomi.

Kutlwelobotlhoko ke Eng?

Dikishinare nngwe e bolela gore kutlwelobotlhoko ke “go lemoga mme o tlhaloganya boemo jwa motho yo mongwe, maikutlo a gagwe le maikaelelo a gagwe.” Gape e tlhalosiwa e le bokgoni jwa go ipaya mo boemong jwa motho yo mongwe. Ka jalo kutlwelobotlhoko e tlhoka gore sa ntlha re tlhaloganye maemo a motho yo mongwe mme sa bobedi re ikutlwe kafa a ka ikutlwang ka teng go ya kafa maemo ao a mo amang ka teng. Ee, kutlwelobotlhoko e kopanyeletsa go utlwa botlhoko jwa motho yo mongwe mo pelong ya rona.

Dikwalo di bua ka nonofo e re buang ka yone fano ka ditsela tse di farologaneng. Moaposetoloi Petere o ne a gakolola Bakeresete gore ba nne le ‘mogopolo o o tshwanang, lorato lwa bokaulengwe mme ba utlwele ba bangwe botlhoko.’ (1 Petere 3:8) Lefoko la Segerika le le rayang “go utlwela botlhoko” tota le raya “go boga le yo mongwe” kgotsa “go nna kutlwelobotlhoko.” Moaposetoloi Paulo o ne a buelela maikutlo a a tshwanang fa a ne a kgothatsa Bakeresete ka ene gore ba ‘ipele le batho ba ba ipelang; ba lele le batho ba ba lelang.’ Paulo o ne a oketsa jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang ka ba bangwe jaaka o lo nang le one  ka lona.” (Baroma 12:15, 16) A mme ga o dumele gore go ka se kgonege le e seng go rata moagelani wa rona jaaka re ithata fa re sa ipeye mo boemong jwa gagwe?

Batho ba bantsi ba na le selekanyo se se rileng sa kutlwelobotlhoko. Ke mang yo o sa amegeng maikutlo fa a bona ditshwantsho tse di amang pelo tsa bana ba ba bolawang ke tlala kgotsa tsa batshabi ba ba tshwenyegileng mo maikutlong? Ke mmè ofe yo o lorato yo o ka tlhokomologang ngwana wa gagwe fa a lela selelo sa masisapelo? Mme ga go motlhofo go bona matshwenyego a ba bangwe. Go thata tota go bona maikutlo a motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong, yo o nang le bogole bongwe jo bo sa bonaleng sentle jwa mo mmeleng, kgotsa e bile a na le mathata a go ja—fa e le gore rona ga re ise nke re nne le mathata a a ntseng jalo! Le fa go ntse jalo, Dikwalo di bontsha gore re ka kgona e bile re tshwanetse go utlwela botlhoko batho ba re seng mo maemong a a tshwanang le a bone.

Dikai Tsa Dikwalo Tsa Kutlwelobotlhoko

Jehofa ke sekai sa rona se segolo sa kutlwelobotlhoko. Le fa ene a itekanetse, ga a lebelela gore re itekanele, “gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14; Baroma 5:12) Mo godimo ga moo, e re ka a itse ditlhaelo tsa rona, ‘ga a re lese re raelwa go feta se re ka se itshokelang.’ (1 Bakorintha 10:13) O re bulela kgoro ya botso ka batlhanka ba gagwe le ka moya wa gagwe.—Jeremia 25:4, 5; Ditiro 5:32.

Jehofa o utlwa botlhoko jo batho ba gagwe ba bo utlwang. O ne a raya Bajuda ba ba neng ba boile go tswa kwa Babelona a re: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8) Ka gonne mokwadi wa Baebele Dafide o ne a itse kutlwelobotlhoko ya Modimo sentle, o ne a mo raya a re: “A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago. A ga di mo bukeng ya gago?” (Pesalema 56:8) A bo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa o gakologelwa dikeledi tse batlhanka ba gagwe ba di ledileng fa ba kgaratlhela go boloka bothokgami jwa bone—jaaka e kete di kwadilwe mo bukeng!

Jesu Keresete, jaaka Rraagwe wa selegodimo, o amega ka maikutlo a ba bangwe. Fa a ne a fodisa monna wa susu, o ne a mo tseela kwa thoko, gongwe a direla gore fa a fola ka kgakgamatso a se ka a tlhabiwa ke ditlhong go sa tlhokege kgotsa a tshoga. (Mareko 7:32-35) Mo lekgetlhong lengwe, Jesu o ne a leba motlholagadi yo o neng a le gaufi le go fitlha morwawe yo o esi. Gone fela foo o ne a lemoga botlhoko jo a neng a bo utlwa, a atamela mokoloko oo wa phitlho mme a tsosa lekawana leo.—Luke 7:11-16.

Morago ga tsogo ya ga Jesu fa a ne a bonala kwa go Saulo mo tseleng e e yang kwa Damaseko, o ne a bolelela Saulo kafa tsela e a neng a bogisa barutwa setlhogo ka yone e neng e mo ama ka teng. O ne a mo raya a re: “Ke nna Jesu, yo o mmogisang.” (Ditiro 9:3-5) Jesu ka boene o ne a utlwa botlhoko jo bo neng bo utlwiwa ke barutwa ba gagwe, jaaka mmè yo o utlwang botlhoko jwa ngwana wa gagwe yo o lwalang. Ka tsela e e tshwanang, Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo wa selegodimo, o “re utlwela botlhoko ka makoa a rona.”—Bahebera 4:15.

Moaposetoloi Paulo o ne a ithuta go amega ka go boga ga ba bangwe le tsela e ba ikutlwang ka yone. O ne a botsa jaana: “Ke mang yo o bokoa, mme nna ke se bokoa? Ke mang yo o kgotšwang, mme nna ke sa tuke bogale?” (2 Bakorintha 11:29)  Fa moengele a ne a golola Paulo le Silase ka kgakgamatso kwa kgolegelong ya Filipi, selo sa ntlha se Paulo a neng a akanya ka sone e ne e le gore a bolelele modisa wa kgolegelo gore go ne go se na ope yo o neng a thobile. O ne a belaela fela thata gore modisa wa kgolegelo o ne a ka nna a ipolaya. Paulo o ne a itse gore go ya ka mokgwa wa Seroma, modisa wa kgolegelo o ne a otlhaiwa setlhogo fa legolegwa le ne le ka thoba—segolobogolo fa a ne a laetswe gore a le dise gore le se ka la thoba. (Ditiro 16:24-28) Bopelonomi jwa ga Paulo jo bo bolokang botshelo bo ne jwa itumedisa modisa wa kgolegelo, mme ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba tsaya dikgato tsa go nna Bakeresete.—Ditiro 16:30-34.

Kafa go ka Tlhagolelwang Kutlwelobotlhoko ka Teng

Gangwe le gape Dikwalo di re kgothatsa go etsa Rraarona wa selegodimo le Morwawe, Jesu Keresete, ka jalo re tshwanetse go tlhagolela nonofo ya kutlwelobotlhoko. Re ka dira seno jang? Go na le ditsela di le tharo tsa konokono tse ka tsone re ka tokafatsang tsela e re amegang ka yone ka dilo tse ba bangwe ba di tlhokang le tsela e ba ikutlwang ka yone: ka go reetsa, go nna kelotlhoko, le go ipaya mo boemong jwa motho yoo.

Reetsa. Re lemoga mathata a ba bangwe ba lebaneng le one ka go reetsa ka kelotlhoko. Mme fa re reetsa thata, ba ka nna ba re bulela dipelo tsa bone mme ba senola maikutlo a bone. Miriam o tlhalosa jaana: “Nka bua le mogolwane fa ke tlhomamisega gore o tla ntheetsa. Ke batla go itse gore o tlhaloganya bothata jwa me tota. Ke mo tshepa thata fa a mpotsa dipotso tse di mpatlang maikutlo tse di bontshang gore o ne a reeditse ka kelotlhoko se ke neng ke se mmolelela.”

Ela tlhoko. Ga se mongwe le mongwe yo o tla re bulelang mafatlha a re bolelela kafa a ikutlwang ka teng kgotsa gore o lebane le eng. Le fa go ntse jalo, motho yo o kelotlhoko o tla lemoga fa Mokeresete ka ene a lebega a tshwenyegile mo maikutlong, fa mosha a simolola go nna a sa bue, kgotsa fa modiredi yo o matlhagatlhaga a sa tlhole a le matlhagatlhaga. Go botlhokwa thata gore batsadi ba kgone go lemoga bothata bo sa ntse go simologa. Marie o bolela jaana: “Go lebega mmè a itse gore ke ikutlwa jang pele ga ke bua le ene, ka jalo go motlhofo gore ke bue le ene ka tshosologo ka mathata a me.”

Ipeye mo boemong jwa motho yoo. Tsela e e maatla go di feta tsotlhe ya go tlhagolela kutlwelobotlhoko ke go ipotsa jaana: ‘Fa nkabo ke le mo seemong seno, ke ne ke tla ikutlwa jang? Ke ne ke tla itshwara jang? Ke ne ke tla tlhoka eng?’ Bagomotsi ba maaka ba ga Jobe ba bararo ga ba ka ba kgona go ipaya mo boemong jwa gagwe. Ka jalo ba ne ba mo kgala ka maleo a ba neng ba akanya gore o a dirile.

Batho ba ba sa itekanelang gantsi ba fitlhela go le motlhofo go tshwaya diphoso go na le go tlhaloganya maikutlo a ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa re leka go tlhaloganya kafa motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong a bogang ka gone, seno se tla re thusa go mo utlwela botlhoko go na le go mo kgala. Juan, yo e leng mogolwane yo o nang le maitemogelo o ne a akgela jaana: “Ke kgona go naya motho kgakololo e e botoka thata fa ke mo reetsa ka kelotlhoko ke bo ke leka go tlhaloganya boemo jotlhe pele ga ke simolola go mo naya dikakantsho.”

Dikgatiso tse di abiwang ke Basupi ba ga Jehofa di thusitse batho ba bantsi mo go seno. Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ile tsa bua ka mathata a a raraaneng a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong le go sotlwa ga bana. Tshedimosetso eno e e mo nakong e thusa babadi gore ba amege ka maikutlo a batho ba ba bogang ka ditsela tse di ntseng jalo. Ka tsela e e tshwanang, buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e thusitse batsadi ba bantsi gore ba tlhaloganye mathata a bana ba bone.

 Kutlwelobotlhoko e a Thusa mo Ditirong Tsa Bokeresete

Ke ba sekae fela mo go rona ba ba kgonang go itlhokomolosa pitlagano ya ngwana yo o bolawang ke tlala fa re na le dijo tse re ka di mo nayang. Fa re le kutlwelobotlhoko, gape re tla lemoga boemo jwa semoya jwa motho. Baebele e bolela jaana ka Jesu: “Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Dimilione tsa batho gompieno ba mo boemong jo bo tshwanang jwa semoya, mme ba tlhoka thuso.

Jaaka mo motlheng wa ga Jesu, re ka nna ra tshwanelwa ke go fenya letlhoo kgotsa mekgwa e e tseneletseng gore re fitlhelele dipelo tsa batho bangwe. Modiredi yo o kutlwelobotlhoko o leka go batla sengwe se ene le motho yo a buang le ene ba ka dumalanang ka sone kgotsa go bua ka dikgang tse batho ba nnang ba akantse ka tsone gore molaetsa wa gagwe o ipiletse thata. (Ditiro 17:22, 23; 1 Bakorintha 9:20-23) Ditiro tsa bopelonomi tse di rotloediwang ke kutlwelobotlhoko gape di ka nna tsa dira gore bareetsi ba amogele molaetsa wa Bogosi ka selekanyo se se oketsegileng, jaaka go ne ga direga ka modisa wa kgolegelo wa kwa Filipi.

Kutlwelobotlhoko e botlhokwa thata go re thusa go tlodisa matlho diphoso tsa batho ba bangwe mo phuthegong. Fa re leka go tlhaloganya maikutlo a mokaulengwe yo o re kgopisitseng, ga go na pelaelo gore re tla fitlhela go le motlhofo go mo itshwarela. Gongwe re ne re tla itshwara ka tsela e e tshwanang le ya gagwe fa re ne re le mo boemong jwa gagwe le fa re ne re godisitswe ka tsela e a godisitsweng ka yone. Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e mo tlhotlheletsa go “gakologelwa gore re lorole,” ka jalo a kutlwelobotlhoko ya rona ga e a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re akanyetse bosaitekanelang jwa ba bangwe mme re ba ‘itshwarele re gololesegile’?—Pesalema 103:14; Bakolosa 3:13.

Fa re tshwanetse go naya mongwe kgakololo, gongwe re tla dira jalo ka tsela e e bopelonomi fela thata fa re tlhaloganya tsela e motho yo o dirileng phoso a ikutlwang ka yone le kafa a amegang ka teng. Mogolwane wa Mokeresete yo o kutlwelobotlhoko o ikgakolola jaana: ‘Le nna ke ne nka dira phoso eno. Ke ne nka nna mo boemong jwa gagwe.’ Ka jalo Paulo o gakolola jaana: “Lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo, mongwe le mongwe wa lona a ntse a ipeile leitlho, e se re kgotsa le lona lwa raelwa.”—Bagalatia 6:1.

Kutlwelobotlhoko gape e ka re tlhotlheletsa go naya ba bangwe thuso e e mosola fa re kgona go dira jalo, le fa Mokeresete mmogo le rona a ka nna a ikgogona go e kopa. Moaposetoloi Johane o kwala jaana: “Le fa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme le fa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa mapelotlhomogi, ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo ntseng mo go ene? . . . A re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”—1 Johane 3:17, 18.

Gore re kgone go rata “ka tiro le ka boammaaruri” sa ntlha re tlhoka go bona dilo tse mokaulengwe wa rona a di tlhokang. A re ela tlhoko dilo tse ba bangwe ba di tlhokang ka maikaelelo a go ba thusa? Seo ke sone kutlwelobotlhoko.

Tlhagolelang go Utlwela ba Bangwe Botlhoko

Re ka tswa re se kutlwelobotlhoko thata ka tlholego, mme le fa go ntse jalo, re ka kgona go tlhagolela go utlwela ba bangwe botlhoko. Fa re reetsa ka kelotlhoko thata, re ela dilo tlhoko thata, mme re ipaya mo boemong jwa ba bangwe gangwe le gape, kutlwelobotlhoko ya rona e tla gola. Ka ntlha ya seo, re tla ikutlwa re tlhotlheletsega go bontsha lorato ka selekanyo se se oketsegileng, bopelonomi, le go utlwela bana ba rona botlhoko, Bakeresete ba bangwe le baagelani ba rona.

O se ka wa letla bopelotshetlha gore bo hupetse kutlwelobotlhoko ya gago. Paulo o ne a kwala jaana: “Ope wa lona a se ka a akanya fela ka dilo tse di amang ene, mme lo akanye le ka dilo tse di amang batho ba bangwe.” (Bafilipi 2:4, Phillips) Isagwe ya rona ya ka bosakhutleng e ikaegile ka kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa le ya Moperesiti wa gagwe yo Mogolo, Jesu Keresete. Ka jalo, re patelesega go tlhagolela nonofo eno. Kutlwelobotlhoko ya rona e tla re nonotsha gore re nne badiredi ba ba botoka le batsadi ba ba botoka. Mo godimo ga tsotlhe, kutlwelobotlhoko e tla re thusa go lemoga gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kutlwelobotlhoko e akaretsa go ela tlhoko thata dilo tse ba bangwe ba di tlhokang ka maikaelelo a go ba thusa

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

A re tla ithuta go bontsha kutlwelobotlhoko e ka tlholego mmè a e bontshang ngwana wa gagwe?