Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikutlwa o Babalesegile Gone Jaanong—Go Babalesega Go ya Go Ile

Go Ikutlwa o Babalesegile Gone Jaanong—Go Babalesega Go ya Go Ile

 Go Ikutlwa o Babalesegile Gone Jaanong—Go Babalesega Go ya Go Ile

KE KA ntlha yang fa gantsi go le thata go bona pabalesego mme fa e bonwa, e le ya nakwana fela? A e ka tswa e le ka go bo go ikutlwa ga rona re babalesegile go theilwe mo go se re se ikakanyetsang fela—mo selong se re solofelang go nna le sone go na le mo selong se tota re ka kgonang go nna le sone? Go itsholofetsa dilo tse di ntseng jalo ke go ijesa dijo tsa ditoro.

Go akanya ka dilo tse di seyong go dira gore re se ka ra akanya ka botshelo jwa mmatota le go sa tlhomamang ga jone mme re akanye fela ka maemo a mantle a a babalesegileng, re itlhokomolosa sengwe le sengwe se se ka senyang toro eno. Le fa go ntse jalo, gantsi mathata a lefatshe la mmatota a tsenelela ka tshoganyetso fela mo lefatsheng leno la ditoro mme ka tsela e e setlhogo a bo a fedisa boikutlo jwa pabalesego, a dira gore motho yo o lorang yono a itharabologele go lemoga boammaaruri.

A re sekasekeng karolo e le nngwe e mo go yone batho ba batlang pabalesego—lefelo la go nna. Ka sekai, toropo e kgolo e ka nna ya lebega e solofetsa, e dira gore motho a ipone a le mo monateng, a amogela madi a mantsi le go nna mo lefelong le lentle la manobonobo. Ee, seo se ka nna sa bonala se tlisa pabalesego e e sa bolong go letelwa. A seo ke go leba dilo ka tsela e e lekalekaneng?

Lefelo la go Nna—A ke Toropo e Kgolo Kana ke Ditoro Tse di Kgolo?

Mo dinageng tse di tlhabologang, kgogedi ya go ya go nna kwa ditoropong tse dikgolo e rotloediwa ke diphasalatso tse di ka tswang di raela batho ba ba nang le dikakanyo tse di ratang sone seo. Gantsi mekgatlho e e phasalatsang dilo tse di ntseng jalo ga e a tshwenyega ka pabalesego ya gago, go na le moo, e tshwenyegile ka kgwebo ya yone. Ba itlhokomolosa mathata a mmatota ka go bontsha ditshwantsho tse di supang go atlega le pabalesego. Ka tsela eo, pabalesego e amanngwa le dilo tse ba di phasalatsang le toropo e kgolo.

Akanya ka sekai se se latelang. Badiredibagolo bangwe mo toropong nngwe kwa Afrika Bophirima ba ile ba tlhoma dipolakata tse di bontshang sentle gore go goga motsoko go tshwana fela le go fisa madi a o a bereketseng ka thata. E ne e le karolo ya letsholo la go tlhagisa baagi kgatlhanong le go goga motsoko. Badiri ba disekerete le barekisi ba tsone ba ile ba ganetsana le seo ka go tlhoma dipolakata tse di dirilweng ka botlhale tse di supang batho ba ba gogang ba le mo ditikologong tse dintle tsa boitumelo le katlego. Mo godimo ga moo, khampani nngwe ya disekerete e ile ya dira gore bangwe ba badiri ba yone ba apare diyunifomo le dikepisi tse dintle tsa baseball ba bo ba abele basha mo mebileng disekerete, ba kgothaletsa mongwe le mongwe go “se leka.” Bontsi jwa basha bano ba ne ba tswa kwa metsaneng, mme ka ntlha ya go sa itse maano a a tsietsang a go phasalatsa, ba ile ba amogela taletso eno. Ba ne ba tshwakgolwa ke motsoko. Basha bano ba ba tswang kwa metsaneng ba ne ba tlile mo toropong e kgolo go tla go batla pabalesego gore ba tle  ba tlamele malapa a bone kana gore ba tle ba atlege mo go tsa madi. Mme go na le moo, ba ne ba fisa bontsi jwa madi a ba neng ba ka bo ba a dirisetsa sengwe se se botoka.

Ga se ka metlha diphasalatso tse di bontshang gore motho a ka atlega mo botshelong mo toropong e kgolo di simololwang ke borakgwebo. Di ka nna tsa tla ka batho ba ba ileng ba fudugela kwa toropong e kgolo mme e le batho ba ba tlhabiwang ke ditlhong go boela kwa motseng o ba tswang kwa go one. E re ka ba sa batle go lebega ba paletswe, ba ipelafatsa ka dikhumo tse ba bolelang gore ba di bone le dilo tse ba di fitlheletseng kwa toropong. Le fa go ntse jalo, fa boemo jwa bone bo sekasekiwa sentle, go fitlhelwa gore botshelo jo ba bo tshelang gone jaanong ga bo a tokafala go gaisa botshelo jwa bone jwa kwa motseng; ba na le mathata a madi fela jaaka batho ba bangwe ba ba nnang mo toropong.

Gantsi ke mo ditoropong tse dikgolo mo batho ba ba sa tswang go fitlha ba ba batlang pabalesego ba welang mo diatleng tsa batho ba ba sa siamang. Ka ntlha yang? Gantsi ya bo e le ka go bo ba ne ba ise ba nne le nako e e lekaneng go dira ditsala tse ba atamalaneng le tsone e bile ba le kgakala le maloko a bone a lelapa. Ka gone ga ba na bagakolodi bape ba ba ka ba thusang gore ba tile mamena a mokgwa wa setoropo wa go rata dilo tse di bonalang.

Josué ga a ka a wela mo serung sa go goga. Mo godimo ga moo, o ne a lemoga gore mathata a botshelo jwa toropo a magolo thata mo a ka se kang a kgona go a itshokela ka katlego. Se a neng a sala fela ka sone mo toropong e ne e le ditoro tse dikgolo tse di sa diragadiwang. O ne a lemoga gore ga a na pabalesego ya mmatota mo toropong; ga se mo a ka nnang teng. O ne a ikutlwa a se na mosola e bile a paletswe, mme kgabagare o ne a ikokobetsa a bo a boela kwa motsaneng wa gaabo.

O ne a boifa gore o tla fitlha a sotliwa. Mme go na le moo, ba lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe tsa mmatota di ile tsa mo amogela ka matsogo oomabedi kwa gae. Ka ntlha ya lorato lwa lelapa la gagwe, tikologo e a e tlwaetseng ya motsana wa gaabo, le lorato lwa ditsala tsa gagwe mo phuthegong ya Bokeresete, go ise go ye kae o ne a ikutlwa a babalesegile thata go na le kwa toropong e kgolo, koo ditoro tsa ba le bantsi di feleletsang di sa diragadiwa gone. Se se ileng sa mo gakgamatsa ke gore, go dira ka natla ga gagwe le rraagwe mo masimong go bile ga dira gore ene le ba lelapa la gagwe ba nne le lotseno lo logolo go gaisa madi a a ka bong a a amogela kwa toropong.

Madi—Bothata Jwa Mmatota ke Eng?

A madi a tla dira gore o ikutlwe o babalesegile? Liz wa kwa Canada o bolela jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ke akanya gore madi a fedisa matshwenyego.” O ne a ratana le monna mongwe yo o neng a na le madi a mantsi. Go ise go ye kae ba ne ba nyalana. A o ne a ikutlwa a babalesegile? Liz o tswelela jaana: “Fa ke ne ke nyalwa, re ne re na le ntlo e ntle le dikoloi tse pedi mme boemo jwa rona jwa tsa madi bo ne bo re letla gore re nne le sengwe le sengwe se re neng re se batla, go eta le go itlosa bodutu. Se se gakgamatsang ke gore ke ne ke sa ntse ke tshwenyega ka madi.” O tlhalosa lebaka la gone jaana: “Re ile ra latlhegelwa ke go le gontsi. Go bonala e kete fa o na le mo gontsi, o ikutlwa o sa babalesega le go feta. Madi ga a ka a fedisa go tshwenyega kana go tlhobaela.”

Fa e le gore o akanya gore ga o na madi a a lekaneng gore o ikutlwe o babalesegile, ipotse, ‘Bothata jwa mmatota ke eng? A tota ke go tlhoka madi, kana a ke go palelwa ke go dirisa madi sentle?’ Fa Liz a akanya ka se se mo diragaletseng mo nakong e e fetileng, o bolela jaana: “Gone jaanong ke lemoga gore motswedi wa mathata a lelapa la gaetsho fa ke sa ntse ke le ngwana e ne e le go sa dirise madi sentle. Re ne re reka ka sekoloto, ke ka lebaka leo ka metlha re neng re imelwa ke molato wa dikoloto. Se se ile sa lere tlhobaelo.”

Le fa go ntse jalo, gompieno Liz le monna wa gagwe ba ikutlwa ba babalesegile thata, le mororo ba se na madi a a kalo. Fa ba ne ba ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, ba ne ba tlogela go reetsa maiphako a a tsietsang malebana le madi mme ba simolola go reetsa botlhale jwa Modimo, jo bo akaretsang mafoko ano: “Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.” (Diane 1:33) Ba ne  ba batla gore botshelo jwa bone bo nne le bokao jo bo oketsegileng go na le gore ba kgotsofalele fela go nna le madi a mantsi mo bankeng. Gone jaanong, e re ka e le barongwa kwa nageng e e kgakala, Liz le monna wa gagwe ba ruta batho ba ba humileng le ba ba humanegileng gore Jehofa Modimo o tla tloga a tlisa pabalesego ya mmatota mo lefatsheng lotlhe. Tiro eno e dira gore ba ikutlwe ba kgotsofetse thata e bile ba ritibetse ka gore ke tiro e e dirwang ka maikaelelo a a mosola, e seng gore ba nne le madi.

Gakologelwa boammaaruri jono jwa motheo: Go huma mo Modimong go feta kgakala go nna le dikhumo. Mo Dikwalong tsotlhe tse di Boitshepo, ga go gatelelwe thata go nna le dikhumo tsa dilo tse di bonalang, go na le moo, di bua thata ka go nna le botsala jo bo molemo le Jehofa, botsala jo re ka bo bolokang ka go tswelela re dira go rata ga Modimo ka tumelo. Jesu Keresete o ne a re kgothaletsa gore ‘re hume malebana le Modimo’ mme re ipolokele ‘letlotlo kwa magodimong.’—Luke 12:21, 33.

Maemo—O Tla Fitlha Kae ka One?

Fa o raelesega go akanya gore go kgaratlhela maemo ke tsela ya go bona pabalesego, ipotse: ‘Ke mang yo o nang le maemo yo tota a nang le pabalesego ya mmatota? Ke tshwanetse go nna le maemo  a a kwa godimo go le kana kang gore ke tle ke nne le pabalesego?’ Tiro e o atlegang mo go yone e ka nna ya dira gore o iphore ka gore o babalesegile, e le selo se se ka dirang gore o kgobege marapo kana se se maswe le go feta, o phutlhame ka tsela e e botlhoko.

Dilo tse di ileng tsa diragala tota di bontsha gore go nna le leina le le molemo le Modimo go dira gore motho a nne le pabalesego e kgolo thata go na le fa o itirela leina mo bathong. Ke Jehofa fela yo o kgonang go naya batho mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. Seo se akaretsa go kwala maina a rona, e seng mo bukeng nngwe e e nang le maina le diaterese tsa batho botlhe, mme mo bukeng ya Modimo ya botshelo.—Ekesodo 32:32; Tshenolo 3:5.

Fa o tlogela go eletsa dilo, o ka leba jang boemo jo o leng mo go jone gone jaanong, mme ke eng se tota o ka se lebelelang ka isagwe? Ga go na ope yo o nang le sengwe le sengwe. Mokeresete mongwe yo o botlhale o ne a tlhalosa gore, “Ke ne ka tshwanelwa gore ke ithute gore botshelo ga e ke e nna seno LE sele mme ke seno KANA sele.” A ko o iphe nako o bale lebokoso la “Kgang Eno e Boletswe Kwa Benin.”

Jaanong araba dipotso tseno: Boikaelelo kana mokgele o o botlhokwa ke eng mo botshelong jwa me? Tsela e e tlhamaletseng ya go o fitlhelela ke efe? A e ka tswa e le gore ke fapogetse mo tseleng e telele, e e sa babalesegang mme e le gore se tota ke se batlang le se ke ka kgonang go se fitlhelela se ka fitlhelelwa ka go tsaya tsela e e sa raraanang?

Fa Jesu a ne a neela kgakololo malebana le lebaka la go bo dilo tse di bonalang di se botlhokwa thata fa di bapisiwa le botlhokwa jwa dilo tsa semoya o ne a re re dire gore leitlho la rona le nne le “sa raraana,” kana le “bona sentle.” (Mathaio 6:22) O ne a tlhalosa sentle gore dilo tse di botlhokwa mo botshelong ke dilo tsa semoya le mekgele e e amanang le leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 6:9, 10) Dilo tse dingwe ga di botlhokwa thata, kana re ka re ga di mosola.

Dikhamera di le dintsi di dirilwe gore o kgone go bona dilo tse di kgakala le tse di gaufi ka nako e le nngwe fela ka tsone. A le wena o bona jaaka tsone? A o “kgona go bona” mo e ka nnang sengwe le sengwe—a se botlhokwa, se a ratega, le gore a fa o se eletsa, o ka kgona go nna le sone? Fa go ka direga fela gore o akanye jalo, mokgele o o botlhokwa wa Bakeresete, e leng Bogosi, o ka timela motlhofo fela mo gare ga dilo tse dintsintsi tseo tse o di lebileng, ka gore sengwe le sengwe sa tsone se tlhoka tlhokomelo ya gago. Kgakololo e e nonofileng ya ga Jesu e ne e le: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:33.

Go Babalesega Gone Jaanong le Goyagoile

Rotlhe re ka tswa re eleletsa rona le baratiwa ba rona dilo tse di botoka. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo re sa itekanela, re tshela mo lefatsheng le le sa itekanelang e bile re na le sebaka se se lekanyeditsweng sa go tshela, tsotlhe di re pateletsa go lekanyetsa dilo tse re solofelang gore re ka kgona go nna le tsone. Mokwadi mongwe wa Baebele o kile a tlhalosa jaana diketekete tsa dingwaga tse di fetileng: “Ke ne ka boa ka bona gore kafa tlase ga letsatsi ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Ka dinako tse dingwe re tshwarega thata ka dilo tsa botshelo mo e leng gore re lebala go tlhokomela dilo tse di botlhokwa tse di jaaka gore re bomang le gore re tlhoka eng tota gore re tle re ikutlwe re babalesegile. Akanya ka mafoko ano a a botlhale a  bogologolo: “Fa o rata madi, o ka se ka wa kgotsofala le ka motlha; fa o eletsa go huma, o ka se ka wa nna le sotlhe se o se batlang. Ga se na mosola. Monna yo o dirang a ka nna a bo a na le dijo tse di lekaneng kana a se na tsone, le fa go ntse jalo, a ka kgona go robala sentle bosigo. Le fa go ntse jalo, monna yo o humileng, o na le mo gontsi thata mo e leng gore o lala a sa robala a tshwenyegile.” (Moreri 5:10, 12, Today’s English Version) Ee, pabalesego ya gago e ikaegile ka eng?

Fa e le gore boemo jwa gago bo tshwana le jwa ga Josué yo ditoro tsa gagwe di ileng tsa se ka tsa diragadiwa, a o ka kgona go fetola dithulaganyo tsa gago? Batho ba ba go ratang tota ba tla go tshegetsa, fela jaaka ba lelapa la ga Josué le ditsala tsa gagwe mo phuthegong di ile tsa dira. O ka kgona go nna le pabalesego e e oketsegileng mo lefelong le le humanegileng wena le batho ba ba go ratang go na le mo toropong e mo go yone go nang le batho ba ba batlang go go dirisa fela.

Fa e le gore o setse o na le dilo tse dintsi, jaaka Liz le monna wa gagwe, a o ka fetola tsela e o tshelang ka yone gore o dirise nako le maatla a a oketsegileng go thusa batho, e ka tswa ba humile kana ba humanegile, gore ba ithute ka Bogosi, tsela ya go bona pabalesego ya mmatota?

Fa e le gore o ntse o leka go bona maemo a a kwa godimo mo setšhabeng, o ka nna wa itshekatsheka ka boikanyegi go bona gore o tlhotlhelediwa ke eng. Gone ke boammaaruri gore dilo dingwe tse o nang natso di ka nna tsa oketsa boitumelo jwa gago mo botshelong. Le fa go ntse jalo, a o kgona go boloka Bogosi—tsela ya mmatota ya go bona pabalesego ya mmatota—e le jone jo bo kwa pele mo mogopolong wa gago? Gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Fa o nna le seabe mo ditirong tse dintsi tsa phuthego ya Bokeresete, o tla bona pabalesego e e itumedisang.

Ba ba ikanyang Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka botlalo ba nna le pabalesego e e itumedisang gone jaanong e bile ba lebeletse pele go bona pabalesego e e feletseng mo isagweng. Mopesalema o bolela jaana: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa. Ka jalo pelo ya me e a ipela, le kgalalelo ya me e sekametse mo go ipeleng. Gape, nama ya me e tla aga ka polokesego.”—Pesalema 16:8, 9.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kgang Eno e Boletswe Kwa Benin

Kgang eno e ile ya bolelwa ka makgetlo a le diketekete ka ditsela tse di farologaneng. Bosheng jaana, moagi mongwe yo o setseng a godile yo o nnang kwa motseng wa Benin, wa Afrika Bophirima, o ne a bolelela basha bangwe kgang eno e e latelang.

Motshwara ditlhapi o boela gae ka mokorwana wa gagwe mme o kopana le moitse mongwe wa naga e sele yo o dirang mo nageng e e tlhabologang eno. Moitse yono o ne a botsa motshwara ditlhapi gore ke ka ntlha yang a boile ka bonako jaana. O araba ka gore o ka bo a ile a nna nakonyana mme o ne a setse a tshwere ditlhapi tse di lekaneng go otla lelapa la gagwe.

Moitse o mmotsa gore: “Jaanong o dirang ka nako ya gago e e setseng?”

Motshwara ditlhapi o araba jaana: “Ke tshwara ditlhapi go sekae. Ke tshameka le bana ba me. Mme fa go nna mogote rotlhe re ya go ikhutsa. Maitseboa, re ja dilalelo mmogo. Moragonyana, ke kopana le ditsala tsa me go itisa ka mminonyana le dilo tse dingwe.”

Moitse yono o mo tsena ganong ka go re: “Akanya fela, ke na le dikirii ya yunibesithi mme e bile ke ile ka ithuta dilo tseno. Ke batla go go thusa. O tshwanetse go tshwara ditlhapi nakwana e e oketsegileng. O ka kgona go dira madi a a oketsegileng mme go ise go ye kae o tla kgona go reka mokoro o mogolwane go feta mokorwana o o nang le one ono. Ka mokoro o mogolwane, o ka kgona go dira madi a a oketsegileng le go feta mme go ise go ye kae o tla bo o kgona go nna le setlhopha se segolo sa dikepetlowa.”

Motshwara ditlhapi o botsa jaana: “Go tswa foo?”

“Go tswa foo, go na le gore mongwe a go rekisetse ditlhapi, o ka kgona go buisana ka tlhamalalo le feketiri kana le e leng go simolola bodirelo jwa gago jwa ditlhapi. O ka kgona go tswa mo motseng wa ga lona mme o bo o fudugela kwa Cotonou, kana kwa Paris kana kwa New York o bo o tsamaisa kgwebo ya gago o le koo. O ka nna wa ba wa akanya ka go tsenya kgwebo ya gago mo mebarakeng ya tsa madi o bo o nna le dimilione tsa madi.”

Motshwara ditlhapi a botsa: “Seno sotlhe se tla tsaya nako e kana kang?”

Moitse o araba ka gore: “Gongwe go tla tsaya dingwaga di le 15 go ya go di le 20.”

Motshwara ditlhapi o tswelela ka gore: “Go tswa foo?”

Moitse o tlhalosa jaana: “Ke nako e botshelo bo simololang go nna monate ka yone. Ka nako eo o ka nna wa tlogela tiro. O ka nna wa fuduga o tswa mo tlhakantsukeng ya lefelo le o nnang mo go lone o ye kwa motsaneng mongwe o o kgakala.”

“Morago ga moo go bo go diragalang jaanong?” motshwara ditlhapi a botsa.

“O tla bo o na le nako ya go tshwara ditlhapi go sekae, go tshameka le bana ba gago, go ikhutsa fa go nna mogote, go ja dilalelo le lelapa la gago le go itisa le ditsala tsa gago lo reetsa mminonyana.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A go tlhatlosiwa maemo go lere pabalesego?

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Bakeresete ka wena ba amegile tota ka pabalesego ya gago