Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baruti Ba Babedi ba ba Neng ba Rata Mekwalo ya ga Russell

Baruti Ba Babedi ba ba Neng ba Rata Mekwalo ya ga Russell

 Baruti Ba Babedi ba ba Neng ba Rata Mekwalo ya ga Russell

KA 1891, Charles Taze Russell, yo o neng a dira tiro e e tlhomologileng mo baobameding ba boammaaruri ba ga Jehofa ba Bakeresete, o ne a etela Yuropa e le la ntlha. Go ya ka dipego dingwe, e ne ya re fa Russell a ema go sekaenyana mo loetong lwa gagwe kwa Pinerolo, kwa Italy, a kopana le Porofesa Daniele Rivoire, yo pele e neng e le moruti wa setlhopha sa bodumedi se se bidiwang Ba-Waldo. * Le fa Rivoire a ne a tswelela a dirisana thata le Ba-Waldo fa a sena go tlogela bodiredi jwa gagwe, o ne a nna e ntse e le motho yo o ratang go ithuta dilo tse disha, a bala dikgatiso tse dintsi tse C. T. Russell a neng a di kwadile.

Ka 1903, Rivoire o ne a ranola buka ya ga Russell ya The Divine Plan of the Ages a e ranolela mo Sentadianeng mme a e gatisa a dirisa madi a gagwe. Seno se diragetse pele ga go gatisiwa kgatiso e e kafa molaong ya Sentadiana. Mo ketapeleng ya buka eo, Rivoire o ne a kwala jaana: “Re baya kgatiso eno ya ntlha ya Sentadiana mo tshireletsong ya Morena. E kete a ka e segofatsa gore, le fa e na le diphoso, e thuse go godisa leina la gagwe le le boitshepo go a feta otlhe mme e kgothatse bana ba gagwe ba ba buang Sentadiana gore ba ineele ka botlalo. E kete dipelo tsa botlhe ba ba balang buka eno ba ba anaanelang boteng jwa khumo, botlhale le kitso ya maikaelelo a Modimo le lorato lwa gagwe di ka leboga Modimo yo buka eno e nnileng teng ka bopelonomi jwa gagwe.”

Gape Rivoire o ne a simolola go ranolela Zion’s Watchtower and Herald of Christ’s Presence mo puong ya Sentadiana. Makasine ono, o e neng e le Tora ya Tebelo ya bogologolo o ne wa tswa ganè ka ngwaga ka 1903. Le fa Porofesa Rivoire a ise nke a nne Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, o ne a bontsha kgatlhego e ntsi mo go anamiseng molaetsa wa Baebele jaaka o tlhalosiwa mo dikgatisong tsa Baithuti ba Baebele.

“Go ne Go Ntse Jaaka e Kete go Wele Makape mo Matlhong a me”

Moruti yo mongwe wa Mo-Waldo yo o neng a rata dikgatiso tsa ga Russell e ne e le Giuseppe Banchetti. Rraagwe Giuseppe, yo o neng a sokologile go tswa mo Bokatoliking, o ne a mo ruta thuto ya Ba-Waldo. Ka 1894, Giuseppe o ne a nna moruti mme a ruta mo ditšhabeng tsa Apulia le Abruzzi le kwa ditlhaketlhakeng tsa Elba le Sicily.

Kgatiso e e kafa molaong ya Sentadiana ya buka ya ga Russell ya Divine Plan of the Ages e ne ya gatisiwa ka 1905. Banchetti o ne a kwala tshobokanyo e e molemo thata ya buka eo. E ne ya gatisiwa mo lokwalodikgannyeng lwa La Rivista Cristiana. Banchetti o ne a kwala jaana: “Mo go rona ke kaelo e e sedimosetsang thata le e e tlhomameng e Mokeresete mongwe le mongwe a ka nnang le yone gore a kgone go ithuta Dikwalo Tse di Boitshepo ka tsela e e nang le mosola le e e duelang . . . Ka bonako fela fa ke sena go e bala, go ne go ntse jaaka e kete go wele makape mo matlhong a me, e kete tsela e e yang kwa Modimong e ne e tlhamaletse  e bile e le motlhofo. Le dilo tse pele e neng e kete di a ikganetsa di ne di sa tlhole di ikganetsa. Dithuto tsa motheo tse pele di neng di le thata go di tlhaloganya di ne di lebega di le motlhofo e bile di amogelesega sentle. Dilo tse pele ke neng ke sa di tlhaloganye di ne di utlwala sentle. Tsela e e molemolemo ya go boloka lefatshe ka Keresete e ne ya tlhaga fa pele ga me e le motlhofo thata mo e neng ya ntlhotlheletsa gore ke bue jaaka Moaposetoloi fa a ne a re: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso!”—Baroma 11:33.

Jaaka Remigio Cuminetti a ne a umaka ka 1925, Banchetti o ne a bontsha “kutlwelobotlhoko e kgolo” mo Baithuting ba Baebele mme o ne a “tlhatswegile pelo ka botlalo” ka dithuto tsa motheo tse ba neng ba di tlhalosa. Gape Banchetti o ne a batla go itsise dithuto tseo ka tsela ya gagwe.

Go a bonala go tswa mo mekwalong ya ga Banchetti gore, jaaka Basupi ba ga Jehofa, o ne a dumela gore go tlile go nna le tsogo ya baswi, jaaka go rutwa mo Dikwalong. Gape o ne a dumalana le Baithuti ba Baebele fa a ne a tlhalosa gore ngwaga o Jesu a tlhokafetseng ka one o ne o tlhomilwe e bile o senotswe ke Modimo mo boporofeting jwa ga Daniele jo bo buang ka dibeke tse 70. (Daniele 9:24-27) Mo makgetlhong a le mmalwa, fa a ne a ganetsana le dithuto tsa kereke ya gagwe phatlalatsa, o ne a dumela gore Segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete se tshwanetse go ketekwa gangwe fela ngwaga le ngwaga, “mo letsatsing le segopotso se welang mo go lone.” (Luke 22:19, 20) O ne a sa dumalane le thuto ya ga Darwin ya thutotlhagelelo, e bile o ne a ema nokeng kgang ya gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go tsenela ntwa.—Isaia 2:4.

Mo lekgetlhong lengwe, Banchetti o ne a tlotla ka dithuto tsa ga Russell le monna yo o bidiwang J. Campbell Wall. Fa a ne a araba malebana le dilo tse Wall a neng a di tshwaya phoso, Banchetti o ne a re: “Ke tlhomamisegile gore fa o ka bala dibolumo tse thataro tsa ga Russell, o tla nna le boitumelo jo bogolo fela thata, mme o tla nnaya seatla. Ga ke itire mponeng ka dithuto tsa motheo; mme ke badile dibuka tseo dingwaga di le lesome le bongwe tse di fetileng, mme ke leboga Modimo letsatsi le letsatsi go bo a ne a baya fa pele ga me lesedi le le ntseng jalo le kgomotso e e ntseng jalo a dirisa buka e gotlhelele e theilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo.”

“Reetsa, Reetsa, Reetsa”

Go botlhokwa go bo baruti ba babedi bano ba Ba-Waldo—Daniele Rivoire le Giuseppe Banchetti ba ne ba bolela kafa ba ratang ka teng tsela e Russell a neng a tlhalosa Baebele ka yone. Banchetti o ne a kwala jaana: “Ka re ga go na ope wa rona Baefangedi, le fa e le baruti ba rona kgotsa boporofesa ba rona ba thutabodumedi, ga go na ope yo o itseng sengwe le sengwe. Nnyaa, re na le dilo tse dintsi, tse dintsintsi tse re tshwanetseng go di ithuta. . . . [Re tshwanetse] . . . go nna mme re reetse, re sa akanye gore re itse sengwe le sengwe, mme gape re sa gane se re se newang gore re se tlhatlhobe. Go na le moo, reetsa, reetsa, reetsa.”

Ngwaga le ngwaga, batho ba le diketekete ba reetsa molaetsa wa Bogosi o Basupi ba ga Jehofa ba o tlisang kwa magaeng a bone. Gongwe le gongwe, batho ba ba ratang go ithuta dilo tse disha ba ba nyoretsweng boammaaruri jwa Baebele, ba arabela taletso eno ya ga Jesu: “O tle o nne molatedi wa me.”—Mareko 10:17-21; Tshenolo 22:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 O reeletswe ka Pierre Vaudès kgotsa Peter Waldo, yo e neng e le mogwebi wa lekgolo la bo12 la dingwaga, wa kwa Lyons, kwa Fora. Waldo o ne a kgaolwa mo Kerekeng ka ntlha ya dilo tse a di dumelang. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Ba-Waldo, bona setlhogo se se reng “Ba-Waldo—Ba Tlogela Bokgelogi ba Nna Baporotesetanta” mo go Tora ya Tebelo ya March 15, 2002.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Porofesa Daniele Rivoire

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Giuseppe Banchetti

[Motswedi wa Setshwantsho]

Banchetti: La Luce, April 14, 1926