Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke thulaganyo efe ya botho e e amanang le Thero ya mo Thabeng e o ka e dirisang go fokotsa go ngomoga pelo?

Letsatsi le letsatsi, o ka bala nngwe ya dithuto tsa motheo tsa ga Jesu tse di tlhalosiwang mo therong eo kana gongwe go sele mo Diefangeleng. Ka go tlhatlhanya ka dithuto tseo le go leka go di dirisa ka bowena, gongwe o tla bona boitumelo jo bo oketsegileng mme wa se ka wa ngomoga pelo thata.—12/15, ditsebe 12-14.

Go na le mabaka afe a mararo a a utlwalang a go bo bagolwane ba phuthego ba ka thapisa batlhanka ba bodiredi gore ba nne le maikarabelo a a oketsegileng?

Ka ntlha ya go oketsega ga palo ya Basupi ba ga Jehofa, go tlhokega banna ba ba oketsegileng ba ba nang le maikarabelo gore ba thuse batho ba ba sa tswang go kolobediwa gore ba gatele pele. Mathata a dingwaga kana a botsogo a dira gore bangwe ba bao ba sa bolong go nna bagolwane ba se ka ba kgona go dira mo gontsi. Mme bagolwane bangwe ba rwala maikarabelo a a oketsegileng go na le a ba nang nao mo phuthegong ya bone, ka jalo ba ka nna ba bo ba sa kgone go dira mo gontsi mo phuthegong ya bone jaaka pele.—1/1, tsebe 29.

Batho ba ikanya jang medimo e e seng ya mmatota?

Ba le bantsi ba obamela medimo ya bodumedi jwa bone, mme medimo eno e ka tswa e le medimo e e sa tsheleng e e sa kgoneng go boloka fela jaaka Baale wa motlha wa ga Elija. (1 Dikgosi 18:26, 29; Pesalema 135:15-17) Ba bangwe ba tlotlomatsa batho ba ba tumileng mo go tsa boitlosobodutu kana mo metshamekong, ba ba sa kgoneng go ba naya tsholofelo epe ya mmatota ka isagwe. Go farologana le seo, Jehofa o teng tota e bile o diragatsa maikaelelo a gagwe.—1/15, ditsebe 3-5.

Re ka ithuta eng ka tsela e Kaine a neng arabela ka teng fa Modimo a mo tlhagisa?

Modimo o re file kgololesego ya go ka itlhophela mme re ka itlhophela go dira se se siameng go na le gore re itlhokomolose se se siameng e leng se Kaine a ileng a se dira. Pego ya Baebele e bontsha gape gore Jehofa o atlhola ba ba sa ikwatlhaeng.—1/15, ditsebe 22-3.

Ke ka ntlha yang fa bophepa bo le botlhokwa segolobogolo gone jaanong?

Ka ntlha ya go fetoga ga tsela ya botshelo, ba le bantsi ba dirisa nako e nnye thata gone jaanong ba phepafatsa matlo a bone go na le kafa ba neng ba tlwaetse ka teng pele. Go itlhokomolosa bophepa mo dijong le mo metsing go ka baka dikotsi tsa boitekanelo. Mo godimo ga bophepa jwa mmele, Baebele e gatelela gore re ele tlhoko thata bophepa jwa semoya, jwa boitsholo le jwa tlhaloganyo.—2/1, ditsebe 3-6.

Fa Paulo a ne a bua ka basupi ba pele ga motlha wa Bokeresete, o ne a re ba ka se ka ba “itekanedisiwa kwantle ga rona.” O ne a raya jang? (Bahebera 11:40)

Mo Mileniamong e e tlang, Keresete le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng kwa legodimong, ba e leng dikgosi le baperesiti, ba tla abela ba ba tsositsweng mo baswing melemo ya thekololo. Batho ba ba ikanyegang bao jaaka ba tlhalositswe mo go Bahebera kgaolo 11 ba tla “itekanedisiwa,” ka tsela eo.—2/1, tsebe 23.

Paulo o ne a batla go reng fa a ne a raya Bahebera a re: “Ga lo ise lo bo lo emelelane le jone go fitlha mading”? (Bahebera 12:4)

O ne a raya go itshoka go fitlha kwa losong. Go ne go na le dikai tsa dilo tse di diragaletseng ba ba ileng ba ikanyega go fitlha losong. Le mororo Bahebera ba Paulo a neng a ba kwalela ba ne ba ise ba lekiwe go fitlha moo, ba ne ba tlhoka go gatela pele semoyeng, ba nonotsha tumelo ya bone gore ba tle ba kgone go itshokela sengwe le sengwe se se tla ba diragalelang.—2/15, tsebe 29.

Ke ka ntlha yang fa go le botoka go tila go bolela gore kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e nolofatsa tshiamiso ya gagwe?

Mo dipuong dingwe, “go nolofatsa” go ka raya go lekalekana kana go thibela. Jehofa ke Modimo yo o tshiamiso e bile o kutlwelobotlhoko, mme fa a bontsha dinonofo tseo, dinonofo tse pedi tseo di tsamaisana sentle. (Ekesodo 34:6, 7; Duteronome 32:4; Pesalema 116:5; 145:9) Tshiamiso ya ga Jehofa ga e tlhoke go nolofadiwa ke kutlwelobotlhoko.—3/1, tsebe 30.

A go siame gore Mokeresete a omise setopo sa moratiwa wa gagwe yo o suleng?

Go omisa setopo ke tsela ya go babalela setopo. Batho bangwe ba bogologolo ba ne ba latela tsela eno ka ntlha ya mabaka a bodumedi. Baobamedi ba boammaaruri ba ka se ka ba dira jalo. (Moreri 9:5; Ditiro 24:15) Go omisa setopo go tla diegisa fela selo se se ka se kang sa kgona go tilwa, go boela ga mmele mo leroleng. (Genesise 3:19) Mme ga go na lebaka la go tshwenyega fa e le gore molao o batla gore setopo se omisiwe, fa maloko mangwe a lelapa a batla gore go dirwe jalo, kana fa go tlhokega ka go bo bangwe ba tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se seleele go ya phitlhong.—3/15, ditsebe 29-31.

Ke dikai dife tsa Baebele tse di re rutang gore Modimo o amogela batho ba ditšhaba tsotlhe?

Jehofa o ne a roma moporofeti Jona go ya go tlhagisa Baninife, mme Modimo wa kgothaletsa Jona gore a amogele boikwatlhao jwa bone. Jesu o ne a kgothatsa Basamarea ka go ba bontsha lerato, a dira jalo ka tsela e a neng a bua ka yone le ka go ba tlhomela sekao. Moaposetoloi Petere le moaposetoloi Paulo ka bobedi jwa bone ba ile ba thusa go isetsa batho ba e seng Bajuda dikgang tse di molemo. Mo dikaing tse di ntseng jalo, re ka bona gore re tshwanetse go leka go thusa batho ba mefuta yotlhe.—4/1, ditsebe 21-4.