Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ke Batla go Direla Modimo”

Ke ne Ke Batla go Direla Modimo”

 Pego Ya Baboledi Ba Bogosi

Ke ne Ke Batla go Direla Modimo”

“TSWANG mo go ene, batho ba me.” Mokgosi oo o ne wa tlhabiwa ke moengele mme wa utlwiwa ke moaposetoloi Johane mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Mo motlheng wa rona dimilione tsa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba arabetse mme ba dule mo go “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 18:1-4) Mongwe wa bone ke Wilner, wa kwa Haiti, yo o bolelang maitemogelo a gagwe.

“Ke tsholetswe mo lelapeng la Bokatoliki mo toropong e potlana ya St. Marc, kwa Haiti ka 1956. Akanya fela kafa lelapa la gaetsho le neng le itumetse ka teng fa ke ne ke tlhophiwa le ba bangwe ba babedi go tswa mo toropong ya gaetsho gore re ye seminareng kwa St. Michel de l’Atalaye, kwa Haiti. Go tswa foo ka 1980, re ne ra romelwa kwa Stavelot, kwa Belgium, gore re ye go thapisiwa gape. Gape fa re le koo re ne ra tsena yunibesithi ya Katoliki.

“La ntlha ke ne ke eletsa thata go nna moruti. Letsatsi lengwe re le mo phaposing ya bojelo, moruti yo o neng a tlhokometse setlhopha sa rona o ne a nkopa gore ke sale metsotso e sekae ka gonne o ne a batla go mpolelela sengwe. Akanya kafa ke neng ka garoga pelo ka teng fa a ne a mpolelela fela a sa tshabe gore o ne a ka rata go tlhakanela dikobo le nna! Ke ne ka gana mme ke ne ka ikutlwa ke swabile fela thata. Ke ne ka kwalela ba lelapa la gaetsho ka tiragalo eo mme ka tlogela seminare dikgwedi di sekae moragonyana, le fa ba ne ba sa batle. Ke ne ka bona lefelo la bonno mo motseng mme ka tswelela pele ka dithuto tsa me ke ithutela sengwe se sele.

“Fa ke ne ke boela kwa St. Marc, ke ne ke sa tlhole ke tshepa Kereke ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, ke ne ke batla go direla Modimo, mme ke ne ke sa itse gore ke dire eng. Ke ne ka ya kwa kerekeng ya Adventist, kereke ya Ebenezer, le kereke ya Mormon. Ke ne ke latlhegile semoyeng.

“Morago ga moo ka gakologelwa gore fa ke ne ke le kwa seminareng kwa Belgium, ke ne ke na le go bala Baebele ya ga Crampon. Ke ne ka bona mo go yone gore Modimo o na le leina. Ka jalo, ke ne ka rapela ke dirisa leina la gagwe gore Modimo a nthuse gore ke bone bodumedi jwa boammaaruri.

“Go ise go ye kae morago ga moo, Basupi ba ga Jehofa bangwe ba babedi ba ne ba fudugela mo lefelong le ke neng ke nna mo go lone. E ne e le batho ba ba ritibetseng, ba ba tlotlegang, e bile ba na le seriti. Ke ne ka kgatlhwa ke tsela e ba neng ba tshela ka yone. Letsatsi lengwe, mongwe wa Basupi ba babedi bao o ne a ntaletsa go tla kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete. Ke ne ka itumelela pokano eo thata mme ka dumela gore Basupi ba ntshwarele thuto ya Baebele ya ka metlha. Mo dikgweding tse di ka nnang thataro, ke ne ka tlhatswega pelo gore ke bone tsela e e siameng ya go direla Modimo. Ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa, mme ka kolobediwa ka November 20, 1988.”

Fa nako e ntse e tsamaya, Wilner o ne a tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Gompieno o direla e le mogolwane wa phuthego. Ene le mosadi wa gagwe, mmogo le bana ba bone ba babedi, ke maloko a a itumetseng a phuthego.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Wilner o ne a ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa, ka go bala Baebele