Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

 A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Kgotlatshekelo ya Molaomotheo ya Jeremane e ne ya thusa mo phenyong efe ya semolao e e amanang le bodumedi?

Kgotlatshekelo eo e ne ya fetola tshwetso e e sa siamang e e neng ya dirwa ke kgotlatshekelo e nngwe malebana le Basupi ba ga Jehofa le go tsewa ga bone e le lekgotla la molao wa batho botlhe. Tshwetso eno ya kgotlatshekelo e ne ya bolela gore malebana le kgololesego ya bodumedi, motho o ka nna a ‘ikobela ditumelo tsa bodumedi’ go feta se se batlwang ke Puso.—8/15, tsebe 8.

Jobe o ile a boga nako e e kana kang?

Buka ya Jobe ga e bontshe gore o bogile dingwaga tse dintsi. Go boga ga ga Jobe le go fedisiwa ga gone go ka tswa go ile ga direga mo dikgweding di se kae, gongwe e le nako e e kwa tlase ga ngwaga.—8/15, tsebe 31.

Re ka tlhomamisega jang gore Diabolo ga se tumelabotlhodi fela?

Jesu Keresete o ne a itse gore Diabolo ke motho wa mmatota. Jesu o ne a raelwa ke motho wa mmatota, e seng ke bosula bongwe jo bo mo teng ga gagwe. (Mathaio 4:1-11; Johane 8:44; 14:30)—9/1, ditsebe 5-6.

Diane 10:15 ya re: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa monna wa mohumi ke motse wa gagwe o o nonofileng. Tshenyego ya ba maemo a a kwa tlase ke lehuma la bone.” Seno se itshupa jang se le boammaaruri?

Dikhumo di ka sireletsa motho mo maemong mangwe a a sa iketlang a botshelo, fela jaaka motse o o nonofileng o sireletsa ba ba nnang mo go one ka selekanyo se se rileng. Kafa letlhakoreng le lengwe, lehuma le ka baka tshenyo fa go nna le ditiragalo dingwe tse di sa lebelelwang.—9/15, tsebe 24.

Ke ka tsela efe go ileng ga simololwa go “bitsa leina la ga Jehofa” mo metlheng ya ga Enoshe? (Genesise 4:26)

Leina la Modimo le ne le sa bolo go dirisiwa fa e sa le batho ba nna teng, ka gone se se neng sa simologa mo metlheng ya ga Enoshe go bonala sentle gore e ne e le go bitsa Jehofa ka tumelo. Batho ba ka tswa ba ile ba ipitsa ka leina la ga Jehofa kgotsa ba bitsa batho ba bangwe ka lone ba ba neng ba dira e kete ba tsena ka bone go obamela Modimo.—9/15, tsebe 29.

Lefoko “kotlhao” le raya eng, jaaka fa le dirisiwa mo Baebeleng?

Lefoko leo ga le bolele mofuta ope wa go sotla kgotsa bosetlhogo. (Diane 4:13; 22:15) Lefoko la Segerika le le rayang “kotlhao” totatota le raya kaelo, thuto, kgalemelo, mme ka dinako tse dingwe le raya go itaya o nitame mme e le ka lorato. Tsela ya botlhokwa e batsadi ba ka etsang Jehofa ka yone ke ka go leka gore ba se ka ba kgaotsa go buisana le bana ba bone. (Bahebera 12:7-10)—10/1, ditsebe 8, 10.

Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba bontsha jang gore ba ema puso ya Modimo nokeng?

Basupi ba ga Jehofa fa ba buelela Bogosi jwa Modimo, ga ba itshunye mo dipolotiking kgotsa go tlhotlheletsa botsuolodi, le e leng mo dinageng tse Basupi ba thibetsweng mo go tsone. (Tito 3:1) Ba dira tiro e e mosola go tshwana le se Jesu le barutwa ba gagwe ba pele ba neng ba se dira mme ba leka go thusa batho gore ba amogele mekgwa e mentle ya Baebele e e jaaka boikanyego, go nna phepa mo boitsholong, le go nna le mekgwa e mentle kwa tirong.—10/15, tsebe 6.

Metsi a a nayang botshelo a elela jang kwa Andes?

Basupi ba ga Jehofa koo ba dira maiteko a go tlisetsa batho boammaaruri jwa Baebele, ka dipuo tse pedi tsa mo lefelong leo, e leng Se-Quechua le Se-Aymara. Basupi ba etela batho ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng tse di mo Lake Titicaca, go akaretsa le dirala tse di “kokobetseng” tsa ditlhaketlhake tse di dirilweng ka lotlhaka lo lo tlhogang mo metsing a lekadiba leo.—10/15 ditsebe 8-10.

Ke eng se Modimo a se re neileng gore se re kaele se se ka tshwantshiwang le thulaganyo ya khomputara e e kaelang e e mo difofaneng tsa segompieno tse di rwalang bapalami?

Modimo o dirile gore batho ba kgone go bona tsela e e tshwanetseng ya boitsholo, ba nne le boikutlo jwa kafa teng jwa go lemoga boitsholo jo bo siameng. Seno ke segakolodi sa rona se re se ruileng. (Baroma 2:14, 15)—11/1, ditsebe 3-4.

Ke ka ntlha yang fa loso lwa ga Jesu lo le tlhwatlhwakgolo?

Fa monna yo o itekanetseng Adame a ne a leofa, o ne a latlhegelwa ke botshelo jwa motho ene le ditlogolwana tsa gagwe. (Baroma 5:12) Jaaka motho yo o itekanetseng, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, ka go dira jalo a ntsha thekololo e e dirang gore go kgonege gore batho ba ba ikanyegang ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—11/15, ditsebe 5-6.

Basethia ba ba umakiwang mo go Bakolosa 3:11 e ne e le bomang?

Basethia e ne e le setšhaba sa bakgarakgatshegi se se neng se nna mo dipoeng tsa Eurasia, se se neng se busa go simolola ka 700 go ya go 300 B.C.E. E ne e le bapalami ba dipitse le batlhabani ba ba boifisang. Bakolosa 3:11 e ka tswa e ne e sa bue ka setšhaba se se rileng, mme e bua ka batho ba ba sa tlhabologang ka tsela e e feteletseng.—11/15, ditsebe 24-5.

Ke ka ntlha yang fa re ka re Molao wa Sekagouta ke thuto e re tlhokang go e tlhokomela ka metlha?

Molaomotheo ono o ile wa gatelelwa mo filosofing ya Bojuda, Bobuda le Segerika le Bo-Confucius. Le fa go ntse jalo, se Jesu a neng a laela gore se dirwe mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng se tlhoka ditiro tse di molemo, mme se ama botshelo jwa batho ba dingwaga dingwe le dingwe gongwe le gongwe. (Mathaio 7:12)—12/1, tsebe 3.