Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Masego ke a Mosiami’

‘Masego ke a Mosiami’

 ‘Masego ke a Mosiami’

MOPESALEMA Dafide o ne a bua jaana a le mo dingwageng tsa gagwe tsa botsofe: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.” (Pesalema 37:25) Jehofa Modimo o rata basiami thata e bile o ba tlhokomela tota. Mo Lefokong la gagwe, Baebele, o gakolola baobamedi ba boammaaruri gore ba batle tshiamo.—Sefania 2:3.

Tshiamo ke boemo jwa go nna yo o siameng mo Modimong ka go ikobela melao ya gagwe ya se se siameng le se se sa siamang. Kgaolo ya bo10 ya buka ya Baebele ya Diane e re kgothaletsa go tshela tumalanong le thato ya Modimo, mme e re bontsha masego a mantsi a semoya a a tlelang ba ba dirang jalo. Mangwe a masego ano ke letlotlo la dijo tse di otlang semoyeng, tiro e e nang le maduo e bile e kgotsofatsa le go nna le kamano e e molemo le Modimo le batho. Jalo he, a re sekasekeng Diane 10:1-14.

Tlhotlheletso e e Molemolemo

Mafoko a a simololang a kgaolo eno a re bontsha ntle le pelaelo gore mokwadi wa karolo e e latelang ya buka ya Diane ke mang. A re: “Diane Tsa ga Solomone.” Fa Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo a bontsha selo se se molemolemo se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go latela tsela e e siameng a re: “Morwa yo o botlhale ke yo o ipedisang rraagwe, mme morwa yo o sematla ke khutsafalo mo go mmaagwe.”Diane 10:1.

A bo batsadi ba Bakeresete ba utlwa botlhoko jang ne fa mongwe wa bana ba bone a tlogela go obamela Modimo wa boammaaruri yo o tshelang! Kgosi e e botlhale e bua ka kutlobotlhoko ya mmè, gongwe e le go bontsha gore ke ene a utlwang botlhoko thata. Seo ke sone se se ileng sa diragalela Doris. * O tlhalosa jaana: “Fa morwaarona wa dingwaga tse 21 a ne a tlogela boammaaruri, nna le monna wa me e bong Frank re ne ra hutsafala thata. Ke ne ka utlwa botlhoko thata go feta Frank. Le fa go fetile dingwaga di le 12, ke sa ntse ke utlwile botlhoko fela jalo.”

Bana ba ka ama boitumelo jwa rraabone mme ba utlwisa mmaabone botlhoko thata. E kete re ka nna botlhale mme re itumedise batsadi ba rona. Mme se se botlhokwa le go feta, a re itumediseng pelo ya ga Rraarona wa selegodimo, Jehofa.

‘Moya wa Mosiami o Kgotsofetse’

“Matlotlo a moikepi ga a na go tswela mosola,” go rialo kgosi, “mme tshiamo ke yone e e tla gololang mo losong.” (Diane 10:2) Mo Bakereseteng ba boammaaruri ba ba tshelang kwa bofelong jwa motlha wa bokhutlo, mafoko ano ruri a botlhokwa. (Daniele 12:4) Go senngwa ga lefatshe leno le le se nang bomodimo go gaufi. Ga go na tshireletso epe e e itiretsweng ke motho—ya dilo tse di bonalang, ya madi kana ya sesole—e e tla sireletsang batho ka nako ya “pitlagano e kgolo” e e tlang. (Tshenolo 7:9, 10, 13, 14) “Bathokgami ke bone [fela] ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone.” (Diane 2:21) Ka jalo he, a re nneng re “batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo].”—Mathaio 6:33.

Batlhanka ba ga Jehofa ga ba tlhoke go leta go fitlha lefatshe le lesha le le solofeditsweng le fitlha gore ba bone masego a Modimo. “Jehofa ga a na go dira gore moya wa mosiami o tshwarwe ke tlala, mme keletso ya baikepi o tla e kgoromeletsa koo.” (Diane 10:3) Jehofa o re file dijo tse dintsi tsa semoya ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Tota motho yo o siameng o na le lebaka la go “goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo.” (Isaia 65:14) Kitso ke selo se se mo itumedisang. Go batla matlotlo a semoya go a mo ipedisa. Motho yo o bosula a ka se itumele jalo.

‘Tlhoafalo e Humisa Motho’

Motho yo o siameng o segofadiwa ka tsela e nngwe gape. “Yo o dirang ka seatla se se nyafalang o tla humanega, mme seatla sa yo o tlhoafetseng ke  sone se tla humisang motho. Morwa yo o dirang ka temogo o phutha ka nako ya selemo; morwa yo o itshwarang ka tsela e e tlhabisang ditlhong o thulametse ka nako ya thobo.”Diane 10:4, 5.

Mafoko ano a kgosi a utlwala sentle mo bathong ba ba dirang ka nako ya thobo. Nako ya thobo ga se nako ya go otsela. Ke nako ya go tlhagafala le go dira ka diura di le dintsi. Ee, ke nako ya go dira dilo ka potlako.

Fa Jesu a ne a akantse ka thobo ya batho, mme e seng ya dijo tsa ditlhaka, o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo [Jehofa Modimo] gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Mathaio 9:35-38) Ka ngwaga wa 2000, batho ba ba fetang dimilione tse 14 ba ne ba nna gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu—palo e e fetang ya Basupi ba ga Jehofa gabedi. Ka jalo, ke mang yo o ka ganetsang gore ‘masimo a masweu go ka rojwa’? (Johane 4:35) Baobamedi ba boammaaruri ba kopa Mong go tlisa barobi ba ba oketsegileng fa bone ba ntse ba dira ka tlhagafalo mo tirong ya go dira barutwa go dumalana le dithapelo tsa bone. (Mathaio 28:19, 20) Mme a bo Jehofa a ile a segofatsa maiteko a bone thata jang ne! Ka ngwaga wa tirelo wa 2000, go ile ga kolobediwa batho ba basha ba ba fetang 280 000. Bano le bone ba leka go nna barutisi ba Lefoko la Modimo. E kete re ka nna le boitumelo le go kgotsofala mo nakong eno ya thobo ka go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go dira barutwa.

‘Masego ke a Tlhogo ya Gagwe’

Solomone o tswelela ka go re: “Masego ke a tlhogo ya mosiami, mme fa e le molomo wa baikepi one, o bipa tshiamololo.”Diane 10:6.

Motho yo o itshekileng e bile a le tshiamo mo pelong o bontsha ka ditsela di le dintsi gore o tshiamo. O na le puo e e molemo le e e agang, ditiro tsa gagwe ke tse di siameng le tse di molemo. Batho ba bangwe ba rata go nna le ene. Motho yo o ntseng jalo o anaanelwa ke batho—ba a mmaka—ka gonne ba bua sentle ka ene.

Motho yo o bosula ene o na le letlhoo kana o senya ba bangwe leina mme maikaelelo a gagwe ke go direla ba bangwe bosula. Puo ya gagwe e ka nna ya bo e le monate e bile e “bipa tshiamololo” e e fitlhilweng mo pelong ya gagwe, mme kgabagare o simolola go tlhasela ba bangwe mo mmeleng kgotsa ka mafoko. (Mathaio 12:34, 35) Kana e seng jalo, “tshiamololo e [bipa moikepi molomo].” (Diane 10:6, bapisa Baebele e e Boitshepo.) Seno se bontsha gore motho yo o boikepo gantsi o amogela se a se bontshang ba bangwe, e leng bobaba. Seno se nna jaaka e kete se bipa kana se tswala molomo wa gagwe le go mo didimatsa. Motho yo o ntseng jalo a ka solofela go bakwa jang ke ba bangwe?

“Kgakologelo ya mosiami e tla segofadiwa,” go kwala jalo kgosi ya Iseraele, “mme leina la baikepi le tla bola.” (Diane 10:7) Motho yo o siameng o gopolwa ka tsela e e molemo ke ba bangwe, mme segolobogolo ke Jehofa Modimo. Ka ntlha ya go bo Jesu a ne a ikanyega go fitlha a swa, o ne a ‘rua leina le le molemolemo go gaisa’ la baengele. (Bahebera 1:3, 4) Banna le basadi ba ba ikanyegang ba pele ga motlha wa Bokeresete ba gopolwa gompieno ke Bakeresete ba boammaaruri e le dikai tse di tshwanelang go etsiwa. (Bahebera  12:1, 2) Nnyaa, ga go a nna jalo ka leina la batho ba ba boikepo, le e nnang selo se se tenang le se se maswe! Ee, “go tshwanetse ga tlhophiwa leina go na le dikhumo tse dintsi; go amogelwa go botoka go na le selefera le gouta.” (Diane 22:1) E kete re ka itirela leina le lentle le Jehofa le bathokarona.

‘Motho yo o Thokgameng o Tla Tsamaya ka Polokesego’

Solomone o bua jaana a bontsha pharologanyo fa gare ga motho yo o botlhale le yo o seeleele: “Yo o botlhale mo pelong o tla amogela ditaelo, mme yo o seeleele ka dipounama tsa gagwe o tla gatakiwa.” (Diane 10:8) Motho yo o botlhale o itse sentle gore “ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) O lemoga gore o tlhoka go senka kaelo ya ga Jehofa mme o amogela ditaelo tsa Modimo motlhofo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, motho yo o seeleele ka dipounama tsa gagwe o palelwa ke go tlhaloganya ntlha eno e e botlhokwa. Puo ya gagwe e e se nang tlhaloganyo e mo isa tshenyegong.

Gape motho yo o siameng o na le mofuta wa polokesego e batho ba ba boikepo ba se nang yone. “Yo o tsamayang mo bothokgaming o tla tsamaya ka polokesego, mme yo o sokamisang ditsela tsa gagwe o tla dira gore a itsiwe. Yo o tsipang leitlho la gagwe o tla ntsha botlhoko, mme yo o seeleele ka dipounama tsa gagwe o tla gatakiwa.”Diane 10:9, 10.

Motho yo o thokgameng o a ikanyega mo ditseleng tsa gagwe. O tlotliwa le go ikanngwa ke ba bangwe. Motho yo o ikanyegang ke modiri yo o anaanelwang mme gantsi o newa maikarabelo a magolwanyane. Tsela e a itsiweng a ikanyega ka yone e ka dira gore a nne a ntse a na le tiro le fa ditiro di seyo. Mo godimo ga moo, go ikanyega ga gagwe go dira gore go nne le mowa o o itumedisang le wa kagiso mo gae. (Pesalema 34:13, 14) O ikutlwa a babalesegile fa a na le maloko a lelapa la gagwe. Ruri polokesego ke loungo lwa bothokgami.

Ga go a nna jalo ka motho yo o ineelang go nna yo o sa ikanyegeng gore a tle a bone poelo ya bopelotshetlha. Motho yo o tsietsang a ka leka go fitlha maaka a gagwe ka go sokamisa puo kana ka tsela e a itshwarang ka yone. (Diane 6:12-14) Go tsipa ga gagwe leitlho ka tsietso go ka nna ga dira gore batho ba a ba tsietsang ba utlwe botlhoko thata mo mogopolong. Mme kgabagare, bosula jwa motho yono bo tla itsege. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Maleo a batho bangwe a bonatshega phatlalatsa, a isa ka tlhamalalo kwa katlholong, mme fa e le ka batho ba bangwe maleo a bone le one a bonatshega moragonyana. Ka tsela e e tshwanang gape ditiro tse di molemo di bonatshega phatlalatsa mme tse di sa nnang jalo di ka se nne di fitlhegile.” (1 Timotheo 5:24, 25) Le fa e ka tswa e le mang yo o amegang—e ka tswa e le motsadi, tsala, molekane wa lenyalo kana mongwe yo o mo itseng fela—kgabagare go sa ikanyege go go ntseng jalo go a senoga. Ke mang yo o ka ikanyang motho yo o itsiweng a sa ikanyege?

‘Molomo wa Gagwe ke Motswedi wa Botshelo’

Solomone a re: “Molomo wa mosiami ke motswedi wa botshelo; mme fa e le molomo wa baikepi one, o bipa tshiamololo.” (Diane 10:11) Mafoko a a tswang mo molomong a ka fodisa kana a gobatsa. A ka lapolosa motho le go mo tsenya botshelo, kana a ka mo sulafatsa pelo.

 Fa kgosi ya Iseraele e bontsha gore ke eng se se tlhotlheletsang motho go bua mafoko a a a buang, ya re: “Letlhoo le tsosa manganga, mme lorato lo bipa ditlolo tsotlhe.” (Diane10:12) Letlhoo le baka komang fa gare ga batho, le dira gore go nne le dikgotlhang. Batho ba ba ratang Jehofa ba tshwanetse go fedisa letlhoo mo matshelong a bone. Jang? Ka go bontsha lorato mo boemong jwa letlhoo. “Lorato lo bipa maleo a le mantsi.” (1 Petere 4:8) Lorato lo “emelana le dilo tsotlhe,” ke gore “lo bipa dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7; Kingdom Interlinear) Lorato lwa bomodimo ga lo lebelele gore batho ba ba sa itekanelang ba dire dilo ka go itekanela. Go na le gore lo senole diphoso tsa ba bangwe, lorato lo lo ntseng jalo lo re thusa go tlodisa diphoso tsa ba bangwe matlho ntle le fa e le diphoso tse di masisi. Lorato lo kgona le go itshoka fa re sa tshwarwe sentle mo bodireding jwa tshimo, kwa re berekang gone kana kwa sekolong.

Kgosi e e botlhale e tswelela ka go re: “Botlhale bo fitlhelwa mo dipounameng tsa motho yo o tlhaloganyang, mme thupa ke ya mokwatla wa yo o seng botlhale.” (Diane 10:13) Botlhale jwa motho yo o tlhaloganyang bo kaela dikgato tsa gagwe. Mafoko a a agang a dipounama tsa gagwe a thusa ba bangwe go tsamaya mo tseleng ya tshiamo. Ene le ba ba mo reetsang ga ba tlhoke go tsenngwa mo tseleng e e siameng ka go patelediwa—ka thupa ya kotlhao.

“Bolokang Kitso”

Ke eng se se thusang gore mafoko a rona a nne ‘molatswana o o phothoselang botlhale’ go na le gore e nne molatswana o o phothoselang ka dilo tse di sa reng sepe? (Diane 18:4) Solomone o araba jaana: “Ba ba botlhale ke ba ba bolokang kitso, mme molomo wa seeleele o gaufi le tshenyego.”Diane 10:14.

Selo sa ntlha se se tlhokegang ke gore tlhaloganyo ya rona e tshwanetse go tladiwa ka kitso e e agang ya Modimo. Go na le motswedi o le mongwe fela wa kitso eo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Re tshwanetse go tsaya kitso e le botlhokwa mme re epe mo Lefokong la Modimo jaaka e kete re senka dikhumo tse di fitlhegileng. A bo go senka ka tsela e e ntseng jalo go itumedisa e bile go kgotsofatsa jang ne!

Gore re nne le botlhale mo dipounameng tsa rona, kitso ya Dikwalo e tshwanetse go fitlhelela le pelo ya rona. Jesu o ne a bolelela bareetsi ba gagwe jaana: “Motho yo o molemo o ntsha molemo mo letlotlong le le molemo la pelo ya gagwe, mme motho yo o boikepo o ntsha se se boikepo mo letlotlong la gagwe la boikepo; gonne molomo wa gagwe o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Ka jalo re tshwanetse go itlwaetsa go tlhatlhanya ka se re se ithutang. Gone ke boammaaruri gore go ithuta le go tlhatlhanya go batla gore motho a dire boiteko, mme go ithuta jalo go nonotsha semoyeng eleruri! Ga go na lebaka la gore motho ope a latele mokgwa o o kotsi wa go nna motho yo o buang mafoko a a se nang tlhaloganyo.

Ee, motho yo o botlhale o dira se se siameng mo matlhong a Modimo mme o na le tlhotlheletso e e siameng mo go ba bangwe. O na le letlotlo la dijo tsa semoya e bile o na le mo gontsi go go dira mo tirong e e kgotsofatsang ya Morena. (1 Bakorintha 15:58) E re ka e le motho yo o thokgameng, o tsamaya ka polokesego mme o amogelwa ke Modimo. Ee ruri, masego a mosiami a mantsi. E kete re ka batla tshiamo ka go dumalanya matshelo a rona le ditekanyetso tsa Modimo tsa se se molemo le se se bosula.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Leina le fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go ikanyega go dira gore lelapa le itumele

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

‘Ba ba botlhale ba boloka kitso’