Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Boloka Jang Pono e e Lekalekaneng ka Madi?

O ka Boloka Jang Pono e e Lekalekaneng ka Madi?

 O ka Boloka Jang Pono e e Lekalekaneng ka Madi?

Go rata madi le go eletsa go nna le dithoto ga se selo se sesha; mme ga se gore Baebele ga e bue sepe ka tsone, jaaka e kete ke dilo tsa bosheng fela jaana. Ke dilo tse di sa bolong go nna teng. Mo Molaong, Modimo o ne a laela Baiseraele jaana: “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena . . . le fa e le sepe fela se e leng sa mongwe ka wena.”—Ekesodo 20:17.

GO RATA madi le dithoto go ne go tlwaelegile mo motlheng wa ga Jesu. Akanya ka pego eno ya se Jesu a neng a se tlotla le lekawana “le le humileng thata.” “Jesu a mo raya a re: ‘Go sa ntse go na le selo se le sengwe se se tlhaelang ka ga gago: Rekisa dilo tsotlhe tse o nang le tsone mme o abele batho ba ba humanegileng, mme o tla nna le letlotlo kwa magodimong; mme o tle o nne molatedi wa me.’ E rile a utlwa seno, a hutsafala thata, gonne o ne a humile thata.”—Luke 18:18-23.

Pono e e Siameng ka Madi

Le fa go ntse jalo, go tla bo go sa siama go swetsa ka gore Baebele e kgala madi ka boone kana ditsela dipe fela tse di botlhokwa tse a dirisiwang ka tsone. Baebele e bontsha gore madi a sireletsa motho ka tsela e e molemo mo lehumeng le mo mathateng a a bakiwang ke lone, ka go thusa batho go bona dilo tse ba di tlhokang. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso.” Le go re: “Senkgwe ke sa setshego sa badiri, le beine e ipedisa botshelo; mme madi ke one a a arabelang mo dilong tsotlhe.”—Moreri 7:12; 10:19.

Modimo o amogela go dirisiwa sentle ga madi. Ka sekai, Jesu o ne a bolela jaana: “Itireleng ditsala ka dikhumo tse di sa siamang.” (Luke 16:9) Se se akaretsa go ntsha meneelo gore kobamelo ya boammaaruri ya Modimo e tsweledisiwe pele, ka gonne re batla gore Modimo e nne Tsala ya rona. Solomone ka boene, fa a ne a latela sekao sa ga rraagwe e bong Dafide, o ne a ntsha moneelo wa madi a mantsi le dilo tse di tlhwatlhwakgolo gore go agiwe tempele ya ga Jehofa. Taelo e nngwe ya Bokeresete ke go thusa ba ba tlhokang. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Abalanang le baitshepi go ya ka dilo tse ba di tlhokang.” O ne a oketsa jaana: “Latelang mokgwa wa go tshola baeng.” (Baroma 12:13) Gantsi seno se akaretsa go dirisa madi. Le fa go ntse jalo, go tweng ka go rata madi?

‘Go Rata Selefera’

Paulo o ile a bua thata ka “lorato lwa madi”—kana fa e ranolwa ka tlhamalalo “go rata selefera”—fa a ne a kwalela Mokeresetekaene yo mmotlana e bong Timotheo. Kgakololo ya ga Paulo e ka bonwa mo go 1 Timotheo 6:6-19. O ne a umaka “lorato lwa madi” fa a ne a tlotla ka ga dikhumo. Re tla bo re dira sentle go sekaseka ka kelotlhoko mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Paulo, re akantse ka kafa batho gompieno ba tlhomileng mogopolo thata ka teng mo mading. Tshekatsheko e e ntseng jalo e mosola thata ka gonne e re senolela sephiri sa kafa re ka “[tshwarang] botshelo jwa mmatota ka thata” ka teng.

Paulo o tlhagisa jaana: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:10) Temana eno ga e reye gore madi ka boone a bosula—mme go ntse jalo le ka dikwalo tse dingwe. Mme gape moaposetoloi ga a bolele gore madi ke one thatathata a bakang “dilo tse di utlwisang botlhoko” kana gore madi ke one a bakang mathata mangwe le  mangwe. Go na le moo, go rata madi go ka baka—le fa e se gone fela go dirang jalo—“dilo tse di utlwisang botlhoko” tsa mefuta yotlhe.

Itise Kgatlhanong le Bopelotshetlha

Kgang ya go bo madi ka boone a sa kgalwe mo Dikwalong ga e a tshwanela go tlhofofatsa tlhagiso ya ga Paulo. Bakeresete ba ba simololang go rata madi ba ka tlhagelwa ke mefuta yotlhe ya mathata, mme jo bogolo go a gaisa otlhe ke jwa go fapoga mo tumelong. Boammaaruri jono bo gatelelwa ke se Paulo a neng a se bolelela Bakeresete ba kwa Kolosa: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga . . . keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakolosa 3:5) Go nna le keletso ya bopelotshetlha, bogagapa kana “lorato lwa madi” go ka felela jang e le kobamelo ya medingwana? A seno se raya gore go phoso go batla go nna le ntlo e kgolwane, koloi e nngwe e ntšha, tiro e e duelang madi a a botoka? Nnyaa, ga go sepe sa dilo tseno se se leng bosula ka bosone. Potso ke gore: Ke boikutlo bofe jo bo dirang gore motho a batle dilo tseno, le gore a tota o a di tlhoka?

Pharologano fa gare ga keletso e e tlwaelegileng le keletso ya bopelotshetlha e ka tshwantshiwa le pharologano fa gare ga molelo o monnye o o dirisiwang go apaya le dikgabo tse dikgolo tsa molelo tse di lailang sekgwa. Keletso e e phepa le e e siameng e ka nna mosola. E re tlhotlheletsa go dira le go nna le matswela. Diane 16:26 e bolela jaana: “Moya wa yo o dirang ka natla o mo diretse ka natla, ka gonne molomo wa gagwe o mo pitlaganyeditse.” Mme bopelotshetlha jone bo kotsi e bile bo a senya. Ke keletso e e sa laolesegeng.

Go kgona go e laola ke yone kgangkgolo. A madi kana dithoto tse re di kgobokanyang di tla re thusa ka dilo tse re di tlhokang, kana a re tla nna makgoba a madi? Ke ka lebaka leo Paulo a reng go nna “motho yo o pelotshetlha . . . [go raya] go nna moobamedi wa medingwana.” (Baefeso 5:5) Go nna pelotshetlha ka sengwe tota go raya gore re ineela mo go sone—tota re ka re, re dira gore e nne sone se re laolang, modimo wa rona, re nna lekgoba la sone. Go farologana le seo, Modimo o gatelela jaana: “O se ka wa nna le medimo epe e sele kgatlhanong le sefatlhego sa me.”—Ekesodo 20:3.

Fa re le pelotshetlha go bontsha gape gore ga re tshepe gore Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go re naya se re se tlhokang. (Mathaio 6:33) Ka jalo, go nna pelotshetlha go tshwana le go fularela Modimo. Ka tsela eno, ke “kobamelo ya medingwana.” Ga go gakgamatse go bo Paulo a tlhagisa sentle jaana kgatlhanong le jone!

Jesu le ene o ile a tlhagisa ka tlhamalalo kgatlhanong le bopelotshetlha. O ile a re laela gore re itise kgatlhanong le go eletsa sengwe se re se nang sone: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Go ya ka temana eno le setshwantsho sa ga Jesu se se latelang morago ga foo, bopelotshetlha bo theilwe mo kakanyong ya boeleele ya gore se se botlhokwa mo botshelong ke gore motho o na le go le kana kang. E ka tswa e le madi, maemo, maatla kana dilo tse di amanang le seo. Go ka direga gore motho a nne pelotshetlha ka sengwe le sengwe se a ka nnang le sone. Re ka tswa re akanya gore go nna le selo seo go tla dira gore re kgotsofale. Mme go ya ka Baebele le se batho ba se boneng, ke Modimo fela yo o ka kgonang—e bile ke ene fela yo o tla re nayang dilo tse tota re di tlhokang, jaaka Jesu a ile a tlhalosetsa balatedi ba gagwe.—Luke 12:22-31.

Setšhaba sa gompieno se se ratang go reka le go rekisa se na le bokgoni jwa go tlhotlheletsa bopelotshetlha. Batho ba le bantsi ba ba tlhotlhelediwang ka ditsela tse di nonofileng mme e le tse di sa bonaleng, ba dumela gore le fa e le eng se ba nang naso ga se a lekana. Ba batla dilo tse di oketsegileng, tse di kgolwane le tse di botoka. Le fa gone re se kitla re kgona go fetola batho ba re tshelang le bone, rona ka borona re ka tila jang mokgwa ono?

Go Kgotsofala le Bopelotshetlha

Paulo o bua ka sengwe se se sa tshwaneng le bopelotshetlha, e leng kgotsofalo. O bolela jaana: “Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:8) Tlhaloso eno ya dilo tsotlhe tse re di tlhokang tota—“dijo le se re ipipang ka sone”—e ka nna ya utlwala e le boeleele. Batho ba le bantsi ba kgatlhwa ke dithulaganyo tsa thelebishene mo babogedi ba etelang batho ba ba tumileng mo matlong a a manobonobo. Eo ga se tsela e motho a ka bonang kgotsofalo ka yone.

Gone mme, batlhanka ba Modimo ga ba tlhoke gore ba nne mo lehumeng le ba le ipaketseng. (Diane  30:8, 9) Le fa go ntse jalo, Paulo o re gakolola gore tota lehuma ke eng: go tlhoka dijo, diaparo le manno a a lekaneng mo motho a ka nnang gone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re na le dilo tseo, re na le dilo tse di botlhokwa tse di ka dirang gore re kgotsofale.

A Paulo o ne a tlhoafetse fa a tlhalosa kgotsofalo ka tsela eo? A tota go ka kgonega gore motho a kgotsofalele dilo tse di botlhokwa fela—dijo, diaparo le bonno? Paulo o tshwanetse a bo a ne a itse. O ne a kile a tshelela mo khumong le mo maemong a a kwa godimo mo setšhabeng sa Sejuda le a go nna moagi wa Roma. (Ditiro 22:28; 23:6; Bafilipi 3:5) Gape Paulo o ne a lebana le mathata a magolo mo tirong ya gagwe ya borongwa. (2 Bakorintha 11:23-28) Mo dilong tseno tsotlhe, o ne a ithuta sephiri se se ileng sa mo thusa go nna a kgotsofetse. E ne e le eng?

“Ke Ithutile Sephiri”

Paulo o ne a tlhalosa jaana mo go lengwe la makwalo a gagwe: “Eleruri ke itse kafa go nna le dilo tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone. Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.” (Bafilipi 4:12) Paulo o utlwala a tlhatswegile pelo tota, a na le tsholofelo! Go motlhofo go akanya gore botshelo jwa gagwe bo ne bo le monate fa a ne a kwala mafoko ano, mme go ne go sa nna jalo. O ne a le kwa kgolegelong kwa Roma!—Bafilipi 1:12-14.

Fa re akanya ka seo, temana eno e bua ka tsela e e nonofileng ka kgang ya go kgotsofala e seng fela ka dithoto mme gape le ka maemo a o iphitlhelang o le mo go one. Go nna le dikhumo tse dintsi kana go lebana le mathata a magolo go ka leka pono ya rona malebana le gore dilo tse di botlhokwa mo go rona ke dife. Paulo o ne a bua ka dilo tsa semoya tse di ileng tsa mo thusa gore a kgotsofale go sa kgathalesege maemo a o neng a le mo go one: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya [Modimo] yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Go na le gore Paulo a ikaege thata ka dilo tse a nang natso, di ka tswa di le dintsi kana di le mmalwa, kana ka maemo a gagwe, a ka tswa a itumedisa kana a sa itumedise, o ne a ikaegile ka Modimo gore a mo neye dilo tse a di tlhokang. Seo se ile sa dira gore a kgotsofale.

Sekao sa ga Paulo se ne se le botlhokwa thata mo go Timotheo. Moaposetoloi o ne a kgothaletsa lekawana leo gore le latele mokgwa wa botshelo jo bo dirang gore boineelo jwa bomodimo le go nna le botsala jo bogolo le Modimo di tle pele ga khumo. Paulo o ne a bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, wena monna wa Modimo, tshaba dilo tseno. Mme latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo.” (1 Timotheo 6:11) Mafoko ao a ka tswa a ne a lebisitswe go Timotheo mme le fa go ntse jalo, a dira mo go mongwe le mongwe yo o batlang go tlotla Modimo le go nna le botshelo jo bo itumedisang tota.

Timotheo le ene o ne a tshwanetse go ela tlhoko bopelotshetlha fela jaaka Mokeresete mongwe le mongwe. Go bonala go ne go na le badumedi ba ba humileng mo phuthegong ya Efeso, koo a neng a le gone fa Paulo a mo kwalela. (1 Timotheo 1:3) Paulo o ne a tla ka dikgang tse di molemo tsa ga Keresete, a sokolola batho ba le bantsi mo lefelong leno le kgwebo e neng e atlega thata mo go lone.  Kwantle ga pelaelo, bontsi jwa batho bano e ne e le batho ba ba humileng, fela jaaka go ntse ka bangwe mo phuthegong ya Bokeresete gompieno.

Ka jalo, he, potso ke gore, segolobogolo go ya ka thuto e e mo go 1 Timotheo 6:6-10: Batho ba ba humileng ba tshwanetse go dira eng gore ba tlotle Modimo? Paulo a re ba tshwanetse go simolola pele ka go sekaseka maikutlo a bone. Madi a na le go dira gore motho a nne le boikutlo jwa go itshepa thata. Paulo o bolela jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.” (1 Timotheo 6:17) Batho ba ba humileng ga ba a tshwanela go ikanya madi a bone fela; ba tshwanetse go ikanya Modimo, ene yo dikhumo tsotlhe di tswang mo go ene.

Mme gone ga se gore fa o setse o na le boikutlo jo bo siameng o setse o fentse ntwa eno. Kgabagare, Bakeresete ba ba humileng ba tla tshwanela go ithuta go dirisa khumo ya bone sentle. Paulo o kgothatsa jaana: ‘Dira molemo, huma ditiro tse di molemo, aba ka bopelontle, iketleeletse go abelana.’—1 Timotheo 6:18.

“Botshelo Jwa Mmatota”

Kgangkgolo ya kgakololo ya ga Paulo ke gore re tshwanetse go ikgopotsa gore dithoto di na le boleng jo bo lekanyeditsweng. Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa mohumi ke motse wa gagwe o o nonofileng, mme di ntse jaaka lobota lo lo sireletsang mo mogopolong wa gagwe.” (Diane 18:11) Ee, pabalesego e dikhumo di ka e lereng e felela e le selo se se mo mogopolong fela mme totatota se a tsietsa. Ga go a siama gore re dire gore matshelo a rona a ikaege ka tsone go na le gore re amogelwe ke Modimo.

Tsela e dikhumo di sa tlhomamang ka yone e dira gore go nne kotsi thata go baya tsholofelo ya rona mo go tsone. Tsholofelo ya mmatota e tshwanetse go tlhomiwa mo selong se se nonofileng, se se nang le bokao le se se nnelang ruri. Tsholofelo ya Bakeresete e tlhomilwe mo Mmoping wa rona, Jehofa Modimo, le mo tsholofetsong ya gagwe ya botshelo jo bo sa khutleng. Le fa gone go le boammaaruri gore madi a ka se ka a reka boitumelo, go boammaaruri le go feta gore madi a ka se ka a reka poloko ya motho. Ke go dumela mo Modimong fela go go ka re nayang tsholofelo e e ntseng jalo.

Ka jalo, le fa re ka tswa re humile kana re humanegile, a re lateleng tsela ya botshelo e e tla dirang gore re “[hume] malebana le Modimo.” (Luke 12:21) Ga go na sepe se se botlhokwa go feta go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Mmopi. Maiteko otlhe a re a dirang go boloka boemo jo bo ntseng jalo a re thusa go ‘ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore re tshware botshelo jwa mmatota ka thata.’—1 Timotheo 6:19.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Paulo o ile a ithuta sephiri sa go kgotsofala

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Re ka kgona go itumela le go kgotsofalela se re nang naso