Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Newa Dilo Tse a di Tlhokang Tsa Semoya

O ne A Newa Dilo Tse a di Tlhokang Tsa Semoya

 Pego ya Baboledi ba Bogosi

O ne A Newa Dilo Tse a di Tlhokang Tsa Semoya

KUPERO ke setlhaketlhake se se mo sekhutlong se se ka fa bokonebotlhaba jwa Lewatle la Mediterranean. Mo metlheng ya Baebele, Kupero e ne e itsege ka kgotlho le logong lwa yone lo lontle. Paulo le Barenabase ba ne ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi koo mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa. (Ditiro 13:4-12) Gompieno, dikgang tse di molemo di sa ntse di ama batho ba le bantsi ba Kupero ka tsela e e molemo. Tota go ntse jalo ka Lucas, monna mongwe yo o mo dingwageng tsa bo40. O tlhalosa jaana:

“Ke tsholetswe mo lelapeng la bana ba le supa, mo polasing ya dikgomo. Go tswa fela fa ke sa le ngwana, ke ne ke rata go bala. Buka e ke neng ke e rata thata e ne e le ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e e lekanang kgetsana. Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, nna le ditsala dingwe re ne ra simolola setlhopha se sennye sa go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, ga se a ka sa tswelela pele nako e telele ka gonne bangwe ba batho ba ba godileng mo motseng ba ne ba re bitsa baikeodi.

“Moragonyana fa ke ne ke tsena sekolo kwa United States, ke ne ka kopana le batho ba le bantsi ba ditumelo tse di farologaneng. Seo se ne sa tsosa keletso ya me ya dilo tsa semoya. Ke ne ka fetsa malatsi a le mantsi mo laeboraring ya yunibesithi ke ithuta ka ditumelo tse di farologaneng. Gape ke ne ka etela dikereke di le mmalwa, mme le fa ke ne ke leka thata jaana, ke ne ke ntse ke sa kgotsofale semoyeng.

“Fa ke sena go fetsa dithuto tsa me, ke ne ka boela kwa Kupero mme ka amogela tiro ya go nna mokaedi wa laboratori ya kalafi. Monna mongwe yo o godileng yo o bidiwang Antonis, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tlhola a nketela kwa tirong. Mme Kereke ya Greek Orthodox e ne ya lemoga gore o ntse a nketela.

“Ka bonako fela moruti mongwe o ne a tla go mpona mme a nkgothaletsa gore ke se ka ka bua le Basupi ba ga Jehofa. E re ka ke ne ke rutilwe go tswa bongwaneng gore Kereke ya Greek Orthodox e ne e tshwere boammaaruri, ke ne ka ineela mme ka tlogela go nna ke itisa le Antonis mme ka simolola go tlotla ka Baebele le moruti yoo. Ke ne ka etela le matlo a le mantsi a baitlami mo Kupero. Ke ne ka bo ka tsaya loeto go ya kwa bokone jwa Greece ke etela Thaba ya Athos, e e tsewang e le thaba e e boitshepo go di feta tsotlhe mo lefatsheng la Bakeresete ba Orthodox. Le fa go ntse jalo, dipotso tsa me tsa Baebele di ne tsa nna di sa arabiwa.

“Ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse go bona boammaaruri. Moragonyana fela ga moo, Antonis o ne a tla go nketela gape kwa tirong, mme ke ne ka ikutlwa gore thapelo ya me e ne e arabiwa. Ka jalo ke ne ka tlogela go etela moruti yoo mme ka simolola go ithuta Baebele le Antonis. Ke ne ka tswelela go gatela pele, mme ka October 1997, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.

“Mo tshimologong mosadi wa me le bomorwadiarona ba bagolo ba ba neng ba na le dingwaga di le 14 le 10 ka nako eo, ba ne ba nkganetsa. Mme ka ntlha ya boitshwaro jwa me jo bontle, mosadi wa me o ne a swetsa ka gore a nne gone kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi. O ne a kgatlhiwa thata ke bopelonomi jwa Basupi le kafa ba neng ba mo kgatlhegela ka namana ka teng. O ne a kgatlhilwe segolobogolo ke go bo ba dirisa Baebele. Ka ntlha ya seo, mosadi wa me le bomorwadiarona ba bagolo ba babedi ba ne ba dumela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A ko o akanye kafa ke ileng ka itumela ka gone fa boobararo ba ne ba kolobediwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Lefoko la Modimo la Boporofeti” ka 1999!

“Ee, matsapa a me a go batla boammaaruri a ne a kgotsofadiwa. Gone jaanong lelapa lotlhe la rona, go akaretsa mosadi wa me le bana ba rona ba banè, le kopane mmogo mo kobamelong ya ga Jehofa ya boammaaruri.”