Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo

Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo

 Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo

“Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”—PESALEMA 32:8.

1. Ke dilo dife tse di leng botlhokwa mo go nneng le lenyalo le le molemo?

MOJIMINASE o tlola go tswa mo sekomporomaeng sa gagwe, o oba mmele go se kae, a bo a tlolela kwa godimo ka matsetseleko. Fa a sena go tlola jalo, o tsharolola matsogo mme o fitlha a wela mo diatleng tsa mojiminase yo mongwe yo o tlhomileng ka tlhogo fa fatshe kafa letlhakoreng le lengwe. Balekane ba babedi ba relela mmogo ka maatlametlo mo boalong jo bo borethe mo aeseng. Ka tshoganyetso wa monna o tsholetsa molekane wa gagwe mme a bo a mo akgela kwa godimo. Wa mosadi o fitlha a dikologa mo phefong a bo a fitlha a tlhoma mo aeseng ka lonao lo le longwe, ba bo ba tswelela ka modikologo wa bone mo aeseng. Ditiragalo tseno ka bobedi di bonala di le motlhofo. Le fa go ntse jalo, ke mang tota yo o ka lekang go di dira a ise a di ikatisetse, a se na molekane yo o nang le bokgoni mme segolobogolo a se na dikaelo kana ditaelo tse di tshwanetseng. Go ntse jalo le ka lenyalo le le molemo, go ka lebega go se thata go nna le lone. Le fa go ntse jalo, le lone le ikaegile ka go nna le molekane yo o molemo, go dirisana mmogo sentle mme segolobogolo ka kgakololo e e botlhale. Ee ruri, go botlhokwa go nna le kaelo e e siameng.

2. (a) Thulaganyo ya lenyalo e simolotswe ke mang, mme ka boikaelelo bofe? (b) Dithulaganyo dingwe tsa manyalo di ile tsa dirwa jang?

2 Ke ga tlholego fela gore lekawana kana lekgarebe le le iseng le nyalwe le akanye ka go nna le molekane wa lenyalo—molekane wa botshelo jotlhe. Fa e sa le Jehofa Modimo a thaya lenyalo, go nyalana ga monna le mosadi e nnile selo se se tlwaelegileng mo botshelong. Mme gone, monna wa ntlha e bong Adame ga a ka a itlhophela mosadi. Jehofa o ile a mo abela mosadi ka lorato. (Genesise 2:18-24) Banyalani bao ba ntlha ba ne ba tshwanetse go ata e le gore kgabagare lefatshe le tlale ka batho. Morago ga lenyalo leo la ntlhantlha, dithulaganyo tsa lenyalo ka tlwaelo di ne di dirwa ke batsadi ba banyalani, ka dinako tse dingwe e le morago ga go dumalana ga matlhakore oomabedi. (Genesise 21:21; 24:2-4, 58; 38:6; Joshua 15:16, 17) Le fa go batlelwa molekane go sa ntse go tlwaelegile mo dinageng le mo ditsong dingwe, batho ba le bantsi gompieno ba itlhophela motho yo ba batlang go nyalana le ene.

3. Go tshwanetse ga tlhophiwa jang molekane wa lenyalo?

3 Motho o tshwanetse a tlhopha jang molekane wa lenyalo? Batho ba bangwe ba leba ditebego—ba kgatlhiwa ke se ba se bonang ka matlho. Ba bangwe ba batla melemo ya dithoto tse di bonalang e ba tla e bonang morago ga lenyalo, ba batla motho yo o tla ba tlhokomelang sentle le yo o tla ba tlamelang ka dilo tse ba di tlhokang le tse ba di batlang. Mme gone, a go senka fela dilo tseno go tla thusa motho go nna le lenyalo le le itumetseng le le le kgotsofatsang? Diane 31:30 e re: “Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.” Mafoko ao a tshwere ntlha e e botlhokwa: Akaretsa Jehofa fa o tlhopha molekane.

Kaelo e e Lorato go Tswa mo Modimong

4. Modimo o re neela kaelo efe malebana le go tlhopha molekane wa lenyalo?

4 Rraarona yo o lorato wa selegodimo, Jehofa, o re neile Lefoko la gagwe le le kwadilweng go re kaela mo dilong tsotlhe. A re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” (Isaia 48:17) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo mo Baebeleng go na le dikaelo tse di ileng tsa itshupa di le molemo malebana le go tlhopha molekane. Jehofa o batla manyalo a rona a nnela ruri le gore e nne a  a itumedisang. Ka gone, o re neile dilo tse di ka re thusang go tlhaloganya dikaelo tseno le go di dirisa. A ga se se re ka se lebelelang ka Mmopi wa rona yo o lorato?—Pesalema 19:8.

5. Ke eng se se batlegang gore lenyalo le nne le boitumelo jo bo nnetseng ruri?

5 Fa Jehofa a ne a simolola thulaganyo ya lenyalo, o ne a batla gore e nne kgolagano e e nnelang ruri. (Mareko 10:6-12; 1 Bakorintha 7:10, 11) Ke gone ka moo a ‘tlhoileng tlhalo,’ mme o e letla fela fa go dirilwe “boaka.” (Malaki 2:13-16; Mathaio 19:9) Ka gone, go tlhopha molekane ke sengwe sa dilo tse di masisi tse di sa tshwanelang go tsewa motlhofo. Ke ditshwetso di sekae fela tse di ka leretseng motho boitumelo kana mahutsana go feta lenyalo. Go tlhopha molekane yo o molemo go ka thusa motho go itumela le go nna a kgotsofetse mo botshelong, mme go se tlhophe molekane sentle gone go ka leretse motho mahutsana a a sa feleng. (Diane 21:19; 26:21) Gore motho a nne a itumetse, go botlhokwa gore a tlhophe ka botlhale mme a ikemisetse go dira maitlamo a a nnelang ruri ka gonne Modimo o ne a tlhoma lenyalo go nna kgolagano e e tla atlegang fa go na le kutlwano le tirisano mmogo.—Mathaio 19:6.

6. Ke eng fa makau le makgarebe ba tshwanetse go nna kelotlhoko segolobogolo fa ba tlhopha molekane, mme ba ka dira jang tshwetso e e botlhale?

6 Go botlhokwa thata gore makau le makgarebe ba nne kelotlhoko go se gapiwe kgatlhego ke ditebego le go tseega maikutlo fa ba tlhopha molekane. Ee, kamano e e ikaegileng fela ka dilo tseno e ka felela ka go nyatsana kana le e leng go ilana. (2 Samuele 13:15) Ka fa letlhakoreng le lengwe, motho a ka nna le lorato lo lo nnelang ruri fa a ntse a ithuta molekane wa gagwe le fa ene ka boene a itlhaloganya sentle. Gape re tshwanetse go lemoga gore selo se se ka tswang se re siametse e ka nna ya bo e se se pelo ya rona e se ratang kwa tshimologong. (Jeremia 17:9) Ke gone ka moo kaelo ya bomodimo e e fitlhelwang mo Baebeleng e le botlhokwa thata jaana. E re thusa go lemoga kafa re ka dirang ditshwetso tse di molemo ka teng mo botshelong. Mopesalema o ne a bua mo boemong jwa ga Jehofa fa a ne a re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pesalema 32:8; Bahebera 4:12) Le fa gone lenyalo le ka kgotsofatsa keletso e re tsalwang re na le yone ya go batla go ratwa le go nna le molekane, gape le ka re leretse dikgwetlho tse di re tlhokang gore re bo re godile sentle e bile re na le temogo.

7. Ke eng fa batho bangwe ba sa amogele kgakololo e e tswang mo Baebeleng malebana le go tlhopha molekane, mme gone seno se ka baka eng?

7 Go molemo go tsaya tsia se Mosimolodi wa lenyalo a se buang malebana le go tlhopha molekane.  Le fa go ntse jalo, re ka nna ra nna bonako go gana kgakololo e e tswang mo Baebeleng e re e neelwang ke batsadi kana bagolwane ba Bakeresete. Re ka nna ra akanya gore ga ba tlhaloganye mme go tseega maikutlo go ka re tlhotlheletsa gore re latele tshekamelo ya pelo. Le fa go ntse jalo, e tla re moragonyana fa re lebana le maemo a mmatota, re ka nna ra ikwatlhaela go bo re se kile ra tsaya tsia kgakololo e e molemo e re e neelwang gore e re thuse. (Diane 23:19; 28:26) Re ka iphitlhela re le mo lenyalong le le se nang lorato, ka bana ba go leng thata go ba tlhokomela, gongwe e bile re na le molekane yo e seng modumedi. A bo go tla utlwisa botlhoko jang ne fa thulaganyo e e neng e tshwanetse go re leretse boitumelo jo bogolo e re leretse mathata a magolo!

Boineelo Jwa Bomodimo—Selo sa Botlhokwa

8. Go ineela mo Modimong go ka thusa lenyalo jang gore le tshwarelele le gore le itumedise?

8 Ke boammaaruri gore, go kgatlhegelana go thusa go nonotsha lenyalo. Mme gone selo se se botlhokwa le go feta se se ka dirang gore lenyalo le tshwarelele le go nna le itumetse ke go tshela go ya ka melaometheo e e tshwanang. Fa loobabedi lo ineetse mo go Jehofa Modimo go tla dira gore kamano ya lona e nnele ruri e bile go tla dira gore lo nne le kutlwano e go se nang sepe se sengwe se se ka lo thusang go nna le yone. (Moreri 4:12) Fa banyalani ba Bakeresete ba dira gore botshelo jwa bone bo remelele mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa, go tla dira gore ba nne le kutlwano ya semoya, ya tlhaloganyo le ya boitsholo. Ba ithuta Lefoko la Modimo mmogo. Ba rapela mmogo mme seo se dira gore ba nne le kutlwano e kgolo. Ba tsamaya mmogo go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete e bile ba dira mmogo mo tirelong ya tshimo. Dilo tseno tsotlhe di ba thusa go nna le kamano ya semoya e e dirang gore ba atamalane thata. Se se botlhokwa le go feta, di tla dira gore Jehofa a ba segofatse.

9. Aborahame o ne a dira eng malebana le go batlela Isake mosadi, mme ga nna le matswela afe?

9 Ka go bo Aborahame tlhogo e e ikanyegang ya lotso e ne e le motho yo o ineetseng mo Modimong, o ne a batla go itumedisa Modimo fa nako ya go tlhophela morwawe Isake mosadi e goroga.  O ne a raya motlhanka wa lelapa la gagwe yo a mo ikanyang a re: “Ke tshwanetse ka dira gore o ikane ka Jehofa, Modimo wa magodimo le Modimo wa lefatshe, gore ga o kitla o tseela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke nnang mo gare ga bone, mme o tla ya kwa nageng ya gaetsho le kwa go ba losika lwa me, mme ruri o tla tseela morwaake, Isake, mosadi. . . . [Jehofa] o tla romela moengele wa gagwe kwa pele ga gago, mme o tla tseela morwaake mosadi gone.” Rebeka o ne a itshupa e le mosadi yo o molemo yo Isake a neng a mo rata thata.—Genesise 24:3, 4, 7, 14-21, 67.

10. Banna le basadi ba na le maikarabelo afe a Dikwalo?

10 Fa e le gore re Bakeresete ba ba sa nyalang, go ineela mo Modimong go tla dira gore re nne le dinonofo tse di tla re thusang go ikobela ditaelo tsa Dikwalo malebana le lenyalo. Mangwe a maikarabelo a banna le basadi ke ano a a umakwang ke moaposetoloi Paulo: “A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena . . . Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone . . . Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. . . . A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:22-33) Jaaka fa re ka bona, lekwalo leno le le tlhotlheleditsweng la ga Paulo le gatelela botlhokwa jwa lorato le tlotlo. Go dumalana le kgakololo eno go akaretsa go boifa Jehofa ka tlotlo e kgolo. Go tlhoka motho gore a itlame ka pelo yotlhe mo dinakong tsa monate le fa go se monate. Bakeresete ba ba akanyetsang go nyala ba tshwanetse ba kgona go rwala maikarabelo ano.

Go Dira Tshwetso ya Gore o Nyala Leng

11. (a) Dikwalo di neela kgakololo efe malebana le gore motho a nyale leng? (b) Ke sekai sefe se se bontshang molemo wa go ikobela kgakololo ya Baebele e e kwadilweng mo go 1 Bakorintha 7:36?

11 Go botlhokwa go itse gore ke leng re siametseng go nyala. E re ka batho ba sa tshwane, Dikwalo ga di beele motho dingwaga dipe. Le fa go ntse jalo, di bontsha gore go ka nna molemo fa motho a leta go fitlha a “fetile nako ya bosha,” e mo go yone keletso e e maatla ya tlhakanelodikobo e ka dirang gore a se ka a dira ditshwetso tse di botlhale. (1 Bakorintha 7:36) Michelle a re: “Fa ke ne ke bona bontsi jwa ditsala tsa me di ratana di bo di nyalana di sa ntse di le mo dingwageng tsa bolesome, ka dinako tse dingwe go ne go nna thata gore ke dirise kgakololo eno. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore kgakololo eno e tswa kwa go Jehofa, mme o re laela fela dilo tse di tla re solegelang molemo. Le fa gone ke ne ke batla go nyalwa, ke ne ka kgona go tlhoma mogopolo wa me mo kamanong ya me le Jehofa le go nna le maitemogelo mo botshelong, a go ka diregang gore motho a se ka a nna le one fa a sa ntse a le mo dingwageng tsa bolesome. Dingwaga di le mmalwa moragonyana ke ne ke siametse sentle go ka lebana le maikarabelo le mathata a a tlhagang mo lenyalong.”

12. Ke eng fa go se botlhale go itlhaganelela lenyalo fa o sa ntse o le mosha?

12 Batho ba ba itlhaganelelang go nyala ba sa le bannye gantsi ba fitlhela gore dilo tse ba di tlhokang le dikeletso tsa bone di a fetoga fa ba ntse ba gola. Go tswa foo ba lemoga gore dilo tse pele ba neng ba di kgatlhegela ga di tlhole di le botlhokwa go le kalo. Mokeresete mongwe yo mosha o ile a ikaelela go nyalwa a le dingwaga tse 16. Nkokoagwe le mmaagwe ba nyetswe ba le mo go tsone dingwaga tseo. Fa lekawana le a neng a le kgatlhegela le ne le sa batle gore ba nyalane ka nako eo, o ne a tlhopha mongwe o sele yo o neng a dumela go dira jalo. Le fa go ntse jalo, moragonyana mo botshelong o ile a ikwatlhaela go itlhaganelela dilo.

13. Gantsi batho ba ba nyalang pele ga nako ba tlhaela dilo dife?

13 Fa o akanyetsa go nyala, go botlhokwa go tlhaloganya sentle dilo tsotlhe tse di tlhokegang. Go nyala pele ga nako go ka go lebanya le mathata a mantsi a banyalani ba ba sa leng basha ba ka nnang ba se ka ba kgona go a itshokela. Ba ka nna ba se ka ba nna le maitemogelo le nonofo ya go lebana le mathata a lenyalo le a go godisa bana. Motho o tshwanetse go nyala fela fa a godile sentle mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo semoyeng go ka simolola kamano e e nnelang ruri.

14. Go tlhokega eng gore go rarabololwe maemo a a thata mo lenyalong?

14 Paulo o ile a kwala a bolela gore batho ba ba nyalang ba tla nna le “pitlagano mo nameng.” (1 Bakorintha 7:28) Mathata a tla tlhaga ka gonne  lo le batho ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng mme lo ka nna lwa se ka lwa dumalana ka megopolo. Ka ntlha ya go se itekanele, go ka nna ga se nne motlhofo go dira seabe sa rona sa Dikwalo mo lenyalong. (1 Bakorintha 11:3; Bakolosa 3:18, 19; Tito 2:4, 5; 1 Petere 3:1, 2, 7) Go tlhoka motho gore a bo a godile sentle e bile a tlhomame mo semoyeng gore a senke kaelo ya Modimo le go e dirisa gore a kgone go rarabolola maemo a a thata ka lorato.

15. Batsadi ba ka nna le seabe sefe mo go thuseng bana go ipaakanyetsa lenyalo? Tshwantsha.

15 Batsadi ba ka thusa bana ba bone go ipaakanyetsa lenyalo ka go ba thusa go lemoga botlhokwa jwa go latela kaelo ya Modimo. Ka go dirisa Dikwalo le dikgatiso tsa Bokeresete ka tsela e e molemo, batsadi ba ka thusa bana ba bone go bona fa e le gore bone kana molekane wa bone wa mo isagweng ba siametse go ka itlama ka lenyalo. * Blossom wa dingwaga tse 18 o ne a akanya gore ene le lekawana lengwe mo phuthegong ba a ratana. Lekawana leno e ne e le modiredi wa nako e e tletseng mme ba ne ba batla go nyalana. Le fa go ntse jalo, batsadi ba gagwe ba ne ba mo kopa gore a eme ngwaga e le nngwe ka gonne ba ne ba ikutlwa gore o sa ntse a le monnye. Moragonyana Blossom o ile a kwala jaana: “Ruri ke lebogela go bo ke ile ka reetsa kgakololo eo e e molemo. Mo lobakeng lwa ngwaga ke ne ka gola sentle mme ka simolola go lemoga gore lekawana leno le ne le se na dinonofo tse di batlegang gore motho a nne molekane yo o molemo. Kgabagare le ne la tlogela phuthego, ka jalo ka somoga ka tshoba la mogodu mo go se e neng e tla nna masetlapelo a magolo mo botshelong jwa me. A bo go le molemo jang ne go nna le batsadi ba ba botlhale ba kgakololo ya bone e ka ikanngwang!”

‘Nyala mo Moreneng Fela’

16. (a) Bakeresete ba ka lekwa jang malebana le go ‘nyala mo Moreneng fela’? (b) Mokeresete o tshwanetse go akanya ka eng fa a raelesega go nyala motho yo e seng modumedi?

16 Molao o Jehofa a o beetseng Bakeresete o tlhamaletse: ‘Nyala mo Moreneng fela.’ (1 Bakorintha 7:39) Batsadi ba Bakeresete le bana ba bone ba ka lebana le teko mo kgannyeng eno. Jang? Basha ba ka batla go nyalwa mme go ka tswa go se na balekane ba ba lekaneng ba lenyalo mo phuthegong. Kgotsa re ka re go lebega go ntse jalo. Palo ya basadi e ka tswa e feta ya banna mo mafelong mangwe, kana go se na ope yo motho a bonang a mo tshwanela mo lefelong leo. Lekawana (kana lekgarebe) le e seng leloko le le ineetseng la phuthego le ka bontsha go kgatlhegela lekgarebe (kana lekau) la Mokeresete, mme a ka ikutlwa a raelesega go tlola molao o Jehofa a o tlhomileng. Mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna molemo go akanya ka sekai sa ga Aborahame. Tsela nngwe e a neng a ipoloka a na le kamano e e molemo le Modimo ka yone e ne ya nna ka go tlhomamisa gore morwawe e bong Isake o nyala moobamedi wa boammaaruri wa ga Jehofa. Isake o ne a dira se se tshwanang ka morwawe e bong Jakobe. Seno se ne sa tlhoka batho bano botlhe boiteko, mme gone go ile ga itumedisa Modimo ga ba ga dira gore a ba segofatse.—Genesise 28:1-4.

17. Ke eng fa go nyala motho yo e seng modumedi go ka felela ka mathata a a masisi, mme ke lebaka lefe le le botlhokwa thata la go bo re tshwanetse go ‘nyala mo Moreneng fela’?

17 Mo maemong mangwe a se kae motho yo e seng modumedi o feleletsa a nnile Mokeresete. Le fa go ntse jalo, gantsi manyalo a batho ba ba nyalaneng le batho ba e seng badumedi a nna le mathata a a masisi. Batho ba ba pataganelang jokwe e e sa lekalekaneng ba farologana ka ditumelo, melaometheo kana mekgele. (2 Bakorintha 6:14) Seno e ka nna sekgoreletsi se segolo sa puisano le boitumelo mo lenyalong. Ka sekai, mosadi mongwe wa Mokeresete o ile a hutsafadiwa thata ke gore morago ga dipokano tse di kgothatsang, ga a kgone  go tlotla dilo tsa semoya le monna wa gagwe yo o sa dumeleng fa a fitlha kwa gae. Le fa go ntse jalo, selo se se botlhokwa thata ke gore, fa o ‘nyala mo Moreneng’ o a bo o ikanyega mo go Jehofa. Fa re tshela go ya ka Lefoko la Modimo, ga re tshwenngwe ke digakolodi ka gonne re dira se se “itumedisang mo matlhong a gagwe.”—1 Johane 3:21, 22.

18. Fa o akanyetsa lenyalo, ke dilo dife tse di botlhokwa tse o tshwanetseng go di ela tlhoko, mme ka ntlha yang?

18 Fa o akanyetsa go nyala, o tshwanetse go amega thata ka mekgwa le bomoya jwa motho yo o batlang go nyalana le ene. Botho jwa Bokeresete le go rata Modimo le go ineela mo go ene ka moya otlhe ke tsone dilo tse di botlhokwa thata go feta ditebego tsa mmele. Modimo o itumedisiwa ke batho ba ba tlhaloganyang le go diragatsa maikarabelo a bone a go nna balekane ba lenyalo ba ba nonofileng semoyeng. Mme selo se segolo se se ka nonotshang banyalani thata ke fa boobabedi ba ineetse mo Mmoping le fa ba amogela kaelo ya gagwe ka botlalo. Seo se dira gore Jehofa a tlotlwe le go dira gore lenyalo le simololwe mo motheong o o nonofileng o o tla dirang gore le nnele ruri.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1999, ditsebe 4-8.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re tlhoka kaelo ya Modimo fa re tlhopha molekane yo o molemo wa lenyalo?

• Boineelo jwa bomodimo bo ka thusa jang go nonotsha lenyalo?

• Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go ipaakanyetsa lenyalo?

• Ke eng fa go le botlhokwa go ‘nyala mo Moreneng fela’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Go dirisa kgakololo ya Modimo fa o tlhopha molekane wa lenyalo go felela ka boitumelo jo bogolo

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

O bona masego a magolo fa o ‘nyala mo Moreneng fela’