Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Borara Ba Kereke—A ke Babueledi ba Boammaaruri Jwa Baebele?

Borara Ba Kereke—A ke Babueledi ba Boammaaruri Jwa Baebele?

 Borara Ba Kereke—A ke Babueledi ba Boammaaruri Jwa Baebele?

Le fa o ka tswa o ipitsa Mokeresete kgotsa nnyaa, tsela e o lebang Modimo wa Baebele, Jesu le Bokeresete ka yone e tshwanetse ya bo e tlhotlheleditswe ke bone. Mongwe wa bone o ne a bidiwa Yo o Molomo wa Gouta; yo mongwe a bidiwa Yo Mogolo. Jaaka setlhopha ba ile ba tlhalosiwa e le “bone dikao tse dikgolo thata tsa botshelo jwa ga Keresete.” Ke bomang? Ke boramatlhale ba bogologolo ba tsa bodumedi le bakwadi, baithutabodumedi le borafilosofi ba ba tlhotlheleditseng bontsi jwa tsela e go tweng ke ya “Bokeresete” ya go akanya—Borara ba Kereke.

“BAEBELE ga se yone fela lefoko la Modimo,” go bolela jalo porofesa wa dithuto tsa bodumedi wa Greek Orthodox e bong Demetrios J. Constantelos. “Moya o o Boitshepo o o senolang lefoko la Modimo o ka se ka wa dira fela mo ditsebeng tsa buka.” Tota ke eng se sengwe se e ka nnang motswedi o o ikanyegang wa tshenolo ya Modimo? Constantelos o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Understanding the Greek Orthodox Church: “Ngwao e e Boitshepo le Dikwalo Tse di Boitshepo [di] tsewa e le dilo tse pedi tse di tsamaisanang.”

Motheo wa “Ngwao e e Boitshepo” eo o akaretsa dithuto le mekwalo ya Borara ba Kereke. E ne e le baithutabodumedi ba ba tlhomologileng le borafilosofi ba go tweng ke ba “Bakeresete” ba ba neng ba tshela mo magareng a lekgolo la bobedi le la botlhano la dingwaga C.E. Ba tlhotlheleditse kgopolo ya gompieno ya “Bokeresete” go le kana kang? A ba ne ba latelela Baebele thata fa ba ruta? Motheo o o nonofileng wa boammaaruri jwa Bokeresete e tshwanetse ya nna eng mo molateding wa ga Jesu Keresete?

Hisitori ya Bone

Mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba sireletsa tumelo ya bone mo babogising ba Baroma mmogo le mo baikeoding. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno go ne go na le megopolo e mentsi thata ya thutabodumedi. Dikganetsano tsa bodumedi malebana le “go nna Modimo” ga ga Jesu le se moya o o boitshepo e leng sone le tsela e o dirang ka yone ga di a ka tsa baka go se dumalane ka mogopolo fela. Go ganetsana mo go botlhoko le dikgaogano tse dikgolo malebana le thuto ya “Bokeresete” di ne tsa anamela mo bopolotiking le mo setsong, ka dinako tse dingwe di baka dipopelelo, go tsuologa, dikgotlhang tsa selegae, le e leng dintwa tota. Mokwalahisitori Paul Johnson o kwala jaana: “Bokeresete  [jwa botlhanogi] bo simologile ka tlhakatlhakano, kganetsano le kgaogano mme jwa tswelela fela jalo. . . . Mediterranean wa bogareng le botlhaba mo lekgolong la ntlha le la bobedi la dingwaga AD o ne o tletse ka megopolo e mentsintsi ya bodumedi, e leka ka natla go ikanamisa. . . . Go tswa kwa tshimologong he, go ne go na le mefuta e mentsi e e farologaneng ya Bokeresete e e neng e sa tshwane.”

Mo motlheng oo, bakwadi le batlhalefi ba ba neng ba dumela gore dithuto tsa “Bokeresete” di tlhoka go tlhalosiwa ka mafoko a filosofi ba ne ba simolola go ata. Bakwadi bao ba bodumedi ba ne ba ikaega thata ka dibuka tsa bogologolo tsa Segerika le tsa Sejuda gore ba kgotsofatse baheitane ba ba rutegileng ba ba neng ba sa tswa go sokologela mo “Bokereseteng.” Go simolola ka Justin Martyr (c. 100-165 C.E.), yo o neng a kwala ka Segerika, batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba tsenelela kwa teng mo go anyeng ga bone filosofi ya setso sa Segerika.

Mokgwa ono o ne wa tlhagisa mekwalo ya ga Origen (c. 185-254 C.E.), mokwadi wa Mogerika yo o tswang kwa Alexandria. Tlhaloso ya ga Origen ya On First Principles e ne e le yone tlhaloso ya ntlha e e rulagantsweng e e lekang go tlhalosa dithuto tsa konokono tsa thutabodumedi ya “Bokeresete” ka filosofi ya Segerika. Lekgotla la Nicaea (325 C.E.) ka go leka ga lone go tlhalosa le go tlhomamisa gore Keresete ke “modimo” e ne ya nna phitlhelelo e kgolo e e neng ya rotloetsa sesha go tlhalosiwa ga thuto e e dumelwang mo “Bokereseteng.” Lekgotla leo le ne la tshwaya tshimologo ya motlha o ka one makgotla a a tlwaelegileng a kereke a neng a leka go tlhalosa thuto e e dumelwang ka tlhomamo le go feta pele.

Bakwadi le Dibui Tsa Ditswerere

Eusebius wa Caesarea, yo o neng a kwala ka nako ya Lekgotla la ntlha la Nicaea, o ne a itsalanya le Mmusimogolo Constantine. Dingwaga di ka feta 100 go se kae morago ga Nicaea, baithutabodumedi, bontsi jwa bone ba kwala ka Segerika, ba ne ba tlhama thuto e e neng e tla tlhaola Labokeresete, ya Tharonngwe, morago ga kganetsano e telele le e e matlhomahibidu. Ba ba neng ba di goga kwa pele mo go bone e ne e le Athanasius, bishopo wa motataladi wa Alexandria, le baeteledipele ba bararo ba kereke go tswa kwa Cappadocia, Asia Minor—Basil yo Mogolo, morwarraagwe e bong Gregory wa kwa Nyssa le tsala ya bone e bong Gregory wa kwa Nazianzus.

Bakwadi le bareri mo motlheng oo ba ne ba na le botswerere jo bo kwa godimo jwa puo. Gregory wa kwa Nazianzus le John Chrysostom (mo go kayang “Yo o Molomo wa Gouta”) ka Segerika mmogo le Ambrose wa kwa Milan le Augustine wa kwa Hippo ka Selatine e ne e le ditswerere mo puong, ba na le bokgoni mo botswerereng jo bo neng bo tlotliwa e bile bo ratega thata mo motlheng wa bone. Mokwadi yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo thata wa motlha oo e ne e le Augustine. Ditlhaloso tsa gagwe tsa thutabodumedi di ile tsa tlhotlheletsa dikgopolo tsa “Bokeresete” tsa gompieno fela thata. Jerome, morutegi yo o itsegeng thata wa motlha oo, o ile a nna le seabe se segolo mo go ranolweng ga thanolo ya Baebele ya Latin Vulgate go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha.

Le fa go ntse jalo, dipotso tsa botlhokwa ke tse: A Borara bao ba Kereke ba ile ba latela Baebele thata? Fa ba ruta, a ba ne ba kgomarela Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng? A mekwalo ya bone e ka re kaela sentle gore re nne le kitso e e boammaaruri ya Modimo?

Dithuto Tsa Modimo Kgotsa Tsa Batho?

Bosheng jaana, Mobishopomogolo wa Greek Orthodox e leng Methodius wa kwa Pisidia o ne a kwala buka ya The Hellenic Pedestal of Christianity  gore a bontshe gore setso le filosofi ya Segerika e ne e le yone motheo wa dikgopolo tsa gone jaanong tsa “Bokeresete.” Mo bukeng eo, o dumela jaana a sa okaoke: “Mo e batlileng e le Borara botlhe ba Kereke ba ba tlhomologileng ba ne ba tsaya dilo dingwe tsa Segerika e le tse di mosola thata, mme ba ne ba di tsaya mo setsong sa bogologolo sa Segerika, ba di dirisa go tlhaloganya le go tlhalosa dintlha tsa boammaaruri tsa Bokeresete sentle.”

Ka sekai, akanya ka kgopolo ya gore Rara, Morwa le moya o o boitshepo ke Tharonngwe. Borara ba Kereke ba le bantsi morago ga Lekgotla la Nicaea ba ne ba nna Badumelatharonngwe ba popota. Mekwalo ya bone le ditlhaloso tsa bone di ne di le botlhokwa mo go direng Tharonngwe thuto e e tlhaolang Labokeresete. Le fa go ntse jalo, a Tharonngwe e teng mo Baebeleng? Nnyaa. Jaanong Borara ba Kereke ba e tsere kae? A Dictionary of Religious Knowledge e bontsha gore ba le bantsi ba bolela gore Tharonngwe “ke selabe se se tserweng mo madumeding a boheitane, mme sa lomelelwa mo tumelong ya Bokeresete.” Mme The Paganism in Our Christianity e dumela jaana: “[Tharonngwe] e tswa mo boheitaneng gotlhelele.” *Johane 3:16; 14:28.

Kgotsa akanya ka thuto ya gore moya ga o swe, tumelo ya gore go na le karolo nngwe ya motho e e tswelelang e tshela fa mmele o sena go swa. Le fano gape, Borara ba Kereke ba ne ba nna le seabe mo go tsenyeng kgopolo eno mo bodumeding jo bo neng bo se na thuto epe ya gore moya ga o swe. Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore moya o ka swa: “Moya o o leofang—go tla swa one.” (Esekiele 18:4) Borara ba Kereke ba ne ba theile tumelo ya bone ya gore moya ga o swe mo go eng? “Kgopolo ya Bokeresete ya gore go na le moya o o bopilweng ke Modimo mme wa tsenngwa mo mmeleng fa motho a imiwa gore motho a nne setshedi ga e bolo go nna kgopolo ya filosofi ya  Bokeresete. E nnile fela ka ntlha ya ga Origen wa kwa Botlhaba le St. Augustine wa kwa Bophirima moya o neng wa tsewa e le selo sa semoya e bile e nnile ka bone fela go neng ga tlhamiwa kgopolo ya filosofi e e malebana le se tota moya o leng sone. . . .[Thuto ya ga Augustine] . . . e tsere dilo tse dintsi (go akaretsa makoa mangwe) mo Thutong ya ga Plato,” go bolela jalo New Catholic Encyclopedia. Mme makasine wa Presbyterian Life wa re: “Go sa sweng ga moya ke kgopolo ya Segerika e e tlhamilweng mo dikobamelong tsa bogologolo tsa masaitseweng mme ya okediwa ke mofilosofi yo o bidiwang Plato.” *

Motheo o o Tlhomameng wa Boammaaruri Jwa Bokeresete

Morago ga tshekatsheko e khutshwane eno ya hisitori ya Borara ba Kereke, mmogo le kwa dithuto tsa bone di tswang teng, go a tshwanela go botsa jaana, A Mokeresete yo o peloephepa o tshwanetse a thaya dilo tse a di dumelang mo dithutong tsa Borara ba Kereke? Mma Baebele e arabe.

Selo sa ntlha, Jesu Keresete ka boene o ne a kgala go dirisiwa ga sereto sa bodumedi sa “Rara” fa a ne a re: “Lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo.” (Mathaio 23:9) Go bitsa motho ope wa bodumedi ka lefoko “Rara” ga se ga Bokeresete e bile ga se ga Dikwalo. Lefoko la Modimo le le kwadilweng le ne la wediwa mo e ka nnang ka 98 C.E. ka mekwalo ya ga moaposetoloi Johane. Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhoke go ikaega ka batho bape gore e nne bone motswedi wa tshenolo e e tlhotlheleditsweng. Ba ela tlhoko gore ba se ka ba ‘dira lefoko la Modimo lefela’ ka ntlha ya dingwao tsa batho. Go letla dingwao tsa batho di tsaya boemo jwa Lefoko la Modimo go kotsi semoyeng. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Fa motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo kgatamping mmogo.”—Mathaio 15:6, 14.

A Mokeresete o tlhoka tshenolo nngwe kwantle ga lefoko la Modimo le le mo Baebeleng? Nnyaa. Buka ya Tshenolo e tlhagisa kgatlhanong le go oketsa sepe mo lefokong le le tlhotlheleditsweng: “Fa mongwe a ka oketsa dilo tseno, Modimo o tla mo okeletsa dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong lono lwa momeno.”—Tshenolo 22:18.

Boammaaruri jwa Bokeresete bo bonwa mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng, Baebele. (Johane 17:17; 2 Timotheo 3:16; 2 Johane 1-4) Ga re tlhoke filosofi ya batho gore re le tlhaloganye sentle. Malebana le batho ba ba neng ba leka go dirisa botlhale jwa batho go tlhalosa tshenolo ya Modimo, go a tshwanela go boeletsa dipotso tsa ga moaposetoloi Paulo: “Motho yo o botlhale o kae? Mokwadi o kae? Moganetsanyi wa tsamaiso eno ya dilo o kae? A Modimo o ne a se ka a dira gore botlhale jwa lefatshe e nne boeleele?”—1 Bakorintha 1:20.

Mo godimo ga moo, phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete ke “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Balebedi ba yone ba sireletsa boitsheko jwa se ba se rutang mo phuthegong, ba thibela gore go se ka ga tsena thuto epe e e leswe. (2 Timotheo 2:15-18, 25) Ba dira gore mo phuthegong go se ka ga tsena ‘baporofeti ba maaka, barutisi ba maaka le makoko a a senyang.’ (2 Petere 2:1) Morago ga loso lwa baaposetoloi, Borara ba Kereke ba ne ba letla “dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona” di runya mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Timotheo 4:1.

Diphelelo tsa botlhanogi jono di a bonala mo go Labokeresete gompieno. Ditumelo tsa yone le ditiro tsa yone di farologane thata le boammaaruri jwa Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Tlhaloso e e feletseng ya thuto ya Tharonngwe e ka fitlhelwa mo boroutšhareng jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 16 Go bona tlhaloso e e feletseng ya se Baebele e se rutang ka moya, bona ditsebe 242-48 le 295-300 tsa Go Fetolana ka Dikwalo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

BORARA BA CAPPADOCIA

“Kereke ya Orthodox . . . e tlotla bakwadi ba lekgolo la bonè la dingwaga fela thata, bogolo jang ba e ba bitsang ‘Baeteledipele ba Bagolo ba Bodumedi ba bararo,’ Gregory wa kwa Nazianzus, Basil yo Mogolo le John Chrysostom,” go bolela jalo mokwadi Kallistos, yo e leng moitlami. A Borara bano ba Kereke ba ne ba theile dithuto tsa bone mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng? Buka ya The Fathers of the Greek Church e bolela jaana malebana le Basil yo Mogolo: “Mekwalo ya gagwe e bontsha gore o ne a ikamanya thata le Plato, Homer le bakwalahisitori le ditswerere tsa puo mo botshelong jotlhe jwa gagwe mme ba ile ba tlhotlheletsa thata mokgwa wa gagwe wa go kwala. . . . Basil o ne a nna a ntse a le ‘Mogerika.’” Go ne go ntse jalo le ka Gregory wa kwa Nazianzus. “Kafa ene a neng a leba dilo ka teng Kereke e ne e ka bontsha gore e fentse le gore ke yone e e kwa godimo ka maemo ka go tsaya dingwao tsotlhe tsa setso sa bogologolo.”

Porofesa Panagiotis K. Christou o kwala jaana malebana le batho bano ba bararo: “Le fa gangwe le gape ba na le go tlhagisa batho ka dikotsi tsa ‘botlhajana le tsietso e e lolea’ [Bakolosa 2:8]—gore ba tsamaisane le molao wa Tesetamente e Ntšha—go ntse go le jalo, ba ithuta filosofi ka tlhoafalo mmogo le ditumelo tse di tsamaisanang le yone e bile ba kgothaletsa ba bangwe gore ba di ithute.” Go bonala sentle gore, barutisi bao ba kereke ba ne ba akanya gore Baebele e ne e sa lekana go tshegetsa dikgopolo tsa bone. A go batla ga bone dilo tse dingwe tse ba ka itshegetsang ka tsone go ka tswa go raya gore dithuto tsa bone di ne di sa tswe mo Baebeleng? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba Bahebera jaana: “Lo se ka lwa gapiwa ke dithuto tse di farologaneng le tse di sa tlwaelegang.”—Bahebera 13:9.

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Archivo Iconografico, S.A./CORBIS

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

CYRIL WA KWA ALEXANDRIA RARA WA KEREKE YO O TSOSITSENG KGANG

Mongwe wa Borara ba Kereke yo o tsositseng kgang go feta botlhe ke Cyril wa kwa Alexandria (c. 375-444 C.E.). Mokwalahisitori wa Kereke e bong Hans von Campenhausen o mo tlhalosa a le “tlhogoethata, a le dikgoka, a tsietsa, a ilwe tlhogong ke bogolo jwa tiro ya gagwe le seriti sa maemo a gagwe,” gape a re “o ne a se ke a leba sepe se siame fa se sa tle go mo thusa go tsweletsa maatla a gagwe le taolo ya gagwe pele . . . Bosetlhogo le go sa ikanyege ga mekgwa ya gagwe go ne go se ke go mo utlwisa botlhoko.” Fa Cyril e ne e sa ntse e le bishopo wa Alexandria, o ne a dirisa pipamolomo, go senya leina le go seba gore a tlose bishopo wa Constantinople mo maemong a gagwe. Go dumelwa gore ke ene a ileng a baka gore ka 415 C.E. mofilosofi yo o itsegeng yo o neng a bidiwa Hypatia a bolawe setlhogo. Campenhausen o bolela jaana malebana le mekwalo ya ga Cyril ya thutabodumedi: “O ile a tlhoma mokgwa wa go dira ditshwetso tsa se se ka dumelwang go sa ikaegwa ka Baebele fela mme le ka thuso ya dinopolo tse di tshwanelang le dinopolo tse di kgobokantsweng go tswa mo bakwading ba ba itsegeng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Jerome

[Motswedi wa Setshwantsho]

Garo Nalbandian