Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Ne re Le Badirimmogo

Re Ne re Le Badirimmogo

 Kgang ya Botshelo

Re Ne re Le Badirimmogo

JAAKA GO BOLETSE MELBA BARRY

Ka July 2, 1999, nna le monna wa me re ne re le kwa kokoanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa, jaaka re dirile ka makgetlo a mantsintsi mo dingwageng tse 57 tse re di feditseng re ntse re nyalane. Lloyd o ne a neela puo ya bofelo kwa kopanong ya kgaolo kwa Hawaii ka Labotlhano. Ka tshoganyetso fela, o ne a wa. Le mororo go ile ga dirwa maiteko otlhe a go mo tsibosa, o ne a swa. *

ABO ke rata bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba Bakeresete ba ba kwa Hawaii jang ne, bao ba ileng ba mpotapota le go nthusa go lebana le masetlapelo ao! Lloyd o ile a tlhotlheletsa matshelo a ba le bantsi ba bone, mmogo le ba bangwe ba bantsi go ralala lefatshe.

Mo dingwageng tse di ka nnang pedi fa e sa le a tlhokafala, ke ntse ke akanya ka dingwaga tsa rona tse di itumedisang tse re di ntseng mmogo—bontsi jwa tsone re le kwa kabelong ya borongwa kwa nageng e sele, mmogo le kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York. Ke gakologelwa gape le nako ya fa ke sa ntse ke le mmotlana kwa Sydney, kwa Australia le dikgwetlho tse nna le Lloyd re ileng ra lebana le tsone gore re tle re nyalane mo masimologong a Ntwa ya Lefatshe II. Le fa go ntse jalo, mma ke lo bolelele pele kafa ke ileng ka nna Mosupi ka teng le gore ke kopane jang le Lloyd morago kwa ka 1939.

Kafa ke Ileng ka Nna Mosupi ka Teng

James le Henrietta Jones e ne e le batsadi ba me ba ba lorato le ba ba amegang. Ke ne ke le dingwaga di le 14 fela fa ke ne ke fetsa sekolo ka 1932. Ka nako eo go ne go na le Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi mo lefatsheng. Ke ne ka simolola go bereka go thusa lelapa, le le neng le akaretsa bomorwadiarre ba babedi. Mo dingwageng di sekaenyana,  ke ne ka nna le tiro e e duelang sentle go na le makgarebe a sekae a a neng a bereka kafa tlase ga taolo ya me.

Fa nako e ntse e tsamaya, ka 1935 Mmè o ne a amogela dikgatiso tsa Baebele go tswa go mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme go ise go ye kae o ne a tlhatswegile pelo gore o bone boammaaruri. Rotlhe fela re ne re akanya gore o a tsenwa. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe ke ne ka bona bukana e e nang le setlhogo se se reng Baswi ba Kae? mme ke ne ka kgatlhwa ke setlhogo seo. Ke ne ka bala bukana eo mo sephiring. Seo se ile sa nkgona! Ka bonako fela ke ne ka simolola go ya le Mmè kwa pokanong e e neng e tshwarwa mo gare ga beke e e neng e bidiwa Thuto ya Sekao. Bukana e e nang le setlhogo se se reng Model Study—e kgabagare go ileng ga nna le tse tharo tsa tsone—e ne e na le dipotso le dikarabo mmogo le dikwalo tse di neng di tshegetsa dikarabo tseo.

Mo e ka nnang ka nako eo, ka April ya 1938, Joseph F. Rutherford, yo e neng e le moemedi wa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa o ne a etela Sydney. Puo ya gagwe ya phatlalatsa e ne e le ya ntlha e ke neng ka nna teng kwa go yone. E ne e tshwanetse e ka bo e tshwaretswe kwa Holong ya Toropo ya Sydney, mme baganetsi ba ne ba atlega go dira gore re se ka ra dirisa lefelo leo. Mo boemong jwa seo, puo e ne ya neelwa kwa lefelong le legolo thata la Mabala a Metshameko a Sydney. Ka ntlha ya go phasaladiwa thata ga yone mo go bakilweng ke kganetso, go ile ga tla batho ba ba ka nnang 10 000, e leng palo e kgolo thata fa e bapisiwa le Basupi ba le 1 300 fela ba ba neng ba le teng kwa Australia ka nako eo.

Ka bonako morago ga foo, ke ne ka nna le seabe mo bodireding jwa tshimo ka lekgetlo la ntlha—mme ke dira jalo kwantle ga thapiso epe. Fa setlhopha sa rona se fitlha mo tshimong e re neng re tla go rera mo go yone, mokaulengwe yo o neng a eteletse pele o ne a nthaya a re, “Ntlo ele ke ya gago.” Ke ne ke tshogile thata jaana mo e leng gore fa mmè mongwe a bula lebati, ke ne ka mmotsa ka re “A o ka mpolelela gore ke nako mang tsweetswee?” O ne a tsena mo ntlong, a leba nako mme a boa a tla go mpolelela. Go ne ga felela gone fela foo. Ke ne ka boela kwa koloing.

Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka kgobega marapo, go ise go ye kae ke ne ke bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi ka metlha. (Mathaio 24:14) Ka March 1939, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo teng ga bata ya moagelani wa rona, e bong Dorothy Hutchings. E re ka go ne go se na bakaulengwe, ka bonako fa ke sena go kolobediwa ke ne ka fiwa maikarabelo a phuthego ao ka tlwaelo a fiwang banna ba Bakeresete.

Gantsi re ne re tshwarela dipokano tsa rona mo matlong a batho, mme ka dinako tse dingwe re ne re hira diholo gore go neelwe dipuo tsa phatlalatsa mo go tsone. Mokaulengwe mongwe yo montle go tswa kwa Bethele, kwa ofising ya rona ya lekala, o ne a tla go neela puo mo phuthegong ya rona e nnye. Nna ke sa itse, o ne a tletse lebaka le lengwe gape—gore a tle a nkitse botoka. Ee, ke kafa nna le Lloyd re ileng ra kopana ka teng.

Go Kopana le Lelapa la Gaabo Lloyd

Go ise go ye kae ke ne ka eletsa go direla Jehofa ka nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, fa ke ikwadisetsa bobulatsela (go nna le seabe mo tirong ya go rera ya nako e e tletseng), ke ne ka bodiwa gore a nka rata go direla kwa Bethele. Ka jalo, ka September 1939, kgwedi e Ntwa ya Lefatshe II e simolotseng ka yone, ke ne ka nna leloko la lelapa la Bethele kwa Strathfield, motsana mongwe wa kwa Sydney.

Ka December 1939, ke ne ka ya New Zealand kwa kopanong ya kgaolo. E re ka Lloyd a ne a tswa kwa New Zealand, le ene o ne a ya gone. Re ne ra tsamaya ka sekepe se le sengwe mme ra itsane botoka. Lloyd o ne a tlhomamisa gore ke kopane le mmaagwe le rraagwe le bokgaitsadie kwa kopanong ya kgaolo kwa Wellington mme moragonyana kwa legaeng la bone kwa Christchurch.

Go Thibelwa ga Tiro ya Rona

Ka Matlhatso, ka January 18, 1941, badiredibagolo ba Dinaga Tsa Kgolagano ba ile ba ya kwa ofising ya lekala ba palame di-limousine tse dintsho tse di ka nnang thataro go ya go gapa dithoto. E re ka ke ne ke berekela mo ntlwaneng ya boamogelo mo botsenong jwa Bethele, ke ne ka nna wa ntlha go  ba bona. Diura di ka nna 18 pelenyana ga moo, re ile ra itsisiwe ka thibelo, ka jalo mo e ka nnang dikgatiso tsa rona tsotlhe le difaele di ne di tlositswe mo lekaleng. Mo bekeng e e latelang, maloko a le matlhano a lelapa la Bethele, go akaretsa le Lloyd a ne a tsenngwa mo kgolegelong.

Ke ne ke itse gore selo se bakaulengwe ba ba kwa kgolegelong ba neng ba se tlhoka thata ke dijo tsa semoya. Go thusa Lloyd, ke ne ka swetsa go mo kwalela “makwalo a thatano.” Ke ne ka simolola makwalo ano ka tsela e go neng go lebeletswe gore a tla simololwa ka yone, mme go tswa foo ke bo ke kwalolola ditlhogo tsotlhe tsa Tora ya Tebelo mme ke bo ke konela ka go itlhalosa jaaka moratiwa wa gagwe. Morago ga dikgwedi di le nnè le sephatlo, Lloyd o ne a gololwa.

Lenyalo le go Tswelela ka Tirelo

Ka 1940, mmaagwe Lloyd o ne a etela kwa Australia mme Lloyd a mmolelela gore re akanya ka lenyalo. O ne a mo tlhagisa gore a se ka a akanya ka lone ka gonne bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ne bo bonala bo le gaufi. (Mathaio 24:3-14) O ne a bolelela le ditsala tsa gagwe ka maikaelelo a gagwe, mme nako le nako ba ne ba mo tlhagisa gore a se ka a nyala. Kgabagare, ka letsatsi lengwe ka February 1942, Lloyd o ne a ntsaya ka tidimalo—le Basupi ba banè ba ba ileng ba ikana gore ba ka se ka ba bua sepe—ra ya kwa ofising ya go ikwadisa mme ra nyalana. Ka nako eo, go ne go se na thulaganyo ya gore Basupi ba ga Jehofa ba ka nyadisa kwa Australia.

Le fa gone re ile ra se ka ra letlelelwa gore re tswelele ka tirelo ya rona ya Bethele re le banyalani, re ne ra bodiwa gore a re ka rata go tsena mo tirong ya bobulatsela jo bo kgethegileng. Re ne ra amogela ka boitumelo kabelo ya go ya kwa toropong nngwe e e neng e bidiwa Wagga Wagga. Tiro ya rona ya go rera e ne e sa ntse e thibetswe mme re ne re sa thusiwe ka madi, ka gone ruri re ne ra tshwanela gore re latlhele merwalo ya rona mo go Jehofa tota.—Pesalema 55:22.

Re ne ra palama baesekele e e pegang batho ba le babedi go ya kwa magaeng, ra kopana le batho ba ba botsalano mme ra nna le metlotlo e metelele le bone. Ga se ba le bantsi ba ba ileng ba amogela thuto ya Baebele. Le fa go ntse jalo, mong wa lebenkele lengwe o ne a anaanela tiro ya rona thata jaana mo e leng gore o ne a re naya maungo le merogo beke nngwe le nngwe. Fa re sena go nna  dikgwedi di le thataro kwa Wagga Wagga, re ne ra lalediwa gape kwa Bethele.

Lelapa la Bethele le ne le dule kwa ofising ya Strathfield ka May 1942, mme le nna mo magaeng a batho. Ba ne ba fuduga go tswa mo legaeng le lengwe go ya go le lengwe dibeke dingwe le dingwe di le mmalwa kana go feta gore ba tle ba se ka ba lemogwa. Fa nna le Lloyd re boela Bethele ka August, re ne ra nna le bone mo go lengwe la magae ano. Tiro ya rona motshegare e ne e le go bereka mo bogatisetsong bongwe jo bo neng bo dirilwe kafa tlase ga lefatshe. Kgabagare ka June 1943, thibelo ya tiro ya rona e ne ya tlosiwa.

Go Ipaakanyetsa Go ya Go Direla Kwa Dinageng di Sele

Ka April 1947, re ne ra newa diforomo tsa go dira kopo ya go ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, se se neng se le kwa South Lansing, kwa New York, kwa U.S.A. Fa re sa ntse re letile karabo, re ne ra abelwa go etela diphuthego tsa kwa Australia go di nonotsha semoyeng. Morago ga dikgwedi di sekae, re ne ra amogela taletso ya rona ya go nna teng kwa setlhopheng sa bo11 sa Gileate. Re ne re na le dibeke tse tharo go ipaakanya le go paka dithoto tsa rona. Re ne ra tlogela ba lelapa le ditsala ka December 1947 mme ra ya New York le ba bangwe ba le 15 go tswa kwa Australia bao le bone ba neng ba laleditswe go tla setlhopheng seno.

Dikgwedi tsa rona di sekae kwa Sekolong sa Gileate di ile tsa feta ka bonako, mme re ne ra amogela kabelo ya borongwa ya go ya kwa Japane. E re ka go ne ga tsaya nako go baakanya dipampiri tsa rona tsa go ya Japane, Lloyd o ne a abelwa gape go nna molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa. Diphuthego tse re neng re abetswe go di etela di ne di simologa mo motseng wa Los Angeles go ya kwa molelwaneng wa Mexico. Re ne re se na koloi, ka gone beke nngwe le nngwe Basupi ba ne ba re tsamaisa ka dikoloi ka lorato go tswa mo phuthegong e nngwe go ya go e nngwe. Karolo e e neng e le ya potologo e kgolo eo gone jaanong e bopa dikgaolo tse tharo tsa Seesemane le tse tharo tsa Se-Spain, kgaolo nngwe le nngwe e na le dipotologo di le lesome!

Go ise go ye kae, ke fa e setse e le October 1949, mme re ne re le mo tseleng ya go ya Japane ka sekepe se pele e neng e le sa masole. Karolo e nngwe ya sekepe e ne e le ya banna mme e nngwe e le ya basadi le bana. Letsatsi pele ga re goroga kwa Yokohama, go ne ga tla sefefo se segolo. Go bonala fa se ile sa dira gore maru a apoge, ka gonne fa letsatsi le tlhaba letsatsi le le latelang, ka October 31, re ne ra kgona go bona Mount Fuji ka bontle jwa yone. A bo e ne e le kamogelo e e itumedisang jang ne mo kabelong ya rona e ntšha!

Go Bereka le Bajapane

Fa re ntse re atamela boemakepe, re ne ra bona makgolokgolo a batho ba meriri e mentsho. Re ne ra akanya gore ‘A bo ba le modumo jang ne!’ fa re utlwa ba ntse ba buela kwa godimo. Mongwe le mongwe o ne a rwele ditlhako tse di dirilweng ka legong tse di neng di tlhodia mo boalong jwa boemakepe jo bo dirilweng ka legong. Fa re sena go robala bosigo bo le bongwe kwa Yokohama, re ne ra tshwara terena ra ya kwa kabelong ya rona kwa Kobe. Koo Don Haslett, mongwe yo o neng a na le rona kwa setlhopheng sa Gileate yo o neng a fitlhile dikgwedi di le mmalwa pelenyana ga rona kwa Japane, o ne a hirile legae la barongwa. E ne e le ntlo e ntle e kgolo ya matlhatlhaganyane a mabedi ya mofuta wa dinaga tsa Bophirima—e se na sepesepe!

Go itirela dilo tsa go ala tse re ka robalang mo godimo ga tsone, re ile ra sega bojang jo bo telele jo bo mo jarateng ra bo ala fa fatshe. Ke ka tsela eo botshelo jwa rona jwa borongwa bo simolotseng ka yone, re se na sepe fa e se fela dithoto tsa rona. Re ne ra reka ditofo tse dinnye tsa magala, tse di bidiwang hibachi, go gotetsa le go apaya ka tsone. Bosigo bongwe, Lloyd o ne a fitlhela barongwakarona ba babedi e bong Percy le Ilma Iszlaub ba idibetse. O ne a kgona go ba tsosa ka go bula difensetere gore go tsene moya o o phepa o o tsididi. Le nna nkile ka idibala fa ke ntse ke apaya ka ditofo tseno tsa magala. Go ne go tsaya nakonyana e telele go tlwaela dilo dingwe!

Go ithuta puo go ne go le botlhokwa mo go rona, mme re ne re ithuta Sejapane diura di le 11 ka letsatsi mo kgweding. Morago ga foo, re ne ra simolola mo bodireding ka seele se le sengwe kana di le pedi tse re di kwadileng go re thusa go simolola. Mo letsatsing la me la ntlhantlha le ke duleng ka lone, ke ne ka kopana le mosadi yo montle, Miyo Takagi, yo o neng a nkamogela ka bopelonomi. Fa ke dira maeto a go boela, re ne re kgaratlha ka thuso ya dikishinare ya Sejapane le Seesemane go fitlhela re simolola thuto e ntle ya Baebele. Ka 1999, fa re le kwa kgakolong ya kago  e e atolositsweng kwa Japane, ke ne ka bona Miyo gape, mmogo le ba bangwe ba bantsi ba ba rategang ba ke neng ke ithuta le bone. Go fetile dingwaga di le 50, mme e sa ntse e le baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi, ba dira se ba ka se kgonang go direla Jehofa.

Kwa Kobe ka April 1, 1950, ba le 180 ba ne ba nna teng fa re ne re keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Selo se se ileng sa re gakgamatsa ke gore moso o o latelang, go ile ga tla batho ba le 35 go tla go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Morongwa mongwe le mongwe o ne a tsamaya le ba le bararo kana ba le banè ba basha bano mo tirelong. Beng ba matlo ba ne ba sa bue le nna—motswagosele yo o neng a sa tlhaloganye sepe—go na le moo, ba ne ba bua le Batlasegopotsong ba Bajapane ba ba neng ba tsamaya le nna. Motlotlo o ne wa nna o tswelela mme ke ne ke sa tlhaloganye gore ba bua ka eng. Ke itumelela go bolela gore bangwe ba ba basha bano ba ile ba gatela pele mo kitsong mme ba ile ba tswelela mo tirong ya go rera go fitlha gompieno.

Ditshiamelo le Dikabelo Tse Dintsi

Re ile ra tswelela ka tiro ya rona ya borongwa kwa Kobe go fitlha ka 1952, mme ka nako eo re ne ra abelwa kwa Tokyo, koo Lloyd a ileng a newa tiro ya go okamela ofisi ya lekala gone. Fa nako e ntse e tsamaya, tiro ya gagwe e ne ya dira gore a tsamaye go ralala Japane le go ya kwa dinageng tse dingwe. Moragonyana, mo loetong longwe lwa gagwe go ya kwa Tokyo, Nathan H. Knorr go tswa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe o ne a nthaya a re: “Kana a o ne o itse gore monna wa gago o ya kae mo loetong lwa gagwe lo lo latelang lwa kgaolo? O ya Australia le New Zealand.” O ne a oketsa jaana: “O ka nna wa tsamaya le wena, fa o ka kgona go ituelela.” A bo ke ne ke itumetse jang ne! Tota e bile, e ne e setse e le dingwaga di le robongwe fa e sa le ke tloga kwa gae.

Morago ga foo re ne ra simolola go kwala makwalo ka bonako. Mmè o ne a nthusa ka go nthekela thekete. Nna le Lloyd re ne re tshwaregile thata mo kabelong ya rona, mme re ne re se na madi a go etela malapa a rona. Ka gone, seno se ne se arabela dithapelo tsa me. Jaaka fa o ka akanya, Mmè o ne a itumeletse thata go mpona. O ne a bolela jaana: “Jaanong, ke tlile go go bolokela madi gore o tle gape mo dingwageng tse tharo.” Re ile ra kgaogana re akantse ka seo, mme ka maswabi, o ne a tlhokafala ngwaga o o latelang ka July. A bo go tla nna monate jang ne go kopana gape le ene mo lefatsheng le lesha!

Go fitlha ka 1960, tiro ya borongwa e ne e le yone fela kabelo ya me, mme le fa go ntse jalo, ke ne ka amogela lekwalo le le tlhalosang jaana: “Go tloga ka letlha leno, thulaganyo e tla nna gore o tlhatswetse le go aenela lelapa lotlhe la Bethele.” Ka nako eo lelapa la rona le ne le na le batho ba ba ka nang lesomepedi fela, ka gone ke ne ke kgona go dira tiro eno mo godimo ga kabelo ya me ya borongwa.

Ka 1962, legae la rona le le agilweng ka mokgwa wa Sejapane le ne la senngwa, mme go ne ga wediwa Legae le lesha la Bethele la matlhatlaganyane a le thataro mo setsheng seo ka ngwaga o o latelang. Ke ne ka abelwa go thusa bakaulengwe ba basha ba Bethele go boloka diphaposi tsa bone di le phepa e bile di le bothakga le gore ba phepafatse ka bobone. Ka tlwaelo, basimane kwa Japane ba ne ba sa rutiwe go dira sepe kwa gae. Go ne go gatelelwa thata thuto ya lefatshe mme bommaabone ba ne ba ba direla sengwe le sengwe. Ba ne ba tshwanela gore ba ithute ka bonako gore ga ke mmaabone. Fa nako e ntse e tsamaya, bontsi jwa bone ba ile ba gatela pele, ba nna le dikabelo tse disha tsa maikarabelo mo phuthegong.

Ka letsatsi lengwe le le mogote la selemo, moithuti mongwe wa Baebele o ne a tla go bona meago ya rona mme o ne a mpona ke gotlha dikamore tsa dishawara. O ne a re, “Tswetswee bolelela motsamaisi wa lona gore nka rata go duela gore mmereki a tle go go direla tiro eno.” Ke ne ka mo tlhalosetsa  gore ke anaanela mogopolo wa gagwe o montle mme ke iketleeditse thata go dira sengwe le sengwe se ke abelwang go se dira mo phuthegong ya ga Jehofa.

Mo e ka nnang ka yone nako eno, nna le Lloyd re ne ra amogela taletso ya go nna teng kwa setlhopheng sa bo39 sa Gileate! A bo e ne e le tshiamelo jang ne ka 1964, ke le dingwaga di le 46, go ya kwa sekolong gape! Khoso eno e ne e thusa thata bao ba direlang kwa ofising ya lekala go tlhokomela maikarabelo a bone. Morago ga khoso ya dikgwedi di le lesome, re ne ra abelwa gape kwa Japane. Mo nakong eno, re ne re na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 3 000 kwa nageng eo.

Koketsego e ne ya nna ntsi jaana mo e leng gore ka 1972 re ne re le Basupi ba ba fetang 14 000 mme go ne ga agiwa ofisi e ntšha ya lekala ya matlhatlaganyane a le tlhano kwa Numazu, kwa borwa jwa Tokyo. Re ne re kgona go bona bontle jwa Mount Fuji go tswa mo dikagong tsa rona. Go ile ga simololwa go gatisiwa dimakasine tse di fetang milione ka kgwedi ka puo ya Sejapane mo motšhining o o bofefo o o gatisang. Mme le fa go ntse jalo, rona re ne re tla tloga re nna le diphetogo.

Kwa bofelong jwa 1974, Lloyd o ne a amogela lekwalo le le tswang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn le le neng le mo laletsa go ya go direla mo Setlhopheng se se Laolang. Sa ntlha ke ne ka akanya jaana: ‘Ebu, ruri go fedile. E re ka Lloyd a na le tsholofelo ya selegodimo mme nna ke na le tsholofelo ya selefatshe, go ise go ye kae re tla tshwanelwa ke go kgaogana. Gongwe Lloyd o tshwanetse go ya Brooklyn kwantle ga me.’ Mme le fa go ntse jalo, ke ile ka baakanya tsela e ke akanyang ka yone ka bonako mme ka tsamaya le Lloyd ka go rata ka March 1975.

Masego Kwa Ntlokgolo

Tota le fa re ne re le kwa Brooklyn, pelo ya ga Lloyd e ne e ganelela thata kwa tshimong ya Japane mme ka metlha o ne a bua ka maitemogelo a re nnileng le one koo. Mme gone jaanong re ne re na le tshono ya gore re pitlologe. Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo tse 24, Lloyd o ne a dirisiwa thata mo tirong ya kgaolo, e e neng e akaretsa go tsamaya lefatshe lotlhe. Ke ne ka mo pata go ralala lefatshe ka makgetlo a le mmalwa.

Go etela bakaulengwe ba rona ba Bakeresete kwa dinageng tse dingwe go ile ga nthusa gore ke tlhaloganye maemo a bontsi jwa bone ba tshelang le go bereka mo go one. Nka se ka ka lebala sefatlhego sa ga Entellia wa dingwaga di le lesome, mosetsana yo ke ileng ka kopana nae kwa Afrika bokone. O ne a rata leina la Modimo mme o ne a tsamaya sebaka sa ura le sephatlo go ya le go boa a ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le mororo Entellia a ne a bogisiwa ka tsela e e botlhoko ke ba lelapa la gaabo, o ile a ineela mo go Jehofa. Fa re ne re etetse phuthego ya bone, go ne go na le tleloupo e le nngwe fela e e nang le lesedi le le bokoa e e akgegang mo godimo ga dintlha tsa sebui—kwantle ga moo, lefelo la bokopanelo le ne le le lentshontsho. Mo lefifing leo, go ne go itumedisa tota go utlwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba opela monate.

Selo se se kgatlhang thata mo botshelong jwa rona se ile sa direga ka December 1998 fa nna le Lloyd re ne re le gare ga batlakopanong ba Kopano ya Kgaolo ya “Tsela ya Modimo ya Botshelo” e e neng e tshwaretswe kwa Cuba. A bo re ile ra kgatlhiwa jang ne ke tebogo le boitumelo jo bakaulengwe le bokgaitsadi ba ileng ba bo bontsha koo ka go bo ba ne ba etetswe ke bangwe ba ba tswang kwa ntlokgolo ya Brooklyn! Go na le dilo tse dintle tse ke di gakologelwang tsa fa ke ne ke kopana le baratiwa bao ka tlhoafalo ba bakang Jehofa thata.

Go Iketla le Batho ba Modimo

Le mororo nagagae ya me e le Australia, ke ile ka rata batho gongwe le gongwe koo phuthego ya ga Jehofa e neng e nthomela gone. Go ne go ntse jalo kwa Japane, mme e re ka ke feditse dingwaga di feta 25 ke le mo United States, ke fitlhela go ntse fela jalo le mono. Fa ke ne ke swelwa ke monna wa me, ke ne ke sa akanye ka go boela Australia, go na le moo ke ne ka akanya ka go nna mo Bethele ya Brooklyn, moo Jehofa a nkabetseng gone.

Gone jaanong ke mo dingwageng tsa me tsa bo80. Morago ga dingwaga di le 61 ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng, ke sa ntse ke iketleeditse go direla Jehofa mo ene a bonang go tshwanela teng. O ile a ntlhokomela sentle tota. Ke itumelela dingwaga tse di fetang 57 tse ke ileng ka tshela botshelo jwa me le molekane wa me yo o rategang yo o neng a rata Jehofa. Ke solofela gore Jehofa o tla tswelela pele a re segofatsa e bile ke itse gore A ka se ka a lebala tiro le lorato lo re lo bontshitseng ka ntlha ya leina la gagwe.—Bahebera 6:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona Tora ya Tebelo, ya October 1, 1999, ditsebe 16 le 17.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le mmè ka 1956

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Lloyd le setlhopha sa baboledi ba Bajapane mo masimologong a bo 1950

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le moithuti wa me wa ntlha wa Baebele kwa Japane e bong Miyo Takagi, mo masimologong a bo 1950 le ka 1999

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke na le Lloyd mo tirong ya dimakasine kwa Japane