Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lefoko la ga Jehofa la Tswelela go Gola”

“Lefoko la ga Jehofa la Tswelela go Gola”

 “Lefoko la ga Jehofa la Tswelela go Gola”

“O romela lefoko la gagwe mo lefatsheng; lefoko la gagwe le siana ka lobelo.”—PESALEMA 147:15.

1, 2. Jesu o ne a abela barutwa ba gagwe tiro efe, mme e ne e akaretsa eng?

NNGWE ya dipolelelopele tse di kgatlhang thata mo Baebeleng e fitlhelwa mo go Ditiro 1:8. Pele fela ga Jesu a tlhatlogela legodimong, o ne a bolelela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” A bo seo e ne e tla nna tiro e e boitshegang jang ne!

2 Tiro eo ya go bolela lefoko la Modimo mo lefatsheng lotlhe e tshwanetse ya bo e ne e lebega e se kgetsi e potlana mo barutweng bao ba ba neng ba sa ntse ba le mokawana. Akanya ka se e neng e se akaretsa. Ba ne ba tla tshwanelwa ke go thusa batho go tlhaloganya dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Go neela bosupi ka Jesu gape go ne go ba tlhoka gore ba bolelele batho ba bangwe ka dithuto tsa gagwe tse di maatla le go tlhalosa seabe sa gagwe mo maikaelelong a ga Jehofa. Mo godimo ga moo, tiro eo e ne e akaretsa go dira batho barutwa ba bo ba ba kolobetsa. Mme ba ne ba tshwanelwa ke go dira seno mo lefatsheng lotlhe!—Mathaio 28:19, 20.

3. Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe eng, mme ba ne ba tsibogela jang tiro e a neng a ba abetse yone?

3 Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore moya o o boitshepo o ne o tla ba thusa go dira tiro e a neng a ba abetse yone. Ka gone, barutwa ba ga Jesu ba pele ba ne ba dira tiro e a ba laetseng yone ka katlego le fa e ne e boitshega e bile ba lebana le ditlhaselo tse di setlhogo tsa baganetsi ba ba neng ba leka go ba didimatsa. Ke tiragalo e e ka se kang ya ganediwa.

4. Lorato lwa Modimo lo ne lo bontshiwa jang mo tirong ya go rera le go ruta ba bangwe?

4 Tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera le go ruta e ne e bontsha lorato lwa Modimo mo bathong ba ba neng ba sa mo itse. E ne ya ba naya tshono ya go atamalana thata le Jehofa le ya go itshwarelwa maleo. (Ditiro 26:18) Tiro ya go rera le go ruta gape e ne e bontsha lorato lwa Modimo mo baboleding ba molaetsa oo, e re ka e ne e ba naya tshono ya go bontsha tsela e ba ineetseng ka yone mo go Jehofa le ya go bontsha kafa ba ratang batho ba bangwe ka teng. (Mathaio 22:37-39) Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya bodiredi jwa Bokeresete bo le botlhokwa thata jaana mo a neng a bo bitsa gore ke “letlotlo.”—2 Bakorintha 4:7.

5. (a) Pego e e ikanyegang ya tiro ya Bakeresete ba pele e fitlhelwa kae, mme mo go yone go buiwa ka go gola gofe? (b) Ke eng fa buka ya Ditiro e na le bokao mo batlhankeng ba Modimo gompieno?

5 Pego e e ikanyegang thata ya tiro ya go rera ya Bakeresete ba pele e fitlhelwa mo bukeng e e tlhotlheleditsweng ya Ditiro, e e kwadilweng ke morutwa Luke. Ke pego e e buang ka go gola mo go diregang ka tsela e e gakgamatsang le ka lobelo lo logolo. Go gola gono ga kitso ya Lefoko la Modimo go re gopotsa Pesalema 147:15, e e reng: “[Jehofa] o romela lefoko la gagwe mo lefatsheng; lefoko la gagwe le siana ka lobelo.” Pego ya Bakeresete ba pele, ba ba neng ba nonotshiwa ke moya o o boitshepo, e a kgatlha e bile e na le bokao jo bogolo mo go rona gompieno. Basupi ba ga Jehofa le bone ba dira tiro e e ntseng jalo ya go rera le go dira barutwa, ke fela gore bone ba e dira ka selekanyo se segolwane thata. Gape re lebana le mathata a a tshwanang le a Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng  ba lebana le one. Fa re ntse re sekaseka kafa Jehofa a ileng a segofatsa Bakeresete ba pele le go ba nonotsha ka teng, tumelo ya rona ya gore o re ema nokeng e tla nonofa.

Go Gola ga Palo ya Barutwa

6. Ke mafoko afe a a malebana le go gola a a tlhagang ka makgetlo a mararo mo bukeng ya Ditiro, mme a kaya eng?

6 Tsela nngwe ya go sekaseka kafa Ditiro 1:8 e diragadiwang ka teng ke ka go akanyetsa mafoko a a reng “lefoko la ga Jehofa la tswelela go gola,” a a tlhagang a farologane go sekae fela mme a tlhaga ka makgetlo a le mararo fela mo Baebeleng e bile a tlhaga otlhe mo bukeng ya Ditiro. (Ditiro 6:7; 12:24; 19:20) Fa go twe, “lefoko la ga Jehofa,” kana “lefoko la Modimo” mo ditemaneng tseno go buiwa ka dikgang tse di molemo—molaetsa o o maatla wa boammaaruri jwa Modimo, molaetsa o o tshelang o o fetotseng botshelo jwa batho ba ba o amogetseng.—Bahebera 4:12.

7. Go gola ga lefoko la Modimo go amanngwa le eng mo go Ditiro 6:7, mme go ne ga direga eng mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E.?

7 Lekgetlo la ntlha le go umakwang go gola ga lefoko la Modimo mo go lone ke mo go Ditiro 6:7. Re bala jaana mo go yone: “Ka gone lefoko la Modimo la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema; mme boidiidi jo bogolo jwa baperesiti jwa simolola go utlwa tumelo.” Fano go gola go amanngwa le go oketsega ga palo ya barutwa. Pelenyana mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., moya o o boitshepo wa Modimo o ile wa tshololelwa mo barutweng ba ka nna 120 ba ba neng ba phuthegetse mo ntlwaneng e e kwa godimo. Ka nako eo moaposetoloi Petere o ne a neela puo e e tlhotlheletsang maikutlo mme batho ba le 3 000 mo go ba ba neng ba reeditse ba ne ba fetoga badumedi ka lone letsatsi leo. A bo go tshwanetse ga bo go ile ga tsoga kgaruru e kgolo jang ne fa dikete tsa batho di ne di ya kwa lekadibeng kana kwa makadibeng a a mo kgaolong ya Jerusalema go ya go kolobediwa mo leineng la ga Jesu, monna yo o neng a bapotswe jaaka senokwane malatsi a le 50 pele ga foo!—Ditiro 2:41.

8. Palo ya barutwa e ile ya oketsega jang mo dingwageng tse di neng tsa latela Pentekosete ya 33 C.E.?

 8 Ke boammaaruri gore, seo e ne e sa ntse e le tshimologo fela. Maiteko a a sa kgaotseng a baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda a go emisa tiro ya go rera e ne e le a lefela. Baeteledipele bao ba ne ba betwa ke pelo ka gonne ‘Jehofa o ne a tswelela a oketsa barutwa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.’ (Ditiro 2:47) Go ise go ye kae “palo ya banna ya nna dikete di ka nna tlhano.” Morago ga moo, “badumedi mo Moreneng ba ne ba nna ba okediwa, bontsintsi jwa banna le jwa basadi.” (Ditiro 4:4; 5:14) Re bala jaana ka ga se se neng sa direga moragonyana: “Eleruri, he, phuthego mo Judea yotlhe fela le Galalea le Samarea ya tsena mo lobakeng lwa kagiso, e agiwa; mme ka e ne e tsamaya ka go boifa Jehofa le ka go gomodiwa ke moya o o boitshepo e ne ya nna ya ntsifala.” (Ditiro 9:31) Dingwaga di sekae moragonyana, gongwe e le mo e ka nnang ka 58 C.E., go ne ga buiwa ka ‘dikete di le dintsi tsa badumedi.’ (Ditiro 21:20) Ka nako eo, gape go ne go na le Baditšhaba ba le bantsi ba e leng badumedi.

9. O ne o ka tlhalosa jang Bakeresete ba pele?

9 Go gola gono ga palo ya bone go ne go bakwa segolobogolo ke go sokologa ga batho. Bodumedi jwa bone bo ne bo sa ntse bo le bosha—mme gone, bo le matlhagatlhaga tota. Go na le gore barutwa e nne maloko a kereke a a ntseng fela a sa dire sepe, ba ne ba ineetse ka botlalo mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe, mme bangwe ba bone ba ne ba ithutile boammaaruri mo bathong ba ba neng ba bogisiwa setlhogo. (Ditiro 16:23, 26-33) Batho ba ba neng ba amogela Bokeresete ba ne ba dira jalo ka gonne ba ne ba dirile tshwetso e ba e akanyeditseng ka kelotlhoko. (Baroma 12:1) Ba ne ba rutilwe ditsela tsa Modimo; boammaaruri bo ne bo nweleletse mo megopolong le mo dipelong tsa bone. (Bahebera 8:10, 11) Ba ne ba iketleeleditse go swela dilo tse ba di dumelang.—Ditiro 7:51-60.

10. Bakeresete ba pele ba ne ba amogela boikarabelo bofe, mme ke bomang ba ba tshwanang le bone gompieno?

10 Batho ba ba neng ba amogela thuto ya Bokeresete ba ne ba lemoga gore ba na le boikarabelo jwa go bolelela batho ba bangwe boammaaruri. Seno le sone se ne sa dira gore palo ya bone e gole. Mokanoki mongwe wa Baebele o ile a re: “Go bua ka tumelo go ne go sa tsewe e le selo se e leng fela sa batho ba ba tlhagafetseng kana ba ba tlhomilweng semolao go nna bareri. Tiro ya go rera e ne e tsewa e le tshwanelo le boikarabelo jwa maloko otlhe a Kereke. . . . Go tlhagafala ga Bakeresete botlhe ke gone go go neng ga dira gore phuthego ya bone e nonofe go tloga fela kwa tshimologong.” O ne a oketsa jaana: “Tiro ya go rera e ne e le yone tiro ya konokono mo Bakereseteng ba pele.” Go ntse fela jalo le ka Bakeresete ba boammaaruri gompieno.

Go Gola Go ya Ka Palo ya Mafatshe

11. Ke go gola gofe go go tlhalosiwang mo go Ditiro 12:24, mme go ne ga direga jang?

11 Lekgetlo la bobedi le go umakwang go oketsega ga lefoko la Modimo mo go lone ke mo go Ditiro 12:24: “Lefoko la ga Jehofa la tswelela go gola le go anama.” Fano mafoko ano a amanngwa le go oketsega ga palo ya mafatshe. Le fa dipuso di ne di ba ganetsa, tiro e ne ya gatela pele. Moya o o boitshepo o ne wa tshololwa pele kwa Jerusalema, mme go tswa koo lefoko le ne la anama ka bonako. Go bogisiwa ga barutwa kwa Jerusalema go ne ga dira gore ba anamele kwa dikgaolong tsa Judea le Samarea. Go ne ga felela ka eng? “Ba ba neng ba gasame ba ya le lefatshe leo lotlhe ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko.” (Ditiro 8:1, 4) Filipo o ne a kaelwa go neela monna mongwe bosupi yo e neng ya ra fa a sena go kolobediwa a tseela molaetsa kwa Ethiopia. (Ditiro 8:26-28, 38, 39) Ka bonako fela boammaaruri bo ne jwa anamela kwa Lida, kwa Lebaleng la Sharona le kwa Jopa. (Ditiro 9:35, 42) Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a tsaya mosepele wa dikilometara di le diketekete mo lewatleng le mo tseleng, a tsamaya a tlhoma diphuthego go ralala dinaga tse dintsi tsa Mediterranean. Moaposetoloi Petere o ne a ya kwa Babelona. (1 Petere 5:13) Mo dingwageng tse 30 fela morago ga gore go tshololwe moya o o boitshepo ka Pentekosete, Paulo o ne a kwala a bolela gore dikgang tse di molemo di ne “tsa rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo,” gongwe a bua ka karolo ya lefatshe e e neng e itsewe ka nako eo.—Bakolosa 1:23.

12. Baganetsi ba Bokeresete ba ne ba bontsha jang gore ba ela tlhoko gore lefoko la Modimo le gola go ya ka palo ya mafatshe?

12 Tota le batho ba ba neng ba ganetsa Bokeresete ba ne ba bolela gore lefoko la Modimo le ne le aname  mo Mmusomogolong otlhe wa Roma. Ka sekai, Ditiro 17:6 e bolela gore kwa Thesalonika, kwa bokone jwa Gerika, baganetsi ba ne ba goa ba re: “Banna bano ba ba pitikolotseng lefatshe le le nang le banni ba gone le fano.” Mo godimo ga moo, fa lekgolo la bobedi la dingwaga le ne le simologa, Pliny yo Mmotlana o ne a kwalela Mmusimogolo wa Roma e bong Trajan a le kwa Bithinia malebana le Bokeresete. O ne a ngongorega jaana: “Ga [bo] mo metseng e megolo fela, go na le moo, bo anamiseditse tshwaetso ya jone le mo metsaneng e e fa gaufi le mo metseng e e kwa thoko.”

13. Go gola ga palo ya mafatshe go ne ga bontsha jang tsela e Modimo a ratang batho ka yone?

13 Go gola gono ga palo ya mafatshe e ne e le tsela e Jehofa a neng a bontsha lorato lo logolo lo a ratang batho ba ba neng ba ka rekololwa ka lone. Fa Petere a ne a bona moya o o boitshepo o iponatsha mo go Korenelio wa Moditšhaba, o ne a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Ee, dikgang tse di molemo e ne e le molaetsa wa batho botlhe, e bile go sa ntse go le jalo, mme go gola ga palo ya mafatshe a lefoko la Modimo le neng la fitlha mo go one go ne ga naya batho gongwe le gongwe tshono ya go tsibogela lorato lwa Modimo. Mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga, lefoko la Modimo le anametse mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ka tsela ya mmatota.

Go Gola ka Tsela e e Fenyang

14. Ke go gola gofe go go tlhalosiwang mo go Ditiro 19:20, mme lefoko la Modimo le ne la fenya eng?

14 Lekgetlo la boraro le go umakwang go gola ga lefoko la Modimo mo go lone le tlhaga mo go Ditiro 19:20: “Lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.” Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng e le go “fenya” le naya kgopolo ya go “nna le nonofo.” Ditemana tse di tlang pele ga eo di bolela gore batho ba le bantsi ba Efeso ba ne ba nna badumedi, mme bontsi jwa bone ba ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba fisa dibuka tsa bone mo ponong ya batho botlhe. Ka gone, lefoko la Modimo le ne la fenya dithuto tsa bodumedi jwa maaka. Dikgang tse di molemo di ne tsa fenya dikgoreletsi tse dingwe gape, tse di jaaka pogiso. Go ne go se na sepe se se neng se ka di thibela. Mo kgannyeng eno re kgona go bona selo se sengwe gape se se tshwanang le sa Bokeresete jwa boammaaruri mo motlheng wa rona.

15. (a) Mokwadi mongwe wa hisitori ya Baebele o ile a kwala eng ka Bakeresete ba pele? (b) Barutwa ba ne ba bolela gore ba thusiwa ke mang go atlega?

15 Baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba pele ba ne ba bolela lefoko la Modimo ka tlhagafalo. Mokwadi mongwe wa hisitori ya Baebele o ile a kwala jaana ka bone: “Fa batho ba rata go bua ka Morena wa bone, ga ba ke ba tlhaela ditsela tse ba ka dirang jalo ka tsone. Ee ruri, tlhoafalo ya banna le basadi bano ke yone e e re kgatlhang go gaisa mekgwa ya bone ya go rera.” Le fa go ntse jalo, Bakeresete bao ba pele ba ile ba lemoga gore go atlega ga bodiredi jwa bone go ne go sa ikaega ka maiteko a bone a le nosi. Ba ne ba laetswe ke Modimo gore ba dire tiro ya bone, mme ba ne ba engwa nokeng ke Modimo gore ba e swetse. Go gola ga semoya go tswa mo Modimong. Moaposetoloi Paulo o ne a umaka seno fa a ne a kwalela phuthego ya Bakorintha. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka jala, Apolose a nosetsa, mme Modimo o ne a nna a godisa. Gonne re badirimmogo le Modimo.”—1 Bakorintha 3:6, 9.

 Go Dira ga Moya o o Boitshepo

16. Ke eng se se bontshang gore moya o o boitshepo o ne wa nonotsha barutwa go bua ka bopelokgale?

16 Gakologelwa gore Jesu o ile a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore moya o o boitshepo o ne o tla nna le seabe se segolo mo go goleng ga lefoko la Modimo le gore moya o o boitshepo o ne o tla nonotsha barutwa mo tirong ya go rera. (Ditiro 1:8) Seno se ne sa direga jang? Go ise go ye kae fa moya o o boitshepo o sena go tshololelwa mo barutweng ka Pentekosete, Petere le Johane ba ne ba bilediwa go tla go bua le Sanehederine ya Bajuda, kgotlatshekelo e kgolo go gaisa tsotlhe mo nageng eo, e baatlhodi ba yone ba neng ba tlhotlheleditse gore Jesu Keresete a bolawe. A baaposetoloi ba ne ba tla tsenwa ke poifo fa ba le fa pele ga lekgotla leo le le gobelelang le le seng botsalano? Legoka! Moya o o boitshepo o ne wa naya Petere le Johane maatla a go bua ka bopelokgale mo baganetsi ba bone ba neng ba gakgamala thata, mme “ba lemoga gore ba kile ba bo ba na le Jesu.” (Ditiro 4:8, 13) Moya o o boitshepo o ne wa dira gore le Setefane a neele bosupi ka bopelokgale fa pele ga Sanehederine. (Ditiro 6:12; 7:55, 56) Pelenyana ga foo, moya o o boitshepo o ne o tlhotlheleditse barutwa go rera ka bopelokgale. Luke o bega jaana: “E rile ba sena go dira mokokotlelo, lefelo le ba neng ba phuthegetse mo go lone la reketla; mme botlhe fela ba tladiwa moya o o boitshepo e bile ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.”—Ditiro 4:31.

17. Moya o o boitshepo o ne wa thusa barutwa ka ditsela dife tse dingwe mo bodireding jwa bone?

17 Jehofa ka moya wa gagwe o o boitshepo o o maatla o ne a kaela tiro ya go rera ene le Jesu yo o tsositsweng. (Johane 14:28; 15:26) Fa Korenelio, ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tse dikgolo ba ne ba tshololelwa moya, moaposetoloi Petere o ne a lemoga gore Baditšhaba ba ba sa rupang ba ne ba ka tshwanelegela go kolobediwa mo leineng la ga Jesu Keresete. (Ditiro 10:24, 44-48) Moragonyana moya o ne wa nna le seabe se segolo mo go tlhomeng Barenabase le Saulo (moaposetoloi Paulo) go dira tiro ya borongwa le mo go ba kaeleng kwa ba neng ba tshwanetse go ya gone le kwa ba neng ba sa tshwanela. (Ditiro 13:2, 4; 16:6, 7) O ne wa kaela ditshwetso tse di neng di dirwa ke baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema. (Ditiro 15:23, 28, 29) Gape moya o o boitshepo o ne o kaela go tlhongwa ga balebedi mo phuthegong ya Bokeresete.—Ditiro 20:28.

18. Bakeresete ba pele ba ne ba bontsha lorato jang?

18 Mo godimo ga moo, moya o o boitshepo o ne o bonala le mo Bakereseteng ka bobone, o dira gore ba nne le dinonofo tse di molemo, tse di jaaka lorato. (Bagalatia 5:22, 23) Lorato lo ne lo tlhotlheletsa barutwa gore ba abelane dilo. Ka sekai, morago ga Pentekosete ya 33 C.E., go ne ga tlhongwa letlole le le lengwe gore go tlamelwe barutwa kwa Jerusalema ka dilo tsa senama tse ba di tlhokang. Pego ya Baebele ya re: “Go ne go se na ope yo o tlhokang mo go bone; gonne botlhe ba ba neng ba na le masimo kgotsa matlo ba ne ba tle ba di rekise mme ba tlise madi a dilo tse di rekisitsweng mme ba a beye fa dinaong tsa baaposetoloi. Go tswa foo go abelwe mongwe le mongwe, go ya fela kafa a tlhokang ka gone.” (Ditiro 4:34, 35) Lorato lono ba ne ba sa lo bontshe badumedikabone fela, ba ne ba lo bontsha le batho ba bangwe, ka go ba abela dikgang tse di molemo le ka ditiro tse dingwe tsa bopelonomi. (Ditiro 28:8, 9) Jesu o ile a bolela gore lorato lwa go intsha setlhabelo lo ne lo tla tlhaola balatedi  ba gagwe. (Johane 13:34, 35) Ee ruri, nonofo e e botlhokwatlhokwa ya lorato e ne ya ngokela batho kwa Modimong mme ya dira gore go nne le kgolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga fela jaaka go ntse gompieno.—Mathaio 5:14, 16.

19. (a) Lefoko la ga Jehofa le ile la gola ka ditsela dife tse tharo mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Ka kakaretso, mafoko “moya o o boitshepo” a tlhaga ka makgetlo a le 41 mo bukeng ya Ditiro. Ga go pelaelo gore go gola ga Bokeresete jwa boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ne go amana thata le maatla a moya o o boitshepo le kaelo ya one. Palo ya barutwa e ile ya oketsega, lefoko la Modimo le ile la anama mme le ile la fenya madumedi le difilosofi tsa motlha oo. Go gola gono ga mo lekgolong la ntlha la dingwaga go tshwana le ga tiro ya Basupi ba ga Jehofa gompieno. Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka go gola go gogolo ga lefoko la Modimo mo motlheng wa rona.

A o A Gakologelwa?

• Barutwa ba pele ba ile ba oketsega jang ka palo?

• Lefoko la Modimo le ile la anama jang go ya ka palo ya mafatshe?

• Lefoko la Modimo le ile la fenya jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

• Moya o o boitshepo o ile wa nna le seabe sefe mo go goleng ga lefoko la Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Filipo o ile a rerela Moethiopia, a dira gore dikgang tse di molemo di aname go ya ka palo ya mafatshe

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Moya o o boitshepo o ne o kaela baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Upper right corner: Reproduction of the City of Jerusalem at the time of the Second Temple-located on the grounds of the Holyland Hotel, Jerusalem