Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Paulo o Rulaganyetsa Baitshepi Meneelo ya Namolo

Paulo o Rulaganyetsa Baitshepi Meneelo ya Namolo

 Paulo o Rulaganyetsa Baitshepi Meneelo ya Namolo

DILO tsa semoya di botlhokwa thata mo Bakereseteng ba boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go amega ka boitekanelo jwa mmele jwa ba bangwe le gone go botlhokwa mo go bone. Gantsi ba ile ba tlamela batho ba ba nang le mathata. Lorato lwa bokaulengwe lo tlhotlheletsa Bakeresete gore ba thuse badumedikabone ba ba tlhokang.—Johane 13:34, 35.

Go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya go ile ga tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a rulaganye go phuthiwa ga madi mo gare ga diphuthego tsa Akaia, Galatia, Makedonia le kwa kgaolong ya Asia. Ke eng se se ileng sa dira gore seno se tlhokege? Thulaganyo ya namolo e ile ya rulaganngwa jang? Batho ba ile ba arabela jang? Mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela se se ileng sa diragala?

Boemo Jwa Phuthego ya Jerusalema

Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., Bajuda le basokologi ba ba tswang go sele ba ba ileng ba nna barutwa ka Pentekosete ba ile ba nna kwa Jerusalema ka nakwana gore ba ithute mo go oketsegileng ka tumelo ya boammaaruri. Koo go tlhokegang teng, baobamedimmogo ba ile ba thusa ka boitumelo go rwala morwalo wa go nna ga bone lobaka lo loleele. (Ditiro 2:7-11, 41-44; 4:32-37) Dikhuduego tsa selegae di ka tswa di ile tsa dira gore go nne le tlhokego e kgolwane fa baneishenale ba Bajuda ba ne ba tlhotlheletsa botsuolodi le bothubaki jo bo neng bo dirwa ke segopa. Le fa go ntse jalo, go dira gore go se ka ga nna le molatedi ope wa ga Keresete yo o bolawang ke tlala, batlholagadi ba ba tlhokang ba ne ba ntshediwa meneelo letsatsi le letsatsi. (Ditiro 6:1-6) Herode o ne a bogisa phuthego setlhogo, mme mo bogareng jwa dingwaga tsa bo40 C.E., leuba le ile la tlhasela Judea. Mo balateding ba ga Jesu, dilo tseno tsotlhe di ka tswa di ile tsa nna se Paulo a ileng a re ke “dipogo,” ‘dipitlagano,’ le “go gapiwa ga dilo tsa [bone].”—Bahebera 10:32-34; Ditiro 11:27–12:1.

Mo e ka nnang ka 49 C.E., boemo bo ne bo sa ntse bo le maswe thata. Ka gone, fa Petere, Jakobe le Johane ba sena go dumalana gore Paulo a tlhome mogopolo wa gagwe mo go Baditšhaba mo tirong ya gagwe ya go rera, ba ne ba mo kgothaletsa gore a ‘nne a gopotse bahumanegi.’ Ke seo Paulo a ileng a leka go se dira.—Bagalatia 2:7-10.

Go Rulaganya go Phuthiwa ga Madi

Paulo o ne a okamela tiro ya go ntshetsa Bakeresete ba ba humanegileng kwa Judea meneelo. Mo e ka nnang ka 55 C.E., o ne a bolelela Bakorintha jaana: “Malebana le go phuthiwa ga madi mo go direlwang baitshepi, fela jaaka ke ne ka naya diphuthego tsa Galatia ditaelo, dirang ka tsela eo le lona. Letsatsi lengwe le lengwe la ntlha la beke a mongwe le mongwe wa lona kwa ntlong ya gagwe a beele sengwe kwa thoko mo bobolokelong go ya kafa a ka tswang a tlhogonolofala ka gone . . . [Ka gone] banna le fa e le bafe ba lo ba amogelang ka makwalo, bano ke tla ba roma  go isa mpho ya lona ya bopelonomi kwa Jerusalema.” (1 Bakorintha 16:1-3) Ngwaga morago ga foo Paulo o ne a bolela gore Makedonia le Akaia le tsone di ile tsa nna le seabe. Mme fa madi otlhe a a phuthilweng a romelwa kwa Jerusalema, go ne go bonala fa go nna gone ga baemedi ba ba tswang kwa kgaolong ya Asia go supa gore diphuthego tse di kwa kgaolong eo le tsone di ile tsa thusa.—Ditiro 20:4; 2 Bakorintha 8:1-4; 9:1, 2.

Ga go na ope yo o neng a patelediwa go ntsha se se fetang se a ka se kgonang. Go na le moo, e ne e le kgang ya go lekalekanya mo go setseng gore go tlose go tlhaelelwa ga baitshepi kwa Jerusalema le Judea. (2 Bakorintha 8:13-15) Paulo o ne a re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakorintha 9:7.

Moaposetoloi o ne a neela Bakorintha lebaka le le utlwalang la go nna pelotshweu. Jesu ‘o ne a humanega ka ntlha ya bone gore ba hume’ mo semoyeng. (2 Bakorintha 8:9) Kwantle ga pelaelo, ba ne ba tla batla go etsa moya wa gagwe wa go rata go aba. Mo godimo ga moo, e re ka Modimo a ne a ba humisa “ka ntlha ya go aba ka bopelotshweu ga mofuta mongwe le mongwe,” go ne go tshwanela gore ba thuse go abela baitshepi dilo tse ba di tlhokang.—2 Bakorintha 9:10-12.

Boikutlo Jwa Bao ba Nnileng le Seabe

Re ka ithuta mo gontsi ka go aba ka go rata fa re akanya ka boikutlo jwa bao ba nnileng le seabe mo thulaganyong ya namolo ya baitshepi mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Go phuthiwa ga madi go ile ga supa se se fetang go amega fela ka baobamedimmogo ba ga Jehofa ba ba humanegileng. Go ne go supa gore go ne go na le kamano ya bokaulengwe fa gare ga Bakeresete ba Bajuda le Baditšhaba. Go aba le go amogela meneelo go ne go supa gore go na le kutlwano le botsalano fa gare ga Baditšhaba le Bajuda bano. Go abelana ga bone e ne e le ga dilo tse di bonalang le ga semoya.—Baroma 15:26, 27.

E ka tswa e le gore kwa tshimologong, Paulo o ne a sa laletsa Bakeresete ba kwa Makedonia go nna le seabe—le bone ba ne ba le mo lehumeng le legolo. Le fa go ntse jalo, ‘ba ne ba nna ba kopa tshiamelo ya go aba.’ Ebu, tota le fa ba ne ba le mo “[tekong] e kgolo fa ba ne ba bogisega,” ba ne ba aba ka boipelo “go feta seo tota ba neng ba se kgona”! (2 Bakorintha 8:1-4) Go bonala fa teko ya bone e kgolo e ne e akaretsa ditatofatso tsa gore ba ne ba dirisa bodumedi jo bo seng kafa molaong mo bathong ba Baroma. Ka jalo go a utlwala go bo ba ile ba utlwela bakaulengwe ba bone ba kwa Judea botlhoko, ba le bone ba neng ba na le mathata a a tshwanang.—Ditiro 16:20, 21; 17:5-9; 1 Bathesalonika 2:14.

Le mororo Paulo a ile a dirisa tlhoafalo ya ntlha e Bakorintha ba neng ba na le yone ka go phuthiwa ga madi go kgothatsa Bamakedonia, matlhagatlhaga a Bakorintha a ne a fokotsegile. Mme jaanong moaposetoloi o ne a umaka bopelotshweu jwa Bamakedonia go tlhotlheletsa Bakorintha. O ne a bona go tlhokega gore a ba gakolole gore e ne e le nako ya gore ba wetse se ba ileng ba se simolola ngwaga pele ga foo. Go ne go diragetse eng?—2 Bakorintha 8:10, 11; 9:1-5.

Tito o ne a simolotse go phutha madi kwa Korintha, mme go ile ga nna le mathata a go bonalang a ile a kgoreletsa maiteko a gagwe. Fa Tito a sena go kopa thuso ya ga Paulo kwa Makedonia, o ne a boela morago le ba bangwe ba babedi go ya go nonotsha phuthego e e kwa Korintha le go fetsa tiro ya go phutha madi. Bangwe ba ka nna ba bo ba ile ba nna le kgopolo ya gore Paulo o ile a dirisa Bakorintha go bona madi. Gongwe ke ka lebaka leo a ileng a romela banna ba bararo gore ba ye go fetsa tiro ya go phutha madi mme a bo a buelela mongwe le mongwe wa bone. Paulo o ne a bolela jaana: “Re tila gore go nne le motho ope yo o re bonang molato ka ga katso eno ya bopelontle e e tshwanetseng go tsamaisiwa ke rona.  Gonne re ‘aba ka boikanyegi, e seng fela mo ponong ya ga Jehofa, mme le mo ponong ya batho.’”—2 Bakorintha 8:6, 18-23; 12:18.

Go Isiwa ga Meneelo

Ka dikgakologo tsa 56 C.E., madi a meneelo a ne a siame gore a ka isiwa kwa Jerusalema. Paulo o ne a tla tsamaya le baemedi ba ba neng ba tlhophilwe ke batho ba ba ntshitseng meneelo eo. Ditiro 20:4 e bolela jaana: “Ba ba neng ba mo patile e ne e le Sopatere morwa Piro wa Berea, Arisetareko le Sekundo wa Bathesalonika, le Gaio wa Derebe, le Timotheo, mme go tswa kgaolong ya Asia e ne e le Tikiko le Terofimo.” Ka mo go bonalang ka teng, Luke le ene o ne a le teng mo go bone, yo go ka diregang gore o ne a emela Bakeresete ba kwa Filipi. Ka gone, go ne ga tsamaya bobotlana banna ba ba ka nnang robongwe mo thomong eno.

Mokanoki Dieter Georgi o bolela jaana: “Madi otlhe a a phuthilweng a tshwanetse a bo a ne a le mantsi thata, fa go ka bo go se jalo, maiteko a bofelo a a dirilweng ke Paulo le baemedi ba bantsi jalo e ka bo e ne e le a lefela.” Setlhopha seno ga se a ka sa tlhotlhomisa pabalesego fela mme gape se ne se sireletsa Paulo gore a se ka a latofadiwa ka tsela epe gore ga a ikanyege. Batho ba ba neng ba romilwe ba ne ba emela diphuthego tsa Baditšhaba mo pele ga baitshepi kwa Jerusalema.

E re ka ba ne ba tla tsamaya ka sekepe go tswa kwa Korintha go ya kwa Siria, barongwa bano ba ne ba ka bo ba fitlhile kwa Jerusalema ka nako ya Tlolaganyo. Le fa go ntse jalo, tlhagiso ya gore go na le maano a go bolaya Paulo e ile ya dira gore go fetolwe dithulaganyo. (Ditiro 20:3) Gongwe baba ba gagwe ba ne ba ikaeletse go mmolaela kwa lewatleng.

Paulo o ne a amegile ka dilo tse dingwe. Pele ga a tsamaya, o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma gore ba mo rapelele gore ‘a tle a gololwe mo go ba ba sa dumeleng mo Judea le gore bodiredi jwa gagwe jwa Jerusalema bo nne jo bo amogelesegang mo baitsheping.’ (Baroma 15:30, 31) Le fa gone baitshepi ba ne ba tla amogela meneelo ka go leboga thata, Paulo o ka tswa a ne a amegile ka bothata jo go goroga ga gagwe go neng go tla bo baka fa gare ga Bajuda ka kakaretso.

Ga go na pelaelo gore moaposetoloi o ne a akantse ka bahumanegi. Le fa gone Dikwalo di sa bolele gore meneelo e ne ya isiwa leng, go isiwa ga yone go ile ga dira gore go nne le kutlwano e bile ga dira gore Bakeresete ba Baditšhaba ba leboge badumedikabone ba kwa Judea ka ntlha ya dikhumo tsa semoya tse ba di amogetseng mo go bone. Go bonala ga ga Paulo kwa tempeleng ka bonakonyana morago ga gore a goroge kwa Jerusalema go ile ga tsosa dikhuduego mme ga dira gore a tshwarwe. Mme seno se ile sa dira gore kgabagare a nne le ditshono tsa go neela balaodi le dikgosi bosupi.—Ditiro 9:15; 21:17-36; 23:11; 24:1–26:32.

Meneelo ya Rona Gompieno

Fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga, dilo di ile tsa fetoga thata—mme e seng melaometheo ya konokono. Ka tsela e e tshwanetseng, Bakeresete ba itsisiwe ka madi a a tlhokegang. Meneelo epe fela e ba e ntshetsang ba ba tlhokang e tshwanetse ya nna e e ntshiwang ka go rata, e e tlhotlhelediwang ke go rata Modimo le bengkabone.—Mareko 12:28-31.

Dithulaganyo tsa namolo tse di neng di direlwa baitshepi mo lekgolong la ntlha la dingwaga di bontsha gore go tsamaisiwa ga meneelo e e ntseng jalo go tshwanetse ga rulaganngwa sentle e bile go tshwanetse ga tshwarwa ka tsela e e ikanyegang. Gone mme, Jehofa Modimo o itse se se tlhokegang, mme o thusa batlhanka ba gagwe gore ba tle ba kgone go tswelela ba bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi go sa kgathalesege mathata. (Mathaio 6:25-34) Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka dira seabe sa rona, go sa kgathalesege gore maemo a rona a tsa madi a ntse jang. Ka tsela eo, ‘motho yo o nang le mo gontsi, a ka se ka a nna le mo gontsi thata, le motho yo o nang le mo gonnye a ka se ka a nna le mo gonnye thata.—2 Bakorintha 8:15.