Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi

Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi

Lo Eme lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng

Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi

“TLHALEFA morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) Boikuelo jono jo bo dirwang ka lorato bo senola gore dibopiwa tse di botlhale tsa Modimo di kgona go itumedisa pelo ya ga Jehofa ka gonne di ikanyega mo go ene. (Sefania 3:17) Le fa go ntse jalo, Satane yo e leng mokgobi o ikemiseditse go koafatsa bothokgami jwa batho ba ba direlang Jehofa.—Jobe 1:10, 11.

Satane o ile a galefela batho ba ga Jehofa thata segolobogolo fa e sa le a piriganyediwa mo lefatsheng go tswa kwa legodimong mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. (Tshenolo 12:10, 12) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba ‘ema ba feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng’ mme ba ile ba nna ba thokgame mo Modimong. (Bakolosa 4:12) Mma ka bokhutshwane re sekaseke sekai sengwe se se molemo sa go boloka bothokgami jalo—sa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Jeremane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II le pele ga yone.

Go Dira ka Tlhagafalo go Baka Diteko Tsa Bothokgami

Ka bo1920 le mo masimologong a bo1930, Bibelforscher, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa kwa Jeremane ka nako eo, ba ne ba anamisa dipalo tse dikgolo tsa dibuka tsa Baebele. Mo magareng a 1919 le 1933 ba ne ba tsamaisetsa lelapa lengwe le lengwe kwa Jeremane palogare ya dibuka, dibukana kana dimakasine di le robedi.

Ka nako eo Jeremane e ne e na le palo e kgolo go gaisa tsotlhe ya balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng. Tota e bile, mo bathong ba le 83 941 ba ba neng ba ja Sejo sa Morena sa Maitseboa lefatshe ka bophara, mo e batlang e le diperesente di le 30 tsa bone ba ne ba nna kwa Jeremane. Go ise go ye kae Basupi bano ba Jeremane ba ne ba lebana le diteko tse dikgolo tsa bothokgami. (Tshenolo 12:17; 14:12) Ka bonako fela ke fa go lelekwa mo ditirong, go phuruphudiwa ga matlo le go lelekwa mo dikolong go gakala go felela ka go itewa, go tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong. (Setshwantsho 1) Ka gone, mo dingwageng tsa pele fela ga Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira diperesente di le 5 go ya go tse 10 tsa batho ba ba tshwerweng mo dikampeng tsa pogisetso.

Lebaka La go Bo Banasi Ba ne Ba Bogisa Basupi

Mme gone, ke eng se se neng se dira gore puso ya Banasi e galefele Basupi ba ga Jehofa go le kalo? Ian Kershaw yo e leng porofesa ya hisitori o tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Hitler—1889-1936: Hubris, gore Basupi ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba gana go “ineela ka botlalo mo pusong ya Banasi.”

Buka ya Betrayal—German Churches and the Holocaust, e e kwadilweng ke porofesa wa hisitori Robert P. Ericksen le porofesa wa dithuto tsa Sejuda Susannah Heschel, e tlhalosa gore Basupi “ba ne ba gana go nna le seabe mo thubakanyong kana go tsenela bosole. . . . Basupi ba ne ba dumela gore ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dipolotiking e leng se se neng se bolela gore ba ka se ka ba boutela Hitler kana go dumedisana ka tsela ya ga Hitler.” Yone buka eno gape e bolela gore, seno se ne sa dira gore Banasi ba galefele Basupi le go ba baya mo kotsing ka gonne “Puso ya Boratanaga e ne e ka se utlwane le go gana ga bone.”

Dingongorego go Tswa Lefatsheng Lotlhe le Tlhaselo e e Bogale

Ka February 9, 1934, Joseph F. Rutherford yo o neng a eteletse tiro pele ka nako eo o ne a tsibogela bosetlhogo jwa Banasi ka go romelela Hitler lekwalo la dingongorego a le romela ka morongwa yo o kgethegileng. (Setshwantsho 2) Ka October 7, 1934, lekwalo la ga Rutherford le ne la salwa morago ke dithelekerama le makwalo a dingongorego a ka nna 20 000 a a neng a romelelwa Hitler ke Basupi ba ga Jehofa ba dinaga tse 50, go akaretsa le Jeremane.

Banasi ba ne ba tsibogela seo ka go oketsa pogiso ya bone. Ka April 1, 1935, Basupi ba ne ba ilediwa mo nageng eo yotlhe. Ka August 28, 1936, Ba-Gestapo ba ne ba bolotsa letsholo la go ba tlhasela setlhogo. Le fa go ntse jalo, Basupi “ba ne ba tswelela pele ba anamisa dipampitshana le go nna ba kgomaretse tumelo ya bone,” go rialo Betrayal—German Churches and the Holocaust.

Ka sekai, ka December 12, 1936, Basupi ba ka nna 3 500 ba ne ba anamisa dikhopi di le dikete di le masomesome tsa maikano a a gatisitsweng a a malebana le tsela e e setlhogo e ba neng ba tshwarwa ka yone ba di anamisa jalo Ba-Gestapo ba ntse ba le gone. Tora ya Tebelo e ne ya bega jaana malebana le letsholo leno: “E ne e le phenyo e kgolo le tsela e e botlhoko ya go tlhasela mmaba, e leng se se neng sa dira gore badiri bao ba ba ikanyegang ba ipele thata.”—Baroma 9:17.

Pogiso e a Palelwa!

Letsholo la Banasi la go senka Basupi ba ga Jehofa le ne la tswelela pele. Ka 1939 go ne go setse go tshwerwe ba le dikete tse thataro mme dikete tsa bone di rometswe kwa dikampeng tsa pogisetso. (Setshwantsho 3) Maemo a ne a ntse jang fa Ntwa ya Lefatshe II e fela? Basupi ba ka nna 2 000 ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba tlhokafetse, mme ba ba fetang 250 ba bone ba ne ba bolailwe. Le fa go ntse jalo, Porofesa Ericksen le Heschel ba ne ba kwala jaana: “Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgomarela tumelo ya bone mo nakong eo ya masetlapelo.” Seo se ne sa dira gore fa puso ya ga Hitler e ne e phutlhama, Basupi ba ba fetang sekete ba tswe mo dikampeng ba fentse.—Setshwantsho 4; Ditiro 5:38, 39; Baroma 8:35-37.

Ke eng se se neng sa nonotsha batho ba ga Jehofa gore ba itshokele pogiso? Mongwe wa ba ba tswang mo dikampeng tseo e bong Adolphe Arnold o tlhalositse jaana: “Tota le fa o kotlomane pelo, Jehofa o a go bona, o bona se se go diragalelang mme o tla go naya nonofo e o e tlhokang gore o fenye seemo seo mme o nne o ikanyega. Seatla sa gagwe ga se sekhutshwane.”

A bo mafoko a ga moporofeti Sefania a tshwanela Bakeresete bao ba ba ikanyegang thata jang ne! O ile a re: “Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago. Jaaka Yo o leng thata, o tla boloka. O tla itumela ka ntlha ya gago ka boipelo.” (Sefania 3:17) E kete baobamedi botlhe ba Modimo wa boammaaruri gompieno ba ka etsa tumelo ya Basupi bano ba ba ikanyegang ba ba neng ba boloka bothokgami fa ba bogisiwa ke Banasi mme le bone ba ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Bafilipi 1:12-14.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Państwowe Muzeum Oświȩcim-Brzezinka, courtesy of the USHMM Photo Archives