Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ammaaruri Morena o Tsositswe!”

“Ammaaruri Morena o Tsositswe!”

“Ammaaruri Morena o Tsositswe!”

Akanya fela gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlaletswe jang fa Morena wa bone a ne a bolawa. Go lebega tsholofelo ya bone e ne e sule fela jaaka mmele o Josefa wa Arimathea a neng a o latsa mo lebitleng o ne o sa tlhole o na le botshelo. Gape ba ne ba sa tlhole ba na le tebelelo epe ya gore Jesu o tla golola Bajuda mo bokgobeng jwa Baroma.

FA SEO e ne e ka bo e le bokhutlo jwa kgang, gongwe barutwa ba ga Jesu ba ka bo ba ile ba tsena ka lenga la seloko fela jaaka balatedi ba batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bomesia. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tshela! Go ya ka Dikwalo, o ne a bonala mo balateding ba gagwe ka makgetlo a le mmalwa ka bonako fela morago ga loso lwa gagwe. Ka jalo, bangwe ba bone ba ne ba tlhotlheletsega go bua jaana: “Ammaaruri Morena o tsositswe!”—Luke 24:34.

Barutwa ba ne ba tshwanetse go femela tumelo ya bone mo go Jesu ya gore ke Mesia. Go dira jalo, ba ne ba dirisa thata kgang ya go tsosiwa ga gagwe mo baswing e le bosupi jo bo nonofileng jwa gore ke Mesia. Eleruri, “ka maatla a magolo baaposetoloi ba ne ba tswelela ba neela bosupi kaga tsogo ya Morena Jesu.”—Ditiro 4:33.

Fa e le gore go ka bo go ile ga nna le mongwe yo o kgonneng go supa gore tsogo eno e ne e se boammaaruri—gongwe ka go dira gore mongwe wa barutwa a dumele gore e ne e se boammaaruri kana ka go bontsha gore mmele wa ga Jesu o ne o sa ntse o le mo lebitleng—Bokeresete bo ka bo bo ile jwa nyelela go tloga fela kwa tshimologong. Mme ga go a ka ga nna jalo. E re ka balatedi ba ga Jesu ba ne ba itse gore Keresete o a tshela, ba ne ba ya gongwe le gongwe ba bolela ka tsogo ya gagwe, mme matshwititshwiti a batho ba ne ba simolola go dumela mo go Keresete yo o tsositsweng.

Ke ka ntlha yang fa le wena o ka dumela mo tsogong ya ga Jesu? Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore kgang eno e ne e le tiragalo ya mmatota?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlhatlhoba Bosupi?

Dipego tsotlhe tse nnè tsa Efangele di bua ka tsogo ya ga Jesu. (Mathaio 28:1-10; Mareko 16:1-8; Luke 24:1-12; Johane 20:1-29) * Dikarolo tse dingwe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bua di sa belaele ka ga go tsosiwa ga ga Keresete mo losong.

Ga go gakgamatse go bo balatedi ba ga Jesu ba ile ba bolela ka tsogo ya gagwe! Fa e le gore tota Modimo o ne a mo tsosa, tseno ke dikgang tse di gakgamatsang thata tse lefatshe le kileng la di utlwa. Go raya gore Modimo o teng. Mo godimo ga moo, go bolela gore Jesu o a tshela gone jaanong.

Seno se re ama jang? Gone mme, Jesu o ne a rapela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ebu, re ka nna le kitso e e nayang botshelo e e kaga Jesu le Rraagwe. Ka go dirisa kitso eno, le fa re ka swa, le rona re ka tsosiwa, ka gonne Jesu le ene a ne a tsosiwa. (Johane 5:28, 29) Re ka nna le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo jo bo laolwang ke Morwawe yo o galaleditsweng, e bong Jesu Keresete, Kgosi ya dikgosi.—Isaia 9:6, 7; Luke 23:43; Tshenolo 17:14.

Ka jalo, he, kgang ya gore a totatota Jesu o ne a tsoga mo baswing kana nnyaa e botlhokwa thata. E ama botshelo jwa rona jaanong le ditebelelo tsa rona ka isagwe. Ke ka jalo re go laletsang gore o sekaseke dilo tse nnè tse e leng bosupi jo bo bontshang gore Jesu o ne a swa e bile o ne a tsosiwa.

Ruri Jesu O ne A Swela mo Koteng

Batho bangwe ba ba belaelang ba bolela gore le mororo Jesu a ne a bapolwa, tota ga a ka a swela mo koteng. Ba bolela gore o ne a le gaufi le go swa mme o ne a tsosiwa ke botsiditsana jwa lebitla. Le fa go ntse jalo, motswedi mongwe le mongwe wa tshedimosetso e e leng teng o supa gore e ne e le mmele o o sa tlholeng o tshela wa ga Jesu o o neng o laditswe mo lebitleng.

Ka ntlha ya gore Jesu o ne a bolawa phatlalatsa, go ne go na le basupi ba ba boneng gore tota o swetse mo koteng. Loso lwa gagwe lo ne lwa tlhomamisiwa ke molaodi wa sesole yo a neng a okametse go bolawa ga gagwe. Modiredimogolo yono wa sesole e ne e le mankge yo tiro ya gagwe e neng e akaretsa go tlhomamisa gore motho o sule. Mo godimo ga moo, e ne ya nna fela morago ga gore go tlhomamisiwe gore Jesu o sule fa Mmusi wa Moroma e bong Ponto Pilatwe a letlelela Josefa wa Arimathea go tsaya mmele wa ga Jesu go ya go o fitlha.—Mareko 15:39-46.

Lebitla le Fitlhetswe Le se Na Sepe

Lebitla le le se nang sepe le ne la naya barutwa bosupi jwa ntlha jwa gore Jesu o tsogile, mme bosupi jono ga bo ka ke jwa ganediwa. Jesu o ne a fitlhwa mo lebitleng le lesha, le le neng le ise le ko le dirisiwe. Le ne le le gaufi le lefelo le a neng a bapoletswe mo go lone, mme ka nako eo go ne go le motlhofo thata gore motho a ka bona fa le leng teng. (Johane 19:41, 42) Dipego tsotlhe tsa Efangele di dumela gore e ne ya re fa ditsala tsa ga Jesu di goroga kwa lebitleng mo mosong wa bobedi morago ga loso lwa gagwe, di ne tsa fitlhela mmele wa ga Jesu o seyo.—Mathaio 28:1-7; Mareko 16:1-7; Luke 24:1-3; Johane 20:1-10.

Kgang ya lebitla le le se nang sepe e ne e gakgamaditse baba ba ga Jesu, fela jaaka e ne e gakgamaditse ditsala tsa gagwe. Baba ba gagwe ba ne ba sa bolo go lwela go mmona a sule e bile a fitlhilwe. Fa ba bona gore ba fitlheletse mokgele wa bone, ba ne ba dira le matsapa a go tlhoma molebeledi le go tswala lebitla. Le fa go ntse jalo, mo mosong wa letsatsi la ntlha la beke, lebitla le ne le se na sepe.

A ditsala tsa ga Jesu di ne tsa ntsha mmele wa gagwe mo lebitleng? Ga go lebege jalo, ka gonne Diefangele di bontsha gore ba ne ba hutsafetse thata morago ga gore a bolawe. Mo godimo ga moo, barutwa ba gagwe ba ne ba se kitla ba itetla go boga le go bolawa ka ntlha ya selo se ba neng ba itse gore ga se boammaaruri.

Ke mang yo a neng a ntsha mmele mo lebitleng? Ga go bonale e le baba ba ga Jesu ba ba neng ba ka tswa ba tsere mmele wa gagwe. Le fa ba ne ba ka tswa ba o tsere, ga go pelaelo gore moragonyana ba ne ba tla o bontsha batho go ganetsa dipolelo tsa barutwa tsa gore Jesu o tsositswe e bile o a tshela. Le fa go ntse jalo, ga go a ka ga direga sepe sa dilo tseno, ka gonne Modimo e ne e le ene yo o tsereng kgato.

Dibeke moragonyana, baba ba ga Jesu ga ba a ka ba tsosa kgang fa Petere a ne a bua jaana: “Banna ba Iseraele, utlwang mafoko ano: Jesu Monasaretha, monna yo Modimo a neng a lo mmontsha phatlalatsa ka ditiro tse di maatla le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo a neng a di dira ka ene mo gare ga lona, fela jaaka lona ka bolona lo itse, monna yono, jaaka yo o neng a neelwa ka boikaelelo jo go sweditsweng ka jone le go itsetse pele ga Modimo, lo ne lwa mo kokotela mo koteng ka seatla sa batho ba ba se nang molao mme lwa mmolaya. Mme Modimo o ne a mo tsosa mo losong ka go bofolola ditlhabi tsa loso, ka gonne go ne go sa kgonege gore a tswelele a ngangatletswe ke lone. Gonne Dafide o bua jaana mabapi le ene, ‘Jehofa o ne a le fa pele ga matlho a me ka metlha . . . Mo godimo ga moo, le eleng nama ya me e tla aga ka tsholofelo; ka gonne ga o na go tlogela moya wa me mo Hadese, le gone ga o na go letlelela motho wa gago yo o ikanyegang a bola.’”—Ditiro 2:22-27.

Ba le Bantsi Ba ne Ba Bona Jesu yo o Tsositsweng

Mo bukeng ya Ditiro, mokwadi wa Efangele e bong Luke o ne a bolela jaana: “[Jesu] o ne a ipontsha le mo [baaposetoloing] ka ditshupo di le dintsi tse di tlhomameng gore o a tshela fa a sena go boga, ba mmona malatsi otlhe a le masome a manè e bile a bolela dilo tse di ka ga bogosi jwa Modimo.” (Ditiro 1:2, 3) Barutwa ba le bantsinyana ba ne ba bona Jesu yo o tsositsweng ka makgetlo a a farologaneng—kwa tshimong, mo tseleng, ka nako ya dijo, kwa Lewatleng la Tiberia.—Mathaio 28:8-10; Luke 24:13-43; Johane 21:1-23.

Batshwayadiphoso ba belaela boammaaruri jwa go bonala gono ga ga Jesu. Ba bolela gore bakwadi ba ne ba itlhamela dipego tseno kana ba umaka dilo dingwe tse go lebegang di sa tshwane mo dipegong tseno. Tota e bile, dilo tseno tse dinnye tse di sa tshwaneng mo dipegong tseno tsa Efangele di supa gore bakwadi ga ba a ka ba dira tumalano nngwe ya sephiri. Kitso ya rona ka ga Jesu e a gola fa mokwadi yo mongwe a umaka dintlha tse dingwe tse di sa kwalwang mo dipegong tse dingwe tse di ka ga dilo tse di neng tsa direga mo botshelong jwa ga Keresete fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng.

A go bonala ga ga Jesu morago ga tsogo ya gagwe e ne e le ponatshegelo fela? Kgang epe fela e e tshwanang le eno ga e ka ke ya dumelwa, ka gonne o ne a bonwa ke batho ba le bantsi thata. Gareng ga bone go ne go na le batshwaraditlhapi, basadi, modirelapuso mongwe, le e leng moaposetoloi yo a neng a belaela e bong Thomase, yo a neng a dumela fela fa a sena go bona bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa gore Jesu o tsositswe mo baswing. (Johane 20:24-29) Ka makgetlo a le mmalwa, barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa kgone go lemoga Morena wa bone yo o tsositsweng la ntlha fa ba mmona. Ka nako nngwe, o ne a bonwa ke batho ba ba fetang 500, ba bontsi jwa bone ba neng ba sa ntse ba tshela fa moaposetoloi Paulo a ne a dirisa tiragalo eno jaaka bosupi fa a ne a buelela kgang ya tsogo.—1 Bakorintha 15:6.

Jesu yo o Tshelang o Ama Batho

Tsogo ya ga Jesu ga se kgang fela e re batlang go itse ka yone kana go ganetsana ka yone. Lebaka la go bo a tshela le amile batho gongwe le gongwe ka tsela e e siameng. Fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga, batho ba le bantsintsi ba ile ba fetola boikutlo jwa bone jwa go se kgatlhegele Bokeresete kana go bo ganetsa ka mo go feletseng mme ba simolola go dumela ba sa belaele gore ke bodumedi jwa boammaaruri. Ke eng se se dirileng gore ba fetoge? Go ithuta Dikwalo go ba bontshitse gore Modimo o ne a tsosetsa Jesu mo botshelong e le sebopiwa se se galalelang sa semoya kwa legodimong. (Bafilipi 2:8-11) Ba ile ba bontsha tumelo mo go Jesu le mo thulaganyong ya ga Jehofa Modimo ya go boloka batho ka setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. (Baroma 5:8) Batho bano ba bone boitumelo jwa mmatota ka go dira thato ya Modimo le ka go tshela tumalanong le dilo tse Jesu a di rutileng.

Akanya fela gore go ne go ntse jang go nna Mokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga. E ne e se kgang ya go tuma, go nna le maatla kgotsa dikhumo. Go na le moo, Bakeresete ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba ‘itshokela ka boipelo go gapiwa ga dilo tsa bone’ ka ntlha ya tumelo ya bone. (Bahebera 10:34) Bokeresete bo ne bo tlhoka gore motho a tshele botshelo jwa go intsha setlhabelo le jwa go bogisiwa jo ka makgetlho a le mantsi bo neng bo felela ka gore motho a swele tumelo.

Batho bangwe pele ga e nna balatedi ba ga Keresete ba ne ba na le ditebelelo tse di molemo tsa go tuma le go nna le dikhumo. Saulo wa kwa Tareso o ne a rutiwa ke Gamaliele yo o neng a itsege e le morutisi wa Molao mme o ne a simolola go ikgodisa mo matlhong a Bajuda. (Ditiro 9:1, 2; 22:3; Bagalatia 1:14) Le fa go ntse jalo, Saulo o ne a nna moaposetoloi Paulo. Ene mmogo le ba bangwe ba le bantsi ba ne ba tlogela botshelo jwa maemo le jwa go nna le taolo jo lefatshe leno le neng le ba naya jone. Ka ntlha yang? Gore ba anamise molaetsa wa tsholofelo ya boammaaruri e e theilweng mo ditsholofetsong tsa Modimo le mo lebakeng la gore Jesu Keresete o tsositswe mo baswing. (Bakolosa 1:28) Ba ne ba iketleeleditse go boga ka ntlha ya se ba neng ba itse gore se theilwe mo boammaaruring.

Go ntse fela jalo le ka batho bangwe ba le dimilione gompieno. O ka ba bona kwa diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Basupi ba go laletsa ka lorato kwa moketeng wa ngwaga le ngwaga wa loso lwa ga Keresete, o o tlileng go tshwarwa fa letsatsi le sena go phirima ka Sontaga, April 8, 2001. Ba tla itumelela go nna le wena kwa tiragalong eno le kwa dipokanong tsotlhe tsa bone tsa thuto ya Baebele tse di tshwarelwang kwa Diholong tsa bone Tsa Bogosi.

Ke eng o sa ithute mo go oketsegileng, e seng fela ka loso le tsogo ya ga Jesu mme gape le ka botshelo le dithuto tsa gagwe? O re laletsa gore re tle kwa go ene. (Mathaio 11:28-30) Tsaya kgato jaanong gore o bone kitso e e tlhomameng kaga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Go dira jalo go ka bolela botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing jwa Modimo jo bo laolwang ke Morwawe yo o rategang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona bosupi jo bo bontshang boammaaruri jwa dipego tseno tsa Efangele, bona “Diefangele—A ke Hisitori Kana Ditlhamane?” mo go Tora ya Tebelo ya May 15, 2000.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Dimilione tsa batho di bona boitumelo jwa boammaaruri ka gonne e le balatedi ba ga Jesu Keresete

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

From the Self-Pronouncing Edition of the Holy Bible, containing the King James and the Revised versions