Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Nna o le Phepa mo Boitsholong

O ka Nna o le Phepa mo Boitsholong

 O ka Nna o le Phepa mo Boitsholong

“Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaolo tsa one.”—1 JOHANE 5:3.

1. Go na le pharologanyo efe mo maitsholong a batho gompieno?

BOGOLOGOLO moporofeti Malaki o ne a tlhotlhelediwa go bolelela pele nako ya fa boitsholo jwa batho ba Modimo bo tla bo bo farologane thata le jwa batho ba ba sa direleng Modimo. Moporofeti yono o ile a kwala jaana: “Ruri lo tla bona gape pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” (Malaki 3:18, NW) Boporofeti joo bo a diragadiwa gompieno. Go boloka ditaelo tsa Modimo, go akaretsa le tse di re batlang gore re nne le boitsholo jo bo phepa, ke selo se se botlhale le se se molemo mo botshelong. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng motlhofo. Ke gone ka moo Jesu a ileng a re Bakeresete ba tshwanetse go iteka ka tlhagafalo gore ba bolokwe.—Luke 13:23, 24.

2. Ke dikgatelelo dife tse di tswang mo bathong ba bangwe tse di dirang gore go nne thata gore batho bangwe ba nne ba le phepa mo boitsholong?

2 Ke eng fa go se motlhofo go nna re le phepa mo boitsholong? Lebaka le lengwe ke ka gonne go na le dikgatelelo tse di tswang mo bathong ba bangwe. Kgwebo ya boitlosobodutu e galaletsa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo gore bo lebege bo kgatlha, bo le monate e bile bo tlotlega, fa kafa letlhakoreng le lengwe e itlhokomolosa gotlhelele matswela a teng a a sa itumediseng. (Baefeso 4:17-19) Bontsi jwa ditiro tsa tlhakanelodikobo tse di bontshiwang di dirwa ke batho ba ba sa nyalanang. Gantsi dibaesekopo le dithulaganyo tsa thelebishene di bontsha tlhakanelodikobo e dirwa ke batho fela ba ba sa ineelang mongwe mo go yo mongwe. Gantsi batho bano ba a bo ba sa ratane e bile ba sa tlotlane. Batho ba le bantsi  ba sa le ba lebelela dilo tse di ntseng jalo go tswa bongwaneng. Mo godimo ga moo, go na le kgatelelo e kgolo ya balekane e e pateletsang motho go inaakanya le botshelo jwa boitsholo jo bo repileng mme batho ba ba sa itshwareng jalo gantsi ba jewa ditshego kana ba a ilwa.—1 Petere 4:4.

3. Mangwe a mabaka a a dirang gore batho ba bantsi mo lefatsheng ba inaakanye le boitsholo jo bo maswe ke afe?

3 Kgatelelo e e bakwang ke maikutlo le yone e dira gore go nne thata gore motho a nne a le phepa mo boitsholong. Jehofa o bopile motho a na le keletso ya tlhakanelodikobo, mme keletso eno e ka nna maatla thata. Keletso e amana thata le se re se akanyang, mme boitsholo jo bo maswe bo amana le go akanya dilo tse di sa dumalaneng le megopolo ya ga Jehofa. (Jakobe 1:14, 15) Ka sekai, go ya ka patlisiso ya bosheng jaana e e gatisitsweng mo go British Medical Journal, bontsi jwa batho ba ba ileng ba tlhakanela dikobo e le la ntlha, ba go dirile fela ka gonne ba batla go utlwa gore go ntse jang. Ba bangwe ba ne ba dumela gore bontsi jwa balekane ba bone ba ne ba tlhakanela dikobo, ka jalo le bone ba ne ba batla go simolola go tlhakanela dikobo. Ba bangwe bone ba re ba ile ba tseega maikutlo kana ba ne ba “tagilwe ka nako eo.” Fa e le gore re batla go itumedisa Modimo, re tshwanetse go leba dilo ka tsela e sele. Ke tsela efe ya go akanya e e ka re thusang go nna re le phepa mo boitsholong?

Nonotsha Tumelo ya Gago

4. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne re le phepa mo boitsholong?

4 Fa re batla go nna re le phepa mo boitsholong, re tshwanetse go lemoga gore go a thusa go tshela ka tsela e e ntseng jalo. Seno se dumalana le se moaposetoloi Paulo a ileng a se kwalela Bakeresete ba kwa Roma: “Lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Go lemoga gore go nna phepa mo boitsholong go a thusa ga go akaretse go itse fela gore Lefoko la Modimo le kgatlhanong le boitsholo jo bo maswe. Go akaretsa go tlhaloganya mabaka a go bo boitsholo jo bo maswe bo ilediwa le gore ke melemo efe e re e bonang fa re bo tila. Mangwe a mabaka ano a ile a sekasekwa mo setlhogong se se fetileng.

5. Ke lebaka lefe le legolo le le dirang gore Bakeresete ba batle go nna ba le phepa mo boitsholong?

5 Mme gone, mabaka a konokono a a dirang gore Bakeresete ba tile boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo a amana le botsala jo re nang le jone le Modimo. Re utlwile gore o itse dilo tse di re siametseng. Tsela e re mo ratang ka yone e tla re thusa go ila se se bosula. (Pesalema 97:10) Modimo ke Moabi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) O a re rata. Fa re mo ikobela, re bontsha gore re a mo rata e bile re anaanela dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone. (1 Johane 5:3) Le ka motlha ga re batle go swabisa Jehofa le go mo utlwisa botlhoko ka go se ikobele ditaelo tsa gagwe tse di siameng. (Pesalema 78:41) Ga re batle go itshwara ka mokgwa o o tla dirang gore kobamelo ya gagwe e e itshekileng le e e siameng e kgobiwe. (Tito 2:5; 2 Petere 2:2) Fa re nna re le phepa mo boitsholong, re itumedisa Molaodimogolo wa rona.—Diane 27:11.

6. Go itsise ba bangwe maemo a rona a boitsholo go ka re thusa jang?

6 Fa re setse re sweditse gore re tla nna re le phepa mo boitsholong, selo se sengwe gape se se ka re sireletsang  ke go itsise ba bangwe ka tshwetso ya rona. Dira gore batho ba bangwe ba itse gore o motlhanka wa ga Jehofa Modimo le gore o ikemiseditse go ikobela melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo. Ke botshelo jwa gago, ke mmele wa gago, ke tshwetso ya gago. Seno se ama eng? Se ama botsala jwa gago jo bo botlhokwatlhokwa le Rraago wa selegodimo. Ka jalo, dira gore go itsege gore o nitame mo boitsholong jwa gago jwa boikanyegi. Nna motlotlo go emela Modimo ka go ikobela melaometheo ya gagwe. (Pesalema 64:10) Le ka motlha o se tlhabisiwe ditlhong ke go bolelela ba bangwe tshwetso ya gago malebana le boitsholo. Go ba bolelela go ka go nonotsha, ga go sireletsa ga ba ga rotloetsa ba bangwe gore ba etse sekao sa gago.—1 Timotheo 4:12.

7. Ke eng se se ka re thusang go nna re kgomaretse tshwetso ya go nna re le phepa mo boitsholong?

7 Fa re setse re sweditse gore re tla ipoloka re le phepa mo boitshwarong e bile re dirile gore batho ba itse ka gone, re tshwanetse go tsaya dikgato tse di tla re thusang go kgomarela tshwetso eo. Tsela e nngwe e re ka dirang seno ka yone ke go nna kelotlhoko fa re tlhopha ditsala. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” Itsalanye le batho ba ba tlotlang melao ya boitsholo jaaka wena; ba tla go nonotsha. Gape lone lokwalo lono lwa re: “Mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20, NW) Leka ka bojotlhe go tila batho ba ba ka go kgobang marapo mo tshwetsong ya gago.—1 Bakorintha 15:33.

8. (a) Ke eng fa re tshwanetse go fepa megopolo ya rona ka dilo tse di molemo? (b) Re tshwanetse go tila eng?

8 Mo godimo ga moo, re tshwanetse go fepa megopolo ya rona ka dilo tse di boammaaruri, tse di masisi, tse di siameng, tse di boitsheko, tse di rategang, tse di buiwang molemo le tse di tshwanelwang ke pako. (Bafilipi 4:8) Re dira seno ka go tlhopha dilo tse re di lebelelang, tse re di balang le mmino o re o reetsang. Fa motho a re dibuka tsa boitsholo jo bo maswe ga di na tlhotlheletso e e sa siamang go tshwana fela le fa a re dibuka tsa boitsholo jo bo molemo ga di na tlhotlheletso e e siameng. Se lebale, go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba iphitlhele ba dirile boitsholo jo bo maswe. Ka jalo, dibuka, dimakasine, difilimi le mmino o o rotloetsang maikutlo a tlhakanelodikobo, di ka re dira gore re nne le keletso e e sa siamang mme seno kgabagare se ka dira gore re leofe. Fa re batla go nna re le phepa mo boitsholong, re tshwanetse go tlatsa megopolo ya rona ka botlhale jwa bomodimo.—Jakobe 3:17.

Dikgato Tse di Gogelang Kwa Boitsholong jo bo Maswe

9-11. Go ya kafa Solomone a tlhalositseng ka teng, ke dikgato dife tse di ileng tsa gogela lekawana lengwe kwa boitsholong jo bo maswe kgato ka kgato?

9 Gantsi go nna le dikgato tse di bonalang sentle tse di gogelang kwa boitsholong jo bo maswe. Nngwe le nngwe ya dikgato tseno e dira gore motho a ketefalelwe pele ke go boela morago. Ela tlhoko kafa seno se tlhalosiwang ka teng mo go Diane 7:6-23, NW. Solomone o bona “lekau le le seng botlhale” kana le le se nang maikaelelo a mantle. Lekawana leno le feta “ka mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yoo [wa seaka], le le gwantang mo tseleng le ya kwa ntlong ya gagwe, ka lotlatlana, maitseboa.” Phoso ya ntlha e a e dirang ke yone eo. Ka lotlatlana “pelo” ya gagwe e mo gogela e seng kwa mmileng mongwe le mongwe fela, go na le moo, kwa mmileng o a itseng gore a ka bona seaka kwa go one.

10 Go tswa foo re bala jaana: “Bona! go ne go na le mosadi a tlile go mo kgatlhantsha, a apere seaparo sa seaka e bile a le pelo e e boferefere.” Jaanong o a mmona! O ne a ka nna a retologa a boela gae, le fa go ntse jalo, seo se thata go feta pele, segolobogolo ka a le bokoa mo boitsholong. Mosadi yono o a mo tshwara, a bo a mo atla. Fa lekawana le sena go dumela gore a mo atle, jaanong le reetsa mafoko a gagwe a a hepisang: “Ke neilwe ditlhabelo tsa kabalano e le tiro,” a rialo. “Gompieno ke duetse maikano a me.” Ditlhabelo tsa kabalano di ne di akaretsa nama, boupi, lookwane le beine. (Lefitiko 19:5, 6; 22:21; Dipalo 15:8-10) Fa mosadi yono a di umaka a ka tswa a kaya fela gore o itse dilo tsa semoya, e bile gape, a ka tswa a ne a mo itsise gore go na le dilo tse dintsi tse di monate tse ba neng ba tlile go di ja le go di nwa kwa ntlong ya gagwe. O mo kopa jaana: “Tla, mme re nwe lorato ka botlalo go fitlha mo mosong; tla re ipelelane ka ditiro tse di bontshang lorato.”

11 Ga go thata go itse gore seno se ne sa felela ka eng. “O mo faposa ka borethe jwa dipounama tsa gagwe.” O mo sala morago go ya kwa ntlong ya gagwe “jaaka poo e e tlang go tlhabiwa” le “jaaka nonyane e potlakela kwa seraing.” Solomone o konela ka mafoko ano a a masisi: “Ga a ise a itse gore go ama moya wa gagwe.” Seno se ama moya kana, botshelo jwa gagwe ka gonne “Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) A thuto e e maatla jang ne mo banneng le mo basading! Re tshwanetse go tila go tsaya le e leng dikgato tsa ntlha  fela tse di tla dirang gore Modimo a se ka a tlhola a re amogela.

12. (a) Mafoko a a reng ‘yo o seng botlhale,’ a kaya eng? (b) Re ka nonotsha boitsholo jwa rona jang?

12 Ela tlhoko gore lekawana le go buiwang ka lone mo pegong eno le ne ‘le se botlhale.’ Mafoko ano a re lemotsha gore dikakanyo tsa gagwe, dikeletso, dilo tse a di ratang, maikutlo le mekgele ya gagwe mo botshelong e ne e sa dumalane le se Modimo a se batlang. Go sa nitamang ga gagwe mo boitsholong go ne ga felela ka matlhotlhapelo. Mo ‘malatsing ano a bofelo,’ go tlhoka motho boiteko gore a nitame mo boitsholong. (2 Timotheo 3:1) Go na le dilo tse Modimo a re tlamelang ka tsone go re thusa. O re rulaganyetsa dipokano tsa phuthego ya Bokeresete gore di re kgothatse fa re ntse re le mo tseleng e e siameng le gore re kopane le batho ba bangwe ba le bone ba nang le mekgele e e tshwanang le ya rona. (Bahebera 10:24, 25) Go na le bagolwane ba phuthego ba ba re etelelang pele e bile ba re ruta ditsela tsa tshiamo. (Baefeso 4:11, 12) Re na le Lefoko la Modimo Baebele, le le re gogang le go re kaela. (2 Timotheo 3:16) Mme ka dinako tsotlhe re na le tshono ya go rapelela moya wa Modimo gore o re thuse.—Mathaio 26:41.

Go Ithuta mo Boleong Jwa ga Dafide

13, 14. Go ne ga tla jang gore Kgosi Dafide a dire boleo jo bo masisi?

13 Ka maswabi, tota le batlhanka ba Modimo ba ba molemo ba ile ba inaakanya le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Mongwe wa bone ke Kgosi Dafide, yo o neng a diretse Jehofa ka boikanyegi ka dingwagangwaga. Ga go pelaelo gore o ne a rata Modimo thata. Le fa go ntse jalo, o ile a itsenya mo boleong. Fela jaaka lekawana le Solomone a le tlhalositseng, go ne ga nna le dikgato tse di neng tsa gogela Dafide kwa boleong mme go tswa foo a bo a raraanya dilo.

14 Ka nako eo Dafide o ne a le mo dingwageng tsa magareng, gongwe a le mo masimologong a dingwaga tsa bo50. E ne ya re a le mo borulelong jwa ntlo ya gagwe, a bona Bathesheba yo montle a tlhapa. O ne a botsa ka ga gagwe mme a bolelelwa gore ke mang. O ile a fitlhela gore monna wa gagwe, e bong Uria, o ne a ile ntweng ya go gapa Raba motse wa Baamona. Dafide o ne a laela gore mosadi a tlisiwe kwa ntlong ya gagwe ya segosi mme a lala le ene. Moragonyana dilo di ne tsa raraana—mosadi yono o ne a lemoga gore o imisitswe ke Dafide. Dafide o ne a laela gore Uria a boe kwa ntweng a solofetse gore o tla fitlha a robala le mosadi wa gagwe. Seo se ne se tla dira gore go lebege e kete Uria ke rraagwe ngwana yono wa ga Bathesheba. Mme gone, Uria o ile a se ka a ya kwa legaeng la gagwe. E re ka Dafide a ne a gakaletse go bipa boleo jono jwa gagwe, o ne a dira gore Uria a boele kwa Raba a tshotse lekwalo le le yang kwa mookameding wa masole le le laelang gore a beye Uria mo lefelong le a tla bolawang mo go lone. Ka gone Uria o ne a bolawa mme Dafide a nyala motlholagadi yono pele ga go itsege gore o imile.—2 Samuele 11:1-27.

15. (a) Boleo jwa ga Dafide bo ne jwa senoga jang? (b) Dafide o ile a itshwara jang fa Nathane a ne a mo kgalema ka botswerere?

15 Go ne go bonala leano la ga Dafide la go bipa boleo jwa gagwe le atlegile. Dikgwedi di ne tsa feta. Ngwana o ne a tsholwa—ngwana wa mosimane. Fa e le gore Dafide o ne a gopotse tiragalo eno fa a ne a tlhama Pesalema 32, he ga go pelaelo gore segakolodi sa gagwe se ne sa mo tlhorontsha. (Pesalema 32:3-5) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a kgona go bona boleo jono. Baebele ya re: “Selo se Dafite o se dirileng sa itumolola Jehofa.” (2 Samuele 11:27) Jehofa o ne a romela moporofeti Nathane, yo ka botswerere a neng a bua le Dafide ka boleo jo a bo dirileng. Ka yone nako eo Dafide o ile a ipobola boleo jwa gagwe mme a kopa gore Jehofa a mo itshwarele. Tsela e a neng a ikwatlhaya ka pelo yotlhe ka yone e ne ya dira gore a letlane le Modimo. (2 Samuele 12:1-13) Dafide o ile a se ka a gana go kgalemelwa. Go na le moo, o ile a bontsha boikutlo jono jo bo tlhalosiwang mo go Pesalema 141:5NW: “Fa mosiami a ka ntitaya, e tla bo e le bopelonomi jwa lorato; mme fa a ka nkgalemela, e tla bo e le leokwane mo tlhogong, le tlhogo ya me e ka se kang ya batla go le gana.”

16. Solomone o ile a re neela tlhagiso le kgakololo efe malebana le go dira boleo?

16 Solomone, yo e neng e le morwa wa bobedi wa ga Dafide le Bathesheba a ka tswa a ile a akanya thata ka tiragalo eno e e sa itumediseng ya botshelo jwa ga rraagwe. Moragonyana o ile a kwala jaana: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a ketla a tlhogonolofala, mme yo o di ipolelang a ba a di bakela, o tlaa bona boutlwelobotlhoko.” (Diane 28:13) Fa re ka iphitlhela re dirile boleo jo bo masisi, re tshwanetse go sekegela tsebe kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng, e e re tlhagisang e bile e re naya kgakololo.  Re tshwanetse go ipolela boleo joo mo go Jehofa mme re itsise bagolwane ba phuthego gore ba re thuse. Maikarabelo a botlhokwa a bagolwane ke go lolamisa batho ba ba dirileng boleo.—Jakobe 5:14, 15.

Go Itshokela Matswela a Boleo

17. Le fa Jehofa a re itshwarela maleo, ke eng se a letlang gore re lebane le sone?

17 Jehofa o ne a itshwarela Dafide. Ka ntlha yang? Ka gonne Dafide e ne e le monna yo o ikanyegang, ka gonne o ne a le kutlwelobotlhoko mo bathong ba bangwe, le ka gonne a ne a ikwatlhaya ka pelo yotlhe. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a nna a lebana le matswela a a botlhoko a ditiro tsa gagwe. (2 Samuele 12:9-14) Go ntse fela jalo le gompieno. Le fa Jehofa a sa leretse batho ba ba ikwatlhayang bosula bope, o sa ntse a letla gore ba lebane le matswela a ditiro tsa bone tse di phoso. (Bagalatia 6:7) Mangwe a matswela a boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo e ka nna tlhalo, go ima motho a sa ikaelela, malwetse a tlhakanelodikobo, le gore o se tlhole o tshepiwa le go tlotlwa.

18. (a) Paulo o ile a laela phuthego ya Korintha go rarabolola jang kgang ya motho yo o neng a na le boitsholo jo bo maswe thata jwa tlhakanelodikobo? (b) Jehofa o bontsha baleofi lorato le kutlwelobotlhoko jang?

18 Fa rona ka namana re dirile boleo bongwe jo bo masisi, go motlhofo gore re sulafale pelo fa re lebana le matswela a diphoso tsa rona. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go letla sepe se re thibela go ikwatlhaya le go boelana le Modimo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Paulo o ne a kwalela Bakorintha gore ba tlose mo phuthegong monna yo o neng a na le tlwaelo ya go gokafala le mongwe wa losika lwa gagwe. (1 Bakorintha 5:1, 13) Paulo o ile a laela phuthego jaana fa monna yono a se na go ikwatlhaya ka pelo yotlhe: ‘Mo itshwareleng ka bopelonomi lo bo lo mo gomotse, le go mo tlhomamisetsa lorato lwa lona.’ (2 Bakorintha 2:5-8) Kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng e re bontsha kafa Jehofa a dirisanang le baleofi ba ba ikwatlhayang ka lorato le kutlwelobotlhoko ka teng. Baengele kwa legodimong ba a itumela fa moleofi a ikwatlhaya.—Luke 15:10.

19. Re ka bona melemo efe fa boleo jwa rona bo re utlwisa botlhoko ka tsela e e tshwanetseng?

19 Le fa re utlwisiwa botlhoko ke boleo jo re bo dirileng, tsela e re ikwatlhayang ka yone e ka re thusa go ‘nna re itisitse gore re se ka ra retologela gape kwa go se se utlwisang botlhoko.’ (Jobe 36:21, NW) Ee ruri, matswela a a sa itumediseng a boleo a tshwanetse go re thiba gore re se ka ra boeletsa phoso eo. Mo godimo ga moo, Dafide o ne a dirisa boitemogelo jo bo sa itumediseng jo boleo jwa gagwe bo mo rutileng jone go gakolola ba bangwe. O ile a re: “Ke tlaa ruta batlodi ditsela tsa gago; le baleofi ba tlaa sokologela kwa go wena.”—Pesalema 51:13.

Go Direla Jehofa go Dira Gore re Itumele

20. Re bona melemo efe fa re ikobela melao e e siameng ya Modimo?

20 Jesu o ile a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!” (Luke 11:28) Go ikobela melao e e siameng ya Modimo go dira gore re itumele gone jaanong le mo isagweng e e sa khutleng. Fa e le gore re ntse re ipolokile re le phepa mo boitsholong, a re tsweleleng pele re itshwere jalo ka go sola molemo dithulaganyo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone go re thusa. Fa e le gore re ile ra wela mo boitsholong jo bo sa siamang, a re namediweng pelo ke go itse gore Jehofa o iketleeleditse go itshwarela  batho ba ba ikwatlhayang ka pelo yotlhe, mme re ititeye sehuba gore ga re ne re tlhola re boeletsa boleo joo gape.—Isaia 55:7.

21. Re ka nna re le phepa mo boitsholong fa re ka latela kgakololo efe ya ga moaposetoloi Petere?

21 Lefatshe leno le le sa siamang le mekgwa le ditlwaelo tsa lone tse di bosula le tla tloga le nyelediwa. Fa re nna re le phepa mo boitsholong, re tla solegelwa molemo gone jaanong le ka bosakhutleng. Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana: “Baratwa, e re ka lo letetse dilo tseno, dirang bojotlhe jwa lona gore kwa bofelong a lo fitlhele lo se na selabe e bile lo se na setshubaba e bile lo le mo kagisong. . . . Ka lo na le kitso eno go sa le gale, nnang lo itisitse gore lo se ka lwa ya le bone ka phapogo ya batho ba ba tlhokomologang molao mme lwa wa mo go nitameng ga lona.”—2 Petere 3:14, 17.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng fa go ka nna thata gore motho a nne a le phepa mo boitsholong?

• Dingwe tsa ditsela tse di re thusang go ikemisetsa go ikobela melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo ke dife?

• Re ka ithuta dithuto dife mo maleong a lekawana le Solomone a buileng ka lone?

• Sekai sa ga Dafide se re ruta eng ka boikotlhao?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go a sireletsa fa o dira gore ba bangwe ba itse seemo sa gago malebana le boitsholo

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Jehofa o ne a itshwarela Dafide ka gonne o ne a ikwatlhaya ka pelo yotlhe