Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Boitsholo Jwa mo Baebeleng ke Jone jo bo Molemolemo?

A Boitsholo Jwa mo Baebeleng ke Jone jo bo Molemolemo?

 A Boitsholo Jwa mo Baebeleng ke Jone jo bo Molemolemo?

“SETŠHABA se tlhoka tsamaiso ya melao e e siameng e e nayang batho ba sone tshireletsego le kaelo.” Go ne ga akgela jalo mokwadi le moanamise yo o nang le maitemogelo wa thelebishene wa kwa Jeremane. Ruri seo se a utlwala. Gore setšhaba sa batho e nne se se iketlileng le se se atlegileng, batho ba tshwanetse ba nna le motheo o o nonofileng wa melao e e amogelwang ke botlhe e e bontshang se se siameng le se se phoso, se se molemo le se se bosula. Potso ke gore: Ke melao efe e e siametseng setšhaba le batho ba sone?

Fa e le gore melao e e siameng ya boitsholo e e mo Baebeleng e tsewa e le yone melao eo, e tshwanetse ya thusa batho go tshela matshelo a a iketlileng, a a itumetseng. Phelelo e ne e tla nna gore setšhaba sa batho ba ba latelang melao eo e e siameng se itumele se bo se nne se iketlile. A go ntse jalo? A re tlhatlhobe se Baebele e se bolelang ka dikgang tse pedi tsa botlhokwa: boikanyegi mo lenyalong le mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.

Ngaparela Molekane wa Gago

Mmopi wa rona o ne a bopa Adame a bo a dira gore Efa e nne molekane wa gagwe. Lenyalo la bone e ne e le lone la ntlha mo hisitoring mme le ne le tshwanetse go nnela ruri. Modimo o ne a re: “Monna  o tlaa [tlogela] rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe.” Dingwaga di ka nna 4 000 moragonyana, Jesu Keresete o ne a boeletsa molao ono wa lenyalo mo balateding ba gagwe botlhe. Mo godimo ga moo, o ne a kgala go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang.—Genesise 1:27, 28; 2:24; Mathaio 5:27-30; 19:5.

Go ya ka Baebele, selo sa botlhokwa gore lenyalo le itumele ke gore balekane ka bobedi ba ratane ba bo ba tlotlane. Monna, yo e leng ene tlhogo ya lelapa, o tshwanetse a bontsha lorato lo e seng lwa bogagapa ka go batlela mosadi wa gagwe se se molemo. O tshwanetse a tshela le ene “go ya ka kitso” mme ga a tshwanela go mo “galefela mo go botlhoko.” Mosadi o tshwanetse a naya monna wa gagwe “tlotlo e e boteng.” Fa balekane ba lenyalo ba latela melaometheo eno, mathata a le mantsi a lenyalo a ka tilwa kana a fenngwa. Monna o tla batla go ngaparela mosadi wa gagwe le mosadi o tla batla go ngaparela monna wa gagwe.—1 Petere 3:1-7; Bakolosa 3:18, 19; Baefeso 5:22-33.

A molao wa Baebele wa gore motho a ngaparele molekane wa gagwe ka boikanyegi o thusa gore lenyalo e nne le le itumetseng? Ebu, akanya ka diphelelo tsa patlisiso e e ileng ya dirwa kwa Jeremane. Batho ba ne ba bodiwa gore ke dilo dife tse di botlhokwa tse di dirang gore lenyalo le nne le itumetse. Selo sa ntlha mo dilong tse di botlhokwa e ne ya nna gore mongwe le mongwe a ikanyege mo go yo mongwe. A ga o dumalane gore batho ba ba nyalaneng ba itumela thata fa ba itse gore molekane wa bone o a ikanyega?

Go Tweng fa go Nna le Mathata?

Le fa go ntse jalo, go tweng fa monna le mosadi ba nna le dikgotlhang tse di masisi? Go tweng fa lorato lwa bone lo fela? Mo maemong a a ntseng jalo a ga go botoka gore ba tlhalane? Kgotsa a molao wa Baebele wa go ngaparela molekane wa gago ka boikanyegi o sa ntse o thusa?

Bakwadi ba Baebele ba ne ba itse gore batho botlhe ba ba nyalaneng ba tla nna le mathata ka ntlha ya go sa itekanelang ga batho. (1 Bakorintha 7:28) Le fa go ntse jalo, banyalani ba ba latelang melao ya Baebele ya boitsholo ba leka go itshwarelana le go rarabolola mathata a bone mmogo. Gone ke boammaaruri, go na le mabaka mangwe—a a jaaka boaka kgotsa go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng—a go ka tshwanelang gore Mokeresete a akanyetse go kgaogana kana go tlhala ka one. (Mathaio 5:32; 19:9) Mme go tlhala go se na lebaka lepe le le masisi kana e le fela gore o nyalane le motho yo mongwe go bontsha go se kgathalele batho ba bangwe gotlhelele. Ruri ga go dire gore motho a tshele ka boiketlo kana a itumele. A re lebe sekai sengwe.

Peter o ne a utlwa fela gore lenyalo la bone le ne le sa tlhole le le monate jaaka pele. * Ka gone, o ne a tlogela mosadi wa gagwe mme a ya go nna le Monika, yo o neng a tlogetse monna wa gagwe. Go ile ga diragalang? Morago ga dikgwedi di se kae fela, Peter o ne a dumela gore go nna le Monika “go ne go se motlhofo jaaka ke ne ke akantse.” Ka ntlha yang? Molekane yono yo mosha o ne a na le makoa fela jaaka wa pele. Mo godimo ga moo, tshwetso ya gagwe ya lepotlapotla le ya bogagapa e ne e mo tsentse mo mathateng a magolo a tsa madi. Gape bana ba ga Monika ba ne ba tlhakatlhakane maikutlo ka ntlha ya phetogo eno e kgolo mo botshelong jwa bone jwa lelapa.

Jaaka fa maitemogelo ano a bontsha, fa lenyalo le kopana le mathata, go tswa mo go lone ga se gantsi go rarabololang dilo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa go na le mathata, go tshela go dumalana le melao e e siameng ya boitsholo ya Lefoko la Modimo, Baebele, gantsi go ka dira gore lenyalo le se ka la thubega mme le kgone go boa le nonofa gape. Go ne ga diragala jalo ka Thomas le Doris.

Thomas le Doris ba ne ba nyalane dingwaga di feta 30 fa Thomas a simolola go nwa thata. Doris o ne a tshwenyega thata mo maikutlong, mme ka bobedi jwa bone ba ne ba buisana ka go tlhalana. Doris o ne a bulela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mafatlha. Mosupi yono o ne a bontsha Doris gore Baebele ya reng ka lenyalo, a mo kgothatsa gore a se ka a itlhaganelela go kgaogana le monna wa gagwe mme a simolole pele ka go dirisana le ene go leka go bona tharabololo. Doris o ne a dira fela jalo. Morago ga dikgwedi di se kae, ba ne ba sa tlhole ba bua ka tlhalo. Thomas le Doris ba ne ba rarabolola mathata a bone mmogo. Go latela kgakololo ya Baebele go ne  ga nonotsha lenyalo la bone mme ga ba fa nako ya go rarabolola mathata a bone.

Boikanyegi mo Dilong Tsotlhe

Go ngaparela molekane wa lenyalo ka boikanyegi go tlhoka gore motho a bo a na le botho jo bo nitameng e bile a rata go dira se se siameng. Go tlhokega dinonofo tse di ntseng jalo gore motho a nne a ikanyega mo lefatsheng le le sa ikanyegeng. Baebele e bua thata ka boikanyegi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha kwa Judea jaana: “Re eletsa go itshwara ka mo go se nang matsoketsane mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Seo se kaya eng?

Motho yo o ikanyegang o bua boammaaruri e bile ga a leferefere. O dirisana le ba bangwe sentle—ga a na matsoketsane, o a tlotlega e bile ga a tsietse. Mo godimo ga moo, motho yo o ikanyegang ke motho yo o thokgameng yo o sa foreng bangwe ka ene. Batho ba ba ikanyegang ba thusa gore go nne le moya wa go ikanyana, o o dirang gore batho ba nne le maikutlo a a siameng ba bo ba nne le dikamano tse di nonofileng.

A batho ba ba ikanyegang ba nna ba itumetse? Ebu, ba tshwanetse ba itumela. Gantsi batho ba ba ikanyegang ba a ratiwa, le fa tlolomolao le go tsietsa go aname jaana—gongwe e le ka ntlha ya gone go anama ga yone. Go ya ka patlisiso e e neng ya dirwa mo basheng, boikanyegi ke nonofo e e neng e tseelwa kwa godimo ke diperesente di le 70 tsa ba ba neng ba araba. Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege gore re dingwaga di kae, boikanyegi ke selo se se tlhokegang thata mo bathong ba re ba tsayang e le ditsala.

Christine o ne a rutiwa go utswa a sa ntse a le dingwaga tse 12. Fa nako e ntse e ya o ne a nna matwetwe wa go kgothosa batho. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke a tle ke boele gae ka madi a a kana ka DM 5 000 [R17 000].” Mme Christine o ne a tshwarwa gantsi, le gone o ne a nna a le mo kotsing ya gore a ka latlhelwa kwa kgolegelong. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo tlhalosetsa se Baebele e se bolelang kaga boikanyegi, Christine o ne a utlwa a rata melao ya Baebele ya boitsholo. O ne a ithuta go utlwa taelo eno: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa.”—Baefeso 4:28.

Fa Christine a tla go kolobediwa gore e nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a sa tlhole a le legodu. O ne a leka go ikanyega mo dilong tsotlhe, ka gonne Basupi ba gatelela boikanyegi thata mmogo le dinonofo tse dingwe tsa Bokeresete. Pampiri ya dikgang ya Lausitzer Rundschau e bega jaana: “Mafoko a boitsholo a a jaaka boikanyegi, tekanyetso le go rata moagelani a tseelwa kwa godimo thata mo tumelong ya Basupi.” Christine o ikutlwa jang ka phetogo eno mo botshelong jwa gagwe? “Ke itumetse thata jaanong ka gonne ke tlogetse go utswa. Ke ikutlwa ke le leloko le le tlotlegang la setšhaba.”

Setšhaba Sotlhe se Solegelwa Molemo

Batho ba ba sa tsietseng balekane ba bone le ba ba ikanyegang mo dilong tsotlhe ba nna le boitumelo jo bogolwane ka bobone e bile ba molemo mo setšhabeng ka kakaretso. Bathapi ba rata go nna le badiri ba ba sa tsietseng. Rotlhe re rata go nna le baagelani ba ba ka ikanngwang, e bile re rata go reka mo mabenkeleng a borakgwebo ba ba se nang matsoketsane. A ga re tlotle boradipolotiki, mapodise le baatlhodi ba ba tlhoileng tsietso? Setšhaba se solegelwa molemo thata fa maloko a sone a ikanyega ka dinako tsotlhe, e seng fela fa go dira jalo go ba solegela molemo.

Mo godimo ga moo, banyalani ba ba ikanyegang ke motheo wa malapa a a tlhomameng. Mme bontsi jwa batho bo ka dumalana le radipolotiki wa kwa Yuropa yo o neng a bolela jaana: “Le gompieno lelapa [le le tlwaelegileng] e sa ntse e le lone botshabelo jwa botlhokwa thata jwa batho jo ba bonang tshireletsego le se ba ka se tshelelang mo go jone.” Lelapa le le nang le kagiso ke lone le batsadi le bana ba kgonang go ikutlwa ba sireletsegile mo maikutlong mo go lone. Ka jalo batho ba ba ikanyegang mo lenyalong ba thusa go bopa setšhaba se se tlhomameng.

Akanya fela gore batho botlhe ba ne ba tla solegelwa molemo jang fa go ka bo go se na balekane ba ba tlogetsweng, dikgotlatshekelo tsa tlhalo, kgotsa ditsheko tsa go lwela bana. Mme go tweng fa go ne go sa tlhole go na le bakgothosi, batho ba ba utswang mo mabenkeleng, batho ba ba itseelang dilo tse di beilweng mo tlhokomelong ya bone, batlhankedi ba ba tsietsang ba puso, kana borasaense ba maferefere? A seo se utlwala e le toro fela? E seng mo bathong ba ba kgatlhegelang Baebele thata le se e se bolelang ka isagwe ya rona. Lefoko la Modimo le solofetsa gore Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia bo tla tloga bo simolola go busa batho botlhe ba ba mo lefatsheng.  Mo Bogosing joo batho botlhe ba ba busiwang ke jone ba tla rutiwa go tshela go dumalana le maitsholo a mo Baebeleng. Ka nako eo, “basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Boitsholo Jwa mo Baebeleng ke Jone jo bo Molemolemo

Dimilione tsa batho ba ba tlhatlhobileng Dikwalo tse di Boitshepo ba ile ba lemoga gore kgakololo ya Baebele e theilwe mo botlhaleng jwa bomodimo, jo bo gaisang kakanyo ya motho kgakala. Batho bano ba tsaya Baebele e ikanyega e bile e tshwanela botshelo mo lefatsheng leno la segompieno. Ba a itse gore ba tla solegelwa molemo fa ba utlwa kgakololo ya Lefoko la Modimo.

Ka gone, batho ba ba ntseng jalo ba tsaya tsia kgakololo eno ya Baebele: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Ka go dira jalo, ba tokafatsa matshelo a bone thata e bile ba solegela batho ba ba dirisanang le bone molemo. Gape ba simolola go solofela thata “botshelo . . . jo bo tla tlang,” fa batho botlhe ba tla bo ba tshela ka boitsholo jwa mo Baebeleng.—1 Timotheo 4:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Fa go na le mathata a lenyalo, go tshela tumalanong le melao ya Baebele gantsi go ka dira gore lenyalo le se ka la thubega mme le kgone go boa le nonofa gape

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Gantsi batho ba ba ikanyegang ba a ratiwa le fa tlolomolao e aname jaana—gongwe e le ka ntlha ya gone go anama ga yone