Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ke Dirile Gore Moya o o Boitshepo e Nne Mothusi wa Me?

A Ke Dirile Gore Moya o o Boitshepo e Nne Mothusi wa Me?

A Ke Dirile Gore Moya o o Boitshepo e Nne Mothusi wa Me?

BAITHUTABODUMEDI, le batho ka kakaretso, ba na le dikakanyo tse dintsi malebana le gore moya o o boitshepo wa Modimo ke eng. Le fa go ntse jalo, go sa tlhomamisege jalo ga go tlhokege. Baebele e tlhalosa sentle gore moya o o boitshepo ke eng. Ga se motho, jaaka bangwe ba bolela, go na le moo, ke maatla a a nonofileng a a dirang a Modimo a a dirisang go diragatsa go rata ga gagwe.—Pesalema 104:30; Ditiro 2:33; 4:31; 2 Petere 1:21.

E re ka moya o o boitshepo o amana thata le go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo, re tshwanetse ra batla go dira gore matshelo a rona a tsamaisane le one. Re tshwanetse ra batla gore o nne mothusi wa rona.

Ke ka Ntlha Yang go Tlhokega Mothusi?

Fa Jesu a ntse a letetse nako ya gore a tswe mo lefatsheng, o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe jaana: “Ke tla lopa Rara mme o tla lo naya mothusi yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae.” Mme a bo a re gape: “Lefa go ntse jalo, ke lo bolelela boammaaruri, Go tswela lona mosola go bo ke tsamaya. Gonne fa ke sa tsamaye, mothusi ga a na go tla mo go lona ka gope; mme fa ruri ke tsamaya, ke tla mo romela kwa go lona.”—Johane 14:16, 17; 16:7.

Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tiro e e botlhokwa ka go ba laela jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) E ne e se kitla e nna tiro e e motlhofo, ka gonne e ne e tla dirwa kafa tlase ga kganetso.—Mathaio 10:22, 23.

Kganetso go tswa kwa ntle e ne e tla okediwa ke kgotlhang e e neng e tla tswa mo teng ga phuthego. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana mo e ka nnang ka 56 C.E.: “Jaanong ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, gore lo beyeng leitlho ba ba bakang dikgaogano le maemo a a kgopisang kgatlhanong le thuto e lo e ithutileng, mme lo ba tile.” (Baroma 16:17, 18) Bothata jono bo ne bo tla oketsega fa baaposetoloi ba setse ba sule. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Ke itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena gareng ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka tlekeetso, e bile gareng ga lona ka bolona go tla tsoga banna mme ba tla bua dilo tse di sokegileng gore ba gogele barutwa kwa go bone.”—Ditiro 20:29, 30.

Go ne go tlhokega thuso ya Modimo go emelana le dikgoreletsi tseno. O ne a dira jalo a dirisa Jesu. Fa a sena go tsosiwa, ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., bangwe ba balatedi ba gagwe ba ba 120 “botlhe ba tlala moya o o boitshepo.”—Ditiro 1:15; 2:4.

Barutwa ba ile ba lemoga gore moya o o boitshepo o o neng wa tshololelwa mo go bone ka nako eno e ne e le thuso e Jesu a neng a ba e solofetsa. Ga go na pelaelo gore jaanong ba ne ba tlhaloganya botoka tlhaloso eno e Jesu a neng a ba e neile: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” (Johane 14:26) Gape o ile a re ke ‘mothusi, moya wa boammaaruri.’—Johane 15:26.

Moya ke Mothusi Jang?

Moya e ne e tla nna mothusi ka ditsela tse di farologaneng. Sa ntlha, Jesu o ne a solofetsa gore o tla busetsa dilo tse a di boleletseng barutwa ba gagwe mo megopolong ya bone. Ka go rialo o ne a raya se se fetang fela go ba thusa go gakologelwa mafoko. Moya o ne o tla ba thusa go tlhaloganya bokao jo bo kwa teng jwa dilo tse a neng a ba di ruta le botlhokwa jwa tsone. (Johane 16:12-14) Ka bokhutshwane, moya o ne o tshwanetse go dira gore barutwa ba gagwe ba tlhaloganye boammaaruri botoka. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana moragonyana: “Modimo o di senoletse rona ka moya wa gagwe, gonne moya o hukutsa mo dilong tsotlhe, le eleng dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Gore balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba fetisetse kitso ya boammaaruri kwa bathong ba bangwe, bone ka bobone ba ne ba tshwanetse go tlhaloganya dilo sentle.

Sa bobedi, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba rapele mme ba dire jalo ka metlha. Fa ka dinako tse dingwe ba sa itse gore ba rapelele eng, moya o ne o tla ba buelela kana o ba thuse. “Ka mokgwa o o tshwanang moya le one o tla ka thuso ya bokoa jwa rona; gonne bothata jwa se re tshwanetseng go se rapelela jaaka re tlhoka ga re bo itse, mme moya ka boone o a re rapelela ka go fegelwa mo go sa buiwang.”—Baroma 8:26.

Sa boraro, moya o ne o tshwanetse go thusa barutwa ba ga Jesu gore ba femele boammaaruri phatlalatsa. O ne a ba tlhagisa jaana: “Ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo leng mo go one, e bile ba tla lo seola mo disinagogeng tsa bone. Ee, lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo merafeng. Lefa go ntse jalo, fa ba lo isa, lo se ka lwa tlhobaela kaga gore lo tla bua jang kgotsa eng; gonne se lo tla se buang lo tla se newa ka nako eo; gonne ba ba buang ga se lona fela, mme ke moya wa ga Rraalona o o buang ka lona.”—Mathaio 10:17-20.

Gape, moya o o boitshepo o ne o tla thusa go tlhaola phuthego ya Bokeresete le go tlhotlheletsa maloko a yone go dira ditshwetso tse di botlhale. A re tlotleng dikarolo tse pedi tseno tsa kgang eno ka botlalo mme re bone gore di botlhokwa go le kana kang mo go rona gompieno.

Go Nna Sesupo

Bajuda ba ne ba le kafa tlase ga Molao wa ga Moshe ka makgolokgolo a dingwaga e le batho ba Modimo a ba itlhophetseng. E re ka ba ne ba gana Jesu yo e leng Mesia, o ne a bolelela pele gore go ise go ye kae bone ka bobone ba tla ganwa: “A lo ne lo ise lo ke lo bale mo Dikwalong, ‘Leje le baagi ba neng ba le gana ke lone le jaanong e leng leje la sekhutlo le legolo. Seno se nnile gone se tswa kwa go Jehofa, mme se molemo thatathata mo matlhong a rona’? Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa morafe o o ungwang maungo a jone.” (Mathaio 21:42, 43) Fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa ka Pentekosete ya 33 C.E., balatedi ba ga Keresete ba ile ba nna “morafe o o ungwang maungo a jone.” Fa e sa le go tloga ka nako eo phuthego eno e ne ya nna tsela e Modimo a neng a buisana le batho ka yone. Go dira gore batho ba bone gore thulaganyo eno e tshegediwa ke Modimo, Modimo o ne a neela sesupo se se bonalang sentle.

Ka Pentekosete moya o o boitshepo o ne wa dira gore barutwa ba bue dipuo tse ba iseng ba ko ba di ithute, seo sa dira gore babogedi ba gakgamale ba bo ba botse jaana: “Go tla jang gore mongwe le mongwe wa rona a bo a utlwa puo ya gagwe e re neng ra tsalelwa mo go yone?” (Ditiro 2:7, 8) Go kgona go bua dipuo tse ba sa di itseng, le “dikgakgamatso di le dintsi tse di [neng di bolelela] pele isagwe le ditshupo [tse di neng] tsa simolola go diragala ka baaposetoloi,” go ne ga dira gore batho ba le dikete di le tharo ba bone gore tota moya wa Modimo o ne o dira.—Ditiro 2:41, 43.

Gape, ka go bontsha “leungo la moya”—lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori, boikgapo—barutwa ba ga Keresete ba ne ba tlhaolega sentle gore ke batlhanka ba Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Tota e bile, lorato ke lotshwao lo lo tlhaolang phuthego ya Bokeresete ya boammaaruri ka tsela e e tlhomologileng. Jesu o ne a bolelelapele jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.”—Johane 13:34, 35.

Maloko a phuthego ya bogologolo ya Bokeresete a ne a amogela kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo mme a ne a dirisa thuso ya one. Le fa gone Bakeresete gompieno ba lemoga gore Modimo ga a tsose baswi le go dira dikgakgamatso jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba letla maungo a moya wa Modimo gore o ba tlhaole e le barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete.—1 Bakorintha 13:8.

Mothusi Yo o Re Thusang go Dira Ditshwetso

Baebele e nnile teng ka ntlha ya moya o o boitshepo. Ka gone, fa re letla Baebele gore e re tlhotlheletse, go tshwana le gore moya o o boitshepo o a re ruta. (2 Timotheo 3:16, 17) O ka re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. A mme re a o letla?

Go tweng ka tiro e re e tlhophang? Moya o o boitshepo o tla re thusa gore re lebe tiro e re ka e bonang ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone. Tiro ya rona e tshwanetse ya tsamaisana le melaometheo ya Baebele mme e tshwanetse ya bo e le e e ka kgonang go re thusa go tsweletsa pele mekgele ya rona ya puso ya Modimo. Madi a o a amogelang le maemo a a amanang le tiro ga se a a botlhokwa mo go kalo. Dilo tse di botlhokwa thata ke gore a tiro eo e re naya dilo tse re di tlhokang mo botshelong le gore a e re naya nako e e lekaneng le tshono ya go diragatsa maikarabelo a rona a Bokeresete.

Go eletsa go itumelela botshelo ke ga tlholego e bile ke selo se se siameng. (Moreri 2:24; 11:9) Ka gone Mokeresete yo o tekatekano a ka nna a batla go itlosa bodutu e le gore a itapolose le go itumela. Mme o tshwanetse go tlhopha boitlosobodutu jo bo supang maungo a moya, e seng jo bo supang “ditiro tsa nama.” Paulo o tlhalosa jaana: “Jaanong ditiro tsa nama di a bonatshega, mme tsone ke kgokafalo, bosengphepa, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, ditsogelo tsa kgalefo, dingangisano, dikgaogano, makoko, go tswa pelo, mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.” ‘Go ikgopola, go tsosetsana kgaisano, go tswelana pelo’ le gone go tshwanetse ga tilwa.—Bagalatia 5:16-26.

Go ntse fela jalo le ka go tlhopha ditsala. Go botlhokwa go di tlhopha o lebile bomoya jwa bone, e seng go ya ka tebego kana dithoto tsa bone. Ga go na pelaelo gore Dafide e ne e le tsala ya Modimo, ka gonne Modimo o ne a mo tlhalosa e le “monna yo o dumelesegang mo pelong ya [gagwe].” (Ditiro 13:22) Ka go bo Modimo o ne a sa lebe tebego, o ne tlhopha Dafide go nna kgosi ya Iseraele, a theile seno mo molaomotheong ono: “Ga a bone jaaka motho a bona; gonne motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.”—1 Samuele 16:7.

Go na le botsalano jo bontsintsi jo bo ileng jwa fela ka gonne bo ne bo theilwe mo tebegong kana mo dithotong. Botsalano jo bo theilweng mo dikhumong tse di sa tlhomamang bo ka fela go sa lebelelwa. (Diane 14:20) Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya le re gakolola gore fa re tlhopha ditsala, re tlhophe tse di tla re thusang go direla Jehofa. Le re bolelela gore re tlhome megopolo ya rona mo go abeng go na le go e tlhoma mo go amogeleng ka gonne go aba go lere boitumelo jo bogolo. (Ditiro 20:35) Nako le lorato ke dingwe tsa dilo tse di botlhokwatlhokwa tse re ka di nayang ditsala tsa rona.

Baebele e neela Mokeresete yo o batlang molekane wa lenyalo kgakololo e e tlhotlheleditsweng ka moya. Ka tsela nngwe e bolela jaana: ‘O se ka wa leba sefatlhego le popego ya mmele. Leba dinao.’ Dinao? Ee, ka tsela eno: A di dirisediwa go dira tiro ya ga Jehofa ya go rera dikgang tse di molemo mme a go ka twe di dintle mo matlhong a gagwe? A di rwele molaetsa wa boammaaruri le dikgang tse di molemo tsa kagiso? Re bala jaana: “Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa gagwe yo o tlisang mafoko a a molemo, yo o utlwatsang kagiso, yo o tlisang mafoko a mantle a a molemo, yo o utlwatsang poloko; yo o rayang Sione, a re: ‘Modimo wa gago o a busa!’”—Isaia 52:7; Baefeso 6:15.

E re ka re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone,” re tlhoka go thusiwa go dira go rata ga Modimo. (2 Timotheo 3:1) Mothusi, e leng moya o o boitshepo wa Modimo, o ne o ema tiro e e neng e dirwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga nokeng thata, e bile e le mothusi wa bone ka namana. Go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo le le nnileng gone ka ntlha ya moya o o boitshepo, ke tsela e e botlhokwa ya gore le rona re dire gore moya o o boitshepo e nne mothusi wa rona. A re dirile jalo?

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 23]