Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikgodiso bo Felela ka Tlontlologo

Boikgodiso bo Felela ka Tlontlologo

 Boikgodiso bo Felela ka Tlontlologo

“A boikgodiso bo tlile? Foo tlontlologo e tla tla; mme botlhale bo na le ba ba boingotlo.”—DIANE 11:2NW.

1, 2. Boikgodiso ke eng, mme bo ile jwa felela jang ka mathata a a masisi?

MOLEFI yo o lefufa o etelela segongwana sa batsuolodi pele go nna kgatlhanong le baeteledipele ba Jehofa a ba tlhomileng. Kgosana e e ratang maemo e loga leano la go menola puso ya ga rraagwe. Kgosi e e ratang go fela pelo e itlhokomolosa ditaelo tse di tlhamaletseng tsa moporofeti wa Modimo. Baiseraele bano ba bararo ba ne ba tshwana ka selo se le sengwe: boikgodiso.

2 Boikgodiso ke nonofo ya pelo e e bakelang batho botlhe mathata a a masisi. (Pesalema 19:13) Motho yo o boikgodiso o pelokgale go ipagololela mogodu a sa newa tetla. Gantsi seno se felela ka mathata a a masisi. Tota e bile, boikgodiso bo ile jwa phutlhamisa magosi le go menola mebuso. (Jeremia 50:29, 31, 32; Daniele 5:20) Bo ile jwa rareetsa batlhanka bangwe ba ga Jehofa mme ga felela ka gore ba nyelediwe.

3. Re ka ithuta dikotsi tsa go nna boikgodiso ka tsela efe?

3 Ke gone ka moo Baebele e bolelang jaana: “A boikgodiso bo tlile? Foo tlontlologo e tla tla; mme botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2NW) Baebele e re neela dikai tse di bontshang kafa seane seno se leng boammaaruri ka teng. Fa re ka sekaseka dingwe tsa dikai tseno re tla kgona go bona kotsi ya go ipagololela mogodu. Ka gone, a re sekasekeng kafa go nna lefufa, go rata maemo le go fela pelo go ileng ga dira gore batho ba bararo ba ba umakilweng kwa tshimologong ba nne boikgodiso ka teng, e leng se se neng sa felela ka gore ba tlontlologe.

 Kora—Motsuolodi yo o Lefufa

4. (a) Kora e ne e le mang, mme go bonala a ile a nna le seabe mo ditiragalong dife? (b) Kora o ne a nna le seabe mo tiragalong efe e e tumileng, dingwaga di sekae moragonyana?

4 Kora e ne e le Molefi wa Mokohate, e le ntsalae Moshe le Arone. Go bonala a ile a fetsa masome a dingwaga a ikanyega mo go Jehofa. Kora o ne a nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa batho ba ba neng ba thusiwa go kgabaganya Lewatle le Lehibidu ka kgakgamatso, mme go ka nna ga direga gore o ile a nna le seabe mo go diragatseng katlholo ya ga Jehofa fa go ne go nyelediwa Baiseraele ba ba neng ba obamela namane kwa Thabeng ya Sinai. (Ekesodo 32:26) Le fa go ntse jalo, kgabagare Kora o ne a nna moeteledipele wa batho ba ba neng ba tsuologela Moshe le Arone go akaretsa le Dathane, Abirame le One bomorwa Rubene, le dikgosana tse 250 tsa Iseraele. * Ba ne ba raya Moshe le Arone ba re: “Lo inaya mo gogolo bobe, e tswa ba phuthego botlhe ba itshepile, mongwe le mongwe wa bone, Jehofa o mo go bone. Ke ka ntlha yang fa lo ikgodisa lo ipaya kwa godimo ga phuthego ya ga Jehofa?”—Dipalo 16:1-3.

5, 6. (a) Ke eng fa Kora a ile a tsuologela Moshe le Arone? (b) Ke eng fa go ka twe gongwe Kora o ne a sa anaanele dikabelo tsa gagwe mo thulaganyong ya Modimo?

5 Ke eng se se neng sa dira gore Kora a tsuologe morago ga go fetsa dingwaga tse dintsi a ikanyega? Ga go pelaelo gore Moshe o ne a sa etelele Baiseraele pele ka tsela ya go ba gatelela ka gonne o ne “a le boikokobetso thata go feta batho botlhe ba ba neng ba le mo lefatsheng.” (Dipalo 12:3) Le fa go ntse jalo, go bonala Kora a ile a fufegela Moshe le Arone, o ne a tenwa ke go bona ba tseelwa kwa godimo mme seno sa dira gore a tsenwe ke maikutlo a a phoso a gore ba ne ba ikgogomosetsa phuthego ka bogagapa le ka tsela ya bokgokgontshi.—Pesalema 106:16.

6 Go ka direga gore bothata jo bongwe jwa ga Kora e ne e le gore o ne a sa anaanele ditshiamelo tsa gagwe ka namana mo dithulaganyong tsa Modimo. Ke boammaaruri gore, Balefi ba Bakohate e ne e se baperesiti, mme gone, e ne e le barutisi ba Molao wa Modimo. Gape ba ne ba rwala dithoto le didirisiwa tsa motlaagana fa di ne di tshwanelwa ke go fudusiwa. Tiro eo e ne e le tiro e e botlhokwa thata ka gonne didirisiwa tse di boitshepo di ne di ka tshwarwa fela ke batho ba ba leng phepa ka tsela ya bodumedi le mo maitsholong. (Isaia 52:11) Ka gone, fa Moshe a ne a kgalema Kora, totatota o ne a mmotsa gore, A o tlhaetsa kabelo ya gago matlho thata jaana mo o batlang le tiro ya boperesiti? (Dipalo 16:9, 10) Kora o ne a se  ka a tsaya tsia gore selo se segolo se se tlotlomatsang motho ke go direla Jehofa ka boikanyegi go ya ka thulaganyo ya gagwe—e seng go bona maemo mangwe a a kgethegileng.—Pesalema 84:10.

7. (a) Moshe o ne a dirisana jang le Kora le batho ba gagwe? (b) Botsuolodi jwa ga Kora bo ne jwa felela jang ka masetlapelo?

7 Moshe o ne a kopa Kora le batho ba gagwe gore mo mosong o o latelang ba kgobokanele kwa mogopeng wa bophuthegelo ba tshwere ditsholamolelo le maswalo. Kora le batho ba gagwe ba ne ba sa laelwa go ntsha maswalo ka gonne e ne e se baperesiti. Fa ba ne ba ka tla ka ditsholamolelo le maswalo, seno se ne se tla supa sentle gore banna bano ba ne ba sa ntse ba na le boikutlo jwa gore ba na le tshwanelo ya go nna baperesiti—tota le e leng morago ga go newa bosigo jotlhe gore ba ikakanye sentle. Fa ba goroga mo letsatsing le le latelang, Jehofa o ne a ba galefela. Bomorwa Rubene bone “lefatshe la atlhamologa molomo, la ba kometsa.” Ba bangwe botlhe go akaretsa le Kora, ba ne ba lailwa ke molelo o o tswang kwa Modimong. (Duteronome 11:6; Dipalo 16:16-35; 26:10) Boikgodiso jwa ga Kora bo ne jwa felela ka go tlontlologa—go se amogelwe ke Modimo!

Tila “Tshekamelo ya go Tswa Pelo”

8. Bakeresete ba ka iponatsha jang ba na le “tshekamelo ya go tswa pelo”?

8 Pego ya ga Kora e a re tlhagisa. E re ka batho ba ba sa itekanelang ba na le “tshekamelo ya go tswa pelo,” tota le mo phuthegong ya Bokeresete e ka iponatsha. (Jakobe 4:5) Ka sekai, re ka nna ra bo re rata maemo thata. Jaaka Kora, re ka nna ra fufegela batho ba ba nang le ditshiamelo tse re di meletsang mathe. Kgotsa re ka nna ra tloga ra tshwana le Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o bidiwang Dioterefese. O ne a rata go tshwaya baaposetoloi diphoso thata, go bonala e le ka go bo a ne a batla go newa maemo. Ke gone ka moo Johane a ileng a kwala a bolela gore Dioterefese ‘o rata go nna le maemo a ntlha.’—3 Johane 9.

9. (a) Re tshwanetse go tila boikutlo bofe malebana le maikarabelo a mo phuthegong? (b) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe jo bo siameng ka maemo a rona mo thulaganyong ya Modimo?

9 Ke boammaaruri gore, ga go phoso fa monna wa Mokeresete a kgaratlhela maikarabelo mo phuthegong. Paulo o ile a ba a rotloetsa gore ba dire jalo. (1 Timotheo 3:1) Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga re a tshwanela go leba ditshiamelo tsa tirelo e le maemo, re nna le maikutlo a gore re bone katlego fa re di newa. Se lebale gore Jesu o ile a re: “Lefa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.” (Mathaio 20:26, 27) Ga go pelaelo gore go tla bo go le phoso go fufegela batho ba ba neilweng maikarabelo a magolwane, jaaka e kete selo se se botlhokwa mo Modimong ke “maemo” a re nang le one mo phuthegong. Jesu o ile a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) Ee, batho botlhe ba ba direlang Jehofa ka moya otlhe o ba tsaya ba le botlhokwa thata—e ka ne re le baboledi kana babulatsela, re sa tswa go kolobediwa kana re na le lobaka lo loleele re ikanyega. (Luke 10:27; 12:6, 7; Bagalatia 3:28; Bahebera 6:10) Ruri re lesego go dira ka kutlwano le dimilione tsa batho ba ba lekang go tshela go ya ka kgakololo eno ya Baebele: “Ikgatlheng ka kgobalalo ya mogopolo mongwe go yo mongwe.”—1 Petere 5:5.

Abesalome—Letsipa le le Ratang Maemo

10. Abesalome e ne e le mang, mme o ne a leka go dira jang gore a ratwe ke batho ba ba neng ba tla go atlholelwa kwa kgosing?

10 Botshelo jwa morwa wa boraro wa ga Kgosi Dafide e bong Abesalome bo re ruta sengwe ka kgang ya go rata maemo. Letsipa leno le le maano le ne la leka go ithatisa batho ba ba neng ba tla kwa kgosing go tla go atlholelwa dikgang. O ne a simolola ka go bolela gore Dafide o ne a sa tshwenyege ka dilo tse ba di tlhokang. Go tswa foo a tlogela go tlhola a dira dilo ka tsela e e bofitlha mme a simolola go tlhamalala. Abesalome o ne a opelela batho a re: “A bo nka bo ke beilwe moatlhodi mo lefatsheng, gore motho mongwe le mongwe yo o nang le mafoko kgotsa kgang, a tle mo go nna, mme ke ne ke tlaa mo direla tshiamiso!” Abesalome o ne a dirisa leano la gagwe la boferefere ka botlalo. Baebele e bolela gore, “e ne e re motho mongwe a atamela a tla go mo ikobela, a ntshe letsogo, a mo tshware, a mo atle. Mme Baiseraele botlhe ba ba tlang go atlholwa kwa kgosing, Abesalome a ba direle ka mokgwa o o ntseng jaana.” Seno se ne sa felela ka eng? “Abesalome a utswa dipelo tsa batho ba Iseraele.”—2 Samuele 15:1-6.

11. Abesalome o ne a leka go amoga Dafide bogosi jang?

11 Abesalome o ne a ikemiseditse go amoga  rraagwe bogosi. Dingwaga di le tlhano pele ga foo o ne a ile a dira gore morwa wa leitibolo wa ga Dafide e bong Amenone a bolawe, go bonala a ile a dira jalo e le fa a ne a ipusolosetsa mo go ene ka ntlha ya go bo a ile a betelela kgaitsadie Abesalome e bong Tamare. (2 Samuele 13:28, 29) Le fa go ntse jalo, tota le e leng ka nako eo go ka direga gore Abesalome o ne a akantse ka bogosi, a tsaya go bolawa ga ga Amenone e le tsela e e molemo ya go thibosa moganetsi ope yo o gone. * Le fa seemo e ka tswa e ne e le sefe, e ne ya re fa nako e e siameng e fitlha, Abesalome o ne a tsaya kgato. O ne a itsise batho mo nageng yotlhe gore ke ene kgosi.—2 Samuele 15:10.

12. Tlhalosa kafa boikgodiso jwa ga Abesalome bo ileng jwa felela bo dirile gore a tlontlologe ka teng.

12 Go ne ga feta nakonyana Abesalome a atlega, ka gonne “morero o wa gapa batho thata; ka gonne batho ba nna ba ntsifalela kwa go Abesalome ka gale.” Fa nako e ntse e ya, Kgosi Dafide o ne a patelesega go tshaba a namola botshelo jwa gagwe. (2 Samuele 15:12-17) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, katlego eo ya ga Abesalome e ne ya fela fa a ne a bolawa ke Joabe mme a mo latlhela mo khuting e kgolo mme a e bipa ka maje. Akanya fela—monna yono yo o ratang maemo yo o neng a batla go nna kgosi ga a ka a fitlhwa le e leng ka tsela e e tlotlegang fa a sena go swa! * Ruri boikgodiso jwa ga Abesalome bo ile jwa felela ka go tlontlologa.—2 Samuele 18:9-17.

Tila go Rata Maemo ga Bogagapa

13. Moya wa boikgodiso o ka mela medi jang mo pelong ya Mokeresete?

13 Go tlhagoga le go phutlhama ga ga Abesalome go re ruta sengwe. Mo lefatsheng leno le le setlhogo, batho ba rata go fora baeteledipele ba bone, ba leka go dira gore ba ba rate e le fela gore ba ba abele ditshiamelo dingwe kana go ba tlhatlosetsa maemo. Go ntse go le jalo, bone batho bano ba ka nna ba batla go ikgapela batho ba ba kwa tlase ga bone ka go ba solofetsa dilo dingwe ka boikgantsho. Fa re se kelotlhoko, moya o o ntseng jalo wa boikgodiso o ka nna wa mela medi mo dipelong tsa rona. Go bonala seno se ile sa diragalela batho bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mo baaposetoloi ba neng ba tshwanelwa ke go tlhagisa batho ba ba ntseng jalo thata.—Bagalatia 4:17; 3 Johane 9, 10.

14. Ke eng fa re tshwanetse go tila moya wa boikgodiso wa go rata maemo?

14 Jehofa mo phuthegong ya gagwe ga a batle maferefere a a itlotlomatsang a a “ipatlelang tlotlo.” (Diane 25:27) Ee ruri, Baebele e tlhagisa jaana: “Jehofa o tla kgaola dipounama tsotlhe tse di borethe, loleme lo lo buang dilo tse dikgolo.” (Pesalema 12:3NW) Abesalome o ne a na le dipounama tse di borethe. O ne a raya batho ba a neng a batla gore ba mo eme nokeng dilo tse dikgolo—e le fela gore a bone maemo a go etelela pele. Go na le moo, a bo re le lesego jang ne go nna gareng ga bakaulengwe ba ba latelang kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo [se] dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo lo [tseye] ba bangwe ba le bagolo mo go lona.”—Bafilipi 2:3.

Saulo—Kgosi e e Felang Pelo

15. Nako nngwe Saulo o ile a supa jang gore o boikokobetso?

15 Nako nngwe Saulo, yo moragonyana a neng a nna kgosi ya Iseraele e ne e le motho yo o boikokobetso. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga fa a sa le mmotlana. Fa moporofeti wa Modimo e bong Samuele a ne a bua molemo ka Saulo, o ne a araba jaana ka boikokobetso: “A ga ke Mobenjamine wa lotso lo lobotlana lwa ditso tsa Iseraele, le losika lwa me ke lo lobotlana mo ditshikeng tsotlhe tsa lotso lwa Benjamine? Kana o buelang le nna ka mokgwa o o ntseng jalo?”—1 Samuele 9:21.

16. Ke ka tsela efe Saulo a ileng a bontsha go fela pelo?

16 Le fa go ntse jalo, moragonyana boikokobetso jwa ga Saulo bo ne jwa fela. Ka nako ya fa a ne a lwa le Bafilisitia, o ne a fapogela kwa Gilegala koo go neng go lebeletswe gore a emele Samuele teng go tla go direla Modimo setlhabelo. Fa Samuele a ne a sa tle ka nako e e beilweng, Saulo o ne a ipagololela mogodu a dira setlhabelo ka boene. Ka nako e a neng a fetsa ka yone, Samuele o ne a goroga. Samuele o ne a botsa jaana: “O dirile eng?” Saulo o  ile a araba a re: “Ke [ne] ka bona fa batho ba mphatlalaletse, le gore, wena o sa tle ka malatsi a a kailweng, . . . ke gone ka moo ka ipatelela, ka isa tshupelo e e fisiwang.”—1 Samuele 13:8-12.

17. (a) Ke eng fa motho a ka tsaya gore Saulo o ne a na le mabaka a a utlwalang a go dira se a se dirileng? (b) Ke eng fa Jehofa a ile a otlhaela Saulo go fela pelo ga gagwe?

17 O ka tsaya gore Saulo o ne a na le lebaka le le utlwalang go dira se a se dirileng. Kana e bile, batho ba Modimo ba ne ba le mo “pitlaganong,” “ba tlaletswe,” e bile ba tshogile ka ntlha ya maemo a a thata a ba neng ba le mo go one. (1 Samuele 13:6, 7) Ga go phoso go tsaya kgato fa maemo a tlhoka jalo. * Le fa go ntse jalo, se lebale gore Jehofa o kgona go bona se se mo pelong le go lemoga maikutlo a a boteng. (1 Samuele 16:7) Ka gone, o tshwanetse a bo a ile a lemoga dilo dingwe ka Saulo tse di sa tlhalosiwang ka tlhamalalo mo pegong eno ya Baebele. Ka sekai, Jehofa a ka tswa a ile a bona gore go fela pelo ga ga Saulo go ne go amana le boikgogomoso. Gongwe Saulo o ne a tenwa ke gore e re e le kgosi ya Iseraele a bo a tshwanelwa ke go letela motho yono yo a neng a mo tsaya e le moporofeti wa motsofe yo o nnelang go senya nako! Le fa seemo e ka tswa e ne e le sefe, Saulo o ne a nna le maikutlo a gore go diega ga ga Samuele go ne go mo naya lebaka la go dira dilo ka boene le go itlhokomolosa ditaelo tse di tlhamaletseng tse a neng a di neilwe. Matswela e ne ya nna afe? Samuele o ne a se ka a akgolela Saulo go bo a ile a tsaya kgato eno. Go na le moo, o ne a otlhaya Saulo a re: “Bogosi jwa gago ga bo ketla bo nnela ruri . . . ka o ne o se ka wa tshegetsa se Jehofa o se go laoletseng.” (1 Samuele 13:13, 14) Le fano boikgodiso bo ne jwa felela ka tlontlologo.

Tila go Fela Pelo

18, 19. (a) Tlhalosa kafa mo motlheng wa rona go fela pelo go ka dirang gore motlhanka wa Modimo a nne boikgodiso ka teng. (b) Ke eng se re sa tshwanelang go se lebala malebana le tsela e phuthego ya Bokeresete e dirang ka teng?

18 Pego eno e e buang ka boikgodiso jwa ga Saulo e kwadilwe mo Lefokong la Modimo gore e re solegele molemo. (1 Bakorintha 10:11) Go motlhofo thata gore re tenegele bosaitekanelang jwa bakaulengwe ba rona. Jaaka Saulo, re ka nna ra fela pelo re nna le maikutlo a go ipagololela mogodu fa dilo di sa dirwe sentle. Ka sekai, a re re mokaulengwe mongwe o na le bokgoni jo bogolo mo tirong nngwe ya go rulaganya dilo. O dira dilo ka nako, o dira ditiro tsa phuthego ka bothakga e bile ke setswerere mo puong le mo go ruteng. Le fa go ntse jalo, o lemoga gore batho ba bangwe ga ba kgone go dira dilo jaaka ene, e bile ga ba kgone go di dira ka bothakga jo a bo batlang. A seno se mo naya lebaka la gore a ba felele pelo? A o tshwanetse go nnela go tshwaya bakaulengwe ba gagwe diphoso gongwe e bile a bolela gore fa e ne e se ka matsapa a gagwe dilo di ka bo di sa tsamaye sentle mo phuthegong? Seno e ne e tla bo e le boikgodiso!

19 Tota ke eng se se dirang gore phuthego ya Bokeresete e nne seoposengwe? A ke go kgona go rulaganya dilo sentle? maatlametlo? go nna le kitso e e tseneletseng? Ke boammaaruri gore, dilo tseno di kgona go thusa gore dilo di tsamaye ka thelelo mo phuthegong. (1 Bakorintha 14:40; Bafilipi 3:16; 2 Petere 3:18) Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla bonala segolobogolo ka lorato. (Johane 13:35) Ke gone ka moo bagolwane ba ba lorato, le mororo ba dira dilo ka bothakga, ga ba itlhokomolose kgang ya gore phuthego ga se kgwebo e e batlang gore e laolwe ka melao e e gagametseng; go na le moo, e dirilwe ka letsomane le le tlhokang go nenekediwa. (Isaia 32:1, 2; 40:11) Gantsi fa go  itlhokomolosiwa melaometheo e e ntseng jalo ka boikgodiso, go felela ka dikgotlhang. Go na le moo, thulaganyo e e molemo e dira gore go nne le kagiso.—1 Bakorintha 14:33; Bagalatia 6:16.

20. Go tla sekasekwa eng mo setlhogong se se latelang?

20 Dipego tsa Baebele tse di kaga Kora, Abesalome le Saulo ruri di bontsha sentle gore boikgodiso bo ka felela ka tlontlologo, jaaka fa go boletswe mo go Diane 11:2NW. Le fa go ntse jalo, yone temana eno ya Baebele e oketsa jaana: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” Boingotlo ke eng? Ke dikai dife tse di mo Baebeleng tse di ka re thusang go tlhaloganya nonofo eno sentle, mme re ka bontsha boingotlo jang gompieno? Dipotso tseno di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 E re ka Rubene e ne e le leitibolo la ga Jakobe, ditlogolwana tsa gagwe tse di neng tsa tlhotlhelediwa ke Kora go tsuologa go ka direga gore di ne di sa rate gore Moshe—wa lotso lwa Lefi—a di etelele pele.

^ ser. 11 Morwa wa ga Dafide wa bobedi e bong Kileabe ga a umakwe fa a sena go tsholwa. Go ka direga gore o ile a swa nako nngwe pele ga botsuolodi jwa ga Abesalome.

^ ser. 12 Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele go fitlhwa ga motho yo o tlhokafetseng go ne go tsewa go le botlhokwa thata. Ka gone, fa motho a ne a sa fitlhwe, e ne e le masetlapelo a magolo e bile ka dinako tse dingwe go ne go supa gore Modimo o ne a sa tlhole a mo amogela.—Jeremia 25:32, 33.

^ ser. 17 Ka sekai, Finease o ne a itlhaganelela go tsaya kgato ya go fedisa sebetso se se neng sa bolaya dikete di le masomesome tsa Baiseraele, mme Dafide o ne a kgothaletsa banna ba gagwe ba ba bolailweng ke tlala gore ba je senkgwe sa tshupo mo “ntlong ya Modimo.” Modimo o ne a se ka a tsaya ditiro tseno tse pedi e le boikgodiso.—Mathaio 12:2-4; Dipalo 25:7-9; 1 Samuele 21:1-6.

A o A Gakologelwa?

• Boikgodiso ke eng?

• Lefufa le ne la dira jang gore Kora a nne boikgodiso?

• Re ithuta eng mo pegong ya ga Abesalome yo o ratang maemo?

• Re ka tila jang go nna le moya wa go fela pelo o Saulo a neng a nna le one?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Saulo o ne a fela pelo mme a nna boikgodiso