Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo

Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo

 Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo

GO NA le setlhare sengwe se se golang kwa nageng ya Iseraele, se se sa sweng. Tota le fa se remilwe, thito ya sone e e nang le metswi e nna le matlhogela a masha ka bonako. Mme fa maungo a sone a rojwa, se ntshetsa mong wa sone lookwane lo lontsi lo lo ka dirisediwang go apaya, go bonesa, boitekanelo le dintlafatsi.

Go ya ka setshwantsho sengwe sa bogologolo se se kwadilweng mo bukeng ya Baebele ya Baatlhodi, “e kile ya re motlha mongwe ditlhare tsa bolola tsa ya go itloletsa kgosi.” Di ne tsa tlhopha setlhare sefe sa naga pele? Di ne tsa tlhopha sone setlhare seno se se nonofileng, se se tala sa motlhware.—Baatlhodi 9:8.

Dingwaga tse di fetang 3 500 tse di fetileng, moporofeti Moshe o ne a tlhalosa Iseraele e le ‘lefatshe le le molemo, lefatshe la matlhware.’ (Duteronome 8:7, 8) Tota le gompieno, dikgwa tsa ditlhare tsa motlhware di tletse go tloga mo mofapheng wa Thaba ya Heremone kwa bokone go fitlha ka kwa ntle ga Beresheba kwa borwa. Di sa ntse di kgabisa Dipoa tsa Sharona tse di fa losing lwa lewatle, dithotana tsa Samarea le mekgatšha e e ungwang sentle ya Galalea.

Gantsi bakwadi ba Baebele ba ne ba dirisa setlhare sa motlhware ka tsela ya tshwantshetso. Dikarolo tsa setlhare seno di ne di tshwantshetsa boutlwelobotlhoko jwa Modimo, tsholofetso ya tsogo le botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa. Fa re ka sekaseka motlhware sentle seo se tla re thusa gore re tlhaloganye ditshupiso tseno tsa Dikwalo e bile go tla oketsa kanaanelo ya rona ka setlhare se se tlhomologileng seno se se thusang popo yotlhe go baka Modiri wa sone.—Pesalema 148:7, 9.

Setlhare sa Motlhware se se Magwata

Setlhare sa motlhware ga se sentle go le kalo fa e le lantlha o se bona. Ga se golele kwa godimo jaaka masedara mangwe a mantle a Lebanona. Legong la sone ga le tlhwatlhwakgolo jaaka la setlhare sa morukuru e bile dithunya tsa sone ga di kgatlhe jaaka tsa setlhare sa thamane. (Sefela sa Difela 1:17; Amose 2:9) Karolo e e botlhokwa thata ya setlhare sa motlhware ke karolo e e sa bonaleng—e e kafa tlase ga mmu. Medi ya sone e meleele, e e ka fitlhang go dimetara di le thataro ka fa tlase ga mmu e bile e namela kgakala ke yone e e dirang gore setlhare seno se ungwe thata le gore se tshele nako e telele.

Medi e e ntseng jalo e dira gore ditlhare tsa motlhware tse di leng mo dithoteng tse di nang le maje di tswelele pele di tshela le fa go na le leuba fa ditlhare tse di mo mokgatšheng kwa tlase tsone di setse di sule ka ntlha ya go tlhoka metsi. Medi eno e dira gore se tswelele se ntsha maungo a motlhware ka makgolokgolo a dingwaga le fa gone kutu ya sone  e e magwata e lebega e ka tshwanela dikgong tsa go orwa fela. Se setlhare se se magwata seno se se tlhokang fela ke lefelo le le lekaneng le se ka golelang mo go lone le mmu o o sa kitlanang o se ka kgonang go hema mo go one, o se na mefero kana dimela tse dingwe tse di ka nnang le disenyi. Fa se le mo maemong ano a a seng thata go bonwa, setlhare se le sengwe se ka ntsha lookwane lwa dilitara di ka nna 57 ka ngwaga.

Ga go na pelaelo gore Baiseraele ba ne ba rata maungo a motlhware ka ntlha ya lookwane lwa one lo lo tlhokegang thata. Matlo a bone a ne a bonesiwa ka dipone tse di neng di dirisa lookwane lwa motlhware. (Lefitiko 24:2) Lookwane lwa motlhware lo ne lo le botlhokwa mo go apeeng. Lo ne lo sireletsa letlalo mo letsatsing e bile lo ne lo direla Baiseraele sesepa sa go tlhatswa. Mabele, beine le maungo a motlhware e ne e le dikungwa tsa konokono tsa naga. Ka jalo fa setlhare sa motlhware se ne se sa ungwe, seo e ne e le masetlapelo mo lelapeng la Baiseraele.—Duteronome 7:13; Habakuke 3:17.

Le fa go ntse jalo, gantsi lookwane lwa motlhware lo ne lo le lontsi. Gongwe Moshe o ne a re Naga e e Solofeditsweng ke ‘naga ya maungo a motlhware’ ka gonne motlhware e ne e le setlhare se se neng se lengwa thata mo lefelong leo. Moithutatlholego wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong H. B. Tristram o ne a tlhalosa gore motlhware ke “sone fela setlhare se naga eno e itsegeng ka sone.” E re ka lookwane lwa motlhware lo le botlhokwa jaana e bile lo bonwa ka bontsi, lo ne lwa nna selo se go ananngwang ka sone mo kgaolong yotlhe ya Mediterranean. Jesu Keresete ka boene o ne a bua ka molato o o neng o balwa go nna “dilekanyo tsa bata di le lekgolo tsa lookwane lwa motlhware.”—Luke 16:5, 6.

“Jaaka Matlhogela a Ditlhare Tsa Motlhware”

Setlhare se se mosola sa motlhware se bontsha masego a Modimo ka tsela e ntle. Monna yo o boifang Modimo a ka segofadiwa jang? Mopesalema o ne a opela jaana: “Mosadi wa gago o tla nna jaaka mofine o o ungwang mo dikarolong tse di kwa tengteng tsa ntlo ya gago. Barwa ba gago ba tla nna jaaka matlhogela a ditlhare tsa motlhware go dikologa tafole ya gago.” (Pesalema 128:3NW) “Matlhogela [ano] a ditlhare tsa motlhware” ke eng mme ke eng fa mopesalema a a tshwantsha le barwa?

Setlhare sa motlhware se farologane le tse dingwe ka gore se nna se tlhoga metswi e mesha kwa tlase ga kutu ya sone. * Fa ka ntlha ya botsofe, kutu e sa tlhole e tlhagisa maungo jaaka e ne e dira pele, balemi ba ka nna ba dira gore matlhogela a sekae, kana metswi e mesha e gole go fitlha e nna karolo e kgolo ya setlhare. Morago ga nakwana, setlhare sa ntlha se tla bo se na le dikutu tse disha tse tharo kana tse nnè tse di se dikologileng, di ntse jaaka barwa ba ba dikologileng tafole. Matlhogela ano a na le metswi e e tshwanang e bile otlhe a ntsha maungo a a molemo a motlhware.

Nonofo eno ya setlhare sa motlhware e bontsha sentle kafa barwa le barwadi ba ka nitamang mo tumelong ka teng, ba thusiwa ke medi e e nonofileng ya semoya ya batsadi ba bone. Fa bana ba ntse ba nna bagolwane, le bone ba nna le seabe mo go tlhagiseng maungo le go tshegetsa batsadi ba bone, bao ba itumelelang go bona bana ba bone ba direla Jehofa mmogo le bone.—Diane 15:20.

“Mo Setlhareng Go na Le Tsholofelo”

Rre yo o setseng a godile yo o direlang Jehofa o ipela ka bana ba gagwe ba ba boifang Modimo. Mme bone bana bano ba a hutsafala fa rraabone a feleletsa a ‘ya tseleng ya lefatshe lotlhe.’ (1 Dikgosi 2:2) Baebele e re tlhomamisetsa gore go tla nna le tsogo ya baswi go re thusa gore re itshokele mahutsana a a ntseng jalo mo lelapeng.—Johane 5:28, 29; 11:25.

Jobe, yo a neng a na le bana ba le bantsi, o ne a itse sentle gore botshelo jwa motho bo bokhutshwane. O ile a bo tshwantsha le sethunya se se swabang ka bonako. (Jobe 1:2; 14:1, 2) Jobe o ne a eletsa go swa gore a tshabele tlalelo ya gagwe ka tsela eo, a leba lebitla jaaka lefelo le a ka iphitlhang mo go lone le a ka kgonang go boa kwa go lone. Jobe o ne a botsa jaana: “Fa monna a swa, a o tla ba a tshela?” O ne a boa a araba jaana a na le tshepo: “Ke ne ke tlaa lebelela ka malatsi otlhe a ntwa eo ya me, kgololo ya me e be e tsamaye e tle. O ne o ka bitsa [Jehofa], ke ne ke tlaa go araba; o ne o tlaa eletsa tiro ya diatla tsa gago.”—Jobe 14:13-15.

Jobe o ne a bontsha jang gore o tshepa tota gore Modimo o tla mmitsa go tswa mo lebitleng? O ne a dirisa setlhare, a dirisa tlhaloso e e supang gore o ka tswa a ne a bua ka setlhare sa motlhware. Jobe o ne a bolela jaana: “Mo setlhareng go na le tsholofelo ya go re le fa se remilwe se tlaa ba se tlhoga matswela.” (Jobe 14:7)  Setlhare sa motlhware se ka nna sa rengwa, mme seo se ka se ka sa dira gore se swe. Setlhare seo se swa fela fa se khumulwa ka metswi. Fa metswi e nna e le teng, setlhare se tla tlhoga gape se na le maatla a masha.

Le fa komelelo e kgolo e ka dira gore setlhare se se tsofetseng sa motlhware se swabe, sesana sa sone se se kokoropaneng se ka boa sa tshela gape. “Fa modi wa sone o tsofalela mo mmung le sesana sa sone se swela mo loroleng, se tla tlhoga fa se utlwa lonko lwa metsi mme se tla tlhagisa kala e kgolo jaaka semela se sesha.” (Jobe 14:8, 9, NW) Jobe o ne a nna mo nageng e e omeletseng, e e lorole koo a ka tswang a ile a ela tlhoko disana tse dintsi tsa ditlhare tsa bogologolo tsa motlhware tse di neng di bonala di omeletse e bile di se na botshelo. Le fa go ntse jalo, fa dipula di na, setlhare se se ntseng jalo se se ‘suleng’ se ne se boa se tshela gape mme go nna le kutu e ntšha go tswa mo metswing ya sone e kete “semela se sesha.” Ntšhafatso e e gakgamatsang eno e ile ya dira gore moitsetemo ya maungo le merogo wa kwa Tunisia a akgele jaana: “Motho a ka re ditlhare tsa motlhware ga di swe.”

Fela jaaka molemi a eletsa go bona ditlhare tsa gagwe tsa motlhware tse di swabileng di tlhoga matswela gape, Jehofa le ene o eletsa go tsosa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. O lebeletse pele nako eo ka yone batho ba ba ikanyegang ba ba jaaka Aborahame le Sara, Isake le Rebeka le ba bangwe ba bantsi ba tla bong ba boa ba tshela gape. (Mathaio 22:31, 32) A bo go tla itumedisa jang ne go boa re amogela batho ba ba suleng le go ba bona ba tshela matshelo a a itumedisang le a a nang le bokao gape!

Setlhare sa Motlhware sa Tshwantshetso

Modimo o bontsha kutlwelobotlhoko ya gagwe ka go se tlhaole batho le ka go rulaganyetsa gore baswi ba tsosiwe. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa setlhare sa motlhware go tshwantsha kafa Jehofa a bontshang batho kutlwelobotlhoko ka teng go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe kana gore ba godisitswe jang. Ka makgolokgolo a dingwaga Bajuda ba ne ba ipela ka go bo e le batho ba Modimo a ba itlhophetseng, ‘lotsalo lwa ga Aborahame.’—Johane 8:33; Luke 3:8.

Ga se gore motho o ne a tshwanetse gore a bo a tsholetswe mo setšhabeng sa Bajuda gore a amogelwe ke Modimo. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu ba ntlhantlha e ne e le Bajuda botlhe mme ba ne ba na le tshiamelo ya gore e nne batho ba ntlha ba Modimo a ileng a ba tlhopha gore ba bope losika lo lo solofeditsweng lwa ga Aborahame. (Genesise 22:18; Bagalatia 3:29) Paulo o ne a tshwantsha barutwa bano ba Bajuda le dikala tsa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso.

Bontsi jwa Bajuda ba tlholego ba ne ba gana Jesu, ba dira gore ba se ka ba tshwanelega go nna maloko a “letsomanyane” kana a “Iseraele wa Modimo” mo nakong e e tlang. (Luke 12:32; Bagalatia 6:16) Ka gone, ba ne ba tshwana le dikala tsa tshwantshetso tsa setlhare sa motlhware tse di remilweng. Ke bomang ba ba neng ba tla tsaya boemo jwa bone? Mo ngwageng wa 36 C.E., Baditšhaba ba ne ba tlhophiwa gore e nne karolo ya losika lwa ga Aborahame. Go ne go ntse jaaka e kete Jehofa o lomelela dikala tsa setlhare sa motlhware sa kwa nageng mo setlhareng sa motlhware sa mo tshingwaneng. Batho ba ba neng ba tla bopa losika lo lo solofeditsweng lwa ga Aborahame ba ne ba tla akaretsa batho ba ditšhaba. Jaanong Bakeresete ba Baditšhaba ba ne ba ka kgona go nna ‘batlhakanedi ba modi wa monono wa motlhware.’—Baroma 11:17.

Go ka se ka ga direga e bile go “phapaanong le tlholego” gore molemi a lomelele kala ya motlhware wa naga mo setlhareng sa motlhware sa tshingwana. (Baroma 11:24) Buka ya The Land and the Book, e tlhalosa jaana: “Fa o lomelela setlhare se se siameng mo go  sa naga, jaaka Baarabia ba bolela, se tla fenya sa naga, mme o ka se ka wa kgona go dirolola tiro eno.” Bakeresete ba Bajuda le bone ba ile ba gakgamala fa Jehofa ka ‘lekgetlo la ntlha a ne a retolosetsa tlhokomelo ya gagwe kwa merafeng gore a ntshe mo go yone batho ba leina la gagwe.’ (Ditiro 10:44-48; 15:14) Le fa go ntse jalo, se se ne se supa sentle gore go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo go ne go sa ikaega ka setšhaba se le sengwe. Nnyaa, ka go bo, “mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.”—Ditiro 10:35.

Paulo o ile a bontsha gore e re ka “dikala” tsa setlhare sa motlhware tse di sa ikanyegeng tsa Bajuda di ile tsa rengwa, go ne go ka direga se se tshwanang ka ope fela yo ka ntlha ya boikgogomoso le go sa ikobe a neng a sa tlhole a amogelwa ke Jehofa. (Baroma 11:19, 20) Se se bontsha sentle gore bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang ga bo a tshwanela go tlhaediwa matlho le ka motlha.—2 Bakorintha 6:1.

Go Tlotsa ka Lookwane

Dikwalo di dirisa lookwane lwa motlhware ka tsela ya mmatota le ka tsela ya tshwantshetso. Mo metlheng ya bogologolo, dintho le matsadi di ne di tshwanetse go ‘sidilwa ka lookwane’ go thusa gore di fole. (Isaia 1:6) Go ya ka sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu, Mosamaria yo o molemo o ne a tshela lookwane le beine mo dinthong tsa monna yo a neng a kopana nae mo tseleng e e yang kwa Jeriko.—Luke 10:34.

Go itshasa lookwane lwa motlhware mo tlhogong go a lapolosa e bile go a ritibatsa. (Pesalema 141:5) Mme fa bagolwane ba Bakeresete ba rarabolola dikgang tsa bolwetse jwa semoya, ba ka nna ba ‘tlotsa leloko la phuthego ka lookwane ka leina la ga Jehofa.’ (Jakobe 5:14) Fa bagolwane ba neela modumedikabone yo o lwalang kgakololo e e lorato ya Dikwalo le go mo rapelela go tswa mo pelong, seo se tshwantshiwa le go mo tlotsa ka lookwane lwa motlhware lo lo okobatsang. Se se kgatlhang ke gore ka sekapuo sa Sehebera ka dinako tse dingwe monna yo o siameng o tlhalosiwa e le “lookwane lo lo itshekileng lwa motlhware.”

“Motlhware o Motala mo Ntlong ya Modimo”

Go ya ka dintlha tse di sa tswang go tlhalosiwa, ga go gakgamatse go bo batlhanka ba Modimo ba ka tshwantshiwa le ditlhare tsa motlhware. Dafide o ne a eletsa go tshwana le “motlhware o motala mo ntlong ya Modimo.” (Pesalema 52:8) Fela jaaka gantsi malapa a Baiseraele a ne a na le ditlhare tsa motlhware tse di dikologileng matlo a bone, Dafide le ene o ne a eletsa go nna gaufi jalo le Jehofa le go ungwa maungo a a tla bakang Modimo.—Pesalema 52:9.

Fa bogosi jwa Juda jwa ditso tse pedi bo ne bo sa ntse bo ikanyega mo go Jehofa, bo ne bo ntse jaaka “motlhware o monana o montle, o o loungo lo lo molemo.” (Jeremia 11:15, 16) Mme batho ba Juda ba ne ba latlhegelwa ke boemo jo bo kgethegileng joo fa ‘ba gana go utlwa mafoko a ga Jehofa mme ba ineela mo medimong e sele.’—Jeremia 11:10.

E le gore re nne setlhare sa motlhware se setala mo ntlong ya Modimo, re tshwanetse go utlwa Jehofa le go iketleeletsa go amogela kotlhao e ka yone a re “pomang” gore re ungwe maungo a a oketsegileng a Bokeresete. (Bahebera 12:5, 6) Mo godimo ga moo, fela jaaka setlhare sa motlhware sa tlholego se tlhoka metswi e e nonofileng go falola ka nako ya komelelo, le rona re tlhoka go nonotsha metswi ya rona ya semoya gore re tle re itshokele diteko le pogisego.—Mathaio 13:21; Bakolosa 2:6, 7.

Setlhare sa motlhware se tshwantshetsa sentle Mokeresete yo o ikanyegang, yo a ka tswang a sa itsege mo lefatsheng mme Modimo a mo itse. Fa motho yo o ntseng jalo a ka swa mo tsamaisong eno, o tla tshela gape mo lefatsheng le lesha le le tlang.—2 Bakorintha 6:9; 2 Petere 3:13.

Setlhare sa motlhware se se sa sweng se se nnelang go ungwa maungo ngwaga le ngwaga se re gakolola ka tsholofetso eno ya Modimo: “Jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tlaa nna jalo, mme baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.” (Isaia 65:22) Tsholofetso eo ya boporofeti e tla diragadiwa mo lefatsheng la Modimo le lesha.—2 Petere 3:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Gantsi metswi e mesha eno e pomiwa ngwaga le ngwaga gore e se ka ya gopa maatla go tswa mo setlhareng se segolo.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kutu ya bogologolo e e magwata e e kwa Jávea, Alicante Province, kwa Spain

 [Setshwantsho mo go tsebe 26]

Dikgwa tsa ditlhare tsa motlhware kwa Granada Province kwa Spain

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhare sa bogologolo sa motlhware ka kwa ntle ga mabota a Jerusalema

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Baebele e bua ka go lomelelwa ga dikala mo setlhareng sa motlhware

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhare seno sa bogologolo sa motlhware se dikologilwe ke dikala tse disha