Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diefangele Kganetsano e Tswelela Pele

Diefangele Kganetsano e Tswelela Pele

Diefangele Kganetsano e Tswelela Pele

A dipego tsa Efangele tse di buang ka go tsholwa ga ga Jesu Keresete di boammaaruri?

A o ile a neela Thero ya mo Thabeng?

A tota Jesu o ile a tsosiwa?

A ruri o ile a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo”?—JOHANE 14:6.

BAKANOKI ba ba ka nnang 80 ba ntse ba tlotla ka dikgang tse di ntseng jalo kwa Seminareng ya Jesu, e e ntseng e tshwarwa gabedi ka ngwaga fa e sa le ka 1985. Setlhopha seno sa bakanoki se ile sa araba dipotso tse di ntseng jalo ka tsela e e sa tlwaelegang. Batsayakarolo ba Seminara ba ne ba dirisa matshwao a go bouta go akgela malebana le mafoko mangwe le mangwe a go tweng a builwe ke Jesu mo Diefangeleng. Letshwao le lehibidu le bontsha gore polelo eo ruri e builwe ke Jesu. Letshwao le lehibitswana le bontsha kgopolo ya gore polelo eo e tsamaisana le sengwe se Jesu a ka tswang a se buile. Letshwao le le putswa le bontsha gore megopolo eo e ka tswa e tshwana le ya ga Jesu mme polelo eo tota e sa buiwa ke ene. Letshwao le lentsho le ganetsa gotlhelele, le bontsha gore polelo eo e ne e tswa mo dithutong tsa moragonyana.

Ka go dirisa mokgwa ono, batsayakarolo ba Seminara ya Jesu ba ile ba gana dintlha tsotlhe tse nnè tse di supilweng ka tsela ya dipotso tse di umakilweng kwa tshimologong. Tota e bile, ba ile ba tsenya letshwao le lentsho fa ba akgela ka diperesente di le 82 tsa mafoko a go tweng ke a ga Jesu mo Diefangeleng. Go ya ka bone, ke diperesente di le 16 fela tsa ditiragalo tse di bolelwang ka ga Jesu mo Diefangeleng le tse di tlhagang mo mekwalong e mengwe tse go bonalang di le boammaaruri.

Go tshwaiwa phoso jalo ga Diefangele ga se selo se sesha. Diefangele di ile tsa tlhaselwa ka 1774 fa mokwalo wa seatla wa ditsebe di le 1 400 wa ga Hermann Reimarus, yo e neng e le porofesa ya dipuo tsa Botlhaba kwa Hamburg, kwa Jeremane, o ne o gatisiwa morago ga loso lwa gagwe. Mo mekwalong eo, Reimarus o ne a belaela boammaaruri jwa Diefangele thata. Ditshwetso tsa gagwe di ne di theilwe mo tshekatshekong ya puo le mo dilong tse go neng go lebega di ikganetsa mo dipegong tse nnè tsa Efangele tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu. Fa e sa le ka nako eo, gantsi batshwayadiphoso ba ne ba belaela boammaaruri jwa Diefangele, ka tsela nngwe ba dira gore batho ka kakaretso ba se ka ba ikanya mekwalo eno.

Selo se bakanoki ba ba ntseng jalo ba se dumelang botlhe ke gore ba tsaya dipego tsa Efangele e le ditlhamane tsa bodumedi tse di ileng tsa bolelwa ke batho ba ba farologaneng. Dipotso tse bakanoki ba ba belaelang gantsi ba di botsang ke gore: A go ka direga gore ditumelo tsa bone di dirile gore bakwadi ba banè ba Diefangele ba kgabise boammaaruri? A bopolotiki jwa setšhaba sa bogologolo sa Bakeresete bo ile jwa dira gore ba fetole kana ba oketse kgang ya ga Jesu? Ke dikarolo dife tsa Diefangele tse di ka tswang di le boammaaruri e se ditlhamane fela?

Batho ba ba godisitsweng e le balatolamodimo kana ba ba goletseng mo setšhabeng se se sa dumeleng mo bodumeding ba dumela gore Baebele—go akaretsa le Diefangele—ke buka e e tletseng ka dikinane le ditlhamane. Mme ba bangwe bone ba ferosiwa sebete ke hisitori ya Labokeresete ya tshololo ya madi, kgatelelo, go sa utlwane le boitsholo jo bo sa siamang. Batho ba ba ntseng jalo ga ba bone go tlhokega gore ba tseye tsia mekwalo e Labokeresete e reng e boitshepo. Ba akanya gore dikgatiso tse di tlisitseng bodumedi jo bo itimokanyang e tshwanetse ya bo e le ditlhamane fela tse di se nang mosola.

Wena o akanyang? A o tshwanetse go letla gore bakanoki bangwe ba ba belaelang boammaaruri jwa Diefangele ba dire gore le wena o belaele? Fa o utlwa go twe bakwadi ba Diefangele ba di itlhametse, a o tshwanetse go letla gore seno se koafatse tsela e o tshepang mekwalo ya bone ka gone? A pego e e sa siamang ya Labokeresete e tshwanetse go dira gore o belaele boikanyegi jwa Diefangele? Re go laletsa gore o sekaseke dintlha dingwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

A Diefangele di tletse ka ditlhamane kana dilo tsa mmatota?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Jesus Walking on the Sea/The Doré Bible Illustrations/Dover Publications

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Background, pages 3-5 and 8: Courtesy of the Freer Gallery of Art, Smithsonian Institution, Washington, D.C.