Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diefangele—A ke Hisitori Kana Ditlhamane?

Diefangele—A ke Hisitori Kana Ditlhamane?

Diefangele—A ke Hisitori Kana Ditlhamane?

MO LEFATSHENG lotlhe kgang ya ga Jesu wa Nasaretha—lekawana le le ileng la fetola hisitori ya batho—e ama batho thata. Ke karolo ya thuto ya batho e e tlwaelegileng le e ba e ithutang ka bobone. Ba le bantsi ba tsaya Diefangele e le metswedi e e sa kgaleng ya boammaaruri le maele a a jaaka le le reng “Ee wa lona a reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” (Mathaio 5:37) Ebu, dipego tsa Efangele e ka nna ya bo e ne e le motheo wa dithuto tse batsadi ba gago ba go rutileng tsone, e ka tswa e ne e le Bakeresete kana nnyaa.

Diefangele di thusitse dimilione tsa balatedi ba ga Keresete ba ba peloephepa go itse monna yono yo ba ileng ba iketleeletsa go boga ka ntlha ya gagwe le go mo swela. Diefangele gape di ile tsa nna motheo le selo se se ileng sa tlhotlheletsa bopelokgale, go itshoka, go nna le tumelo le go nna le tsholofelo. Ka gone, a o ka se dumele gore, fa motho a bolela gore dipego tseno ke ditlhamane fela, o tshwanetse gore a bo a na le bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa? Fa o akanya ka tlhotlheletso e kgolo e dipego tsa Diefangele di nnileng le yone mo megopolong le mo boitshwarong jwa batho, a ga o kitla o batla go bona bosupi jo bo nonofileng fa motho a ne a batla go dira gore o belaele boammaaruri jwa tsone?

Re go laletsa gore o sekaseke dipotso di le mmalwa tse di dirang gore motho a akanye tse di malebana le Diefangele. Iponele gore baithuti ba ba rileng ba Diefangele tseno ba akanyang ka dikgang tseno, le fa gone bangwe ba bone ba sa ipitse Bakeresete. Fa o sena go dira jalo o ka kgona go dira ditshwetso o na le kitso.

DIPOTSO TSE DI KA SEKASEKIWANG

A Diefangele di ka tswa di itlhametswe fela ka botswerere?

Robert Funk yo o ileng a simolola Seminara ya Jesu, a re: “Mathaio, Mareko, Luke le Johane ba ile ba ‘tlhalosa Mesia’ ka tsela ya gore a tshwanele thuto ya Bokeresete e e ileng ya tlhaga morago ga loso lwa ga Jesu.” Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa Diefangele di ne di kwalwa, batho ba le bantsi ba ba neng ba utlwile mafoko a ga Jesu, ba bone ditiro tsa gagwe ba bo ba mmona fa a sena go tsoga ba ne ba sa ntse ba tshela. Ga ba ka ba latofatsa bakwadi ba Diefangele ka mofuta ope fela wa tsietso.

Akanya ka go swa le go tsoga ga ga Keresete. Ga se Diefangele fela tse di nang le dipego tse di ka ikanngwang malebana le go swa le go tsoga ga ga Jesu mme tota le lekwalo la ntlha la ga moaposetoloi Paulo le le tlhagang mo dikwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba Korintha wa bogologolo le bua ka gone. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka fetisetsa mo go lona, gareng ga dilo tsa ntlha, se le nna ke neng ka se amogela, gore Keresete o ne a swela maleo a rona go ya ka Dikwalo; le gore o ne a fitlhwa, ee, gore o tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo; le gore o ne a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi. Morago ga moo o ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone bo santseng bo le gone go fitlha jaanong, mme bangwe ba robetse mo losong. Morago ga moo o ne a bonala kwa go Jakobe, go tswa foo kwa baaposetoloing botlhe; mme kwa bofelong a bonala le mo go nna jaaka e kete mo go yo o tsetsweng pele ga nako.” (1 Bakorintha 15:3-8) Basupi bano e ne e le bone ba nang le dintlha tsotlhe tsa hisitori ka botshelo jwa ga Jesu.

Kgang ya batshwayadiphoso ba motlha wa segompieno ya gore dipego tseno di itlhametswe ga e yo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Go na le moo, e bonala mo dibukeng tsa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Ka gone, ditlhaloso dingwe tse e seng tsa dikwalo tse di buang ka Keresete di ile tsa kwalwa fa go simologa botlhanogi mo Bokereseteng jwa boammaaruri mo bathong ba ba neng ba itomologantse le phuthego ya baaposetoloi.—Ditiro 20:28-30.

A go ka direga gore Diefangele tseno ke ditlhamane?

Mokwadi le motshwayadiphoso e bong C. S. Lewis o fitlhetse go le thata go tsaya Diefangele e le ditlhamane fela. O ne a kwala jaana: “E re ka ke le mokwalahisitori ke tlhatswegile pelo gore le fa Diefangele e ka tswa e le eng, ga se ditlhamane. Ga di na botswerere jo bo lekaneng gore go ka twe ke ditlhamane. . . . Re itse go le gonnye ka botshelo jwa ga Jesu, mme ga go na batho bape ba ba tlhamang ditlhamane ba ba ka dirang gore go nne jalo.” Go a kgatlhisa gape gore le mororo mokwalahisitori yo o itsegeng e bong H. G. Wells a ne a sa ipitse Mokeresete, o ne a dumela jaana: “[Bakwadi ba Diefangele] ba banè botlhe ba tlhalosa ka tsela e e tshwanang ka go re bolelela ka botho jo bo sa fetofetogeng; ba . . . tlhomamisega gore o ne a le teng tota.”

Akanya ka nako ya fa Jesu yo o tsositsweng a neng a tlhaga fa pele ga barutwa ba gagwe. Motlhami yo o nang le bokgoni wa ditlhamane o ka bo a dirile gore Jesu a boe ka tsela e e gakgamatsang, a bue sengwe se se sa tlwaelegang kana a nne le kgalalelo e kgolo. Go na le moo, bakwadi ba Diefangele ba tlhalosa fela gore o ne a eme fa pele ga barutwa ba gagwe. Go tswa foo a bo a ba botsa jaana: “Bana ba ba botlana, ga lo na sepe se se jewang, ga ke re?” (Johane 21:5) Mokanoki Gregg Easterbrook o konela jaana: “Ditlhaloso tse di ntseng jaana ke tsone tse di supang gore pego e boammaaruri, ga se dilo tse di itlhametsweng.”

Tatofatso ya gore Diefangele ke ditlhamane e thulana le mekgwa e e gagametseng ya go ruta ya borabi e e neng e dirisiwa ka nako ya fa Diefangele di ne di kwalwa. Mokgwa oo e ne e le wa go ithuta dilo ka tlhogo—thulaganyo ya go itse dilo ka tlhogo ka go di boaboeletsa. Se se ne se ka baka gore dilo tse Jesu a di buileng le tse a di dirileng di bolelwe ka tlhomamo le ka kelotlhoko e se ka go itlhamela polelo e e kgabisitsweng.

Fa e le gore Diefangele e ne e le ditlhamane, a di ka bo di ile tsa kgobokanngwa ka bonako jalo morago ga loso lwa ga Jesu?

Go ya ka bosupi jo bo leng teng, Diefangele di ile tsa kwalwa mo gare ga dingwaga tsa 41 le 98 C.E. Jesu o ne a swa ka ngwaga wa 33 C.E. Se se raya gore dipego tsa botshelo jwa gagwe di ile tsa kgobokanngwa ka bonako morago ga gore bodiredi jwa gagwe bo fele. Se se thulana thata le kgang ya gore dipego tsa Diefangele ke ditlhamane fela. Go tlhokega nako gore ditlhamane di dirwe. Ka sekai, tsaya lliad le Odyssey tse di kwadilweng ke mmoki wa Mogerika e bong Homer. Bangwe ba dumela gore go tsere makgolokgolo a dingwaga gore mokwalo wa metseletsele eo ya ditlhamane tsa bogologolo e dirwe e bo e tlhomame. Go tweng ka Diefangele?

Mo bukeng ya gagwe ya Caesar and Christ mokwalahisitori e bong Will Durant o kwala jaana: “Gore banna ba sekae fela ba e seng ba maemo a a kalo ba ka bo . . . ba ile ba tlhama dipolelo kaga motho wa mofuta o o ntseng jalo yo o gapang maikutlo, ba bua melaometheo ya maemo a a kwa godimo thata ya boitsholo le bokaulengwe jo bo kgatlhisang fela thata jwa batho, e ne e tla nna kgakgamatso e kgolo fela thata go gaisa epe fela e e kwadilweng mo Diefangeleng. Morago ga makgolo a mabedi a dingwaga a Botshwayadiphoso Jwa Maemo a a Kwa Godimo, ditlhaloso tsa botshelo jwa ga Keresete, botho jwa gagwe le dithuto tsa gagwe di sa ntse di utlwala sentle, mme ke karolo e e kgatlhang thata ya hisitori ya batho ba Bophirima.”

A Diefangele di ile tsa fetolwa moragonyana gore di kgotsofatse setšhaba sa bogologolo sa Bakeresete?

Batshwayadiphoso bangwe ba bolela gore bopolotiki jwa setšhaba sa bogologolo sa Bakeresete bo ile jwa dira gore bakwadi ba Diefangele ba fetole kgang ya ga Jesu kana ba e oketse. Le fa go ntse jalo, go sekaseka Diefangele ka kelotlhoko go ile ga bontsha gore ga ba a ka ba mekamekana ka tsela epe le tsone. Fa e le gore dipego tsa Diefangele tse di buang ka Jesu di ile tsa fetolwa ka go bo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsietsa, ke ka ntlha yang fa dikakgelo tse di sa itumediseng malebana le Bajuda mmogo le Baditšhaba di sa ntse di le mo mekwalong eo?

Sekai se le sengwe se bonwa mo go Mathaio 6:5-7, mo Jesu a nopolwang a re: “Fa lo rapela, ga lo a tshwanela go nna jaaka baitimokanyi; ka gonne ba rata go rapela ba eme mo disinagogeng le mo dikhutlong tsa ditsela tse di atlhameng gore ba bonwe ke batho. Ammaaruri ke a lo raya, Ba bona maduo a bone ka botlalo.” Ga go na pelaelo gore fano go ne go kgalwa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Jesu o ne a tswelela a re: “Fa o rapela, o se ka wa bua dilo di le dingwe kgapetsakgapetsa, fela jaaka batho ba merafe [Baditšhaba] ba dira, gonne ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a le mantsi.” Bakwadi ba Diefangele ba ne ba sa leke go gapa basokologi ka go nopola Jesu ka tsela eno. Ba ne ba kwala fela se Jesu Keresete a se buileng tota.

Akanya gape ka dipego tsa Diefangele tse di buang ka basadi ba ba ileng ba etela lebitla la ga Jesu mme ba fitlhela le se na sepe. (Mareko 16:1-8) Go ya ka Gregg Easterbrook, “mo thutoloagong ya Botlhabagare jwa motlha wa bogologolo, bosupi jo bo neng bo neelwa ke basadi gantsi bo ne bo tsewa bo se boammaaruri: ka sekai, basupi ba babedi ba banna ba ne ba lekane go ka bona mosadi molato ka ntlha ya boaka, mme go ne go se na bosupi bope jwa mosadi jo bo neng bo ka latofatsa monna.” Ebu, barutwa ba ga Jesu ka bobone ba ne ba sa dumele basadi! (Luke 24:11) Ka gone go ka se ka ga direga gore kgang e e ntseng jalo e bo e itlhametswe ka boomo.

Lebaka la go bo go se na ditshwantsho mo mekwalong e mengwe le mo bukeng ya Ditiro ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore ditshwantsho tse di leng mo Diefangeleng ga di a tsenngwa ke Bakeresete ba bogologolo mme di ne tsa buiwa ke Jesu ka boene. Mo godimo ga moo, fa Diefangele di bapisiwa sentle le mekwalo e mengwe go bonala sentle gore mafoko a ga Paulo le a bakwadi ba bangwe ba Dikwalo Tsa Segerika ga a tlhamiwa ka matsetseleko mme go bo go twe a builwe ke Jesu. Fa e le gore setšhaba sa Bakeresete sa bogologolo se ne se dirile selo se se ntseng jalo, re tshwanetse bobotlana ra fitlhela mangwe a mafoko ao mo mekwalong e e mo dipegong tsa Diefangele. E re ka re sa a fitlhele, re ka swetsa re tlhomamisegile gore mokwalo wa Diefangele ga o a fetolwa e bile o boammaaruri.

Go tweng ka dilo tse go bonalang e kete di a ikganetsa mo Diefangeleng?

Batshwayadiphoso ga ba bolo go bolela gore Diefangele di na le dilo tse dintsi tse di ikganetsang. Mokwalahisitori Durant o ne a leka go tlhatlhoba dipego tsa Diefangele a sa laolwe ke dikakanyo di sele—a di tlhatlhoba jaaka dikwalo tsa hisitori. Le fa gone a bolela gore go na le dilo dingwe tse go bonalang di ikganetsa, o konela jaana: “Dilo tse di ikganetsang di dipotlana [mabakanyana a a sa reng sepe], ga se dilo tse di botlhokwa; mo mabakeng a a botlhokwa diefangele di dumalana sentle ka tsela e e tlhomologileng, e bile di tlhalosa Keresete ka tsela e e tshwanang.”

Gantsi dilo tse di bonalang di ikganetsa mo dipegong tsa Efangele di rarabololwa motlhofo. Go tshwantsha: Mathaio 8:5 ya re “motlhankedi wa masole a tla kwa go [Jesu], a mo rapela” gore a fodise motlhanka wa gagwe. Mo go Luke 7:3 re bala gore motlhankedi yono o ne “a romela banna ba bagolwane ba Bajuda kwa go [Jesu] go mo kopa gore a tle mme a fodise motlhanka [yoo].” Motlhankedi yono o ne a roma banna ba bagolwane go nna baemedi ba gagwe. Mathaio ene a re motlhankedi wa masole o ne a ya go rapela Jesu ka boene ka gonne monna yono o ne a dira kopo ya gagwe ka go roma banna ba bagolwane, ba e neng e le babueledi ba gagwe. Seno ke sekai se le sengwe fela se se bontshang gore go ikganetsa go go buiwang ka gone mo Diefangeleng go ka rarabololwa.

Go tweng ka maiphako a batshwayadiphoso ba maemo a a kwa godimo a gore Diefangele ga di fitlhelele melao ya hisitori ya mmatota? Durant o tswelela jaana: “Ka ntlha ya matlhagatlhaga a diphitlhelelo tsa jone Botshwayadiphoso Jwa Maemo a a Kwa Godimo bo ile jwa tsenya Tesetamente e Ntšha mo ditekong tse di thata tsa go bona gore a e boammaaruri mo e leng gore fa batho ba le bantsi ba ba botlhokwa thata ba bogologolo ba ne ba ka lekwa ka tsone—ka sekai, Hammurabi, Dafide, Socrates—ba ne ba tla fetoga batho ba ditlhamane. Go sa kgathalesege tlhaolele le dikgopolo tsa thutobomodimo tsa baefangedi, ba bega ditiragalo tse dintsi tseo batlhami ba ba tlwaelegileng ba neng ba ka bo ba di fitlhile—go lwela maemo a a kwa godimo mo Bogosing ga baaposetoloi, go tshaba ga bone fa Jesu a sena go tshwarwa, go itatola ga ga Petere . . . Ga go na ope yo o ka reng a bala ka dipego tseno a bo a belaela gore motho yo go buiwang ka ene ke wa mmatota.”

A Bokeresete jwa motlha wa segompieno bo tlhalosa Jesu wa Diefangele?

Seminara ya Jesu e ile ya tlhalosa gore dipatlisiso tsa yone ka Diefangele “ga di a ikaega ka se makgotla a dikereke a se bolelang.” Le fa go ntse jalo mokwalahisitori Wells o ne a lemoga gore go na le pharologano e kgolo fa gare ga dithuto tsa ga Jesu tse di tlhalosiwang mo Diefangeleng le tse di tlhalosiwang ke Labokeresete. O ne a kwala jaana: “Ga go na bosupi bope jwa gore baaposetoloi ba ga Jesu ba kile ba utlwa ka Tharonngwe—gore ene o kile a ba bolelela ka yone ka nako nngwe. . . . E bile [Jesu] ga a ise a ko a bue sepe ka go obamelwa ga mmaagwe e bong Marea, a na le popego ya ga Isis, Kgosigadi ya legodimo. O ne a itlhokomolosa dilo tsotlhe tse di amanang le kobamelo ya Sekeresete le tse di dirisiwang mo go yone.” Ka gone, motho a ka se ka a atlhola botlhokwa jwa Diefangele go ya ka dithuto tsa Labokeresete.

O SWETSA KA GO RENG?

Morago ga go sekaseka dintlha tse di umakilweng fa godimo, wena o akanyang? A go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore Diefangele ke ditlhamane fela? Ba le bantsi ba fitlhela gore dipotso le dipelaelo tse di tsositsweng ka boammaaruri jwa Diefangele ga di utlwale e bile ga di ba tlhatswe pelo. Gore o tle o bone kafa wena o ikutlwang ka teng, o tshwanetse gore o bale Diefangele o sa gobelele. (Ditiro 17:11) Fa o akanya ka tsela e e tlhomameng, e e ikanyegang le e e boammaaruri e Diefangele di tlhalosang botho jwa ga Jesu ka yone, o tla lemoga gore eleruri dipego tseno ga se ditlhamane. *

Fa o ka sekaseka Baebele ka kelotlhoko mme o bo o dirisa kgakololo ya yone, o tla bona kafa e ka kgonang go dira gore botshelo jwa gago bo nne botoka ka teng. (Johane 6:68) Go ntse jalo thatathata ka dithuto tsa ga Jesu tse di kwadilweng mo Diefangeleng. Mo godimo ga moo, o ka ithuta go tswa mo go tsone ka isagwe e e itumedisang ya batho ba ba kutlo.—Johane 3:16, 17:3, 17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Bona dikgaolo 5 go ya go 7 tsa buka ya Bibela—A ke Lefoko la Modimo Kana la Batho? e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. le boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Bosupi Jwa Dipego Tse di Boammaaruri

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, mokwadi mongwe wa kwa Australia yo pele a neng a tshwaya Baebele diphoso o ne a ipolela jaana: “Ke ne ke dira seo ka tlwaelo e leng tiro ya mmegadikgang la ntlha mo botshelong jwa me: ke ne ka tlhatlhoba dintlha tsa me. . . . Mme ke ne ka gakgamala, ka gonne seo ke neng ke se bala [mo dipegong tsa Efangele] e ne e se mainane e bile e se selo se se itlhametsweng fela. E ne e le pego. Pego ya ditiragalo tse di sa tlwaelegang tsa batho ba ba di boneng ka matlho le ba ba di utlwileng. . . . Pego e kwalwa ka tsela e e tlhomologileng mme Diefangele le tsone di tlhomologile.”

E. M. Blaiklock, yo e leng porofesa ya mekwalo ya bogologolo kwa Auckland University, le ene o ne a bolela jaana: “Ke ipolela gore ke mokwalahisitori. Go ithuta ga me Mekwalo ya bogologolo go ikaegile ka hisitori. Mme ke go tlhomamisetsa gore bosupi jwa botshelo, loso le tsogo ya ga Keresete bo boammaaruri go feta bontsi jwa dintlha tsa hisitori ya bogologolo.”

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

FONIKIA

GALALEA

Noka ya Joredane

JUDEA

[Ditshwantsho]

“Bosupi jwa botshelo, loso le tsogo go feta bontsi jwa dintlha ya ga Keresete bo boammaaruri tsa hisitori ya bogologolo.”—POROFESA E. M. BLAIKLOCK

[Motswedi wa Setshwantsho]

Background maps: Based on a map by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel.