Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Boloi

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Boloi

 Se o Tshwanetseng go se Itse ka Boloi

GO THATA go tlhalosa boloi jwa motlha wa rona. Go ntse jalo ka go bo batho ba ba bo dirisang ba farologane thata. Ga ba na molao kana thuto kana buka e e boitshepo e le nngwe e e ka dirang gore ba dumele selo se le sengwe fela. Mme gape ba a farologana ka dingwao, mekgatlho, meetlo le ka boikutlo jwa gore ba tla obamela medimo efe. Mokwadi mongwe o akgela jaana: “Mo go tsa masaitseweng go na le ‘mefuta e mentsintsi’ ya megopolo e o ka tlhophang mo go yone.” Mokwadi yo mongwe o ne a re: “Bontsi jwa Badumedi ba Mofuta o Mosha wa Boheitane ba ganetsana mo e ka nnang ka sengwe le sengwe.”

Mo bathong ba le bantsi, dikganetsano tseo ga se bothata. Buka nngwe e e kaelang baloi ba ba tlhoafetseng e bolela jaana: “Fa o lebane le tshedimosetso nngwe e e bonalang e ikganetsa, sekaseka tshedimosetso eo mme o dire tshwetso ya gore wena o tla latela eng. Latela se tlhaloganyo ya gago e go se bolelelang. Ka mantswe a mangwe, gololesega go itlhophela dibuka le fa e le dife tsa meetlo tse di tla go thusang go dira tshwetso ya se se utlwalang se siame.”

Mo bathong ba ba lemogang boammaaruri, go ikganetsa go go ntseng jalo ke bothata. Boammaaruri ke boammaaruri, ke selo se e leng sa mmatota. Dilo ga di nne boammaaruri fela ka go bo motho a akanya kana a solofela kana a dumela gore di boammaaruri. Ka sekai, ka nako nngwe dingaka di ne di dumela gore ba ka kgona go fodisa nyumonia ka go sega koko e e tshelang dikarolo tse pedi mme ba bo ba baya dikarolo tseo mo godimo ga sehuba sa molwetse. Ga go na pelaelo gore balwetse ba le bantsi ba ne ba dumela thata gore tsela eo ya kalafi e tla ba fodisa. Le fa go ntse jalo, go dumela le go solofela jalo ga bone go ne go sa tsamaisane le boammaaruri—tsela e e ntseng jalo ya kalafi ga e fodise nyumonia. Batho ga ba dire boammaaruri; ba leka go bo tlhaloganya.

Baebele e bolela gore e na le boammaaruri ka dilo tsa semoya. Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a raya Rraagwe jaana mo thapelong: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe.” (2 Timotheo 3:16) Batho ba le bantsi ba ba dirisang boloi ga ba dumalane le seo. Go na le moo, ba batla go tlhotlhelediwa le go kaelwa ke ditlhamane, bodumedi jwa bogologolo le dibaesekopo tsa ditlhamane tsa saense. Gone mme, a ga go utlwale gore bobotlana motho a sekaseke se Baebele e se bolelang? Tota e bile, e tsewa e le buka e e boitshepo mo e ka nnang mo lefatsheng lotlhe. E bile gape ke nngwe ya dibuka tsa bodumedi tse di kgologolo thata tse di sa ntseng di le teng. Baebele e ile ya kwalwa mo lobakeng lwa dingwaga di le 1 600, le fa go ntse jalo dithuto tsa yone tsotlhe di a dumalana. A re bapise dithuto tsa Baebele le ditumelo dingwe tse di tlwaelegileng tse batho ba ba rotloetsang boloi ba nang le tsone gompieno.

 Ke Bomang ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya?

Potso ya konokono e e bodiwang go tlhaloganya dilo tsa semoya ke gore, Ke bomang ba ba nnang kwa lefelong la moya? Le mororo bontsi jwa baloi ba motlha wa rona e le batho ba ba dumelang mo dilong tsa tlholego ba ba dumelang mo medimong e mentsintsi, ba bangwe ba obamela mmamodimogadi, yo o tsewang a na le boemo jwa batho ba le bararo, jwa go nna kgarebe, mmè le mosadimogolo, a emela dikarolo tse dikgolo tsa botshelo. Moratiwa wa gagwe ke modimo yo o nang le dinaka. Baloi ba bangwe ba obamela modimo mmogo le modimogadi. Mokwadi mongwe o bolela jaana: “Modimogadi le Modimo ba tsewa ba emela maatla a bongtshadi le a bongtona a tlholego. Mongwe le mongwe wa bone [a na le] botho jo bo kgethegileng jo e reng fa bo kopanngwa bo dire gore go nne le go dumalana mo botshelong.” Mokwadi yo mongwe o kwala jaana: “Sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata mo Boloing tse motho a tshwanelwang ke go di tlhopha ke medimo (Medimo/Medimogadi) e o tla berekang le yone. . . . Boitseanape jo, bo dira gore o nne le kgololesego ya go tlhopha mme go tswa foo o bo o obamela Medimo e o e itlhophetseng.”

Ga go na epe ya megopolo eno e Baebele e e tshegetsang. Jesu Keresete o ne a dirisa nako ya bodiredi jwa gagwe jotlhe go ruta batho ba bangwe ka Jehofa, “Modimo o o osi wa boammaaruri.” (Johane 17:3) Baebele ya re: “Jehofa o mogolo, o na le go bakwa segolo, le gone o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela.”—1 Ditirafalo 16:25, 26.

Go tweng ka Diabolo? Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa boloi e le “go buisana le diabolo.” Go tla nna thata gompieno go bona moloi yo o tla dumalanang le tlhaloso eno, ka gonne ba le bantsi ba bone ga ba dumele le e leng gore Satane Diabolo o teng. Mosadi mongwe yo mosha yo The Irish Times e mo tlhalosang e le “moloi wa maemo a a kwa godimo le moeteledipele wa setlhopha sengwe sa maemo a a kwa godimo sa baloi kwa Ireland,” o tlhalosa jaana: “Fa o dumela gore Diabolo o teng go raya gore o amogela Bokeresete . . . [Diabolo] a ka se ka a nna teng mo tikologong e go se nang Modimo mo go yone.”

Baebele e tlhomamisa gore Diabolo o gone e bile ya re ke ene a bakang go boga go gontsi le tlhakatlhakano e e mo lefatsheng. (Tshenolo 12:12) Jesu ga a ka a ruta fela gore Diabolo o gone mme gape o ne a bontsha gore go ka kgonega gore motho a dire go rata ga ga Diabolo a sa lemoge. Ka sekai, baeteledipele ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba ipona ba siame ba ne ba bolela gore ka tsela nngwe ke barwa ba Modimo mme ba dumela gore ba dira go rata ga Modimo. Mme Jesu yo o neng a kgona go lemoga se se mo dipelong tsa bone, o ne a itse gore ga go a nna jalo. O ne a ba bolelela jaana ka tlhamalalo: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona.” (Johane 8:44) Mo godimo ga moo, buka ya Baebele ya Tshenolo e bolela gore Diabolo “o [timetsa] lefatshe lotlhe le le nang le banni.”—Tshenolo 12:9.

A Mofuta Mongwe wa Boselamose o Siame?

Gone mme, boselamose ga bo bolo go nna bo amanngwa le masaitseweng. * Batho ba le bantsi ba bogologolo le ba motlha wa rona ba dumela gore boselamose jo bo dirisiwang ke baloi bo dirisediwa go gobatsa ba bangwe. Gantsi go tsewa gore baloi ba na le maatla a go utlwisa botlhoko le a go bolaya ka go dirisa boselamose. Go tswa bogologolo, baloi ba ile ba pegwa molato wa mo e ka nnang bomadimabe  bongwe le bongwe, go akaretsa bolwetse, loso le go se gole sentle ga dijalo.

Gompieno baloi ba ganetsa ditatofatso tse di ntseng jalo thata. Le fa gone ba dumela gore ka dinako dingwe go na le moloi mongwe yo o bolotsana yo o ratang bosula, bontsi jwa bone ba bolela gore ba dirisa boselamose jwa bone go solegela batho molemo e seng go ba gobatsa. Baloi ba ruta gore ditlamorago tsa boselamose di tla boela mo mothong yo o bo dirisang go menagane gararo mme ba bolela gore ke sone selo se segolo se se ba thibelang go hutsa batho. Dikai tsa boselamose jono jo bo siameng bo akaretsa go loa go itshireletsa, go leleka mewa epe fela e e gobatsang mo ntlong ya gago e e tlogetsweng ke bahiri ba ba neng ba nna foo pele ga gago, go dira gore motho a go rate, go dira gore o fole le gore o nne le botsogo jo bontle, go dira gore o se ka wa latlhegelwa ke tiro ya gago le gore o bone madi. E re ka go bolelwa gore boloi bo na le maatla a magolo jaana, ga go gakgamatse go bo bo ratiwa thata jaana.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e dire pharologano epe fa gare ga boselamose jo bo siameng le jo bo sa siamang. Mo Molaong o o neng o filwe Moshe, Modimo o ne a tlhalosa sentle gore o ikutlwa jang. O ne a bolela jaana: “Lo se ka lwa dira maselamose.” (Lefitiko 19:26, NW) Re bala gape jaana: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe tse di bolelelang pele isagwe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya.”—Duteronome 18:10, 11NW.

Ke eng fa Modimo a ne a bolela jalo? Ga se ka go bo a sa batle gore re nne le dilo tse di tla re solegelang molemo. Jehofa o ne a naya batho ba gagwe melao eno ka gonne o ne a ba rata mme a sa batle gore ba boife le go dumela botlhodi. Mo boemong jwa seo, o laletsa batlhanka ba gagwe gore ba kope ene dilo tse ba di tlhokang. Ke Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Moaposetoloi Johane o ne a tlhomamisetsa badumedikaene jaana: “Lefa e le eng se re se kopang re se amogela mo go one [Modimo], ka gonne re boloka ditaolo tsa one mme re dira dilo tse di itumedisang mo matlhong a one.”—1 Johane 3:22.

Go Tweng ka Mewa e e Bosula?

Baloi ba le bantsi ba dumalana le Baebele mo ntlheng eno: Go na le mewa e e bosula. Mo tlhamong nngwe mmueledi mongwe wa boloi o tlhagisa jaana: “Mewa e teng: E a tshela mo lefatsheng le le sa bonaleng le le tshwanang le la rona, ke dibopiwa tse di tshelang. . . . Mafoko ‘Sedimo,’ ‘Mowa o o Bosula’ le ‘Ledimona’ a tshwanela tota. Mewa eno e maatla thata. . . . E botlhale thata . . . e kgona (fa mongwe a rata go e thusa ka go e bulela kgoro) go tsena mo lefatsheng la rona. . . . E kgona go tsena mo mmeleng wa gago . . . , e bo e go laola ka  tsela nngwe. Ee, go ntse fela jaaka dikgang tsa bogologolo tse di buang ka batho ba ba tsenweng ke Badimona.”

Mo metlheng ya Baebele, go tsenwa ke badimona go ne go bogisa batho ka ditsela tse di farologaneng. Bangwe ba batho ba ba neng ba tsenwa ke badimona ba ne ba sa kgone go bua, bangwe ba ne ba foufala mme ba bangwe ba ne ba tshwana le batho ba ba tsenwang mme ba bangwe ba ne ba nna le maatla a a fetang a batho. (Mathaio 9:32; 12:22; 17:15, 18; Mareko 5:2-5; Luke 8:29; 9:42; 11:14; Ditiro 19:16) Ka dinako tse dingwe botlhoko bo ne bo gakatswa ke fa motho a tsenwe ke badimona ba le bantsi ka nako e le nngwe. (Luke 8:2, 30) Ka gone he, go na le mabaka a a utlwalang a go bo Jehofa a tlhagisa batho gore ba kgaogane le boloi le ditiro tse dingwe tsa masaitseweng.

Bodumedi jo bo Theilweng mo Boammaaruring

Batho ba le bantsi ba ngokiwa ke boloi gompieno ka gore bo bonala e le bodumedi jo bo se nang molato, jo bo seng kotsi e bile e le jwa tlholego. Bo amogetswe mo ditšhabeng dingwe. Ga bo boifiwe. Go na le moo, gantsi bo tsewa e le selo se se tlwaelegileng. Mo mafelong a kgololesego ya bodumedi e dirang gore batho ba le bantsi ba amogele le dilo tse di tshosang, boloi bo tlotliwa thata.

Ebu, bodumedi e setse e le selo se mo go sone batho ba kgonang go itlhophela ka kgololesego se ba se tlhokang, fela jaaka motho a ka ithekela ditlhako. Go farologana le seo, Jesu o ne a bua ka ditsela tse pedi fela tse motho a ka di tlhophang. O ne a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro yone e le tshesane le tsela e pitlagane e e isang botshelong, mme ba ba e bonang e le ba ba mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) Totatota, re gololesegile go itlhophela tsela e re batlang go tsamaya ka yone. Mme e re ka boitumelo jwa rona jo bo nnetseng ruri bo le mo kotsing, se re se tlhophang se botlhokwa thata. Gore re tle re sedifalelwe semoyeng, re tshwanetse go latela tsela ya boammaaruri—tsela e e fitlhelwang fela mo Lefokong la Modimo e leng Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Ka Seesemane, bangwe ba e peleta ka gore “magick” go farologanya fa gare ga masaitseweng le boselamose jo bo dirwang mo seraleng. Bona Tsogang! ya September 8, 1993 tsebe 12 “A Go Dirisa Maselamose go na le Kotsi Nngwe?”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Gompieno batho ba le bantsi ba tsaya boloi e le bodumedi jwa tlholego jo bo se nang molato

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Boselamose ga bo bolo go nna bo amanngwa le masaitseweng

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

A batho ba ba dirisang boloi ba dira go rata ga ga Diabolo ba sa lemoge?

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Baebele e senola tsela ya boammaaruri