Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itse “Mogopolo wa ga Keresete”

Go Itse “Mogopolo wa ga Keresete”

 Go Itse “Mogopolo wa ga Keresete”

“‘Ke mang yo o simolotseng go itse mogopolo wa ga Jehofa, gore a tle a mo laye?’ Mme rona ruri re na le mogopolo wa ga Keresete.”—1 BAKORINTHA 2: 16.

1, 2. Jehofa o ile a bona go tshwanela gore a senole eng ka Jesu mo Lefokong la gagwe?

JESU o ne a lebega jang? Moriri wa gagwe o ne o na le mmala o o ntseng jang? letlalo la gagwe? matlho one? O ne a le moleele go le kana kang? O ne a na le bokete jo bo kana kang? Go ralala makgolokgolo a dingwaga, bataki ba ile ba tshwantsha Jesu ka ditsela tse di sa tshwaneng, bangwe e le ka tsela e e feteletseng thata ba bangwe bone e le ka e e sa fetelelang. Ba bangwe ba ile ba mo tshwantsha e le monna wa senatla le yo o matlhagatlhaga, fa ba bangwe bone ba ile ba mo tshwantsha e le motho yo o bokoa yo o seng matlhagatlhaga.

2 Le fa go ntse jalo, Baebele ga e lebise tlhokomelo thata mo ditebegong tsa ga Jesu. Go na le moo, Jehofa o ile a bona go tshwanela gore a senole sengwe se se botlhokwa go gaisa: botho jwa ga Jesu. Dipego tsa Efangele ga di senole fela dilo tse Jesu a ileng a di bua le go di dira, mme gape di senola maikutlo a a boteng le tsela ya gagwe ya go akanya e e amanang le dilo tse a ileng a di bua le go di dira. Dipego tseno tse nnè tse di tlhotlheleditsweng di re thusa go sekaseka se moaposetoloi Paulo a ileng a re ke “mogopolo wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Go botlhokwa gore re itse megopolo, maikutlo le botho jwa ga Jesu. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya mabaka a mabedi.

3. Go itse mogopolo wa ga Keresete go ka re thusa go nna le kitso efe?

 3 La ntlha, go itse mogopolo wa ga Keresete go re thusa go nna le lesedinyana ka mogopolo wa ga Jehofa Modimo. Jesu o ne a itse Rraagwe thata jaana mo a neng a ka re: “Gore Morwa ke mang ga go yo o itseng fa e se Rara; gape gore Rara ke mang, ga go yo o itseng fa e se Morwa, le ene yo Morwa a ratang go mo mo senolela.” (Luke 10:22) Go ne go ntse jaaka e kete Jesu o ne a re, ‘Fa lo batla go itse gore Jehofa o ntse jang, ntebeng.’ (Johane 14:9) Ka gone, fa re ithuta se Diefangele di re senolelang sone ka tsela ya ga Jesu ya go akanya le e a neng a ikutlwa ka yone, tota re ka re, re a bo re ithuta tsela ya ga Jehofa ya go akanya le e a ikutlwang ka yone. Kitso e e ntseng jalo e re thusa go tsalana thata le Modimo wa rona.— Jakobe 4:8.

4. Fa ruri re batla go dira dilo jaaka Keresete, ke eng se pele re tshwanetseng go se ithuta, mme ka ntlha yang?

4 La bobedi, go itse mogopolo wa ga Keresete go re thusa go “latel[a] dikgato tsa gagwe sentlentle.” (1 Petere 2:21) Go etsa Jesu ga se kgang fela ya go kgona go boeletsa mafoko a a ileng a a bua le go dira dilo tse a di dirileng. E re ka se motho a se buang le se a se dirang se tlhotlhelediwa ke dikakanyo le maikutlo a gagwe, go latela Keresete go re tlhoka gore re leke go nna le ‘boikutlo jwa mogopolo’ jo a neng a na le jone. (Bafilipi 2:5) Ka mafoko a mangwe, fa ruri re batla go dira dilo jaaka Keresete, re tshwanetse pele re ithute go akanya le go ikutlwa jaaka ene, go ya kafa rona batho ba ba sa itekanelang re ka kgonang ka teng. A jaanong re sekasekeng mogopolo wa ga Keresete re thusiwa ke bakwadi ba Diefangele. Re tla simolola pele ka go tlotla ka dilo tse di neng tsa tlhotlheletsa tsela e Jesu a neng a akanya ka yone le e a neng a ikutlwa ka yone.

Botshelo Jwa Gagwe Pele e Nna Motho

5, 6. (a) Batho ba re tsalanang le bone ba ka nna le tlhotlheletso e e ntseng jang mo go rona? (b) Morwa wa Modimo wa motsalwapele o ne a na le botsala jo bo ntseng jang kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng mme seno se ile sa mo ama jang?

5 Batho ba re tsalanang thata le bone ba ka nna le tlhotlheletso mo go rona, ba tlhotlheletsa tsela ya rona ya go akanya, maikutlo le ditiro, ka tsela e e molemo kana e e bosula. * (Diane 13:20) Akanya ka botsala jo Jesu a neng a na le jone kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng. Fa Efangele ya ga Johane e bua ka botshelo jwa ga Jesu pele ga e nna motho, e mmitsa “Lefoko,” kana Mmueledi wa Modimo. Johane a re: “Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone, mme Lefoko o ne a na le Modimo, mme Lefoko e ne e le modimo. Yono mo tshimologong o ne a na le Modimo.” (Johane 1:1, 2) E re ka Jehofa a se na tshimologo, fa go twe Lefoko o ne a na le Modimo go tloga mo “tshimologong” go tshwanetse ga bo go buiwa ka tshimologo ya ditiro tsa Modimo tsa popo. (Pesalema 90:2) Jesu ke “motsalwapele wa tlhōlō yotlhe.” Ka gone, o ile a nna gone pele ga go bopiwa dibopiwa tse dingwe tsa semoya le lobopo.—Bakolosa 1:15; Tshenolo 3:14.

6 Go ya ka fa borasaense bangwe ba fopholetsang ka teng, lobopo lo ka tswa lo na le dimilione di le dikete tse 12 lo ntse lo le gone. Fa e le gore se ba se fopholetsang se boammaaruri, he Morwa wa Modimo wa motsalwapele o ne a fetsa dimilionemilione tsa dingwaga a tsalana thata le Rraagwe pele Adame a bopiwa. (Bapisa Mika 5:2.) Ka jalo boobabedi ba ile ba nna le botsala jo bogolo. Go buiwa ka Morwa yono wa motsalwapele e le mothofatso wa botlhale jaana: “Ka nna yo o neng a ratwa ke [Jehofa] ka mo go kgethegileng letsatsi le letsatsi, ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe.” (Diane 8:30, NW) Ga go pelaelo gore dingwaga tse di se nang palo tse Morwa wa Modimo a di feditseng a tsalana thata le Motswedi wa lorato di ile tsa nna le tlhotlheletso e kgolo mo go ene! (1 Johane 4:8) Morwa yono o ne a kgona go itse le go etsa megopolo, maikutlo le ditsela tsa ga Rraagwe go feta motho ope o sele.—Mathaio 11:27.

Botshelo Jwa mo Lefatsheng le Dilo Tse di Neng Tsa mo Tlhotlheletsa

7. Lengwe la mabaka a go bo go ne go tlhokega gore Morwa wa Modimo wa motsalwapele a tle mo lefatsheng ke lefe?

7 Morwa wa Modimo o ne a na le dilo tse dintsi go di ithuta ka gonne boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le go thusa Morwa wa gagwe go nna Moperesiti yo Mogolo yo o kutlwelobotlhoko yo o kgonang go “re utlwela botlhoko ka makoa a rona.” (Bahebera 4:15) Lengwe la mabaka a go bo Morwa a ile a tshwanelwa ke go tla mo lefatsheng go tla go nna motho e ne e le gore a tle go dira dilo tse di batlegang mo tirong eno ya gagwe. Fa Jesu a le mono e le motho wa nama le madi, o ne a lebana le maemo le dilo tse pele a neng  a tlhola a di bona fela a le kwa legodimong. Jaanong o ne a kgona go ikutlwela ka namana gore batho ba ikutlwa jang. Ka dinako tse dingwe o ne a tle a lape, a nyorwe le go tshwarwa ke tlala. (Mathaio 4:2; Johane 4:6, 7) Mo godimo ga moo, o ne a itshokela maemo le dipogo tsa mefuta yotlhe. Ka jalo o ne “a ithuta kutlo” mme a tshwanelegela tiro ya gagwe ya go nna Moperesiti yo Mogolo sentle.—Bahebera 5:8-10.

8. Ke eng se re se itseng ka botshelo jwa ga Jesu fa a sa le mmotlana mo lefatsheng?

8 Go tweng ka dilo tse di neng tsa diragalela Jesu mo lefatsheng fa a sa le mmotlana? Pego ya botshelo jwa gagwe fa e sa le ngwana e khutshwane tota. Tota e bile, ke Mathaio le Luke fela ba ba ileng ba tlhalosa ditiragalo tse di amanang le go tsholwa ga gagwe. Bakwadi ba Efangele ba ne ba itse gore Jesu o ne a tshela kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng. Botshelo joo jwa pele ga a tla go nna motho ka bojone, bo tlhalosa go feta dilo tsotlhe tse dingwe gore o ne a nna motho yo o ntseng jang. Le fa go ntse jalo, Jesu e ne e le motho yo o feletseng. Le mororo a ne a itekanetse, o ne a tshwanelwa ke go gola go tloga boseeng go fetela mo bongwaneng le mo bosheng le go tsena mo dingwageng tsa bogolo, a tla a ntse a ithuta. (Luke 2:51, 52) Baebele e senola dilo dingwe ka botshelo jwa ga Jesu fa a sa le mmotlana tse kwantle ga pelaelo di ileng tsa mo ama.

9. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o tsholetswe mo lelapeng le le humanegileng? (b) Go ka direga gore Jesu o goletse mo maemong a a ntseng jang?

9 Ga go pelaelo gore Jesu o ile a tsholelwa mo lelapeng le le humanegileng. Seno re se bona mo setlhabelong se Josefa le Marea ba neng ba se tlisa mo tempeleng malatsi a le 40 morago ga go tsholwa ga gagwe. Mo boemong jwa go tlisa phelehu go nna setlhabelo sa tshupelo le lephoi kana leeba go nna setlhabelo sa boleo, ba ne ba tlisa “sebedi sa maeba kgotsa maebarope a mannye a mabedi.” (Luke 2:24) Go ya ka Molao wa ga Moshe, setlhabelo seno se ne se ntshiwa fela ke bahumanegi. (Lefitiko 12:6-8) Fa nako e ntse e ya, lelapa leno la maemo a a kwa tlase le ne la oketsega. Josefa le Marea ba ba ile ba tshola bana ba bangwe ba ba ka nnang barataro ka tsela ya tlholego morago ga go tshola Jesu ka tsela ya kgakgamatso. (Mathaio 13:55, 56) Ka jalo Jesu o goletse mo lelapeng le legolo, gongwe e le la maemo a a kwa tlase.

10. Ke eng se se bontshang gore Marea le Josefa e ne e le batho ba ba boifang Modimo?

10 Jesu o godisitswe ke batsadi ba ba boifang Modimo ba ba neng ba mo tlhokomela. Mmaagwe e bong Marea, e ne e le mosadi yo o molemo tota. Gopola gore fa moengele Gabariele a ne a mo dumedisa o ile a re: “Dumela, wena yo o ratilweng segolo, Jehofa o na le wena.” (Luke 1:28) Josefa le ene e ne e le monna yo o ineetseng. Ngwaga le ngwaga o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara tse 150 a ya Tlolaganyong kwa Jerusalema ka boikanyegi. Marea le ene o ne a ya le ene le mororo go ne go laelwa banna fela go ya teng. (Ekesodo 23:17; Luke 2:41) Ka nako nngwe e e ntseng jalo, Josefa le Marea ba ne ba fitlhela Jesu wa dingwaga tse 12 a le mo tempeleng fa gare ga barutisi morago ga gore ba mo senke ka tlhoafalo. Jesu o ile a raya batsadi ba gagwe ba ba neng ba tlhobaela jaana: “A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?” (Luke 2:49) “Rre”—lefoko leo le tshwanetse la bo le ne le na le bokao jo bogolo le jo bo molemo mo go Jesu yo mmotlana. Go bonala a ile a bolelelwa gore Rraagwe wa mmatota ke Jehofa. Mo godimo ga moo, Josefa e tshwanetse ya bo e ile ya nna rre yo o godisitseng Jesu yo o molemo. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a ka se tlhophe monna yo o setlhogo go godisa Morwa wa Gagwe yo a mo ratang!

11. Ke tiro efe e Jesu a neng a e ithuta, mme mo metlheng ya Baebele, go dira tiro eno go ne go akaretsa eng?

11 Mo dingwageng tse Jesu a neng a di tshela kwa  Nasaretha, go bonala a ile a ithuta tiro ya go betla ka legong mo go rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefa. Jesu o ne a nna setswerere jaana mo tirong eno mo ene ka namana a neng a itsege e le “mmetli wa dikgong.” (Mareko 6:3) Mo motlheng wa Baebele, babetli ba legong ba ne ba thapelwa go aga matlo, go dira difanitšhara (go akaretsa ditafole, ditulo le dibanka) le go dira didirisiwa tsa temo. Mo bukeng ya gagwe ya Dialogue With Trypho, Justin Martyr wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., o ile a kwala jaana ka Jesu: “O ne a tlwaetse go dira tiro ya go betla ka legong fa a na le banna ba bangwe, ba dira megoma le dijokwe.” Tiro eo e ne e se motlhofo ka gonne go bonala babetli ba bogologolo ba legong ba ne ba sa kgone go ithekela legong. Go ka direga gore o ne a ya nageng go ya go tlhopha setlhare se se rileng, a se rema, a bo a tseela legong la sone kwa gae. Ka jalo Jesu a ka tswa a ne a itse dikgwetlho tsa go dira tiro ya boitshediso, go dirisana le bareki le go tlamela lelapa.

12. Ke eng se se bontshang gore go ka direga gore Josefa o ile a tlhokafala pele ga Jesu, mme seno se tshwanetse sa bo se ile sa kaya eng mo go Jesu?

12 E re ka Jesu e ne e le morwa yo mogolo, go ka direga gore o ne a thusa go tlamela lelapa, segolobogolo e re ka go bonala Josefa a ile a tlhokafala pele ga Jesu. * Zion’s Watch Tower ya January 1, 1900, e ne ya re: “Dipolelo tsa bogologolo di bolela gore Josefa o ile a tlhokafala ka nako ya fa Jesu a sa le mmotlana le gore Jesu o ile a ithuta tiro ya go betla ka legong mme ya nna ene yo o tlamelang lelapa. Seno se tshegediwa ke bosupi jwa Dikwalo mo Jesu ka boene a bidiwang mmetli wa legong mme go umakwa mmaagwe le bomonnawe mme Josefa ene a sa umakwe. (Mareko 6:3) . . . Jalo he, go ka direga thata gore lobaka lo loleele lwa dingwaga tse somerobedi lo Morena wa rona a lo tshetseng go tloga ka nako ya tiragalo [e e kwadilweng mo go Luke 2:41-49] go fitlha ka nako ya go kolobediwa ga gagwe, o lo feditse a dira ditiro tse di tlwaelegileng tsa botshelo.” Go ka direga gore Marea le bana ba gagwe, go akaretsa le Jesu, ba ne ba itse kutlobotlhoko e e nnang gone fa motho a tlhokafaletswe ke monna le rre yo a mo ratang.

13. Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, ke eng fa a ile a bo dira ka kitso, temogo le kamego e kgolo go gaisa motho ope o sele?

13 Go bonala sentle gore Jesu ga a tsholelwa mo lelapeng le le neng le tshela botshelo jwa manobonobo. Go na le moo, o ile a tshela botshelo fela jwa batho ba e seng ba maemo. Mme ka 29 C.E., nako e ne ya fitlha ya gore Jesu a diragatse tiro ya Modimo e e neng e mo letetse. Fa ngwaga oo o ya bofelong, o ne a kolobediwa mo metsing mme a tsalwa go nna Morwa wa Modimo wa semoya. ‘Legodimo le ne la mo bulegela,’ e leng se go bonalang se ne se supa gore jaanong o ne a ka gakologelwa botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong pele ga e nna motho, go akaretsa le megopolo le maikutlo a o neng a na le one pele. (Luke 3:21, 22) Ka jalo fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a dira jalo a na le kitso, temogo le kamego e kgolo go feta motho ope o sele. Ke gone ka moo bakwadi ba Diefangele ba ileng ba kwala bontsi jwa ditiragalo tse di malebana le bodiredi jwa ga Jesu. Le fa go le jalo, ba ile ba se ka ba kgona go kwala sengwe le sengwe se a ileng a se bua le go se dira. (Johane 21:25) Mme gone, se ba ileng ba tlhotlhelediwa go se kwala se re thusa go sekaseka mogopolo wa monna yono yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela.

Kafa Jesu a Neng A le Ka Teng

14. Diefangele di senola jang gore Jesu e ne e le monna yo o pelonomi yo o amegang ka batho?

14 Botho jo Diefangele di bo senolang ka Jesu ke jwa gore e ne e le monna yo o pelonomi yo o amegang ka batho. O ne a tle a amege maikutlo ka ditsela tse di farologaneng: o ile a tlhomogela molepero  pelo (Mareko 1:40, 41); a hutsafadiwa ke batho ba ba tlhogoethata (Luke 19:41, 42); a galefisiwa ka tsela e e siameng ke bogagapa jwa baananyi ba madi (Johane 2:13-17). E re ka Jesu e ne e le monna yo o akanyetsang ba bangwe, o ne a tle a lele mme o ne a se ke a fitlha maikutlo a gagwe. Ka nako ya fa tsala ya ga Jesu e a neng a e rata e bong Lasaro e ne e tlhokafetse, o ne a amiwa thata ke go bona kgaitsadia Lasaro e bong Marea a lela mo a neng a lela ene ka boene, a lela jalo a bonwa ke botlhe.—Johane 11:32-36.

15. Bopelonomi jwa ga Jesu bo ile jwa bonala jang mo tseleng e a neng a leba batho ba bangwe le go ba tshwara ka yone?

15 Bopelonomi jwa ga Jesu bo bonala segolobogolo ka tsela e a neng a leba batho ba bangwe le go ba tshwara ka yone. O ne a thusa batlhoki le batho ba ba gateletsweng, a ba thusa go ‘bonela mewa ya bone tapologo.’ (Mathaio 11:4, 5, 28-30) O ne a se ke a itlhokomolosa dilo tse batho ba ba bogang ba di tlhokang, e ka ne e le mosadi yo o neng a keleketlega madi yo ka tidimalo a neng a kgoma seaparo sa gagwe kana mokopi yo o foufetseng yo o neng a gana go didimala. (Mathaio 9:20-22; Mareko 10:46-52) Jesu o ne a leba dilo tse di molemo mo bathong mme o ne a ba akgolela tsone; le fa go ntse jalo, o ne a tle a kgaleme fa go tlhokega. (Mathaio 16:23; Johane 1:47; 8:44) Mo motlheng oo o basadi ba neng ba se na ditshwanelo tse di kalo, Jesu o ne a dirisana le bone ka tekatekano a ba tshwara ka seriti le go ba tlotla. (Johane 4:9, 27) Ga go gakgamatse go bo basadi bangwe ba ile ba ithaopela go dirisa di tsa bone go mo direla.—Luke 8:3.

16. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a dira dilo ka tekatekano mo botshelong e bile a leba dithoto ka tekatekano?

16 Jesu o ne a leba dilo ka tekatekano mo botshelong. O ne a sa tseye dithoto e le dilo tsa konokono. Go bonala a ne a se na dithoto tse dintsi. O ile a re “ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Mathaio 8:20) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a tle a dire gore batho ba itumele. Fa a ne a le kwa moletlong wa lenyalo—tiragalo e e neng e itsege ka mmino, go opela le boipelo—go bonala sentle gore ga a ka a fitlha a sulafatsa mokete oo. Ee, Jesu o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha koo. Fa beine e sena go fela, o ne a fetola metsi go nna beine e e monate, e leng seno se se “ipedisang pelo ya motho.” (Pesalema 104:15; Johane 2:1-11) Ka jalo mokete oo o ne o ka tswelela pele, mme ga go pelaelo gore seo se ne sa namola monyadi le monyadiwa mo maswabing. Go dira dilo ga ga Jesu ka tekatekano gape go bonala mo kgannyeng ya gore go na le dinako tse dintsi tse a umakwang a dira nako e telele e bile a dira ka natla mo bodireding.—Johane 4:34.

17. Ke eng fa go sa gakgamatse go bo Jesu e ne e le Morutisi wa Setswerere, mme se a neng a se ruta se ne sa senola eng?

17 Jesu e ne e le Morutisi wa Setswerere. Bontsi jwa dilo tse a neng a di ruta di ne di amana le dilo tsa mmatota tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi tse a neng a tlwaelane le tsone sentle. (Mathaio 13:33; Luke 15:8) Mokgwa wa gagwe wa go ruta o ne o sa tshwane le ope—o utlwala sentle, o sa raraana e bile o le molemo. Se se neng se le botlhokwa thata ke dilo tse a neng a di ruta. Dilo tse a neng a di ruta di ne di bontsha keletso e kgolo e a nang le yone ya go tlwaelanya bareetsi ba gagwe le megopolo, maikutlo le ditsela tsa ga Jehofa.—Johane 17:6-8.

18, 19. (a) Jesu o ile a tlhalosa Rraagwe ka dipapiso dife tse di utlwalang? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Gantsi Jesu o ne a dirisa dipapiso go tlhalosa Rraagwe ka tsela e e utlwalang sentle e go neng go ka se nne motlhofo go e lebala. Go ka buiwa ka tsela ya go akaretsa fela gore Modimo o kutlwelobotlhoko. Mme seno se utlwala botoka le e leng go feta fa Jehofa a tshwantshiwa le rre yo o kutlwelobotlhoko yo o amiwang pelo thata ke go bona morwawe a boela gae mo a neng “a siana a wela mo molaleng wa gagwe a ba a mo atla ka tlekeetso.” (Luke 15:11-24) Jesu o ile a gana go tlhotlhelediwa ke ngwao e e gatelelang ya baeteledipele ba bodumedi ba ba neng  ba nyatsa batho ba e seng ba maemo, ka go tlhalosa gore Rraagwe e ne e le Modimo yo o atamelesegang yo o neng a sekegela tsebe boikuelo jwa boikokobetso jwa mokgethisi go na le go reetsa thapelo ya boikgantsho ya Mofarasai yo o boikgogomoso. (Luke 18:9-14) Jesu o ne a tlhalosa Jehofa e le Modimo yo o amegang yo o tsayang tsia le thaganyana e nnye e e welang fa fatshe. Jesu o ile a nametsa barutwa ba gagwe pelo jaana: “Se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29, 31) Ga go gakgamatse go bo batho ba ne ba gakgamadiwa ke ‘tsela ya ga Jesu ya go ruta’ mme ga ba ngokela kwa go ene. (Mathaio 7:28, 29) Ebu, nako nngwe “boidiidi jo bogolo” bo ne jwa nna gaufi le ene ka malatsi a le mararo, ba se na sepe sa go ja!—Mareko 8:1, 2.

19 Re ka leboga Jehofa go bo a re senoletse mogopolo wa ga Keresete mo Lefokong la gagwe! Le fa go ntse jalo, re ka leka jang go nna le mogopolo wa ga Keresete le go o supa fa re dirisana le ba bangwe? Go tla tlotliwa ka seno mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Kgang ya gore dibopiwa tsa semoya di ka tlhotlhelediwa ke ba di tsalanang le bone e bonala mo go Tshenolo 12:3, 4. Mo go yone Satane o tlhalosiwa e le “kgogela” e e neng ya kgona go dirisa tlhotlheletso ya yone go dira gore “dinaledi” tse dingwe, kana barwa ba semoya, ba tsuologe le ene.—Bapisa Jobe 38:7.

^ ser. 12 Lekgetlo la bofelo le Josefa a umakwang ka lone ke la fa Jesu a fitlhelwa kwa tempeleng a le dingwaga tse 12. Ga go umakwe gore Josefa o ne a le gone mo moletlong wa lenyalo wa kwa Kana fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe. (Johane 2:1-3) Ka 33 C.E., Jesu yo o neng a bapotswe o ne a kopa moaposetoloi yo o mo ratang thata e bong Johane gore a sale a tlhokometse Marea. Ga go bonale Jesu a ne a ka dira jalo fa e le gore Josefa o ne a sa ntse a tshela.—Johane 19:26, 27.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore re itse “mogopolo wa ga Keresete”?

• Jesu o ne a na le botsala jo bo ntseng jang pele ga e nna motho?

• Ke maemo le dilo dife tse Jesu a neng a lebana le tsone ka namana ka nako ya fa a tshela mo lefatsheng?

• Diefangele di senola eng ka botho jwa ga Jesu?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o goletse mo lelapeng le legolo, gongwe e le la maemo a a kwa tlase

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Barutisi ba ne ba gakgamadiwa ke kitso le dikarabo tsa ga Jesu wa dingwaga tse 12