Tlhagolela Kamano e e Atamelaneng Thata le Jehofa
Tlhagolela Kamano e e Atamelaneng Thata le Jehofa
“ATAMELANG Modimo, mme o tla lo atamela,” go ne ga kwala jalo morutwa Jakobe. (Jakobe 4:8) Mme mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang.” (Pesalema 25:14, NW) Go bonala sentle gore Jehofa Modimo o batla gore re nne le botsalano jo bo atamelaneng thata le ene. Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o obamelang Modimo le go ikobela melao ya gagwe yo o ikutlwang a atamelane thata le ene.
Go tweng ka wena? A o na le katamalano e e atamelaneng thata le Modimo? Ga go belaetse gore o batla go nna gaufi thata le ene. Re ka aga botsalano jo bo atamelaneng thata le Modimo jang? Seno se tla bolela eng mo go rona? Kgaolo ya boraro ya buka ya Baebele ya Diane e araba dipotso tseno.
Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato le Boammaaruri
Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o simolola kgaolo ya boraro ya Diane ka mafoko ano: “Morwaaka, o se ka wa lebala molao wa me, mme a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me, gonne di tlaa go okeletsa boleele jwa malatsi, le dinyaga tsa botshelo, le kagiso.” (Diane 3:1, 2) Ka gonne Solomone a ne a kwala a tlhotlhelediwa ke Modimo, kgakololo eno e e tshwanang le ya ga rre, ruri e tswa kwa go Jehofa Modimo e tlisiwa mo go rona. Fano re gakololwa gore re tshele ka dikgakololo tsa Modimo—molao kana thuto ya gagwe, le ditaolo tsa gagwe—tse di kwadilweng mo Baebeleng. Fa re dira jalo, re tla “[okelediwa] boleele jwa malatsi, le dinyaga tsa botshelo, le kagiso.” Ee, tota le jaanong re ka ipelela botshelo jo bo tletseng kagiso mme re ka kgona go tila dilo tse di re tsenyang mo kotsing ya go swa pele ga nako tse gantsi di diragalelang baikepi. Mo godimo ga moo, re ka ipelela tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la kagiso.—Diane 1:24-31; 2:21, 22.
Solomone o bolela jaana fa a tswelela: “A [“bopelonomi jwa lorato,” NW] bo se go tlogele le boammaaruri. O di bofelele mo thamong ya gago. O di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago, jalo o tlaa bona botsalano le tlotlego mo ponong ya Modimo le ya motho.”—Diane 3:3, 4.
Lefoko la puo ya ntlhantlha la “bopelonomi jwa lorato” le ka ranolwa gape e le “lorato lo lo ikanyegang” mme le akaretsa boikanyego, go nna seoposengwe, le boikanyegi jo bo nitameng. A re ititeile sehuba go nna re ngaparetse Jehofa go sa kgathalasege gore go direga eng? A re bontsha bopelonomi jwa lorato mo dikamanong tsa rona le badumedikarona? A re dira ka natla gore re nne re atamelane le bone? Fa re dirisana le bone letsatsi le letsatsi, a re boloka ‘molao wa bopelonomi jwa lorato mo lolemeng lwa rona’ le eleng fa re lebane le maemo a a thata?—Diane 31:26, NW.
Ka gonne Jehofa a tletse bopelonomi jo bo lorato, o “iketleeditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Fa re ikwatlhaetse maleo a rona a nako e e fetileng mme jaanong re tlhamalatsa ditsela tsa rona, re a tlhomamisega gore “dipaka tse di lapolosang” di tla tswa kwa go Jehofa. (Ditiro 3:19, NW) A ga re a tshwanela go etsa Modimo wa rona ka gore le rona re itshwarele ba bangwe ditlolo tsa bone?—Mathaio 6:14, 15.
Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri,” mme o batla gore batho bao ba batlang go atamelana Pesalema 31:5) A ruri re ka lebelela gore Jehofa e nne Tsala ya rona fa re tshela botshelo jo bo gabedi—re itshwara ka tsela e e rileng fa re na le Bakeresetekarona mme fa ba sa re bone re itshwara ka tsela e nngwe—jaaka “batho ba boithamako” ba ba fitlhang se ba leng sone? (Pesalema 26:4) A bo seo e tla bo e le boeleele jang ne, ka gonne “dilo tsotlhe ga di a ikatega e bile di mo mpaananeng fela mo matlhong” a ga Jehofa!—Bahebera 4:13.
thata le ene ba nne “boammaaruri.” (Bopelonomi jwa lorato le boammaaruri di tshwanetse go lejwa di le tlhwatlhwakgolo jaaka sebaga se se tlhwatlhwakgolo se se ‘bofeletsweng mo dithamong tsa rona,’ ka gonne di re thusa go ‘bona botsalano mo ponong ya Modimo le ya motho.’ Ga re a tshwanela go bontsha dinonofo tseno ka fa ntle fela mme gape re tshwanetse go di gaba ‘mo sekwalelong sa dipelo tsa rona,’ re di dire karolo ya botlhokwa thata ya botho jwa rona.
Ikanye Jehofa ka Botlalo
Kgosi e e botlhale e tswelela jaana: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo [“tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago,” NW] mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.
Ruri Jehofa o tshwanelwa ke go ikanngwa ka botlalo. Ka e le Mmopi, o “nonofile mo thateng” e bile ke Motswedi wa “bogolo jwa nonofo.” (Isaia 40:26, 29) O kgona go diragatsa sengwe le sengwe se a ikaeletseng sone. E bile kana, totatota lone leina la gagwe le kaya “O Dira Gore go Diragale,” mme le dira gore re nne le tshepo e e feletseng ya gore o kgona go diragatsa se a se solofeditseng! Lebaka la go bo “go sa [kgonege] gore Modimo o ake” le mo dira sekao fa go tla mo go bueng boammaaruri. (Bahebera 6:18) Nonofo ya gagwe e e tlhomologileng thata ke lorato. (1 Johane 4:8) O “siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe e bile o ikanyega ka nitamo mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.” (Pesalema 145:17, NW) Fa re sa ikanye Modimo, re ka ikanya mang? Gone mme, gore re tle re mo ikanye, re tlhoka go “[leka le go bona] fa Jehofa a le molemo” ka gore re tseye se re se ithutang mo Baebeleng mme re se dirise mo matshelong a rona le go bontsha melemo e re e bonang go tswa mo dilong tseno tse re di ithutang.—Pesalema 34:8.
Re ka ‘tsaya Jehofa tsia jang mo ditseleng tsotlhe tsa rona’? Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o bolela jaana: “Mme ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago. Ke tla akanya ka ditiro tsa gago.” (Pesalema 77:12, NW) Ka re sa kgone go bona Modimo, go botlhokwa thata gore re tlhatlhanye ka ditiro tsa gagwe tse dikgolo le ka ditsela tse a dirisanang le batho ba gagwe ka tsone fa re batla go atamelana gaufi thata le ene.
Gape thapelo ke tsela e nngwe ya botlhokwa ya go tsaya Jehofa tsia. Kgosi Dafide o ne a tlhola a biletsa kwa go Jehofa “letsatsi lotlhe fela.” (Pesalema 86:3) Gantsi Dafide o ne a rapela bosigo jotlhe, jaaka ka nako nngwe fa a ne a tshela jaaka motshabi kwa nageng. (Pesalema 63:6, 7) Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa jaana: “[Tswelelang] lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya.” (Baefeso 6:18) Re rapela gantsi go le kana kang? A re ipelela go buisana le Modimo go tswa pelong? Fa re lebane le maemo a a lekang, a re mo kopa gore a re thuse? A re senka kaelo ya gagwe ka thapelo pele re dira ditshwetso tse di botlhokwa? Dithapelo tsa rona tsa mmatota go Jehofa di dira gore a re rate. Mme re tlhomamisega gore o tla reetsa dithapelo tsa rona le go ‘siamisa ditselana tsa rona.’
A bo e le boeleele jang ne go ‘ikaega ka tlhaloganyo ya rona fela’ kgotsa ka tlhaloganyo ya batho ba maemo a a kwa godimo ba ba leng mo lefatsheng, fa re ne re ka bo re ka ikanya Jehofa ka botlalo! Solomone o bolela jaana: “O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago.” Mo boemong jwa moo, o tlhagisa jaana: “Boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula. E tlaa nna phodiso mo khubung ya gago, le moko mo marapong a gago.” (Diane 3:7, 8) Poifo e e siameng ya go boifa go se itumedise Modimo e tshwanetse go laola ditiro, megopolo, le maikutlo a rona. Go boifa go go ntseng jalo ka tshisimogo go re thibela go dira dilo tse di sa siamang e bile go a re alafa le go re lapolosa semoyeng.
Naya Jehofa Bojotlhe Jwa Gago
Re ka atamelana le Modimo ka tsela efe gape? Kgosi e laela jaana: “Tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo le ka mabutswapele a maungo otlhe a gago.” (Diane 3:9, NW) Go tlotla Jehofa go bolela go mo tseela kwa godimo le go mo tlotlomatsa phatlalatsa ka go nna le seabe le go ema nokeng tiro ya go bolela leina la gagwe phatlalatsa. Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse re tlotlang Jehofa ka tsone ke nako ya rona, bokgoni jwa rona, maatla a rona, le dithoto tsa rona. Tseno di tshwanetse go nna mabutswapele—bojotlhe jwa rona. A tsela e re dirisang dikhumo tsa rona ka yone ga ya tshwanela go supa gore re ititeile sehuba go ‘nna re senka pele bogosi le tshiamo ya Modimo’?—Mathaio 6:33.
Go tlotla Jehofa ka dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo go a duela eleruri. Solomone o tlhomamisa jaana: “Jalo mabolokelo a gago a tlaa tlala letlotlo, le dithatholelo tsa gago di tlaa penologa bojalwa jo boša.” (Diane 3:10) Le fa khumo ya semoya ka boyone e sa dire gore re nne le dikhumo, go dirisa dithoto tsa rona ka bopelotshweu go tlotla Jehofa, go tlisa masego a magolo. Go dira thato ya Modimo e ne e le “dijo” tse di nonotshang mo go Jesu. (Johane 4:34) Ka mo go tshwanang, go nna le seabe mo tirong e e galaletsang Jehofa ya go rera le go dira batho barutwa go a re nonotsha. Fa re dira tiro eno ka metlha, mabolokelo a rona a semoya a tla tlala letlotlo. Boipelo jwa rona—jo bo tshwantshediwang ke bojalwa jo bosha—bo tla penologa.
Gape, a ga re lebe kwa go Jehofa le go mo rapela gore a re neye dijo tse di lekaneng tsa letsatsi lengwe le lengwe? (Mathaio 6:11) Tota e bile, sengwe le sengwe se re nang le sone se tswa kwa go Rraarona yo o lorato wa selegodimo. Jehofa o tla re tshololela masego a mangwe gape go ya ka selekanyo se re dirisang dilo tse di botlhokwa tseno tsa rona ka sone go mo galaletsa.—1 Bakorintha 4:7.
Amogela Kotlhao ya ga Jehofa
Fa kgosi ya Iseraele e bontsha ka tsela e go leng botlhokwa ka teng go otlhaiwa gore re tle re atamelane thata le Jehofa, e re gakolola jaana: “Morwaaka, o se ka wa nyatsa kwatlhao ya ga Jehofa; le gone o se ka wa lapisiwa ke kgalemo ya gagwe, gonne yo Jehofa o mo ratang o tle a mo kgalemele, fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o mo natefelang.”—Diane 3:11, 12.
Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go amogela kotlhao. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke boammaaruri, ga go tshugo epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa, lefa go ntse jalo morago ga moo ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwele leungo la kagiso, e leng, tshiamo.” (Bahebera 12:11) Go kgalemiwa le go otlhaiwa ke dikarolo tsa botlhokwa thata tsa thapiso e e dirang gore re atamelane thata le Modimo. Kgalemelo ya ga Jehofa—re ka tswa re e amogela ka batsadi ba rona, ka phuthego ya Bokeresete, kana ka go tlhatlhanya ka Dikwalo ka nako ya fa re ithuta ka namana—e bontsha kafa a re ratang ka teng. Re botlhale fa re e amogela.
Ngangatlela Botlhale le Temogo
Morago ga moo, Solomone o gatelela botlhokwa jwa go nna le botlhale le go nna le temogo fa re tlhagolela botsalano jo bo atamelaneng thata le Modimo. O bolela jaana: “Go itumela motho yo o boneng botlhale, le motho yo o nnang le temogo, gonne go nna le jone e le papadi go botoka go na le go nna le selefera e le papadi mme go nna le jone e le kungo go botoka go na le gouta ka boyone. . . . Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.”—Diane 3:13-18, NW.
Fa kgosi eno e re bontsha kafa Jehofa a neng a bontsha botlhale le temogo tsa gagwe ka teng fa a ne a bopa dilo tse di gakgamatsang, e bolela jaana: “Jehofa o thaile lefatshe ka botlhale. A tlhomamisa magodimo ka [“temogo,” NW]. . . . Morwaaka, a di se tloge mo matlhong a gago. O tshware botlhale jo bo itekanetseng le pharologanyo, jalo di tlaa nna botshelo mo moweng wa gago, le bontle mo thamong ya gago.”—Diane 3:19-22.
Botlhale le temogo ke dinonofo tsa bomodimo. Ga re tlhoke go di tlhagolela fela mme gape re tlhoka go di ngangatlelela ka gore re se ka ra bo ra repisa le ka motlha go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo le go dirisa se re se ithutang. Solomone o tswelela jaana: “Foo o tlaa tsamaya mo tseleng ya gago ka thagamo, le lonao lwa gago ga lo ketla lo kgotswa.” O oketsa jaana: “E tlaa re o rapama ga o ketla o boifa; ee, o tlaa rapama fela, mme boroko jwa gago bo tlaa nna monate.”—Diane 3:23, 24.
Ee, re ka tsamaya re babalesegile le go robala re na le kagiso ya mogopolo fa re ntse re letetse letsatsi le le tlang jaaka legodu, e leng letsatsi la “tshenyego ya tshoganyetso” le le tlelang lefatshe le le boikepo la ga Satane. (1 Bathesalonika 5:2, 3; 1 Johane 5:19) Le e leng ka nako ya pitlagano e kgolo e e tlang, re ka tlhomamisega jaana: “O se ka wa boifa poifo e e tshoganetsang, le fa e le go swafadiwa ga baikepi motlhang go tlang. Gonne Jehofa o tlaa nna boikanngo jwa gago, o tlaa boloka lonao lwa gago, gore lo se ka lwa tshwarwa.”—Diane 3:25, 26; Mathaio 24:21.
Dira se se Molemo
Solomone o gakolola jaana: “Ba ba tshwanetsweng ke go direlwa molemo, o se ka wa gana ka one, fa go le mo thateng ya seatla sa gago go o dira.” (Diane 3:27) Go direla ba bangwe molemo go akaretsa go dirisa dikhumo tsa rona ka bopelotshweu go ba thusa, mme seno se ka dirwa mo dikarolong di le dintsi. Mme a go thusa ba bangwe go nna le kamano e e gaufi le Modimo wa boammaaruri ga se selo se se molemo thata se re ka ba direlang sone mo “motlheng [ono] wa bokhutlo”? (Daniele 12:4) Ka jalo, ano ke malatsi a gore re tlhoafale mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira batho barutwa.—Mathaio 28:19, 20.
Gape kgosi e e botlhale e ntsha lenaane la ditiro dingwe tse re tshwanetseng go di tila, fa a re: “O se ka wa raya wa gaeno wa re: ‘Tsamaya, o bo o tle gape, ka moso ke tlaa go naya,’ le mororo selo o na naso. O se ka wa logela wa gaeno maano a a bosula, e tswa a agile fa go wena ka thagamo. O se ka wa lwela le motho lefela, fa a sa go direla molato ope. O se ka wa rata wa bo o ka nna jaaka motho wa sesenyi, o bo o se ka wa itshenkela ditsela dipe tsa gagwe.”—Diane 3:28-31.
Fa a sobokanya lebaka la go bo a re gakolola jaana, Solomone a re: “Gonne yo o logwadi ke mofedisa pelo mo go Jehofa, [“mme O atamelane thata,” NW] le yo o thokgameng. Phutso ya ga Jehofa e mo ntlong ya moikepi, mme o segofatsa boago jwa mosiami. Ruri o sotla basotli, mme o naya bakgobaladi bontlafalo. Ba ba botlhale ba tlaa rua kgalalelo, mme dieleele di tlaa godisediwa ditlhonnyeng.”—Diane 3:32-35.
Fa re batla go ipelela botsalano jo bo atamelaneng thata le Jehofa, ga re a tshwanela go logela ba bangwe maano a a bosula le a a utlwisang botlhoko. (Diane 6:16-19) Modimo o tla re amogela le go re segofatsa fa fela re dira se se siameng mo matlhong a gagwe. Gape batho ba bangwe ba ka re tlotla thata fa ba bona gore re dira dilo go dumalana le botlhale jwa bomodimo. Ka jalo, a re ganeng ditsela tse di bosula tsa lefatshe leno le le boikepo le le le nang le thubakanyo. Ee ruri, a re lateleleng tsela e e siameng mo botshelong mme re ageng botsalano jo bo atamelaneng thata le Jehofa!
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
“Tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo”